Go ipolaya, Go Ikgobatsa, le Mathata a go sa je Sentle

Dintlha tsa pholisi

FETOLA LLOKO
Mabaka a Pholisi
Re kgathalela thata pabalesego ya batho ba ba dirisang di-app tsa rona. Re rerisana gangwe le gape le baitseanape ba ba samaganang le mathata a go ipolaya, go ikgobatsa le mathata a go sa je sentle go thusa go kaela dipholisi tsa rona le kgatelelo ya tiragatsomolao, le go dirisana le mekgatlho mo lefatsheng ka bophara go thusa batho ba ba mo kutlobotlhokong.
Le fa re sa letlelele batho go keteka ka boomo kgotsa e seng ka boomo kgotsa go rotloetsa go ipolaya, go ikgobatsa kgotsa mathata a go sa je sentle, re letlelela batho go buisana ka ditlhogo tseno ka gonne re batla gore ditirelo tsa rona e nne lefelo le batho ba ka abelanang ka maitemogelo a bone, ba ka lemosang ba bangwe ka ga mathata ano, le le ba ka batlang tshegetso mo go ba bangwe mo go lone. Gape re ka nna ra lekanyetsa bokgoni jwa go lebelela tshedimosetso eno go bagolo ba dingwaga tse 18 le go feta.
Re tlosa diteng dipe tse di rotloetsang go ipolaya, go ikgobatsa, kgotsa mathata a go sa je sentle, go akaretsa diteng tsa boitlhamedi tse di jaaka di-meme kgotsa ditshwantsho, le diteng dipe tsa go ikgobatsa tse di nang le ditshwantsho, go sa kgathalesege gore ke mo maemong afe. Re tlosa tshedimosetso e e nang le ditaelo tsa maitsholo a a feteletseng a go fokotsa boima jwa mmele Gape re tlosa diteng tse di kgalang ba ba neng ba batla go ipolaya, go ikgobatsa kgotsa ba ba neng ba na le mathata a go sa je sentle, gammogo le ditshwantsho tsa ka nako ya go ipolaya kgotsa go ikgobatsa. Tshedimosetso ka ga go fola morago ga go leka go ipolaya, go ikgobatsa kgotsa malwetse a go sa je sentle e e letlelelwang, mme e ka tswa e na le ditshwantsho tse di ka utlwisang botlhoko (tse di jaaka lebadi le le fodileng) e bewa kwa morago ga sekerine se se bontshang bomasisi mme gape re tla lekanyetsa bokgoni jwa go lebelela tshedimosetso go bagolo ba dingwaga tse 18 le go feta.
Fa batho ba phouseta kgotsa ba batla diteng tse di amanang le go ipolaya, go ikgobatsa kgotsa mathata a go sa je sentle, re tla ba romela kwa mekgatlhong ya selegae e e ka ba neelang tshegetso mme fa setlhopha sa rona sa Ditiro tsa Badirisimmogo se tshwenyegile ka kgobalo ya ka boomo re tla ikgolaganya le ditirelo tsa selegae tsa tshoganyetso go ba batlela thuso. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, etela mo Lefelong la Pabalesego la Meta.
Malebana le diteng tse di gatisiwang ka tlhamalalo, baitseanape ba re boleletse gore fa mongwe a re o ikaelela go ipolaya mo tiragalong e e diragalang ka tlhamalalo mo inthaneteng, re tshwanetse go tlogela diteng di ntse jalo mo nakong ya boleele jo bo kgonegang, gonne fa motho a bua sebaka se se telele thata mo khamereng, go na le kgonagalo e ntsi ya gore tsala kgotsa leloko la balelapa a leletse ditirelo tsa tshoganyetso. Lefa go ntse jalo, go nyenyefatsa kotsi ya gore ba bangwe ba amiwe ka tsela e e sa siamang ke tshedimodimosetso eno, re tlile go emisa go bontsha bidio ka nako e matshosetsi e nnang boiteko. Jaaka go umakilwe fa godimo, mo lebakeng lengwe le lengwe, re tla ikgolaganya le ba ditirelo tsa maemo a tshoganyetso fa re lemoga gore mongwe o mo kotsing mo nakong eo ya go ikgobatsa.
