Dilo le Ditirelo Tse di Thibetsweng

Dintlha tsa pholisi

FETOLA LLOKO
Mabaka a Pholisi
Go rotloetsa pabalesego le go thibela ditiro tse di dirwang tse di ka nnang tsa senya, re kganela maiteko a a dirwang ke batho, madirelo, le barekisi go reka, go rekisa, go dira rafole, kabo ya dimpho, phetiso kgotsa go gweba ka dilwana le ditirelo tse di rileng mo polatefomong ya rona. Ga re letlelele kananyo kgotsa thekiso ya ditagi dipe tse di ka felang ka go dira gore go nne le tirisobotlhaswa ya ditagi e e tlhalosiwang mo dipholising tsa rona tse di fa tlase. Barekisi ba ba direlang mo kagong e e tlwaelegileng le ba mo inthaneteng ba ka nna ba bapatsa ditlhobolo, bojalwa, le dilo tsa motsoko tse di leng teng go rekisiwa mo ditirelong tsa rona; le fa go ntse jalo, re kganela go bonala ga tshedimosetso eno mo baneng. Re letlelela dipuisano ka go rekisiwa ga dilo mo mabentleleng kgotsa barekisi ba mo inthaneteng, re buelela gore diphetogo mo go laolweng ga dilo le ditirelo tse di tlhalosiwang mo pholising eno, re buelela kgotsa malebana le go dirisa melemo malebana le kalafi ya bongaka, gammogo le puisano ka ditlamorago tsa yone mo mmeleng le mo tlhaloganyong.
Dilwana le Ditirelo tse di Kganetsweng di akaretsa ditlhopha tse di latelang:
  • Diritibatsi le Melemo
  • Dibetsa, Ditlhobolo, kgotsa Dithunya
  • Motsoko le Direkisiwa tse di Tsamaelanang le One
  • Bojalwa
  • Boitekanelo le Go Tshela Sentle
  • Go BetÅ¡ha mo Inthaneteng le Metshameko
  • Mefuta e e mo kotsing le e e sireleditsweng (diphologolo le dimela tsa naga)
  • Dilo tsa Bogologolo tse di Itiretsweng
  • Dilwana le Didiriswa tse di Kotsi
  • Dikarolo le Diedi tsa Mmele
Setlhopha sengwe le sengwe se tlhalositswe fa tlase.
Diritibatsi le Melemo
Ga re letlelele:
Diritibatsi tse di kotsi thata (diritibatsi tse di nang le kgonagalo e e kwa godimo ya go dirisiwa ka tsela e e sa siamang, tse motho a ka ineelang mo tirisong ya tsone, kgotsa tse di golaganngwang le matshosetsi a a masisi a boitekanelo, go akaretsa go di dirisa go feta selekano; sk., cocaine, fentanyl, heroin).
Tshedimosetso e e:
  • Go leka go reka, go rekisa, go gweba, go rulaganya kgwebo ya, go abela, go aba jaaka mpho kgotsa go kopa ditagi tse di kotsi thata.
  • Go dumela ga motho yo o phousetileng tshedimosetso e e kwadilweng gore o reka, o gweba kgotsa o rulaganngwa go gweba ka ditagi tse di kotsi thata ka boene kgotsa ka go dirisa ba bangwe.
  • Go dumela gore o di dirisa ka boene mme a sa bolele gore o o tlogetse kgotsa go kaya seo, kalafi, kgotsa thuso e nngwe ya go lwantsha tiriso. Mafoko a a kwadilweng ano a ka tswa a sa bue sentle ka ga, a kgothaletsa tiriso ya, a rulaganya kgotsa go naya ditaelo tsa go dira kgotsa go dirisa ditagi tse di kotsi thata.
  • Go rulaganya kgotsa go rotloetsa (mo re rayang go bua sentle ka ga, go kgothaletsa tiriso ya, kgotsa go naya ditaelo tsa go dirisa kgotsa go dira) ditagi tse di kotsi thata.
  • Ela tlhoko: Kganetsano kgotsa go buelela bokafamolaong kgotsa go buisana ka ditlotla tsa saense kgotsa tsa bongaka jwa ditagi tse di kotsi go letleletswe. Seno se akaretsa dikitsiso tsa dikgang le tsa ditirelo tsa botlhe.
Diritibatsi tse e seng tsa kalafi (diritibatsi kgotsa ditagi tse di sa dirisetsweng mabaka a tsa bongaka kgotsa tse di dirisetswang go tagisa motho - seno se akaretsa dikhemikale kgotsa ditagi tse di tswakanngwang tse di dirisetswang go dira diritibatsi tseno.)
Tshedimosetso e e:
  • Go leka go reka, go rekisa, go gweba, go rulaganya kgwebo ya, go abela, go aba jaaka mpho kgotsa go kopa diritibatsi.
  • Go amogela go reka, go gweba kgotsa go rulaganya go gweba ka diritibatsi ke motho yo o phousetang mafoko a a kwadilweng ka boene kgotsa ka go dirisa ba bangwe.
