Tshedimosetso ya Tirisodikgoka le e e Nang le Ditshwantsho Tse di Bontshang Dilo Jaaka fa di Ntse

Dintlha tsa pholisi

FETOLA LLOKO
Mabaka a Pholisi
Re tlhaloganya gore batho ba na le dilo tse di ka nnang tsa ba kgopisa ka ditshwantsho tse di sisimosang le tsa tirisodikgoka. Go sireletsa badirisi mo tshedimosetsong ya go nna jalo, re tlosa tshedimosetso e e bontshang ditshwantsho tse dintsi mme re tsenya dileibole tsa tlhagiso mo mefuteng e mengwe ya tshedimosetso gore batho ba lemoge gore e ka tswa e le bosisi pele ga ba tobetsa go e bona. Re thibela bokgoni jwa badirisi ba bannyane go bona tshedimosetso e e ka tswang e sa ba siamela kgotsa e e seng maleba mo dingwageng tsa bone. Ka go dira jalo, re ikaelela go neela maitemogelo a a maleba a modirisi, fa re tswelela go neela badirisi ba rona tšhono ya gore ba tlhagise maikutlo a bone.
Re lemoga gore badirisi ba ka nna ba abelana tshedimosetso gore ba tlhalose kgotsa ba kgale go sa dirise ditshwanelo tsa batho kgotsa dintwa tse go dirisiwang ditlhobolo. Dipholisi tsa rona di akanyetsa gore ke leng tshedimosetso e abelanwang mo maemong ano le go letlelela go kgona go buisana le go naya kitso ka tshwanelo.
Mo dipapatsong tse di duelelwang, re neela ditshireletso tsa tlaleletso. Sekai, tshedimosetso e e tsewang e le bosisi ga e a tshwanela go tsena mo dipapatsong. Gape re thibela dipapatso tgore di se ka tsa tsenya ditshwantsho le dibidio tse di tshosang, tsa bo setlhogo, kgotsa tse ka tsela nngwe di sisimosang. Go bona tshedimosetso e nngwe gape, tsweetswee bona Melawana ya go Bapatsa ya rona.
O se ke wa phouseta:
Ditshwantsho tsa batho
Dibidio tsa batho, ba ba tshelang le ba ba tlhokafetseng, ka tlhaloso e e seng ya bongaka, tse di bontshang:
  • Go kgaolwa dirwe tsa mmele.
  • Mateng a a bonalang, a a tshwanang le dirwe tsa mmele, marapo, kgotsa ditogwa tsa mosifa tsa motho yo o tshelang kgotsa yo o tlhokafetseng;
  • Motho yo o sheleng kgotsa yo o segau; kgotsa
  • Go sega mo mometsong.
Go bolawa ga batho e le kotlhao jaaka go diragala.
Ditshwaelo tsa Bosetlhogo
Ditshwaelo tsa bosetlhogo ke tsa tshwaelo – tse di tshwanang le ditlhalosopotlana kgotsa ditshwaelo – tse di bontshang boipelo kgotsa boitumelo ka baka la go boga kgotsa go nyenyefadiwa ga batho kgotsa ga diphologolo.
Re tlosa
  • Ditshwaelo tsa bosetlhogo ka ditshwantsho (ka bobedi tsa dibidio le tse di tlwaelegileng) tse gape di nnang le tlhagiso ya sekerine go ya ka pholisi eno, e gakolola batho gore tshedimosetso e ka nna e e sisimosang; ntle le fa setshwantsho se bontsha ditiro tsa go itshireletsa (ka sekai, bidio ya mongwe yo o iphemelang mo sekebekweng se se tshotseng sebetsa) kgotsa se se mo tlhalosong ya bongaka (ka sekai, setshwantsho sa banalekitso ka tsa bongaka ba dira karo).
  • Ditshwaelo tsa bosetlhogo tse di papametseng tse di dirwang ka diphologolo tse di bogang tse di bontshiwang mo ditshwantshong, le ditshwantsho tse di bontshang diphologolo di tshela mme di ya go bolawa.
  • Go bapatsa kgotsa go kopa setshwantsho se se phimotsweng kgotsa se se amogelang sekerine sa tlhagiso go ya ka pholisi eno, fa se na le ditshwaelo tsa bosetlhogo.
Mabapi le tshedimosetso e e latelang, re tsentse le sekerine sa tlhagiso gore batho ba lemoge gore batho bangwe ba ka nna ba se ka ba tsewa sentle ke tshedimosetso eo. Gape ga re letlelele mongwe le mongwe go kgona go bona diteng tsa bagolo, ba dingwaga tse 18 le go feta moo:
Ditshwantsho tsa batho
Dibidio tsa batho, ba ba tshelang le ba ba tlhokafetseng, ka tlhaloso ya bongaka, tse di bontshang:
  • Go kgaolwa dirwe tsa mmele.
  • Mateng a a bonalang, a a tshwanang le dirwe tsa mmele, marapo, kgotsa ditogwa tsa mosifa tsa motho yo o tshelang kgotsa yo o tlhokafetseng;
  • Batho ba ba sheleng kgotsa ba ba digau, gammogo le ditlhaloso tsa go fitlhwa ka go jewa ka molelo; kgotsa
  • Go sega mo mometsong.
Ditshwantsho tse di tlwaelegileng tsa batho, ba ba tshelang kgotsa ba ba suleng, tse di bontshang:
  • Go kgaolwa dirwe tsa mmele.
  • Mateng a a bonalang, a a tshwanang le dirwe tsa mmele, marapo, kgotsa ditogwa tsa mosifa tsa motho yo o tshelang kgotsa yo o tlhokafetseng;
  • Motho yo o sheleng kgotsa yo o segau; kgotsa
  • Go sega mo mometsong.
Ditshwantsho (tsa dibidio le tse di tlwaelegileng) tse di bontshang motho yo o bolailweng setlhogo (gammogo le nako ya fa a swa kgotsa morago ga tiragalo eo) kgotsa motho yo o diragaletsweng ke tiragalo e e bolayang (e e tshwanang le go thulwa ke koloi, go wa kwa godimo thata, kgotsa go nna le kgobalo e e ka nnang ya bolaya motho).
Ditshwantsho tse di bontshang motho yo o bolawang e le kotlhao (e seng ka nako ya tiragalo).
Ditshwantsho tse di bontshang ditiro tsa bosetlhogo (ka sekai, dilo tsa tirisodikgoka kgotsa matshosetsi a polao mo bathong ba ba thibetsweng ka dikgoka) di dirwa mo mothong kgotsa setlhopha;
Ditshwantsho tse di bontshang dilo tse di sa tshwanelang tse eseng tsa bongaka (ka sekai, dithipa, dipekere, kgotsa dilo tse dingwe tsa tshipi) di tlhaba letlalo la motho.
Ditshwantsho tse di bontshang meno a a robegileng a motho, a a tswang madi, meno a a ntshitsweng go na le madi; kgotsa go tsenngwa ga dilo tse di sa tshwanelang mo menong kgotsa mo marinining.
Ditshwantsho tse di bontshang masea a a iseng a belegwe le masea a a seng mo popelong a a tlhokafetseng, ntle le fa motho yo mongwe a le teng mo setshwantshong
Ditshwantsho tsa diphologolo
Ditshwantsho dipe fela tsa diphologolo, di santse di tshela kgotsadi sule - se se bontshang go e bua, mateng a a bonalang, a sha kgotsa a le segau, kgotsa e bedisiwa e ntse e tshela.
Ditshwantsho tsa diphologolo di tshela le di ya go bolawa.
Ditshwantsho tsa batho ba dira ditiro tsa bosetlhogo mo diphologolong tse di tshelang (ka sekai, go di raga, go di nwetsa mo metsing, go di tlhoba diphuka).
