Sepamo

Dintlha tsa pholisi

FETOLA LLOKO
Mabaka a Pholisi
Ga re letlelele tshedimosetso e e rulaganyeditsweng go tsietsa, go faposa, kgotsa go imetsa badirisi gore go okediwe go lebiwa ka tsela ya maitirelo. Tshedimosetso eno e nyenyefatsa bokgoni jwa batho jwa go dirisana ka mmatota mo dipolatefomong tsa rona mme e ka nna le matshosetsi mo tshireletsegong, tlhomamo le tirisego ya ditirelo tsa rona. Gape re batla go thibela maretshwa a go thibel;a tshotlako, e e tshwanang le go anamisa dilinki tse di tsietsang go gogela badirisi ba ba sa belaeleng ka tiriso e e tsietsang kgotsa khoutu, kgotsa go dira jaaka ekete ke domaine ya dikhomphiutha e e ikanngwang.
Sepamo sa mo inthaneteng ke intaseteri e e dirang dipoelo tse dintsi. Dipholisi tsa rona le temogo di tshwanetse go tokafala gangwe le gape go tsamaisana le mekgwa le matlhajana a a tlhagelelang a sepamo. Ka go tsaya kgato ya go lwantsha sepamo, re batla go lekalekanya koketso ya ditshenyegelo tsa batlhagisi le baanamisi ba sone mo dipolatefomong tsa rona, ka go sireletsa tirwana e e matlhagatlhaga, ya boammaaruri ya badirisimmogo ba rona.
Ga re letlelele:
  • Go phouseta, go abelana, go dirisana le tshedimosetso kgotsa go tlhama diakhaonto, Ditlhopha, Ditsebe, Ditiragalo kgotsa ditiragalo, o dira ka bowena kgotsa ka go itirisa, gangwe le gape gantsi.
    • Re ka nna ra baya ditekanyetso mo diakhaontong tse di sa direng makgetlo a mantsi fa go na le dikai tse dingwe tsa Sepamo (ka sekai, go phouseta diteng tse di ipoeletsang) kgotsa fa go na le matshwao a e seng a boammaaruri.
  • Go leka kgotsa go rekisa, go reka, kgotsa go ananya ka katlego dithoto tsa polatefomo, tse di jaaka diakhaonto, ditlhopha, ditsebe, jalo le jalo.
  • Go leka kgotsa go rekisa, go reka, kgotsa go ananya ka katlego ditshiamelo tsa saete, tse di jaaka ditiro tsa motsamaisi kgotsa mosekaseki, kgotsa tetla ya go phouseta mo mafelong a a rileng.
  • Go leka go rekisa kgotsa go kgona go rekisa, go reka, kgotsa go ananya tshedimosetso ka madi, kwa ntle ga tshedimosetso e e tshwailweng sentle gore ke Mokwalo wa Letshwaokgwebo, jaaka e tlhalosiwa ke Pholisi ya Mokwalo wa Letshwaokgwebo.
  • Go leka kgotsa go rekisa, go reka, kgotsa go ananya ka katlego gore go nne le tirisano, e e jaaka go rata, go abelana, go leba, go latela, go tobetsa, go dirisa diheshetheke tse di rileng, jalo le jalo. Seno se akaretsa:
    • Go neela dimphiwa-fela (ke gore, go neela ba bangwe tshono ya go fenya) tsa madiaseatleng kgotsa dilo tsa boleng jo bo lekanang le madiaseatleng go nna le tirisano. (sk., "Mongwe yo o ratang tsebe ya me o tlaa tsenngwa go fenya $500")
    • Go ithaopa go neela sepe se se nang le boleng jwa madi go refosanya tirisano. (sk., "Fa o rata tsebe ya me, ke tla go fa iPhone!")
  • Go batla kgotsa go kaya gore badirisi ba tlhoka go dirisana le tshedimosetso e e kwadilweng (sk., go rata, go abelana) pele ga ba kgona go leba kgotsa go dirisana le tshedimosetso e e solofeditsweng.
  • Go abela di-URL, didomeine, kgotsa di-app tse di tsietsang kgotsa tse di fosagetseng tse di akaretsang:
    • Go Bipa: Go Bipa ke go leka ka tsela lefa e le efe go tila dipholisi tsa rona tsa tshedimosetso ka go naya ka boomo tshedimosetso e e seng mo polatefomong, tshedimosetso e e farologaneng e e seng ya polatefomo, e e tshwanang le di-URL kgotsa di-app, tsa ditsamaiso tsa rona tsa go ikanyega fa di bapisiwa le se se bontshiwang badirisi.
    • Dilinki tse di Tsietsang: Tshedimosetso e e nang le linki e e solofetsang mofuta o le mongwe mme e neela sengwe se se farologaneng thata. Seno se ka akaretsa tshedimosetso mo app kgotsa sofotewee e e solofeditsweng.