Ga re letlelele:
  • Tshedimosetso e e rotloetsang, e e kgothaletsang, e e rulaganyang, kgotsa e e nayang ditaelo tsa go ipolaya, go ikgobatsa, kgotsa mathata a go sa je sentle.
  • Tshedimosetso e e bontshang setshwantsho sa go ipolaya, sa go ikgobatsa kgotsa ditshwantsho tsa malwetse a go sa je sentle
  • Tshedimosetso e e bontshang motho a tshwaragane le go leka go ipolaya kgotsa a sule ka go ipolaya
  • Ditshwantsho tsa batho fa di abelanwe di na le mareo a a golaganngwang le malwetse a go sa je sentle
  • Tshedimosetso e e tsepamisang mo go bontsheng dikgopo, marapo a a fa gare ga thamo le legetla, phatlha e e fa gare ga dirope ga motho a eme, dinoka, mpa e e legaba, marapo a a bonalang a mokotla, lerapo la legetla, marapo a a bonalang mo matsogong kgotsa maoto kgotsa marama a a nang le maroba fa e abelanwe mmogo le mareo a a golaganngwang le malwetse a go sa je sentle
  • Tshedimosetso e e nang le ditaelo tsa maitsholo a a feteletseng a go fokotsa boima jwa mmele
  • Tshedimosetso e e amogelang maitsholo a go fokotsa boima jwa mmele fa di abelanwe mmogo le mareo a a golaganngwang le malwetse a go sa je sentle
  • Tshedimosetso e e nang le ditaelo tsa go sa je dijo tse di rileng fa di abelanwe mmogo le mareo a a golaganngwang le malwetse a go sa je sentle
  • Tshedimosetso e e kgalang basotlakiwa kgotsa bafalodi ba go ipolaya, go ikgobatsa kgotsa ba malwetse a go sa je sentle ba ba itsiweng ke batho botlhe kgotsa ba go tsewang gore ba itemogela kgotsa ba itemogetse go ipolaya, go ikgobatsa kgotsa malwetse a go sa je sentle
  • Setshwantsho se se bontshang go fetolwa ga mmele (ka sekai, tattoo, go iphunya, go ingapa mo go tshosang, go ipetsa, jalo jalo) fa go dirwa mo maemong a go ipolaya kgotsa go ikgobatsa
Mabapi le tshedimosetso e e latelang, re tsentse le sekerine sa tlhagiso gore batho ba lemoge gore batho bangwe ba ka nna ba se ka ba tsewa sentle ke tshedimosetso eo. Gape ga re letlelele mongwe le mongwe go kgona go bona diteng tsa bagolo, ba dingwaga tse 18 le go feta moo:
  • Dinepe kgotsa dibidio tse di tlhagisang motho yo o tsayang karolo mo go ipolayeng ka ntlha ya kutlwelobotlhoko/go ipolaya ka maikaelelo a go thusa mo maemong a kalafi/bongaka.
  • Tshedimosetso e e tlhagisang metlha ya bogologolo e e jaaka mesego e e fodileng kgotsa ditshwantsho tse dingwe tse di sa bonaleng sentle tsa go ikgobatsa mo maemong a go ikgobatsa, go ipolaya kgotsa go fola
  • Tshedimosetso e e bontshang dikgopo, marapo a thamo le legetla, diphatlha tse di fa gare ga dirope fa batho ba eme, dinoka, mpa e e legaba, marapo a a bonalang a mokotla, lerapo la legetla, marapo a a bonalang a mo matsogong kgotsa mo maotong, marama a a nang le maroba mo maemong a go fola
Malebana le tshedimosetso e e latelang, re naya batho metswedithuso mme re lekanyetsa bagolo ba dingwaga tse 18 le go feta bokgoni jwa go leba tshedimosetso:
  • Kamogelo e e kwadilweng kgotsa e e builweng ya polao, go ikgobatsa kgotsa malwetse a go sa je sentle.
  • Dipolelo kgotsa dikumako tse di sa tlhaloganyesegeng sentle tse di ka nnang tsa nna tsa go ipolaya (go akaretsa di-meme kgotsa ditshwantsho tse di nang le tetlokhopi tse di ka ga kgatelelo ya maikutlo a khutsafalo, tse di tlhagisang loso jaaka tsela ya go falola bothata, kgotsa tshedimosetso e e tswang mo mokgwatlwaelong o o rileng o o gatelelang dikakanyo tsa lefifi, tse di gatelelang maikutlo) mo maemong a go ipolaya kgotsa go ikgobatsa.
