Ka boiteko jwa go kgoreletsa kgobatso, re tlosa mafoko a a kwadilweng a a dirang gore go nne bonolo kgotsa a a rulaganyang go sotlakwa ga batho, gammogo le thekiso ya batho. Re tlhalosa thekiso ya batho e le kgwebo ya go rontsha mongwe kgololesego go dira porofiti ka ene. Ke tshotlako ya batho go ba gapeletsa go tsaya karolo mo thobalong e e rekisiwang, tiro, kgotsa ditirwana tse dingwe ntle le thato ya bone. E ikaegile ka tsietso, pateletso, le tlhotlheletso, mme e nyenyefatsa batho ka go ba itsa kgololesego ya bone fa ba tsweletse go sologelwa molemo wa kamogelo ya madi kgotsa dithoto.
Go rekisiwa ga batho ke ga mefutafuta gape go dirwa mo lefatsheng lotlhe; go ka ama mongwe le mongwe go sa kgathalesege dingwaga tsa gagwe, lemorago la loago le ikonomi, lotso, bong kgotsa lefelo. Go ka mefuta e e farologaneng, mme seemo sepe fela sa thekiso se ka nna sa ama maemo a a farologaneng a tlhabologo. Ka ntlha ya mofuta wa tlhotlheletso ya tshotlako eno, basotliwa ga ba kgone go naya tumelelo ya bone.
Lefa re tshwanetse go nna kelotlhoko gore re se ka ra kopanya thekiso ya batho le go ba utswela kwa lefatsheng le sele, di ka nna tsa tsamaelana, mme gape di ka direga ka bobedi ka nako e le nngwe. Ditšhaba tse di Kopaneng di tlhalosa go utswelwa ga batho kwa lefatsheng le lengwe jaaka tumalano ya thekiso kgotsa go rulaganyetsa go tsena e se kafa molaong mo nageng e nngwe e e ka kwa ga melelwane ya naga. Ntle le go tshwanelwa ke go tlhotlhelediwa kgotsa go patelediwa, go ka nna ga felela ka go sotlakwa ga batho ba ba sotlegang ba ba lekang go tswa mo lefatsheng le ba nnang mo go lone, gantsi e le go batla botshelo jo bo botoka. Go utswiwa ga batho go ba isa kwa lefatsheng le lengwe ke bokebekwa jo bo dirwang mo nageng, go dirisiwa go isiwa ga bone kwa nageng e sele, mme thekiso ya batho ke bokebekwa jo bo direlwang motho, go dirisiwa tshotlako ya batho.
Mo godimo ga tshedimosetso e e nyatsang kgotsa e e dirang gore go itsiwe, kgotsa go bega dikgang ka go rekisiwa ga batho kgotsa go utswiwa ga bone ba isiwa kwa dinageng tse dingwe, re letla tshedimosetso e e kopang kgotsa e e abelanang tshedimosetso ka pabalesego ya batho le go tlodisiwa ga bone melelwane, go kopa ga bone thuso mo dinageng tse dingwe kgotsa go tswa mo nageng.
O se ke wa phouseta:
Tshedimosetso, tiro e e dirwang kgotsa ditirisano tse di batlelang batho, tse di thusang kgotsa tse di dirisang tshotlako ya batho ka epe ya dipopego tse di latelang tsa thekiso ya batho:
Go rekisetsa batho thobalano (thobalano epe e e rekisiwang e e dirwang le ngwana yo o iseng a fitlhelele dingwaga tsa bogolo kgotsa thobalano epe e e rekisiwang e e dirwang le mogolo mme e na le pateletso, tsietso kgotsa kgapeletso.
Go rekisiwa ga bana kgotsa go ba godisa e seng ka molao.
Go rekisiwa ga dikhutsana le go jesiwa nala gore ba dire mo ditirong tsa boithaopo tsa thusomorafe
Manyalo a a pateleditsweng (go akaretsa le a bana)
Tshotlako ya go berekisiwa (go akaretsa go berekisiwa jaaka tsela ya go duela sekoloto)
Go dirwa motlhanka yo o dirang ditiro tsa fa gae
Go rekisiwa ga dirwe tse di sa goleng gape morago ga go senyega, go sa akaretse go tlosiwa ga serwe, kabo ya serwe, kgotsa jalelelo ya serwe mo maemong a a sa sotlakakeng a kabo ya dirwe
Pateletso ya go dira bosenyi (sk. go patelediwa go kopa, go patelediwa go rekisa diritibatsi)
Go hiriwa ga masole a bana
Tshedimosetso e motho yo mongwe wa modiragatsi a ithaopelang, a rulaganyetsang kgotsa a solegelwang molemo ke (ka madi kgotsa ka tsela nngwe fela) tiro ya kgwebo ya thobalano
Tshedimosetso e e solofetsang go naya kgotsa go rulaganyetsa go utswela batho kwa lefatsheng le sele
Tshedimosetso e e botsang ka ditirelo tsa go utswiwa ga batho
Re letlelela diteng tse ka tsela nngwe di akareditsweng mo pholising eno fa di phousetiwa mo maemong a go kgala, a thuto, a temoso, kgotsa a bobegakgang.
Tase ga dipholisi tsa Tshotlako ya Batho, basekaseki ba rona le mekgwatsamaiso e e itirisang le bone ba ka akanyetsa mefuta e e farologaneng ya matshwao a maitsholo go thusa go lemoga le go tsaya kgato ka diakhaonto tse di tlolang molao.
- Re ka nna ra tlosa diakhaonto go ikaegile ka ditirisano tsa tsone le diakhaonto tse dingwe tse di tlolang molao, dipatlo kgotsa ditirisano le tshedimosetso e e tlolang molao, kgotsa maloko mo badirisimmogong (ka sekai, Ditlhopha) a re a tlositseng ka ntlha ya go tlola dipholisi tsa rona.
Malebana le Melao ya Badirisimmogo e e latelang, re batla tshedimosetso e nngwe gape le/kgotsa tlhaloso e nngwe gape go diragatsa: