Tlolomolao ya Boitlhamedi jwa Khamphane e Nngwe

Dintlha tsa pholisi

FETOLA LLOKO
Mabaka a Pholisi
Meta e tsaya ditshwanelo tsa boitlhamedi masisi mme e iketleeleditse go sireletsa ditshwanelo tseno fa e rotloeletsa go kgona go bua, boitlhamedi, le tshimololo ya dilo mo seemong se se thailweng mo go tshepheng badirisimmogo.
Ka lebaka leno, re diragatsa pholisi ya go sa phousete tshedimosetso e e thulanang le ditshwanelo tsa boitlhamedi tsa mongwe, gammogo le tetlokhopi, letshwaokgwebo, kgotsa ditshwanelo tse dingwe tsa semolao. Re phasalatsa tshedimosetso ka dipego tsa boitlhamedi tse re di amogelang Pego ya go sa Fitlhe Sepe mo Boitlhameding.
Go bega tshedimosetso e o akanyang gore e ka nna ya thulana le ditshwanelo tsa gago tsa boitlhamedi, tsweetswee tsena mo webosaeteng ya rona ya Lefelo la go Bega Boitlhamedi, tsena mo tsebeng ya webosaete ya rona ya tsebe ya Tshireletso ya Kgwebo, kgotsa akanyetsa go dira kopo ya go kgona go tsena mo go Tshireletso ya Ditshwanelo tsa Matshwaokgwebo.
Ka nako ya go amogela pegelo go tswa mo go mong wa ditshwanelo kgotsa moemedi yo o letleletsweng, re tla tlosa kgotsa go kganela tshedimosetso e e nang le seabe mo:
  • Go tlola molawana wa tetlokhopi.
  • Go tlola molawana wa Letshwaokgwebo.
  • Thekiso kgotsa go rotloediwa ga dilo tse eseng tsa boammaaruri
  • Go amana le (ma)letshwaokgwebo le le seng la boammaaruri
  • Tlolomolao epe e nngwe kgotsa go tlola molao ga ditshwanelo tsa boitlhamedi kgotsa ditshwanelo tse dingwe tsa go nna mong wa sengwe
Gape re tlosa tshedimosetso e e:
  • Nang le matshwao a a akantshang gore tshedimosetso e rekisa kgotsa e rotloeletsa dilo tse eseng tsa boammaaruri tsa letshwaokgwebo
  • E na le dilinki tse di leng mo polatefomong tsa diwebosaete tse di diretsweng gi rekisa kgotsa go rotloetsa dilo tse go belaelwang gore ga se tsa boammaaruri
  • E rekisa kgotsa go rotloeletsa dilo tse di seng tsa boammaaruri tse di tshwanang kgotsa tse di tshwanang thata le tshedimosetso e e neng e begilwe pele e le e e seng ya boammaaruri ke mong wa ditshwanelo
  • E abelanang, e rotloetsang, kgotsa e rulaganyetsang tlolomolao e e belaelwang ya tetlokhopi
Re tlosa diakhaonto tse:
  • Di dirang ditlolomolao tse di tlolang molao wa pholisi eno:
Re letlelela tshedimosetso e e reboletsweng ke mong wa ditshwanelo le go latela melaometheo e e tlhomilweng ya tiriso e e siameng
Ditiriso tsa modirisi
Bona dikai dingwe tsa kafa go tsenngwa tirisong ga molao go lebegang ka teng mo bathong ba ba mo Facebook, jaaka: go ntse jang go bega ka sengwe se o sa akanyeng gore se tshwanetse go nna mo Facebook, go bolelelwa gore o tlotse Melawana ya rona ya Badirisimmogo le go bona sekirine se se go tlhagisang mo dilong dingwe.
Ela tlhoko: Re a tokafala ka metlha, ka jalo se o se bonang fano se ka tswa e le sa bogologolo go se kae fa se bapisiwa le se re se dirisang ga jaana.
DITIRISO TSA MODIRISI
Go bega
MAITEMOGELO A MODIRISI
Puisano ya morago ga pego
MAITEMOGELO A MODIRISI
Maitemogelo a go tlosa
MAITEMOGELO A MODIRISI
Disekerine tsa tlhagiso
Tiragatso ya Molao
Re na le dipholisi tse di tshwanang mo lefatsheng lotlhe, tse di dirang mo go mongwe le mongwe mo Facebook.
Ditlhopha tsa basekaseki
Setlhopha sa rona sa basekaseki ba ba fetang ba le 15,000 ba mo lefatsheng lotlhe ba dira letsatsi le letsatsi go tshola batho ba ba mo Facebook ba babalesegile.
Tirisano le bannaleseabe
Bomankge ba kwa ntle, barutegi, di-NGO le batlhami ba dipholisi ba thusa go kaela tiriso ya Melawana ya Badirisimmogo ba Facebook.
Bona thuso malebana le Go Tlolwa ga Molao Malebana le Thoto ya Boitlhamedi ya Setlamo se Sele
Ithute se o ka se dirang fa o bona sengwe mo Facebook se se thulanang le Melawana ya Badirisimmogo ya rona.
Etela Lefelo la rona la Thuso