Malebana le tshedimosetso e e latelang, re lekanyetsa bokgoni jwa go leba tshedimosetso go bagolo ba dingwaga tse 18 le go feta:
  • Go kgala kgotsa go ikgatolosa kgopolo ya go ipolaya, go ikgobatsa kgotsa malwetse a go sa je sentle
  • Dipolelo tse di nang le tlhaloso ya go ipolaya tse di nang le dintlha tse di seng fela ka go bua leina kgotsa go umaka tiragalo kgotsa se se diragalang morago ga yone
  • Go amogela maitsholo a a feteletseng a go fokotsa boima jwa mmele
Malebana le Melao ya Badirisimmogo e e latelang, re batla tshedimosetso e nngwe gape le/kgotsa tlhaloso e e oketsegileng go diragatsa:
  • Re ka nna ra tlosa molaetsana wa go ipolaya fa re na le tlhomamiso ya go ipolaya kgotsa maiteko a go ipolaya. Re leka go lemoga pampiri e e kwadileng lebaka la go ipolaya re dirisa dintlha di le mmalwa, gammogo le mme e se gone fela:
    • Dikopo tsa balelapa kgotsa moemedi wa semolao.
    • Dipego tsa bobegakgang, tiragatso ya molao, kgotsa metswedi e mengwe (sk. mekgatlho ya puso, di-NGO), kgotsa Foromo e e Kgonang go Tladiwa mo Webosaeteng ya Tshedimosetso ka ga go Ipolaya kgotsa Foromo e e Kgonang go Tladiwa mo Webosaeteng ya Instagram.
    • Re ka nna ra akanyetsa matshwao a a seng kafa mokgweng a go amogela gore motho o ipolaile kgotsa o ne a buelela go ipolaya, go ikgobatsa, go nna le malwetse a a amanang le go sa je sentle kgotsa go batla go fokotsa boima jwa mmele ka tsela e e feteletseng a modirisi a a bontshang go bona gore a tshedimosetso nngwe e ba e phousetileng mo dipolatefomong tsa Meta e ka tswa e le kotsi mo go ba bangwe.
Ditiriso tsa modirisi
Bona dikai dingwe tsa kafa go tsenngwa tirisong ga molao go lebegang ka teng mo bathong ba ba mo Facebook, jaaka: go ntse jang go bega ka sengwe se o sa akanyeng gore se tshwanetse go nna mo Facebook, go bolelelwa gore o tlotse Melawana ya rona ya Badirisimmogo le go bona sekirine se se go tlhagisang mo dilong dingwe.
Ela tlhoko: Re a tokafala ka metlha, ka jalo se o se bonang fano se ka tswa e le sa bogologolo go se kae fa se bapisiwa le se re se dirisang ga jaana.
DITIRISO TSA MODIRISI
Go bega
MAITEMOGELO A MODIRISI
Puisano ya morago ga pego
MAITEMOGELO A MODIRISI
Maitemogelo a go tlosa
MAITEMOGELO A MODIRISI
Disekerine tsa tlhagiso
Deitha
Leba Pego ya go Diragatswa ga Melao ya Badirisimmogo ya bosheng thata
Tiragatso ya Molao
Re na le dipholisi tse di tshwanang mo lefatsheng lotlhe, tse di dirang mo go mongwe le mongwe mo Facebook.
Ditlhopha tsa basekaseki
Setlhopha sa rona sa basekaseki ba ba fetang ba le 15,000 ba mo lefatsheng lotlhe ba dira letsatsi le letsatsi go tshola batho ba ba mo Facebook ba babalesegile.
Tirisano le bannaleseabe
Bomankge ba kwa ntle, barutegi, di-NGO le batlhami ba dipholisi ba thusa go kaela tiriso ya Melawana ya Badirisimmogo ba Facebook.
Bona thuso ka ga go ipolaya, go ikgobatsa le mathata a go sa je sentle
Ithute se o ka se dirang fa o bona sengwe mo Facebook se se thulanang le Melawana ya Badirisimmogo ya rona.
Etela Lefelo la rona la Thuso