Tshedimosetso e e tsietsang
Dintlha tsa pholisi
FETOLA LLOKO
Gompieno
08 Moran 2025
14 Mopitl 2025
08 Ferikg 2025
19 Phuk 2024
10 Phuk 2024
11 Seet 2024
21 Motsheganong 2024
07 Tlhak 2024
06 Sedimont 2023
30 Lwets 2023
15 Phuk 2023
Mabaka a Pholisi
Tshedimosetso e e seng boammaaruri ga e tshwane le mefuta e mengwe ya puo e e tlhalosiwang mo Melawaneng ya Badirisimmogo ya rona ka gonne ga go na tsela ya go tlhalosa lenaane le le akaretsang se se sa letlelelweng. E e nang le tirisodikgoka e e bonalang kgotsa maitsholo a a tletseng letlhoo, sekai, dipholisi tsa rona di tlhalosa tshedimosetso e re e thibelang, mme tota le batho ba ba sa dumalaneng le dipholisi tseo ba ka di latela. Le fa go ntse jalo, ka tshedimosetso e e seng boammaaruri re ka se ka ra bua mafoko ao. Lefatshe le fetoga ka metlha, mme se e leng boammaaruri mo motsotsong ono se ka nna sa bo se se boammaruri mo motsotsong o o latelang. Gape batho ba na le maemo a a farologaneng a tshedimosetso ka lefatshe le ba leng mo go lone, gape ba ka nna ba dumela gore sengwe se boammaaruri fa go sa nna jalo. Pholisi e e thibelang "tshedimosetso e e seng boammaaruri" ga e na go naya batho ba ba dirisang ditirelo tsa rona kitsiso e e nang le mosola gape go ka se kgone go gatelelwa gore e dirisiwe, ka gonne re sa kgone go bona tshedimosetso sentle.
Go na le moo, dipholisi tsa rona di tlhalosa ditlhopha tsa tshedimosetso e e seng boammaaruri le go leka go naya kaelo mabapi le ka fa re dirisanang le puo eo ka teng fa re e bona. Mabapi le setlhopha sengwe le sengwe, tsela e re dirang ka yone e bontsha boiteko jwa rona jwa go lekalekanya mekgwa ya rona e e siameng ya tlhaloso, tshireletso, seriti, boammaaruri, le polokodiphiri.
Re ntsha tshedimosetso e e seng boammaaruri fa go ka nnang le kgonagalo ya seabe ka tlhamalalo mabapi le kotsi ya kgobatso ya mmele e e tlogang e diragala. Gape re tlosa tshedimosetso e e ka nnang ya kgoreletsa ka tlhamalalo go dira ga ditsamaiso tsa sepolotiki. Gore re itse gore ke eng se e leng tshedimosetso e e seng boamaaruri mo ditlhopheng tseno, re mphato le bomankge ba ba ikemetseng ka nosi ba ba nang le kitso le boitseanape jwa go kgona go bona boammaaruri ka tshedimosetso le gore a e ka nna ya baka kotsi ya kgobalo e e tlogang e diragala. Ka sekai, seno se akaretsa go nna bomphato le mekgatlho ya ditshwanelo tsa batho e e nang le batho ba ba tlhagafetseng mo nageng e e rileng go bona se eleng boammaaruri ka magatwe a dithulano tsa morafe.
Mabapi le tshedimosetso e e seng boammaaruri e nngwe, re tsepamisa mo go fokotseng go anama ga yone kgotsa go dira gore go nne le tikologo e e dirang gore go nne le puisano e e nang le mosola. Re itse gore gantsi batho ba dirisa tshedimosetso e e seng boammaruri ka ditsela tse di sa gobatseng, e e tshwanang le go bua ka go feteletsa ("Setlhopha seno se na le rekoto e e maswe go na le tsotlhe mo hisetoring ya metshameko!") kgotsa ka go tshegisa kgotsa go ja setshego ("Monna wa me o sa tswa go gape sekgele sa Monna yo o Nyetseng wa Ngwaga.") Gape ba ka nna ba abelana ka se se ba diragaletseng ka ditori tse di nang le mafoko a a seng boammaaruri. Mo mabakeng mangwe, batho ba abelana megopolo e e mo teng ga dipelo tsa bone e bangwe ba e tsayang e le maaka kgotsa ba abelana tshedimosetso e ba dumelang gore e boammaaruri mme ba bangwe ba e tsaya e sa felela kgotsa e tsietsa.