Malebana le tshedimosetso e e latelang, re lekanyetsa bokgoni jwa go e leba mo badirising ba ba nang le dingwaga tse 18 le go feta:
Ditshwantsho tsa batho
Ditshwantsho tse di bontshang motho yo o suleng a bontshiwa a bipilwe go sekae fela kgotsa a sa bipiwa gotlhelele, le fa go se na sepe se se bonalang se se bontshang gore o sule loso lo lo setlhogo.
Ditshwantsho tse di bontshang masea a a iseng a tsholwe le masea a a seng mo popelong a a tlhokafetseng, fa go na le motho yo mongwe mo setshwantshong.
Ditshwantsho tse di bontshang mamao a tlhaba letlalo la motho e se moento, kalafi go dirisiwa dinalete kgotsa dry-needling, kgotsa di-tattoo, kgotsa go phunya mmele.
Ditshwantsho tse di bontshang batho ba gobetse mo maemong a bongaka fa ba bonala ba le mo ditlhabing kgotsa ba gateletswe, ba kgobogile, kgotsa ba na le ditšhupu mo difatlhegong tsa bone le/kgotsa diatla.
Ditshwantsho tse di bontshang leswe la motho kgotsa diedi tsa mmele (ka sekai, mantle, motlhapo, matlhatsa, boka jwa ditsebe, mamina, tse di tswang fa o sena go sega letlalo, kgotsa madi).
Ditshwantsho tse di bontshang dikoloi tse di shang kgotsa tse di thunyang, kgotsa tse di bontshang nako kgotsa se se diregileng morago ga gore sejanaga se se tabogang ka lobelo lo lo kwa godimo se thulane le sengwe moo sejanaga seo se duleng mo tseleng e bile/kgotsa karolo ya mokgweetsi wa sejanaga seo kgotsa karolo ya bapalami e senyegileng thata.
Ditshwantsho tsa diphologolo
Ditshwantsho tse di bontshang diphologolo, di tshela kgotsa di sule, mo go bonalang madi.
Ditshwantsho tse di bontshang diphologolo di tsala (ka sekai, go na le madi kgotsa dikarolo tsa kafa teng tsa mmele di bonala).
Ditshwantsho tse di bontshang diphologolo, tse di tshelang kgotsa tse di suleng, moo ditshenekegi di bonwang di tswa mo go tsone (ka sekai, dibokwana kgotsa diboko).
Ditshwantsho tse di bontshang diphologolo tse di gobetseng di boga.
Ditshwantsho tse di Seng tsa Mmatota
Ditshwantsho tse di bontshang batho ba e seng ba mmatota mo maemong a a latelang
  • Go kgaolwa dirwe tsa mmele;
  • Mateng a a bonalang, a a tshwanang le dirwe tsa mmele tse di tswetseng kwa ntle, marapo, kgotsa ditogwa tsa mosifa;
  • Motho yo o sheleng kgotsa yo o segau;
  • Go sega mo mometsong; kgotsa
  • Dintsho tsa bosetlhogo kgotsa ditiragalo tse di tshosetsang mo botshelong.