    • Go dira ka tsela e e tsietsang e e lebisang go sele: Diwebosaete tse di tlhokang gore go dirwe sengwe (ka sekai, captcha, leba papatso, tobetsa fano) go leba tsebe e go lebeletsweng go tsena ka yone le leina la domeini ya diphetogo tsa URL morago ga tiro e e tlhokegang e sena go dirwa, kgotsa fa e romela badirisi go sele ka go itirisa kwa domeining e e farologaneng kwa ntle ga tiro epe ya modirisi.
    • Rata/neotetlelelo ya go abelana: E e batlang gore badirisi ba dirisane (ka mofuta wa dirata, dikabelano, ditshalomorago, kgotsa mofuta o mongwe wa tirisano le batho) go kgona go bona tshedimosetso e e rileng, e e kgethegileng.
    • Tiriso e e tsietsang ya polatefomo - Go etsisa dipontsho kgotsa tiriso ya ditirelo tsa rona, tse di jaaka go etsisa kgobokanyo ya madi go oketsa matlole, go tlhopha mo inthaneteng, dikonopo tsa motshameko, kgotsa konopo ya Go rata moo tiriso eo e seyong kgotsa e e sa direng jaaka go lebeletswe, go dira gore modirisi a latele linki.
    • Tiriso e e tsietsang ya tsebe ya bofelelo: Diwebosaete tse di nang le segokaganyi se se tsietsang sa modirisi, se se dirang gore go nne le pharakano e e diregang ka phoso (ka sekai, dirunyi/dipapatso tse di nnang fa tlase, go tsietsa modirisi gore a tseye gore o tobetsa mo linking e e siameng, jalo jalo).Seno se akaretsa matlhajana a a jaaka go kgoreletsa, moo dirunyi tse di seng maleba di tlhagelelang fa motho a leka go tswa mo tsebeng ya bofelelo.
    • Tsebe ya bofelelo kgotsa go etsisa domeine e e rileng - Tsebe ya bofelelo e e seng ya mo polatefomong, URL, kgotsa webosete e e ka kwantle kgotsa domeine e e itirang ekete ke letshwaokgwebo le le tlotlegang kgotsa tirelo ka go dirisa leina, domeine kgotsa tshedimosetso e e bontshang diphoso tsa mothaepo, go sa peleta sentle kgosa ditsela tse dingwe tsa go etsisa diwebosaete tse di itsegeng thata, didomeine kgotsa matshwaokgwebo go dirisiwa tsebe ya bofelelo e e tshwanang le e nngwe, webosaete e e ikanngwang.
    • Ditiriso tse dingwe tsa tsietso tsa di-URL kgotsa dilinki tse di tshwanang thata le tse di fa godimo.
  • Ntle le go akanyetsa tse di fa godimo, ga re kganele:
    • Tiriso ya setlhagisiwa se se rileng go bapatsa se sengwe e e sa tlhotlhelediweng ke tuelo e e yang kwa mothong yo mongwe
    • Go fetisetsa maikarabelo a motsamaisi kgotsa mosekaseki a tsebe kgotsa setlhopha go modirisi yo mongwe go ya ka kgatlhegelo ya gagwe mo tsebeng kgotsa mo setlhopheng, go na le kananyo ya palo e e rileng.
    • Go phouseta kgotsa go abelana ka Tshedimosetso e e nang le Letshwaokgwebo, e e bonalang sentle.
Ditiriso tsa modirisi
Bona dikai dingwe tsa kafa go tsenngwa tirisong ga molao go lebegang ka teng mo bathong ba ba mo Facebook, jaaka: go ntse jang go bega ka sengwe se o sa akanyeng gore se tshwanetse go nna mo Facebook, go bolelelwa gore o tlotse Melawana ya rona ya Badirisimmogo le go bona sekirine se se go tlhagisang mo dilong dingwe.
Ela tlhoko: Re a tokafala ka metlha, ka jalo se o se bonang fano se ka tswa e le sa bogologolo go se kae fa se bapisiwa le se re se dirisang ga jaana.
DITIRISO TSA MODIRISI
Go bega
MAITEMOGELO A MODIRISI
Puisano ya morago ga pego
MAITEMOGELO A MODIRISI
Maitemogelo a go tlosa
MAITEMOGELO A MODIRISI
Disekerine tsa tlhagiso
Deitha
Leba Pego ya go Diragatswa ga Melao ya Badirisimmogo ya bosheng thata
Tiragatso ya Molao
Re na le dipholisi tse di tshwanang mo lefatsheng lotlhe, tse di dirang mo go mongwe le mongwe mo Facebook.
Ditlhopha tsa basekaseki
Setlhopha sa rona sa basekaseki ba ba fetang ba le 15,000 ba mo lefatsheng lotlhe ba dira letsatsi le letsatsi go tshola batho ba ba mo Facebook ba babalesegile.
Tirisano le bannaleseabe
Bomankge ba kwa ntle, barutegi, di-NGO le batlhami ba dipholisi ba thusa go kaela tiriso ya Melawana ya Badirisimmogo ba Facebook.
Bona thuso ka sepamo
Ithute se o ka se dirang fa o bona sengwe mo Facebook se se thulanang le Melawana ya Badirisimmogo ya rona.
Etela Lefelo la rona la Thuso