Fa re ela tlhoko gore puo ya go nna jalo e tlwaelegile go le kana kang, re tsepamisa mo go neeleng badirisi tshedimosetso e e mosola fa go na le tshedimosetso e go nang le kgonagalo ya gore e fosagetse kgotsa e tlhakanya tlhogo. Jaaka karolo ya boiteko joo, ka kwa ntle ga Amerika re nna semphato le dikgamphane tse dingwe tse di tlhomamisang boammaaruri mo dikarolong tse dintsi tsa lefatshe go sekasekea le go naya maemo boammaaruri jwa tshedimosetso ka bontsi e e anameng mo dipolatefomong tsa rona (bona fano lefano go bona tsela e re dirang ka yone mo Amerika). Go simolola mo Amerika, thulaganyo ya Dintlha tsa Badirisimmogo e letlelela batho go tsenya dintlha tse dingwe mo diphouseteng tsa Facebook, Instagram le Threads tse di ka nnang tsa tsietsa kgotsa tsa tlhakanya tlhogo (bonafano). Gape re naya didiriswa tsa go oketsa go tlhaloganya mmedia le bokgoni jwa thekenoloji gore batho ba kgone go dira tshwetso ya gore ba bale eng, ba tshepe eng, le go se bontshana ka bobone. Re tlhoka batho go senola tshedimosetso, ba dirisa sediriswa sa AI sa tshenolo ya tshedimosetso, nako le nako fa ba phouseta tshedimosetso ya tlhago ka bidio ya ditshwantsho tsa mmatota kgotsa modumo kgotsa lentswekgatiso le le utlwalang e le la mmatota tse di tlhamilweng kgotsa tse di fetotsweng ka thekenoloji, mme re ka nna ra dirisa dikotlhao fa ba palelwa ke go dira jalo. Re ka nna ra tsenya leibole mo tshedimosetsong nngwe e e kwadilweng mo inthaneteng kgotsa e e fetotsweng e e bakang kotsi e kgolo thata malebana le go tsietsa batho mo ntlheng e e botlhokwa mo bathong botlhe.
Sa bofelo, ga re letlelele tshedimosetso le boitshwaro jwa mo mafelong a mangwe e gantsi e amanang le go anama ga tshedimosetso e e seng boammaaruri. Ka sekai, Melawana ya Badirisimmogo ya rona e thibela diakhaonto tse eseng tsa boammaaruri, tsa tsietso, le mokgwa wa go dirisana mmogo go dira tiro e e sa siamang.
Jaaka maemo a mo inthanete le a a seng mo inthanete a fetoga le go tlhabologa, le rona re tla tswelela ka go tlhabolola dipholisi tsa rona. Diakhaonto tse gantsi di abelanang tshedimosetso e e seng boammaaruri e e kwadilweng fa tlase e ka nna, mo godimo ga gore tshedimosetso ya tsone e diragadiwe tumalanong le pholisi eno, ya nna le kanamiso e e fokotsegileng, ditekanyetso mabapi le bokgoni jwa tsone jwa go bapatsa, kgotsa go ntshiwa mo dipolatefomong tsa rona. Tshedimosetso e nngwe mabapi le se se diragalang fa Meta e ntsha tshedimosetso e ka bonwa fano.
Dikaelo
Tshedimosetso e e tsietsang e re e tlosang:
Re tlosa mefuta e e latelang ya tshedimosetso e e tsietsang:
I. Kgobatso ya Mmele kgotsa Tirisodikgoka
Re tlosa tshedimosetso e e tsietsang kgotsa magatwe a a sa tlhomamisiweng a badirimmogo le rona ba ba nang le kitso ba lemogileng gore a ka nna a nna le seabe ka tlhamalalo mo kotsing ya tirisodikgoka e e larileng kgotsa go gobatsa batho mo mmeleng. Re tlhalosa tshedimosetso e e tsietsang jaaka mafoko a a kwadilweng a a nang le maiphako a batho ba bangwe ba ba nang le dithata ba lemogang gore ke maaka. Re tlhalosa magatwe a a sa tlhomamisiweng jaaka maiphako a badirimmogo le rona ba ba nang le kitso ba tlhomamisang gore go thata fela thata kgotsa gore ga go kgonege go latedisa motswedi wa one, a go se nang metswedi e e ka tlhomamisang, a go se nang tlhomamiso e e lekaneng ya gore maiphako ao a ka latofadiwang, kgotsa mo maiphako ao a sa dumelesegeng gotlhelele kgotsa go leng thata go ka a dumela.