  • Go dumela gore o di dirisa ka boene mme a sa bolele gore o o tlogetse kgotsa go kaya seo, kalafi, kgotsa thuso e nngwe ya go lwantsha tiriso. Mafoko a a kwadilweng a ka tswa a sa bue sentle ka ga, a ka tswa a rotloetsa tiriso ya, a rulaganya kgotsa go naya ditaelo ka go dira kgotsa go dirisa diritibatsi.
  • Go rulaganya kgotsa go rotloetsa (mo re rayang go bua sentle ka ga, go tlhotlheletsa tiriso ya, kgotsa go neela ditaelo tsa go dirisa kgotsa go dira) diritibatsi.
  • Maiteko a go rekisa kgotsa go buelela diokobatsi tse di farologaneng tse e seng tsa kalafi.
  • E na le dilo tse di rekisiwang tse di bontshang diokobatsi tse e seng tsa kalafi.
Melemo e e rebolwang ke naga ka (melemo e e tlhokang thebolo ya ngaka kgotsa baitseanape ba bongaka go di dirisa)
Tshedimosetso e e:
  • Lekang go reka, go rekisa kgotsa go gweba ka melemo e e rebotsweng ke ngaka ntle le fa:
    • Go bontsha lenaane la ditlhwatlhwa tsa meento mo maemong a go ruta ka tlhamalalo kgotsa go tlotla fa e le gore go tshwanetse ga dirwa fela ke bagolo ba dingwaga tse 18 kgotsa go feta moo.
    • Go solofetsa gore selo se tla romelwa fa se phousetilwe ke dikgwebo tse di kafa molaong tsa papatso ya inthanete tsa tlhokomelo ya kalafi fa di lebisitswe fela mo bagolong ba dingwaga tse 18 kgotsa go feta moo. Tshedimosetso eno gape e tshwanetse go nna le polelo ya go ikgolola mo molatong ya gore o tshwanetse go ikgolaganya le motho yo o nang le dikwalo tsa go tlamela ka tlhokomelo ya botsogo kgotsa gore o tshwanetse go bona lekwalo le le tshwanetseng la ngaka.
  • Go leka go aba kgotsa go neela mpho ya melemo e e nang le lekwalo la ngaka, ntle le mo lebakeng la bothata jwa ikonomi, boitekanelo, dikamano tsa batho kgotsa jwa matlhotlhapelo a tlholego.
  • Go kopa melemo e e nang le lekwalo la ngaka, ntle le fa tshedimosetso e bua ka go kgona go duelwa, go ka bonwa motlhofo kgotsa bokgoni jwa melemo e e nang le lekwalo la ngaka mo maemong a bongaka.
  • Ela tlhoko: Kganetsano kgotsa go buelela bokafamolaong kgotsa go buisana ka ditlotla tsa saense kgotsa tsa bongaka jwa ditagi tse di tswang ka lekwalo la ngaka go letleletswe. Seno se akaretsa dikitsiso tsa dikgang le tsa ditirelo tsa botlhe.
Diritibatsi tsa phetolomaikutlo
  • Mafoko a a kwadilweng a go leka go reka, go rekisa, go gweba, go abela kgotsa go naya mpho kgotsa go kopa ditagi tsa phetolomaikulto.
  • Ela tlhoko: Go ntsha mabaka kgotsa go buelela bokafamolaong kgotsa go buisana ditlotla tsa saense kgotsa tsa bongaka jwa ditagi tsa phetolomaikutlo ga go letlelelwe.
Matekwane le Direkisiwa tse di Tswang mo Matekwaneng
  • Tshedimosetso e e lekang go reka, go rekisa, go aba kgotsa go naya jaaka mpho kgotsa go kopa matekwane le direkisiwa tse di nang le THC kgotsa dikarolwana tse di amanang le tsone tse di amang tlhaloganyo.
Malebana le tshedimosetso e e latelang, re letlelela gore e bonwe fela ke bagolo ba dingwaga tse 18 le kwa godimo:
Diritibatsi tsa phetolomaikutlo
  • Mafoko a a kwadilweng a bontsha go letlelwa ga go dirisiwa ke motho ga, rulaganya kgotsa tlhotloetso (ka go rialo re raya go bua sentle ka), kgotsa go kgothaletsa go dirisiwa ga ditagi tsa phetolomaikutlo.
    • Ntle le go diragala epe ya tse di fa godimo ka kutlwisiso ya dikinane kgotsa tse di rekotilwengl
Matekwane le Direkisiwa tse di Tswang mo Matekwaneng
  • Tshedimosetso e e gokaganyang kgotsa e e rotloetsang (re raya go bua ka tsela e e siameng ka ga, go rotloetsa tiriso ya, kgotsa go neela ditaelo tsa go dirisa kgotsa go dira) marijuana le direkisiwa tse di nang le THC kgotsa dikarolwana tse di amanang le seo tse di amang tlhaloganyo.
  • Tshedimosetso e e amanang le kgwebo e e phousetilweng ke mabentlele a a rekisang marijuana moo go se nang maiteko a go reka, go rekisa kgotsa go dira kgwebo ka marijuana le dilo tse di nang le THC kgotsa dilo tse dingwe tse di tshwanang le tsone tse di amang tlhaloganyo.
