Boitshwaro jwa Letlhoo

Dintlha tsa pholisi

FETOLA LLOKO
Mabaka a Pholisi
Re dumela gore batho ba dirisa mantswe a bone le go golagana ba gololesegile fa ba sa ikutlwe ba tlhaselwa mabapi le gore ke bomang. Ke sone se re sa letleleleng maitsholo a a supang letlhoo mo Facebook, Instagram, kgotsa Threads.
Re tlhalosa maitsholo a a supang letlhoo e le go tlhasela batho ka tlhamalalo — e seng megopolo kgotsa ditheo — mabapi le se re se bitsang dipharologantsho tse di sireleditsweng (di-PC): mmala, morafe, lotso la bosetshaba, bogole, kamano ya sedumedi, maemo a loago, gore motho o itlhophela go ratana le go robalana le ba bong bofe, thobalano, gore motho o itshupa e le wa bong bofe, le bolwetse jo bo masisi. Mo godimo ga moo, re akanyetsa dingwaga tsa motho e le mofuta wa sekao se se sireleditsweng fa go buiwa ka tsone gammogo le mofuta o mongwe wa sekao se se sireleditsweng. Gape re sireletsa batshabi, bafaladi, bafudugedi, le ba ba senkang botshabi gore ba se ke ba tlhaselwa ka tsela e e masisi thata (Maemo 1 fa tlase), le fa gone re letlelela ditshwaelo le go tshwaya diphoso ka dipholisi tsa bofaladi. Ka tsela e e tshwanang, re sireletsa batho ba ba sa sireletsegang, ba ba jaaka ba ba dirwang ke maemo a bone a tiro, fa go buiwa ka bone gammogo le batho ba ba sireleditsweng. Fa gongwe, go ya ka dipharologano tse di lemosegang mo bathong ba lefelo le le rileng, re akanyetsa mafoko kgotsa dipolelwana dingwe e le dikemisetso tse di dirisiwang gangwe le gape tsa dipharologantsho tse di sireleditsweng.
Re tlosa puo e e tlontlololang batho, ditatofatso tsa bosenabotho jo bo tseneletseng kgotsa bosenyi, le ditlhapafatso. Gape re tlosa go dirisiwa ga megopolo e e tlwaelegileng ya tshenyo le kgobatso, e re e tlhalosang e le go bapisiwa ga batho a tsela e e ba tlontlololang le go ba nyenyefatsa mo go neng go dirisiwa mo nakong e e fetileng go tlhasela, go tshosetsa, kgotsa go tlhaola ditlhopha tse di rileng, le tse gantsi di golaganngwang le tirisodikgoka e e sa dirweng mo inthaneteng. Kwa bofelong, re tlosa ditlhapafatso tse di masisi, ditlhagiso tsa lenyatso kgotsa go nyonya, go roga, le dikopo tsa go tlhaola kgotsa go aroganya fa go lebilwe batho go ya ka dipharologantsho tse di sireleditsweng. Re kgaoganya puo eno ka maemo a mabedi a bomasisi jwa one, a a tlhalosiwang fa tlase.
Re lemoga gore ka dinako tse dingwe batho ba abelana ka tshedimosetso e e akaretsang matlhapa kgotsa puo ya letlhoo ya motho mongwe o sele e le go nyatsa puo nngwe kgotsa go bega ka yone. Mo mabakeng a mangwe, puo, go akaretsa matlhapa, e ka tsela nngwe e tlolang melao ya rona e ka dirisiwa go ikaya kgotsa ka tsela e e nayang maatla. Re letlelela mofuta ono wa puo moo maikaelelo a sebui a tlhaloganyesegang sentle. Mo boikaelelo bo sa bonaleng sentle, re ka nna ra tlosa mafoko a a kwadilweng ao.
Ka dinako tse dingwe batho ba dirisa puo e e tlhaolang batho go ya ka bong jwa bone fa ba buisana ka tetlelelo ya go tsena mo mafelong mangwe a gantsi go lekanyeditsweng ba bong jo bo rileng, a a jaaka go tsena mo matlwanaboithusetsong, dikolo tse di rileng, sesole se se rileng, tiragatsomolao, kgotsa ditiro tsa borutabana, le ditlhopha tsa pholo kgotsa tsa tshegetso. Ka dinako dingwe, ba kopa gore go tlhaolwe kgotsa ba dirisa puo ya matlhapa mo maemong a dipuisano tsa ditlhogo tsa sepolitiki kgotsa sedumedi, tse di jaaka go buisana ka ditshwanelo tse di sireletsang batho ba bong jo ba itshupang ka jone bo farologaneng le jo ba tsetsweng ka jone, bofudugedi, kgotsa go ratana ga batho ba bong jo bo tshwanang. Kwa bofelong, batho ka dinako tse dingwe ba tlhapatsa bong mo maemong a fa batho ba ba neng ba ratana ba kgaogana. Dipholisi tsa rona di diretswe go letlelela mefuta eno ya puo.
O se ke wa phouseta:
Maemo 1
Tshedimosetso e e lebisitsweng mo mothong kgotsa mo setlhopheng sa batho (ntle le ditlhopha tse di tlhalositsweng e le tsa ba ba dirileng bosenyi jwa tirisodikgoka kgotsa jwa thobalano kgotsa ba ba emelang palo e e ka fa tlase ga halofo ya setlhopha) malebana le pharologantsho/dipharologantsho tse di sireleditsweng tse di umakilweng fa godimo kgotsa malebana le seemo sa bofudugedi tse di kwadilweng kgotsa tse di bonwang ka:
  • Puo e e tlontlololang batho e e dirwang ka go bapisa kgotsa go gopola ka kakaretso ka diphologolo, dilo tse di ka bakang malwetse, kgotsa mefuta e mengwe ya ditshedi tse e seng batho, go akaretsa:
    • Ditshenekegi (go akaretsa le: mafele, ditsie, mme e se tsone fela)
    • Diphologolo ka kakaretso kgotsa mefuta e e rileng ya diphologolo tse ka setso di lejwang mo megopolong ya batho e le tsa maemo a a kwa tlase (go akaretsa le, mme go sa reye gore ke tsotlhe fela: Batho ba bantsho le bokgabo kgotsa ditshedi tse di tshwanang le bokgabo; Bajuta le dipeba; Bamoselema le dikolobe; Ba-Mexico le diboko)
    • Dibakateria, dibaerase, kgotsa di-microbe
    • Boitshwaro jo e seng jwa botho (go akaretsa mme e se gone gotlhe: dilalome, bodiabolo, ditshosa)
  • Ditatofatso tsa bosenabotho jo bo masisi le bosenyi:
    • Batlhasedi ka tsa thobalano le batho ba ba kgatlhegelang go robalana le bana (go akaretsa mme e se gone gotlhe: batho ba Mamoseleme ba ba robalanang le dipodi kgotsa dikolobe)
    • Disenyi tsa tirisodikgoka (go akaretsa mme e se gone gitlhe: dirukutlhi, babolai)
  • Dikopo le ditsholofelo tsa ditshenyo le dikgobatso tse di latelang (go umakiwa matshosetsi a a masisi kgotsa a a rileng le dikopo tsa tirisodikgoka mo tlase ga pholisi ya rona ya Tirisodikgoka le Tlhotlheletso):
    • Go tsenwa ke bolwetse
    • Go itemogela matlhotlhapelo a tlholego
    • Go ikgobatsa kgotsa go ipolaya
    • Loso kwa ntle ga molatofadiwa wa polao kgotsa mokgwapolao
    • Dikotsi le dikgobalo tse dingwe tsa mmele tse di bakiwang ke molatofadiwa kgotsa ke setshedi se se gakgamatsang
  • Megopolo e e tlwaelegileng e e gobatsang e mo nakong e e fetileng e neng e golaganngwa le go tshosediwa kgotsa tirisodikgoka, e e jaaka Blackface; Go se bone molato ka polao ya kgailo; dipolelo tsa gore Bajuta ba laola ditheo tsa ditÅ¡helete, tsa dipolitiki, kgotsa tsa bobegakgang; dikumako tsa Batho ba Maemotlase (Dalits) jaaka ba ba dirang ditiro tse di sa reng sepe tsa dituelo tse di kwa tlasetlase; le go bapisa Bantsho le didiriswa tsa polase.