Re itse gore fa gongwe tshedimosetso e e tsietsang e e ka nnang ya lebega e se na molato ope e ka nna, mo mabakeng a mangwe, ya nna le seabe mo kgobatsong ya eseng mo inthaneteng, gammogo le matshosetsi a tirisodikgoka e e ka nnang le seabe mo kotsing ya maemo a a kwa godimo ya go bolaya, kgobatso e e masisi, kgotsa bakgobatso ya mmele e nngwe. Re bereka ka kgolagano ya lefatshe lotlhe ya mekgatlho e e seng ya puso (non-governmental organizations [di-NGO]), mekgatlho e e sa direng ka go batla dipoelo, mekgatlho ya kutlwelobotlhoko, le mekgatlho ya boditshabasthaba e e nang le kitso ya boitseanape mo ditiragalong tseno tsa selegae.
Mo dinageng tse di nang le kotsi e kgolo ya morafe o o dirisang dikgoka, re simolola go bereka le bamphato ba lefelo leo go tlhaloganya gore ke dipolelo tsa maaka dife tse di nang le seabe mo kotsing ya kgobatso ya mmele e e ka nnang ya diragala. Re bo re bereka go lemoga le go tlosa diteng tse di buang dipolelo tseo mo polatefomong ya rona. Ka sekai, re dirisana le bomankge ba naga eo, re ka nna ra tlosa dikgang tse di sa bueng boammaaruri tse di bolelang gore di tlhalosa ditiro tsa tirisodikgoka, batlhaselwa kgotsa batlhasedi ba tirisodikgoka, dibetsa, kgotsa ditshipi tsa sesole.
II. Tshedimosetso e e Tsietsang e e Gobatsang mo Boitekanelong
Re buisana le mekgatlho e e di gogang kwa pele mo go tsa botsogo gore re kgone go bona tshedimosetso e e tsietsang mabapi le botsogo e e nang le seabe ka tlhamalalo mo kgobatsong e e larileng ya botsogo le tshireletsego ya batho. Tshedimosetso e e tsietsang e e gobatsang boitekanelo e re e tlosang e akaretsa e e latelang:
- Tshedimosetso e e tsietsang mabapi le meento. Re tlosa tshedimosetso e e tsietsang bogolo jang ka meento fa balaodi ba boitekanelo jwa batho ba dira tshwetso ya gore tshedimosetso eo ga se boammaaruri le gore e ka nna ya nna le seabe ka tlhamalalo le gore batho ba gane go entiwa. Di akaretsa:
- Meento e baka bolwetse jwa autism: (Ka sekai: "Go entiwa gantsi ke gone go dirang gore bana ba le bantsi ba bo ba na le bolwetsi jwa autism mo malatswing ano.")
- Meento e baka Go Tlhokafala ka Tshoganyetso ga Masea (Ka sekai: “A ga o itse gore meento e baka SIDS [Sudden Infant Death Syndrome]?”
- Meento e baka bolwetse jo boikaelelo e leng go sireletsa mo go jone, kgotsa e dira gore go nne le kgonagalo ya gore motho yo o entiwang a tsenwe ke bolwetse (Ka sekai: "Go entiwa tota go dira gore go nne le kgonagalo ya gore o tsenwe ke bolwetse e re ka go na le mofuta wa bolwetse mo go one. Ikeletlhoko!")
- Meento kgotsa metswako ya yone e a bolaya, e na le megare, e botlhole, e a gobatsa, kgotsa e kotsi (Ka sekai: Ee go ntse ja, o ka kgona go entiwa, fa o sa re sepe gore go tsenngwa botlhole mo mmeleng wa gago.")
- Go soutisa mokgwaitshireletso wa mmele ga tlholego ga go kotsi jaaka go soutisa mmele mo go dirwang ka moento (Ka sekai: "Ga botoka fela thata go tsenwa ke bolwetse fela go na le go entiwa moento.")
- Go kotsi go entiwa gantsi mo nakong e khutshwane, lefa e le gore bongaka bo kgothaletsa gore go dirwe jalo mo nakong eo (Ka sekai: "O se ka wa ba wa entiwa gantsi ka nako e le nngwe, go kotsi thata - Ga ke kgathale gore ngaka ya gago e go raya e reng!")