  • Tshedimosetso e e lekang go reka, go rekisa, go gweba, go aba, go naya jaaka mpho kgotsa go kopa cannabidiol e e jewang kgotsa e e nowang (CBD) kgotsa dilwana tse di tshwanang tsa cannabinoid.
  • Tshedimosetso e e lekang go rekisa, go reka, go gweba, go aba, go naya jaaka mpho kgotsa go kopa cannabinoid e e sa jeweng kgotsa e e sa noweng (CBD) kgotsa dilo tse di tshwanang le cannabinoid.
  • Tshedimosetso e e dirang ditleleime tsa bolwetse tse di amanang le cannabidiol e e sa jeweng e bile e sa nowe (CBD) kgotsa dilo tse dingwe tse di tshwanang tse di dirwang ka cannabinoid.
  • Tshedimosetso e e bontshang dilo tse dingwe tse di nang le marijuana.
Diokobatsi tse o di newang ke ngaka
  • Tshedimosetso e e lekang go reka, go rekisa kgotsa go dira kgwebo ka diokobatsi tse o di newang ke ngaka mo maemong lefa e le afe fela, go akaretsa fa e phousetilwe ke dikgwebo tse di dirwang ka inthanete tse di kafa molaong tsa tlhokomelo ya kalafi.
  • Tshedimosetso e e lekang go reka, go rekisa, go gweba, go abela kgotsa go naya mpho kgotsa go kopa ditlhare tse di rekwang kwa mabentleleng.
  • Tshedimosetso e e akaretsang go amogelwa kgotsa go tsenngwa ga melemo e o e newang ke ngaka.
Dibetsa, Ditlhobolo, kgotsa Dithunya
Ga re letlelele:
Tshedimosetso e e:
  • Lekang go reka, go rekisa, kgotsa go gweba ka, dithunya, dikarolo tsa dithunya, dibetsa, dithunya, kgotsa tse di bolayang ntle le fa:
    • phousetilweng ka Tsebe, Setlhopha kgotsa porofaele ya Instagram e e emelang ditheo tsa semolao tse di agilweng ka ditena, go akaretsa dikgwebo, diwebosaete, matshwaokgwebo kgotsa ditheo tsa puso (sk. lefapha la sepodisi, lefapha la batimamolelo) kgotsa motho ka nosi wa poraefete a abelana tshedimosetso mo boemong jwa ditheo tsa semolao tse di agilweng ka ditena; mme e lekanyeditswe go bonagala mo bagolong ba dingwaga tse 21 le go feta.
  • Go leka go aba kgotsa go naya dimpho tsa ditlhobolo, dikarolo tsa ditlhobolo, ditlhabano, dithunyi, kgotsa dibetsa tse di bolayang ntle le fa go phousetilwe mo maemong a a latelang:
    • Go aba, go go refosanya dithunya le ditlhabano tse di dirisitsweng go duela bontlhabonngwe jwa tse dintÅ¡ha kgotsa go di reka gape ka Tsebe, Setlhopha kgotsa porofaele ya Instagram e e emetseng ditheo tsa semolao tse di agilweng ka ditena, go akaretsa dikgwebo, diwebosaete, matshwaokgwebo kgotsa ditheo tsa puso, kgotsa motho ka nosi wa poraefete a abelana tshedimosetso mo boemong jwa ditheo tsa semolao tse di agilweng ka ditena; mme e lekanyeditswe go bonagala mo bagolong ba dingwaga tse 21 kgotsa kwa godimo.
    • Fantisi kgotsa rafole ya dithunya e e dirwang ke ditheo tse di agilweng ka ditena, go akaretsa dikgwebo, mekgatlho e e ikwadisitseng le puso kgotsa e e sa direng dipoelo, kgotsa batho ka nosi ba poraefete ba ba ikwadisitseng le kgotsa ba ba etleediwang ke ditheo tse di agilweng ka ditena; mme go lekanyeditswe go bonagala ga tsone mo bagolong ba dingwaga tse 21 kgotsa kwa godimo.
  • Go kopa ditlhobolo, dikarolo tsa ditlhobolo, ditlhabano, dithunyi, kgotsa dibetsa tse di bolayang.
  • Go leka go reka, go rekisa, go aba jaaka mpho, go refosanya, go fetisa, go gokaganya, go bua sentle ka ga sengwe, go rotloetsa tiriso ya kgotsa go letlelela kgatiso ya 3D kgotsa ditaelo tsa go dira dithunya kgotsa dikarolo tsa dithunya ka tiriso le thuso ya dikhomphiutha go sa kgathalesege maemo kgotsa motho yo o phousetang.
  • Leka go reka, go rekisa, go gweba ka, go aba jaaka mpho, go kopa kgotsa go amogela go nna mong wa didiriswa tse di fetolelang tlhobolo go nna e e itirisang ya motÅ¡hine.
Malebana le tshedimosetso e e latelang, re dira gore e bonwe fela ke bagolo ba dingwaga tse 21 le kwa godimo:
Dibetsa, Ditlhobolo, kgotsa Dithunya
  • Tshedimosetso e e phousetilweng ke kgotsa e e bapatsang lebentlele la semolao le le agilweng ka ditena, maphata, go akaretsa dikgwebo, diwebosaete, matshwaokgwebo, kgotsa maphata a puso a a lekang go reka, go rekisa, go gweba ka, go aba, go neela jaaka mpho kgotsa go kopa (go akaretsa maemo a fantisi kgotsa a rafole) ditlhobolo, dikarolo tsa ditlhobolo, dibetsa, dithunyi, kgotsa dibetsa tse di bolayang tsa maemogodimo.
Malebana le tshedimosetso e e latelang, re letlelela gore e bonwe fela ke bagolo ba dingwaga tse 18 le kwa godimo:
Dilwana tse di bogale jwa legare le dibetsa tse dingwe:
  • Tshedimosetso e e lekang go reka, go rekisa, go gweba, go gokaganya, go aba, go neela jaaka mpho kgotsa go kopa: dilwana tse di nang le legare le dibetsa dipe tse dingwe (ka sekai., seporei sa pepere kgotsa direng tse di bewang kwa ditokololong tsa menwana).
  • Tshedimosetso e e buang sentle ka, e e neelang ditaelo tsa go dirisa kgotsa e e rotloetsang tiriso ya dithunya, dikarolo tsa dithunya, ditlhabano, dithunyi, dibetsa tse di bolayang tsa maemogodimo, kgotsa dilwana tse di bogale jwa legare mo ditshekatshekong tsa setlhagisiwa
  • Dipapatso tsa thekiso le thotloetso ya ditlhobolo tse di sa bolayeng
Motsoko le Direkisiwa tse di Tsamaelanang le One
Ga re letlelele:
Tshedimosetso e e:
  • Lekang go reka, go rekisa kgotsa go gweba ka direkisiwsa tse di amanang le motsoko/nikothini, kgotsa direkisiwa tse di etsisang go goga, tse di akaretsang mefuta yotlhe ya "ENDS" e leng Direkisiwa tsa Motlakase tse di Dirisiwang go Goga Nikothini (sk., disakarete tsa motlakase, didiriswa tse di dirisiwang go hema setimi se se nang nikothini, le didiriswa tse di dirisiwang go hema setimi se se senang nikothini).
    • Ntle le fa a phousetilwe ke Tsebe, Setlhopha, kgotsa porofaele ya Instagram e e emelang ditheo tsa semolao tse di direlang mo kagong e e agilweng, go akaretsa dikgwebo, diwebosaete, matshwaokgwebo, kgotsa motho ka nosi wa poraefete yo o abelanang ka diteng mo boemong jwa ditheo tsa semolao tse di agilweng, go akaretsa go neela ditirelo tsa thomelo-thoto le dimphiwa tsa letshwaokgwebo.
  • Lekang go aba kgotsa go neela jaaka mpho direkisiwa tsa motsoko/nikothini, kgotsa direkisiwa tsa "ENDS".
    • Ntle le fa a phousetilwe ke Tsebe, Setlhopha, kgotsa porofaele ya Instagram e e emelang ditheo tsa semolao tse di direlang mo kagong e e agilweng, go akaretsa dikgwebo, diwebosaete, matshwaokgwebo, kgotsa motho ka nosi wa poraefete yo o abelanang ka diteng mo boemong jwa ditheo tsa semolao tse di agilweng, go akaretsa go neela ditirelo tsa thomelo-thoto le dimphiwa tsa letshwaokgwebo.
  • Kopang direkisiwa tsa motsoko/nikothini, kgotsa direkisiwa tse di etsisang go goga, go akaretsa mefuta yotlhe ya direkisiwa tsa "ENDS" (didiriswa tse di dirisiwang go hema setimi se se senang nikothini).
Malebana le tshedimosetso e e latelang, re letlelela gore e bonwe fela ke bagolo ba dingwaga tse 18 le kwa godimo:
  • Tshedimosetso e e kwadilweng e e phousetileng ke kgotsa e e bapatsang ditheo tse di mo molaong tse tirelo ya tsone e leng mo kagong e e rileng, go akaretsa dikgwebo, diwebosaete kgotsa matshwaokgwebo, tse di lekang go reka, go rekisa, go gweba ka, go abela kgotsa go aba jaaka mpho ya didirwa tsa bojalwa kgotsa tsa motsoko.
  • Tshedimosetso e e bontshang tiriso ya motsoko, direkisiwa tse di nang le nikothini, kgotsa direkisiwa tsa "ENDS".
  • Tshedimosetso e e gokaganyang kgotsa e e rotloetsang tiriso ya motsoko, direkisiwa tsa nikothini, direkisiwa tsa "ENDS", kgotsa matshwaokgwebo a motsoko.
  • Tshedimosetso e e bontshang Ditlhagisiwa tsa Kgaotso ya Motsoko
  • Tshedimosetso e e sekasekang kgotsa e e rotloetsang tiriso ya motsoko, didiriswa tse di diretsweng tiriso ya motsoko, kgotsa matshwaokgwebo a motsoko
  • Tshedimosetso ya bobegakgang e e bontshang go goga motsoko kgotsa tiriso ya motsoko mo maemong a e seng a maitirelo, mme e le a mmatota
    • Ntle le mo maemong a matsholo a a kgatlhanong le go goga motsoko, ditirelo tsa tshidilomaikutlo malebana le go tshwakgolwa ke motsokwe, katiso mabapi le go tlogela motsowe, kgotsa maemo a PSA
Bojalwa
Ga re letlelele:
Tshedimosetso e e:
  • Maiteko a go reka, go rekisa kgotsa go gweba ka bojalwa ntle le fa:
    • Phousetilweng ka porofaele ya Tsebe, ya Setlhopha, kgotsa ya Instagram e e emelang ditheo tsa semolao tse di agilweng ka ditena le seretse, go akaretsa dikgwebo, diwebosaete kgotsa matshwaokgwebo, kgotsa motho ka nosi wa poraefete a abelana tshedimosetso mo boemong jwa ditheo tsa semolao tse di agilweng ka ditena le seretse, go akaretsa go neela ditirelo tsa thomelo-thoto le dimphiwa tsa letshwaokgwebo.
    • Tshedimosetso e raya bojalwa kgotsa e neela taletso kwa lefelong la bojalwa koo bojalwa bo tla ananngwang kgotsa bo tla nowang mo lefelong la tiragalo, resetÅ¡hurente, lefelo le le rekisang bojalwa, kgotsa moletlo.
  • Maiteko a go abela kgotsa go aba jaaka mpho bojalwa kgotsa motsoko ntle le fa di phousetilwe ka Tsebe, Setlhopha, kgotsa porofaele ya Instagram e e emetseng dikago tse di mo molaong tse di direlang mo kagong e e rileng, go akaretsa dikgwebo, diwebosaete kgotsa matshwaokgwebo, kgotsa motho ka nosi wa poraefete yo o abelanang ka diteng mo boemong jwa dikago tse di leng mo molaong tse di direlang mo kagong e e rileng.
  • Kopa direkisiwa tsa bojalwa le dino.
Malebana le tshedimosetso e e latelang, re letlelela gore e bonwe fela ke bagolo ba dingwaga tse 18 le kwa godimo:
  • Tshedimosetso e e phousetilweng kgotsa e e bapatsang ditheo tsa semolao tse di agilweng ka ditena le seretse, go akaretsa diwebosaete tsa dikgwebo kgotsa matshwaokgwebo, tse di lekang go reka, go rekisa, go gweba, go aba kgotsa go fa jaaka mpho ya direkisiwa tsa bojalwa kgotsa dino.
  • Tshedimosetso e e bontshang tiriso ya direkisiwa tsa bojalwa kgotsa dino kgotsa go abelana ka diresipe tsa dino tse di tagang.
  • Tshedimosetso e e umakang direkisiwa tsa bojalwa kgotsa e e nayang taletso ya kwa lefelong la bojalwa koo bojalwa bo tla ananngwang kgotsa bo tla nowang gone.
Botsogo le Boitekanelo
Malebana le tshedimosetso e e latelang, re letlelela gore e bonwe fela ke bagolo ba dingwaga tse 18 le kwa godimo:
Ditirelo kgotsa direkisiwa tsa Phokotso kgotsa Koketso ya Boima jwa Mmele
Tshedimosetso e e:
  • Leka go reka, go rekisa, go aba, go neela jaaka mpho, go umaka kgotsa go kopa ditlhagisiwa kgotsa ditirelo tsa go fokotsa kgotsa go oketsa boima jwa mmele.
  • Go amogela kgotsa go bontsha tiriso ya serekisiwa sa phokotso ya boima jwa mmele kgotsa go oketsa boima jwa mmele, mo maemong a mantle kgotsa mo go buisanwang ka ditlamorago tsa yone.
  • Go bontsha tsamaisano kgotsa thotloetso (re raya go bua ka tsela e e siameng, go rotloetsa tiriso ya kgotsa go neela ditaelo tsa go dirisa kgotsa go dira) serekisiwa se se thusang go fokotsa boima jwa mmele.
  • Nang le dipolelo tsa nyenyefatso tse di amanang le tebego ya mmele (mareo, ditlhaloso, kgotsa dipotso tse di sa siamang tse di tlhaselang tebego ya motho, dikarolo tse di rileng tsa mmele, kgotsa bophepa), kgotsa ditlhagiso tsa setshwantsho se se gaufi sa karolo e e rileng ya mmele se se bontshang dikarolo tse di mafura tse di tshwaregang.
  • Dipolelo tsa gore dipholo di ka fitlhelelwa fela ka go dirisa dilo tse di rwalwang, tse di jaaka dibenya kgotsa diphetÅ¡he.
  • Dirisa matlhajana a go rotloetsa batho go tobetsa linki e e ba tsenyang mo webosaeteng e e rileng a a amanang le go fokotsa mmele kgotsa go oketsa mmele, a a jaaka puo e e dirisang maikutlo e e nang le dipolelo tse di feteleditsweng kgotsa tse di fetang tekano tsa boitekanelo, kgotsa ditsholofetso tsa dipholo tse di rileng mo lobakeng lo lo beilweng lwa nako kwa ntle ga boikgololo kgotsa mokgwatiriso o o bontshang gore mafoko ano a ka se tlhalosiwe ka tsela e e utlwalang.