  • Go nyatsa mogopolo, ditiragalo kgotsa ba ba diretsweng bokebekwa jwa kilo fa go se na motho yo o bontshiwang mo setshwantshong.
  • Go kgala batho ka ntlha ya go nna le bolwetse kgotsa go itemogela bolwetse jo bo rileng.
  • Tshedimosetso e e tlhalosang kgotsa e e lebisitsweng kwa bathong ba ba rileng, e e nang le matlhapa. Matlhapa a tlhalosiwa jaaka mafoko a ka tlwaelo a dirang gore go nne le mowa wa go kgapela thoko le go tshosetsa batho ka ntlha ya pharologantsho e e sireleditsweng, gantsi ka gonne mafoko ano a amanngwa le tlhaolele ya mo nakong e e fetileng, kgatelelo, le tirisodikgoka.
Maemo 2
Tshedimosetso e e lebisitsweng go motho kgotsa setlhopha sa batho ka ntlha ya pharologantsho/dipharologantsho tsa bone tse di sireleditsweng (di kwadilwe kgotsa di bontshitswe) ka:
  • Dikopo kgotsa tshegetso ya go tlhaola kgotsa go kgapela thoko kgotsa dipolelo tsa maikaelelo a go tlhaola kgotsa go kgapela thoko, tse di tlhalosiwang jaaka:
    • Go tlhaola ka kakaretso, mo go rayang go kopa go tlhaola ka kakaretso kgotsa go kgapela thoko, mo go jaaka "Ga go letlelelwe X!"
    • Go tlhaolwa ga sepolitiki, mo go rayang go ganetsa tshwanelo ya go tsaya karolo mo dipolitiking kgotsa go ganetsana ka go isiwa kgolegelong kgotsa go ganediwa ditshwanelo tsa sepolitiki.
    • Go tlhaolwa mo go tsa ikonomi, se se rayang go thibelwa go kgona go bona tsa ikonomi tse motho o nang le tshwanelo ya tsone le go sa letlelelwe go tsaya karolo ka botlalo mo go neyeng le go batla tiro. Re letlelela tshedimosetso e e ganetsang ditekanyetso tse di dirwang ka ntlha ya bong tsa ditiro tsa sesole, tsa tiragatso ya molao, le tsa borutabana. Gape re letlelela tshedimosetso e e tshwanang malebana le go itlhophela ga motho gore o batla go ratana le batho ba bong bofe, fa tshedimosetso e le malebana le ditumelo tsa sedumedi.
    • Go tlhaolwa mo dikamanong le batho ba bangwe le mo loagong, mo go rayang dilo tse di jaaka go ganetsa motho go tsena mo mafelong a a rileng (a a bonwang ka matlho le a mo inthaneteng) le ditirelo tsa loago, ntle le go tlhaolwa ka ntlha ya bong mo mafelong a ka tlwaelo a lekanyeditsweng go tsenwa go ya ka bong, a a jaaka matlwanaboithusetso, metshameko le diliki tsa metshameko, ditlhopha tsa pholo le tshegetso, le dikolo tse di rileng.
  • Matlhapa, go akaretsa a a ka ga:
    • Boitshwaro, go akaretsa mme e se gone gotlhe, ditatofatso tsa go nna boboi, go tlhoka boikanyego, bosenyi jo bo sa tsenelelang, le go akafala ka thobalano kgotsa maitsholo a mangwe a a sa siamang a thobalano.