- Meento ga e kgone go thibela bolwetse jo go bolelwang gore e sireletsa mo go jone. Lefa go ntse jalo, mabapi le meento ya COVID-19, ya flu, le ya malaria, ga re tlose maiphako a gore meento eo ga e kgone go thibela motho gore a se ka a tsenwa ke megare eo. (Dikai: Tlosa - Moento wa polio ga e dire sepe go thibela gore o se ka wa tsenwa ke bolwetse joo".; Tlosa – “Tota meeto ga e dire sepe go go thibela gore o se ka wa tsenwa ke malwetse”; Letlelela – “Moento ga o thibela gore o se ka wa tsenwa ke COVID-19, ke sone se o santseng o tlhoka gore o emele kgakajana le batho le go rwala mmaseke fa o le gareng ga batho ba bangwe.”)
- Go tsenwa ke mmokwane ga go ka ke ga go bolaya (go tlhoka tshedimosetso e nngwe le/kgotsa tlhaloso) (Ka sekai: "O se ka wa tshwenyega ka gore a o tsenwa ke mmokwane, ga o kake wa go bolaya.")
- Vitamin C e kgona go alafa jaaka meento ya go thibela malwetse a a nang le meento ya one.
- Tshedimosetso e e tsietsang ka boitekanelo ka nako ya maemo a tshoganyetso a boitekanelo jwa morafe. Re tlosa tshedimosetso e e tsietsang ka nako ya maemo a tshoganyetso a boitekanelo jwa morafe fa bathati ba boitekanelo jwa mofare ba dira tshwetso ya gore tshedimosetso eo ga se boammaaruri le gore e ka nna ya nna le seabe ka tlhamalalo mo kotsing ya go gobatsa mo mmeleng, gammogo le go nna le seabe mo kotsing ya gore batho ba nne le bolwetse jo bo gobatsang kgotsa ba bo anamise kgotsa ba gane go entiwa moento o o amanang le jone. Re lemoga maemo a tshoganyetso a boitekanelo jwa batho re dirisana le bathati ba lefatshe lotlhe le ba naga eno ba boitekanelo.
- Go rotloeletsa kgotsa go buelela dikalafi tsa dikgakgamatso tse di gobatsang tsa mathata a botsogo. Yone e akaretsa dikalafi tse tiriso e e kgothalediwang, ka tlhaloso ya tsa boitekanelo, e ka nnang ya nna le seabe ka tlhamalalo mo kotsing ya kgobatso e e masisi kgotsa loso, mme kalafi eo e se na tiriso epe e e siameng ya botsogo (ka sekai: jiki, dibolayamegare, molemo o montsho, sesepa sa sota).
III. Kgoreletso ya Sensase kgotsa Palo ya Batho
Ka boiteko jwa go rotloetsa batho go tlhopha le go ikanyega mabapi le sensase, re tlosa tshedimosetso e e tsietsang e e ka nnang ya nna le seabe ka tlhamalalo mabapi le kotsi ya go kgoreletsa batho gore ba se ka ba kgona go tsaya karoloa karolo mo ditiro tseno. Seno se akaretsa tse di latelang:
- Tshedimosetso e e tsietsang kaga matlha, mafelo, dinako, le mefuta ya go tlhopha, go ikwadisa ga batlhophi, kgotsa go tsaya karolo mo palong ya batho.
- Tshedimosetso e e tsietsang mabapi le gore ke bomang ba ba ka tlhophang, go tshwanelegela go tlhopha, gore a tlhopho e tla balwa, le gore ke tshedimosetso efe kgotsa matheriale o re o nayang mabapi le go tlhopha.
- Tshedimosetso e e tsietsang mabapi le gore a moemeladitlhopho o mo maemong ao kgotsa ga go a nna jalo.
- Tshedimosetso e e tsietsang mabapi le gore ke bomang ba ba ka tsayang karolo mo palong ya batho le gore ke tshedimosetso efe kgotsa matheriale ofe e e tshwanetseng go newa gore motho a tseye karolo.
- Tshedimosetso e e tsietsang ka go nna le seabe ga puso mo palong ya batho, gammogo le, fa go tshwanetseng, gore tshedimosetso ya motho mabapi le palo ya batho e tlile go abelanwa le kemedi e nngwe ya puso (e e seng ya palobatho).