Direkisiwa, Ditsamaiso tsa Bongaka, kgotsa Dikaro tsa go Itira Montle
Tshedimosetso e e:
  • Lekang go reka, go rekisa, go gweba, go aba, go neela jaaka mpho, kgotsa go kopa direkisiwa kgotsa dikaro tsa bointlafatso. Seno se akaretsa:
    • Direkisiwa tsa Go Sweufatsa Letlalo tse di tshwanang le; dikherime tse di sweufatsang
    • Dikaro tsa bointlafatso ka maikaelelo a go alafa, kgotsa go busetsa tiriso kgotsa popego ya difatlhego kgotsa mebele ya batho.
  • Amogelang kgotsa bontsha karo ya bointlafatso, tse di tlhalosang tsela e e siameng kgotsa e e sa siamang e di tla go amang ka yone, kgotsa ditlamorago tsa yone.
  • Bontshang kgokaganyo kgotsa thotloetso (re raya go bua ka tsela e e siameng, go rotloetsa tiriso ya kgotsa go neela ditaelo tsa go dirisa kgotsa go dira) ya karo ya bointlafatso.
  • A na le dipolelo tsa nyenyefato e e malebana le tebego ya mmele, (ke go re, mareo, ditlhaloso, kgotsa dipotso tse di sa siamang tse di tlhaselang tebego ya motho, dikarolo tse di rileng tsa mmele, kgotsa bophepa)
Ela tlhoko: Thotloetso ya mekgwa ya go ikatisa (e e jaaka Pilates) kgotsa bointlafatso jwa nakwana (jo bo jaaka meikapa) ga di akarediwe mo pholising eno.
Ditiro tse di Seng Boammaaruri tsa Boitekanelo
  • Dipolelo (go akaretsa tse di tswang mo baporofeshenaleng ba boitekanelo kgotsa mekgatlho ya boitekanelo) tsa go fodisa, go alafa, kgotsa go tlosa bolwetse bope jwa malwetse a a latelang a a sa foleng le/kgotsa malwetse a a bakang loso (lenaane le le feletseng): Ela tlhoko: Seno ga se dire mo dipolelong ka go alafa kgotsa go laola ditshupo tsa malwetse ano.
    • Bolwetse jwa sukiri
    • Herpes
    • Thyroid
    • Psoriasis
    • Ebola
    • Kankere
    • Bolwetse jwa autism
    • Bolwetse jwa Alzheimer
    • Bolwetse jwa Parkinson
    • Amyotrophic Lateral Sclerosis (ALS)
    • Mogare wa HIV
  • Dirisa matlhajana a go rotloetsa batho go tobetsa mo maemong a boitekanelo, a a jaaka puo e e dirisang maikutlo e e nang le dipolelo tse di feteleditsweng kgotsa tse di fetang tekano tsa boitekanelo, kgotsa ditsholofetso tsa dipholo tse di amanang le boitekanelo mo lobakeng lo lo beilweng lwa nako kwa ntle ga boikgololo kgotsa mabaka.
Direkisiwa tse di dirisiwang ke bagolo go tsosa maikutlo a thobalano
Tshedimosetso e e:
  • Lekang go reka, go rekisa, go bapatsa, go gweba ka, go aba, go neela jaaka mpho kgotsa go kopa direkisiwa tse di dirisiwang ke bagolo go tsosa maikutlo a thobalano, moo tsepamisokgolo e leng go phaphamisa go natefelelwa ga motho ke thobalano kgotsa go oketsa maikutlo a motho a go tsogelwa, mo maemong a maitirelo kgotsa a mmatota. Seno se akaretsa:
    • Dithoye tsa thobalano
    • Direkisiwa tse di dirisiwang gore motho a tsogelwe
    • Direkisiwa tse di tokafatsang mapele ntle le go dirisa karo, tse di jaaka direkisiwa tse di tsosang keletso ya thobalano kgotsa tse di oketsang tiragatso ya thobalano
    • Direkisiwa moo tsepamiso-kgolo e leng go tsosa keletso ya thobalano kgotsa go tsogelwa
    • Go bontsha ditshamekisi tse di dirisiwang ka thobalano mme go se na maemo a a tlhaloganyesegang
Direkisiwa tsa Boitekano jwa Tsalo kgotsa Boitekanelo ka Kakaretso
Tshedimosetso e e:
  • Lekang go reka, go rekisa, go rotloetsa, go gweba, go aba, go neela jaaka mpho kgotsa go kopa direkisiwa tsa pholo kgotsa boitekanelo jwa tsalo ya bana. Seno se akaretsa:
    • Direkisiwa tsa Pholo kgotsa Boitekanelo jwa Tsalo ya Bana fa di tsepamisitse mo natefelelong ya thobalano mme e seng mo mesoleng ya bongaka, go akaretsa tse di nang le dilwana tsa bonna jo bo tsogetsweng kgotsa tse di nang le popego ya mapele a mosadi
    • Direkisiwa tse di rarabololang makoa a dikarolo tsa mmele tse di amegang mo tsalong ya bana
    • Dikaro tsa go iintlafatsa mapele
