Go Dira Segopotso

Dintlha tsa pholisi

FETOLA LLOKO
Mabaka a Pholisi
Fa mongwe a tlhokafala, ditsala le balelapa ba ka kopa gore re dire diakhaonto tsa bone tsa moswi. Fa di se na go dirwa tsa moswi, mafoko a "Re Gopola" a bonala fa godimo ga leina le le mo porofaeleng ya motho gore akhaonto eo jaanong e nne lefelo la segopotso. Diakhaonto tse di dirilweng segopotso di thusa go dira lefelo la go gopola baratiwa ba ba tlhokafetseng le go sireletsa gore go se ka ga lekwa go tsena mo go yone le go dira ditiro tsa bonweenwee. Go tlotla ditlhopho tse mongwe o di dirileng fa a sa ntse a tshela, boikaelelo jwa ron ake go dira ka thata go somarela akhaonto ya gagwe fa a se na go tlhokafala.
Mo Facebook, re dirile gore go kgonege gore batho ba tlhophe motlhokomela boswa yo o tshwanetseng go tlhokomela akhaonto ya bone fa ba se na go tlhokafala. Go tshegetsa ba ba tlhokafaletsweng, mo mabakeng mangwe, re ka nna ra tlosa kgotsa re ka fetola tshedimosetso e e rileng fa motlhokomelaboswa kgotsa balelapa ba kopa gore go dirwe jalo.
Dikopo tsa akhaonto e e dirilweng ya moswi ya Facebook kgotsa ya Instagram e e leng ya badirisi ba ba tlhokafetseng di ka dirwa ka tshedimosetso ya botlhokwa mo maemong ao ka:
  • Ditsala tsa Facebook
  • Balatedi ba Instagram
  • Maloko a balelapa ba ba nang le ditokumente tse di siameng
Malebana le ba ba bolailweng le ba ba ipolaileng re tla ntsha tshedimosetso e e latelang e e mo Facebook le Instagram fa e bonalang mo senepeng sa porofaele ya moswi, senepe sa khabara, kgotsa mo tlhatlhamanong ya diphousete tsa bosheng fa di kopiwa ke leloko la balelapa la moswi. Re ka nna ra ntsha tshedimosetso eno mo Facebook fa e kopiwa ke motlhokomela boswa wa Facebook:
  • Tshedimosetso e e amanang le loso lwa moswi
  • Go boka kgotsa go ema nokeng loso, bolwetsi, kgotsa kgobatso ya moswi.
  • Setshwantsho se se bonwang ka matlho sa selo se se dirisitsweng go bolaya moswi.
  • Ditshwantsho tsa motho yo o bonweng molato kgotsa yo o latofadiwang ka go bolaya moswi.
  • Seemo sa tsalano kgotsa seemo sa botsala jwa yo o tshwaretsweng kgotsa yo o latofadiwang ka polao ya moswi
Mabapi le Melawana ya Badirisimmogo e e latelang, re batla tshedimosetso e nngwe gape le/kgotsa tshedimosetso ya go dira diphetogo tse di latelang fa e kopiwa ke moemedi yo o neilweng dithata wa moswi mme mo Facebook fela, ke motlhokomela boswa:
  • Tlosa ditshwaelo tse di tlolang molao mo porofaeleng ya kgopolo ya moswi, tse ka tlwaelo di ka tlhokang go begwa ke motho ka boene gore re itse gore ga di batliwe.
  • Fetola diseting tsa polokodiphiri tsa motho yo o tlhokafetseng gore di se ke tsa nna tsa batho botlhe mme e nne tsa ditsala-fela fa go na le tshedimosetso e e kotsi mo porofaeleng.
  • Fetola leina mo porofaeleng fa e le gore e tlola Melawana ya Badirisimmogo, go ya ka pholisi ya Leina la Boammaaruri.
  • Tsenya ditsala kgotsa balatedi mo porofaeleng fa e le gore ba ne ba tlosiwa fa moswi a se na go tlhokafala
Ditiriso tsa modirisi
Bona dikai dingwe tsa kafa go tsenngwa tirisong ga molao go lebegang ka teng mo bathong ba ba mo Facebook, jaaka: go ntse jang go bega ka sengwe se o sa akanyeng gore se tshwanetse go nna mo Facebook, go bolelelwa gore o tlotse Melawana ya rona ya Badirisimmogo le go bona sekirine se se go tlhagisang mo dilong dingwe.
Ela tlhoko: Re a tokafala ka metlha, ka jalo se o se bonang fano se ka tswa e le sa bogologolo go se kae fa se bapisiwa le se re se dirisang ga jaana.
DITIRISO TSA MODIRISI
Go bega
MAITEMOGELO A MODIRISI
Puisano ya morago ga pego
MAITEMOGELO A MODIRISI
Maitemogelo a go tlosa
MAITEMOGELO A MODIRISI
Disekerine tsa tlhagiso
Tiragatso ya Molao
Re na le dipholisi tse di tshwanang mo lefatsheng lotlhe, tse di dirang mo go mongwe le mongwe mo Facebook.
Ditlhopha tsa basekaseki
Setlhopha sa rona sa basekaseki ba ba fetang ba le 15,000 ba mo lefatsheng lotlhe ba dira letsatsi le letsatsi go tshola batho ba ba mo Facebook ba babalesegile.
Tirisano le bannaleseabe
Bomankge ba kwa ntle, barutegi, di-NGO le batlhami ba dipholisi ba thusa go kaela tiriso ya Melawana ya Badirisimmogo ba Facebook.
Bona thuso ka go dira segopotso
Ithute se o ka se dirang fa o bona sengwe mo Facebook se se thulanang le Melawana ya Badirisimmogo ya rona.
Etela Lefelo la rona la Thuso