- Dipolelo tse di seng boammaaruri le tse di sa tlhomamisiwang tsa gore Information and Customs Enforcement (ICE) ya Amerika ke lefelo le go tlhophiwang kwa go lone.
- Dipolelo tse di seng boammaaruri gotlhelele tsa gore batho ba tlile go tsenwa ke COVID-19 (kgotsa bolwetse jo bongwe jo bo tshelanwang) fa ba tsaya karolo mo tirong ya go tlhopha.
- Dipolelo tse di seng boammaaruri ka maemo a mo nakong eno a kwa lefelong la Amerika la go tlhopha tse di ka dirang gore batho ba seka ba kgona go tlhopha, jaaka go tlhomamisitswe ke bolaodi jwa ditlhopho.
Re na le dipholisi tse dingwe tse boikaelelo ka tsone e leng go sireletsa dipiletso tsa tirisodikgoka, go rotloeletsa go tsaya karolo mo e seng ga semolao, le dipiletso tsa go tshwaraganela go kgoreletsa ditlhopho, tse di tlhalositswang mo dikarolong tse dingwe tsa Melawana ya Badirisimmogo.
Mabapi le tshedimosetso e e latelang, re tsenya le leibole e e nayang tshedimosetso:
Mmedia o o Fetotsweng
Ditshwantsho tsa papatso di ka baakanngwa ka ditsela tse di farologaneng. Gantsi, diphetolo tseno ga di kotsi, tse di tshwanang le gore mafoko a a kwadilweng a ngotliwe kgotsa a khutshwafadiwe gore go tsenngwe ditshwantsho kgotsa mmino. Mo mabakeng mangwe, go fetolwa ga go bonale thata mme go ka nna ga tsietsa.
- Tshedimosetso e e Dirilweng mo Inthaneteng kgotsa e e Fetotsweng e e ka Nnang ya Tsietsa Mabapi le tshedimosetso e e sa thulaneng le Melawana ya Badirisimmogo ka tsela nngwe, re baya leibole e e nayang tshedimosetso fa pele ga tshedimosetso – kgotsa ga re amogele tshedimosetso e e rometsweng e le papatso – fa e le gore tshedimosetso eo ke setshwantsho kgotsa bidio e e keteng ke motho wa mmatota, kgotsa kgatisolentswe e e utlwalang e le ya mmatota, e e dirilweng kgotsa e fetotswe ka inthanete mme e baka kotsi e kgolo thata ya dikgatiso tse di tsietsang batho botlhe mabapi le kgang e e leng botlhokwa mo bathong.
Ditiriso tsa modirisi
Bona dikai dingwe tsa kafa go tsenngwa tirisong ga molao go lebegang ka teng mo bathong ba ba mo Facebook, jaaka: go ntse jang go bega ka sengwe se o sa akanyeng gore se tshwanetse go nna mo Facebook, go bolelelwa gore o tlotse Melawana ya rona ya Badirisimmogo le go bona sekirine se se go tlhagisang mo dilong dingwe.
Ela tlhoko: Re a tokafala ka metlha, ka jalo se o se bonang fano se ka tswa e le sa bogologolo go se kae fa se bapisiwa le se re se dirisang ga jaana.
DITIRISO TSA MODIRISI
Go bega
MAITEMOGELO A MODIRISI
Puisano ya morago ga pego
MAITEMOGELO A MODIRISI
Maitemogelo a go tlosa
MAITEMOGELO A MODIRISI
Disekerine tsa tlhagiso
Tiragatso ya Molao
Re na le dipholisi tse di tshwanang mo lefatsheng lotlhe, tse di dirang mo go mongwe le mongwe mo Facebook.
Ditlhopha tsa basekaseki
Setlhopha sa rona sa basekaseki ba ba fetang ba le 15,000 ba mo lefatsheng lotlhe ba dira letsatsi le letsatsi go tshola batho ba ba mo Facebook ba babalesegile.
Tirisano le bannaleseabe
Bomankge ba kwa ntle, barutegi, di-NGO le batlhami ba dipholisi ba thusa go kaela tiriso ya Melawana ya Badirisimmogo ba Facebook.
Bona thuso ka tshedimosetso e e tsietsang
Ithute se o ka se dirang fa o bona sengwe mo Facebook se se thulanang le Melawana ya Badirisimmogo ya rona.
Etela Lefelo la rona la Thuso