    • Dikaro tsa mapele a bagolo
    • Thuto ka thobalano go tsepamisitswe mo go natefelelweng ke thobalano
    • Direkisiwa tsa horomone (ka sekai, dilo tse di dirang gore go nne le testosterone e ntsi)
Dikgwebo tse di rekisang dilwana tsa thobalano ya bagolo
Tshedimosetso e e:
  • Lekang go reka, go rekisa, go bapatsa, kgotsa go kopa dikgwebo tse di rekisang dilwana tsa thobalano ya bagolo, tse di ka tsosang maikutlo a motho a go natefelelwa ke thobalano kgotsa go oketsa maikutlo a motho a go tsogelwa. Seno se akaretsa:
    • Dikgwebo tsa boitumediso ka thobalano ya bagolo
    • Mafelo a bagolo
    • Ditirelo tse di rutang ka thobalano
Go Betšha mo Inthaneteng le Metshameko
Malebana le tshedimosetso e e latelang, re letlelela gore e bonwe fela ke bagolo ba dingwaga tse 18 le kwa godimo:
Go Betšha mo Inthaneteng le Metshameko
  • Tshedimosetso ya go leka go rekisa kgotsa go rotloetsa metshameko ya mo inthanete le ditirelo tsa go betÅ¡ha sengwe le sengwe se se nang le bolengpalo jwa madi (go akaretsa madiaseatleng kgotsa ledi la dijithale/inthanete, ka sekai, bitcoin) se se tlhokang go tshameka mme sengwe le sengwe sa bolengpalo jwa madi di bopa karolo ya moputso o o fenngwang. Tseno di akaretsa mme e se tsone fela:
    • Metshameko ya bokgoni jo bo rileng, di-lotto/dirafole, go betÅ¡ha, go betÅ¡ha metshameko, metshameko ya khasino, metshameko ya go iteka lesego, kgotsa di-sweepstake/meputso e e somolwang.
    • Metshameko ya Go iteka lesego e e neelang paka e e lekanyeditsweng ya tekeletso le e e tlhokang tuelo morago ga moo.
Metshameko ya Khasino ya Botsalano
  • Tshedimosetso e e lekang go rekisa, go gweba, go bontsha kgotsa go rotloetsa metshameko ya khasino ya botsalano e e etsisang metshameko ya go iteka lesego e e jaaka metshini e go betshiwang mo go yone, moo go se nang tshono ya go fenya madi kgotsa se se lekang ka boleng le madi. Seno se akaretsa diteng tse di kayang tshono ya go fenya "madi a tshipi" a a se nang boleng jwa madi.
Metshameko e e tshamekiwang mahala mo maemong a go Betsha ka go iteka lesego
  • Tshedimosetso e e lekang go rekisa, go gweba ka, go bontsha kgotsa go rotloetsa metshameko e e tshamekiwang mahala e e etsisang metshameko ya go iteka lesego, moo go sa tlhokegeng sepe se se nang le boleng jwa madi go tshameka motshameko, mme go ka nna le tÅ¡hono ya go fenya madi kgotsa sengwe sa boleng jwa madi.
Mefuta e e mo kotsing le e e sireleditsweng (diphologolo le dimela tsa naga)
Ga re letlelele:
Tshedimosetso e e:
  • Lekang go reka, go rekisa, go gweba, go aba, kgotsa go neela jaaka mpho kgotsa go kopa mefuta ya diphologolo le dijalo tse di mo kotsing ya go nyelela kgotsa dikarolo tsa tsone kgotsa mefuta ya dimela tse di sireleditsweng.
  • Amogelang kgotsa rotloetsang go tsoma mo go seng mo molaong, go reka kgotsa go gweba ka mefuta ya diphologo le dimela tse di mo kotsing ya go nyelela kgotsa dikarolo tsa tsone tse di mo phousetareng ya diteng e e dirilweng ke bone bobone kgotsa ba bangwe ba ba dirisanang le bone. Seno ga se akaretse ditshwantsho tsa go tsoma mo go seng mo molaong ga batho ba ba sa itsiweng.
  • Ditshwantsho tsa go tsomiwa mo go seng mo molaong ga mefuta ya ditshedi tse di mo kotsing ya go nyelela kgotsa dikarolo tsa tsone mo go dirwang ke motho yo o phousetang diteng ka boene kgotsa badirimmogo le ene.
  • Bontsha kgokaganyo kgotsa thotloetso (re raya go bua ka tsela e e siameng ka ga, go rotloetsa go tsomiwa mo go seng ka fa molaong ga, kgotsa go neela ditaelo) go dirisa kgotsa go dira direkisiwa go tswa mo mefuteng ya diphologolo le dimela tse di mo kotsing ya go nyelela kgotsa dikarolo tsa tsone, kgotsa diphologolo dipe tsa naga kgotsa dimela dipe tsa naga tse di mo kotsing ya go nyelela.
