Go Dirisa Boitlhamedi le Dilaesense Tsa Meta

Dintlha tsa pholisi

FETOLA LLOKO
Mabaka a Pholisi
Meta e dirisa dirisiwa tse di lekaneng go dira, go sireletsa, le go dirisa boitlhamedi jwa yone ka tsela e e tshwanetseng. Seno se thusa go tlhomamisa gore boitlhamedi jwa Meta ga bo dirisiwe ka tsela e e seng ya molao, re sa naya pele tetlelelo ya rona e e kwadiweng, kgotsa ka tsela e e sa tsamaisaneng le Lefelo la Ddidirisiwa tsa Letshwaokgwebla rona.
O se ka wa phouseta tshedimosetso eo:
  • Tiriso ya letshwaokgwebo:
    • E dirisa ditetlokhopi tsa Meta kgotsa matshwaokgwebo a yone ntle le tetla e e kwadilweng ya Meta kgotsa ka tsela e e thibetsweng ke Lefelo la Letshwaokgwebo la Meta.
    • E emela epe ya matshwaokgwebo a Meta ka tsela e e dirang gore e nne tsela e e tlhageletseng kgotsa e e bonalang thata ya se se tlhamilweng.
    • E fetola dithoto tsa matshwaokgwebo tsa Meta ka tsela epe fela, jaaka go fetola modiro wa tsone kgotsa mmala, kgotsa go di dirisa ka tsela nngwe e e kgethegileng kgotsa jaaka e kete ke dipopae.
  • Tlhomamiso ya letshwaokgwebo:
    • E raya tlhomamiso kgotsa go nna mphato wa mofuta le fa e le ofe le lengwe la matshwaokgwebo a Meta, kwa ntle ga tetla e e kwadilweng go sa le gale ya Meta.
    • E raya tlhomamiso kgotsa tshegetso ka epe ya matshwaokgwebo a Meta (a a jaaka Facebook, Instagram kgotsa WhatsApp), thekenoloji kgotsa porokeramo, kwa ntle ga tetla e e kwadilweng go sa le gape ya Meta.
  • E bontsha segokaganyi sa mofuta lefa e le ofe sa modirisi ka tsela e e leng gore:
    • Ga e bontshe selo ka tsela e se leng ka yone tota, ka dikarolo tsa sone kgotsa tsela e se dirang ka yone.
    • E fetola segokaganyi sa modirisi ka tsela lefa e le efe, jaaka go tsenya dilo tse di kgethegileng, go tsenya sengwe kgotsa go se dira popae.
    • Dirisa dielemente tsa segokaganyi sa modirisi kwa thoko kgotsa sengwe le sengwe
    • Ga e bontshe segokaganyi sa modirisi mo maemong a a tshwanelang sediriswa seo se se jaaka selulafouno kgotsa desekethopo.
  • E dirisa mmino kgotsa tshedimosetso e nngwe ka tsela e e tlolang ditumalano tsa laesense tsa mmino tsa Meta.
  • E eledisa tshedimosetso ya Meta le/kgotsa e laesense ya teng e leng ya go Leba mo Facebook fela kwa ntle ga go bona tumelelo e e kwadilweng.
  • E dirisa ditshwanelo tsa thoto ya boitlhamedi e e laolwang ke Meta mme go sa bonwa tetla e e kwadilweng go sa le gale.
  • E dirisa matshwao a a tshwanang kgo le a letshwaokgwebo la Meta.
Re Tlosa:
  • Diakhaonto tse nako le nako di nang le go nna di tlola pholisi eno, go akaretsa ka go tlhama diakhaonto tse disha morago ga gore di tlosiwe.
Re letla tshedimosetso e e dirisang ditshwanelo tsa boitlhamedi tse di laolwang e bile/kgotsa di neilwe laesense ke Meta ka tsela e e leng gore:
Ditiriso tsa modirisi
Bona dikai dingwe tsa kafa go tsenngwa tirisong ga molao go lebegang ka teng mo bathong ba ba mo Facebook, jaaka: go ntse jang go bega ka sengwe se o sa akanyeng gore se tshwanetse go nna mo Facebook, go bolelelwa gore o tlotse Melawana ya rona ya Badirisimmogo le go bona sekirine se se go tlhagisang mo dilong dingwe.
Ela tlhoko: Re a tokafala ka metlha, ka jalo se o se bonang fano se ka tswa e le sa bogologolo go se kae fa se bapisiwa le se re se dirisang ga jaana.
DITIRISO TSA MODIRISI
Go bega
MAITEMOGELO A MODIRISI
Puisano ya morago ga pego
MAITEMOGELO A MODIRISI
Maitemogelo a go tlosa
MAITEMOGELO A MODIRISI
Disekerine tsa tlhagiso
Tiragatso ya Molao
Re na le dipholisi tse di tshwanang mo lefatsheng lotlhe, tse di dirang mo go mongwe le mongwe mo Facebook.
Ditlhopha tsa basekaseki
Setlhopha sa rona sa basekaseki ba ba fetang ba le 15,000 ba mo lefatsheng lotlhe ba dira letsatsi le letsatsi go tshola batho ba ba mo Facebook ba babalesegile.
Tirisano le bannaleseabe
Bomankge ba kwa ntle, barutegi, di-NGO le batlhami ba dipholisi ba thusa go kaela tiriso ya Melawana ya Badirisimmogo ba Facebook.
Batla thuso o diirsa boitlhamedi jwa Meta le dilaesense
Ithute se o ka se dirang fa o bona sengwe mo Facebook se se thulanang le Melawana ya Badirisimmogo ya rona.
Etela Lefelo la rona la Thuso