Ditshwantsho tse di bontsang batho ba e seng ba mmatota, moo setshwantsho se bonalang ekete kgotsa se batlang se tshwana le senepe kgotsa bidio ya motho wa mmatota, mo maemong a a latelang:
  • Dilo tse e seng tsa kalafi tse e seng tsa dikarolo tsa mmele (ka sekai, dithipa, dipekere, kgotsa dilo tse dingwe tsa tshipi) di tlhaba mo letlalong;
  • Leswe la motho kgotsa diedi tsa mmele (ka sekai, mantle, motlhapo, matlhatsa, boka jwa ditsebe, mamina, tse di tswang fa o sena go sega letlalo), kwa ntle ga madi;
  • Masea a a tshotsweng kgotsa a a iseng a tsholwe mme a le kwa ntle ga popelo e bile a sule;
Ditshwantsho tse di bontshang diphologolo tse eseng tsa boammaaruri, mme di bonala e kete ke dinepe tsa mmatota, mo maemong a a latelang:
  • Go kgaolwa dirwe tsa mmele;
  • Mateng a a bonalang, a a tshwanang le dirwe tsa mmele tse di tswetseng kwa ntle, marapo, kgotsa ditogwa tsa mosifa;
  • Diphologolo tse di sheleng kgotsa tse di segau;
  • Diphologolo tse di bedisiwang ka metsi a a fisang di ntse di tshela;
  • Go na le madi;
  • Diphologolo tse di neng di tshela mme di swa;
  • Batho ba dira ditiro tsa bosetlhogo (ka sekai, go raga, go nwetsa mo metsing, kgotsa go tlhoba diphuka;
  • Diphologolo tse di gobetseng di boga
  • Diphologolo tse di nang le ditshenekegi tse di tswang mo teng ga tsone (ka sekai, dibokwana kgotsa diboko).
Malebang le Melao ya Badirisimmogo e e latelang, re tlhoka tshedimosetso e nngwe gape le/kgotsa maemo a go gatelela tiragatsomolao:
Ga re letlelele:
Ditshwantsho kgotsa bidio ya motho yo o suleng loso lo lo setlhogo fa pego ya ba kgatelelo ya tiragatsomolao ba tlhomamisa loso lwa motho yoo, setifikeiti sa loso, pego ya Molekane yo o Tshepiwang, kgotsa pego ya bobegadikgang mme leloko la lelapa la moswi a kopa gore e tlosiwe.
Bidio ya batho ba ba digau kgotsa ba ba sheleng mo maemong a go ija ka molelo e le tiro ya botsuologi.
Re ka nna ra letlelela:
Ditshwantsho tsa loso lwa motho yo o suleng setlhogo kgotsa tiragalo e e tshosetsang mo botshelong fa di itiragalela fela
Ditiriso tsa modirisi
Bona dikai dingwe tsa kafa go tsenngwa tirisong ga molao go lebegang ka teng mo bathong ba ba mo Facebook, jaaka: go ntse jang go bega ka sengwe se o sa akanyeng gore se tshwanetse go nna mo Facebook, go bolelelwa gore o tlotse Melawana ya rona ya Badirisimmogo le go bona sekirine se se go tlhagisang mo dilong dingwe.
Ela tlhoko: Re a tokafala ka metlha, ka jalo se o se bonang fano se ka tswa e le sa bogologolo go se kae fa se bapisiwa le se re se dirisang ga jaana.
DITIRISO TSA MODIRISI
Go bega
MAITEMOGELO A MODIRISI
Puisano ya morago ga pego
MAITEMOGELO A MODIRISI
Maitemogelo a go tlosa
MAITEMOGELO A MODIRISI
Disekerine tsa tlhagiso
Deitha
Leba Pego ya go Diragatswa ga Melao ya Badirisimmogo ya bosheng thata
Tiragatso ya Molao
Re na le dipholisi tse di tshwanang mo lefatsheng lotlhe, tse di dirang mo go mongwe le mongwe mo Facebook.
Ditlhopha tsa basekaseki
Setlhopha sa rona sa basekaseki ba ba fetang ba le 15,000 ba mo lefatsheng lotlhe ba dira letsatsi le letsatsi go tshola batho ba ba mo Facebook ba babalesegile.
Tirisano le bannaleseabe
Bomankge ba kwa ntle, barutegi, di-NGO le batlhami ba dipholisi ba thusa go kaela tiriso ya Melawana ya Badirisimmogo ba Facebook.
Bona thuso ka tirisodikgoka le ditshwantsho tse di bontshang dilo jaaka di ntse
Ithute se o ka se dirang fa o bona sengwe mo Facebook se se thulanang le Melawana ya Badirisimmogo ya rona.
Etela Lefelo la rona la Thuso