Diphologolo tse di seng mo kotsing
  • Tshedimosetso e e lekang go reka, go rekisa kgotsa go gweba ka diphologolo tse di tshelang tse di seng mo kotsing ya go nyelela ntle le fa:
    • A phousetilwe ka Tsebe, porofaele kgotsa porofaele ya Instagram e e emelang ditheo tsa kafa molaong tse di direlang mo kagong e e rileng, go akaretsa dikgwebo, diwebosaete tse di mo molaong, matshwaokgwebo, kgotsa go batlela diphologolo magae a masha, kgotsa motho ka nosi wa poraefete yo o abelanang ka diteng mo boemong jwa ditheo tse di mo molaong tse di direlang mo kagong e e rileng.
    • Phousetilweng mo maemong a go rua, go naya e le mpho, go kopa, go aba kgotsa go batlela legae diphologolo tse di tshelang mme di se mo kotsing ya go nyelela, go akaretsa madi a a duelelwang go di batlela magae mo lebakeng la dikgodiso tse di dirwang ke ditsala.
    • Go rekisa phologolo ka go e ntsha setlhabelo sa bodumedi, kgotsa go neela kabo ya diruiwa tse di timetseng.
    • Phousetilwe mo maemong a go rekiwa ga diruiwa.
    • Phousetilwe mo maemong a go reka, go rekisa kgotsa go naya mongwe e le mpho, go kopa, go aba dinaka tsa phologolo nngwe, dirwe, ditokololo, dinama, go bua diphologolo matlalo, go olela mantle (go sa akaretse go motshotelo kgotsa menontshane).
    • Phousetilwe mo maemong a go aba dilo tse di amanang le diphologolo gore di jewe ke batho tse di tshwanang le; mae, tlhapi, jalo le jalo.
Dilo tsa Bogologolo tse di Itiretsweng
Ga re letlelele:
Mafoko a a kwadilweng a go leka go reka, go rekisa, go gweba ka, go abela kgotsa go aba jaaka mpho kgotsa go kopa didiriswa tsa bogologolo tse di itiretsweng ke batho.
Dilwana le Didiriswa tse di Kotsi
Ga re letlelele:
Tshedimosetso e e lekang go reka, go rekisa, go gweba ka, go abela kgotsa go aba jaaka mpho kgotsa go kopa dilo le didiriswa tse di kotsi.
Dikarolo tsa Mmele wa Motho le Diedi tsa Mmele
Ga re letlelele:
Tshedimosetso e e:
  • Maiteko a go reka, go rekisa kgotsa go gweba ka dikarolo tsa mmele wa motho, le morago ga tshedimosetso ya go utswiwa ga batho e e kganetsweng go ya ka Pholisi ya Tshotlako ya Batho.
  • Go kopa go ananya dieledi tse di tswang mo mothong.
  • Go leka go reka, go rekisa kgotsa go dira kgwebo ka dieledi tsa motho.
  • Ntle le fa e phousetilwe gore e abilwe e le dieledi tsa motho jaaka peo ya bonna kgotsa polasema ya madi.
Dilwana tse di Busitsweng
Ga re letlelele:
Tshedimosetso e e lekang go reka, go rekisa, go ananya, go gokaganya kananyo ya, go aba, go naya e le mpho, kgotsa go kopa dilo tse di busitsweng.
Ditiriso tsa modirisi
Bona dikai dingwe tsa kafa go tsenngwa tirisong ga molao go lebegang ka teng mo bathong ba ba mo Facebook, jaaka: go ntse jang go bega ka sengwe se o sa akanyeng gore se tshwanetse go nna mo Facebook, go bolelelwa gore o tlotse Melawana ya rona ya Badirisimmogo le go bona sekirine se se go tlhagisang mo dilong dingwe.
Ela tlhoko: Re a tokafala ka metlha, ka jalo se o se bonang fano se ka tswa e le sa bogologolo go se kae fa se bapisiwa le se re se dirisang ga jaana.
DITIRISO TSA MODIRISI
Go bega
MAITEMOGELO A MODIRISI
Puisano ya morago ga pego
MAITEMOGELO A MODIRISI
Maitemogelo a go tlosa
MAITEMOGELO A MODIRISI
Disekerine tsa tlhagiso
Deitha
Leba Pego ya go Diragatswa ga Melao ya Badirisimmogo ya bosheng thata
Tiragatso ya Molao
Re na le dipholisi tse di tshwanang mo lefatsheng lotlhe, tse di dirang mo go mongwe le mongwe mo Facebook.
Ditlhopha tsa basekaseki
Setlhopha sa rona sa basekaseki ba ba fetang ba le 15,000 ba mo lefatsheng lotlhe ba dira letsatsi le letsatsi go tshola batho ba ba mo Facebook ba babalesegile.
Tirisano le bannaleseabe
Bomankge ba kwa ntle, barutegi, di-NGO le batlhami ba dipholisi ba thusa go kaela tiriso ya Melawana ya Badirisimmogo ba Facebook.
Bona thuso ka dilo le ditirelo tse di thibetsweng
Ithute se o ka se dirang fa o bona sengwe mo Facebook se se thulanang le Melawana ya Badirisimmogo ya rona.
Etela Lefelo la rona la Thuso