    • Dipharologantsho tsa tlhaloganyo, go akaretsa mme e se gone gotlhe, ditatofatso tsa go nna sematla, bokgoni jwa go akanya, le bolwetse jwa tlhaloganyo, le dipapiso tse di se nang mabaka a a utlwalang fa gare ga ditlhopha tsa PC malebana le bokgoni jo bo tlwaelegileng jwa tlhaloganyo. Re letlelela ditatofatso tsa bolwetse jwa tlhaloganyo kgotsa bogole fa bo le malebana le gore motho o itlhophela go ratana kgotsa go robalana le batho ba bong bofe, mabapi le puisano ya sepolitiki le sedumedi e e ka ga go itshupa ga motho ka bong jo bo rileng jo a sa tsalwang ka jone le go kgatlhegela ga motho go ratana le go robalana le batho ba bong jo bo tshwanang le jwa gagwe le tiriso e e tlwaelegileng e e seng masisi ya mafoko a a jaaka "makatsang".
    • Dikarolo tse dingwe, go akaretsa mme e se gone gotlhe, ditatofatso tsa go tlhoka boleng, go sa kaye sepe, maswe, leswe.
  • Go bua mafoko a a akhantshang gore motho yo go buiwang ka ene ke ene a bakang bolwetse bongwe, go akaretsa mme e se gone gotlhe, go "ntlhatsise."
  • Matlhapa a a lebagantsweng le mongwe, ntle le fa go dirwa mo maemong mangwe a go kgaogana ga batho ba ba neng ba ratana mme mafoko ao a dirisiwa go tlhalosa bong jwa motho, mo go tlhalosiwang e le:
    • Tiriso e e lebagantshitsweng ya lefoko "fuck" kgotsa mefuta e mengwe e e farologaneng ya lefoko "fuck" ka maikaelelo a go roga, a a jaaka "Fuck the [Pharologantsho e e Sireleditsweng]!"
    • Mareo kgotsa mafoko a go biletsa yo mongwe go tlhakanela dikobo le ene, kgotsa gore lo dire sengwe se se tla dirang gore lo nne le go kgomana ga dirwe tsa thobalano, marago, mantle kgotsa motlhapo, go akaretsa tseno mme e se tsone fela: anya bonna jwa me, suna marago a me, ja mantle.
Malebana le Melao ya Badirisimmogo e e latelang, re batla tshedimosetso e nngwe gape le/kgotsa tlhaloso e nngwe gape go diragatsa:
O se ke wa phouseta:
  • Mafoko a a kwadilweng a ka tlhamalalo a nayang kgotsa a bapatsang go naya dithulaganyo kgotsa ditirelo tse boikaelelo jwa tsone e leng go fetola tshekamelo ya thobalano kgotsa bong jwa motho go ya ka fa a lebegang ka teng.
  • Mafoko a a kwadilweng a go tlhasela megopolo, ditheo, dikakantsho, ditlwaelo, kgotsa ditumelo tse di amanang le mefuta ya batho ba ba sireleditsweng, ba go ka nnang ga diragala gore ba nne le seabe mo go gobatseng batho ba ba amanang le ba mofuta wa ba ba sireleditsweng bao mo mmeleng, go ba tshosetsa kgotsa go ba tlhaola. Meta e leba mefuta ya matshwao a go bona gore a go na le matshosetsi mangwe a kgobatso mo mafokong a a kwadilweng. One a akaretsa mme e se one fela a: mafoko a a kwadilweng a a ka nnang a tlhotlheletsa tirisodikgoka e e tlogang e diragala kgotsa matshosetsi; gore a go na le kgogakgogano e kgolo e e tshwanang le ya ka nako ya ditlhopha kgotsa kgotlhang e e tsweletseng; le gore a go na le ditiragalo tsa bosheng tsa tirisodikgoka ya go tlhasela setlhopha se se sireleditsweng se se rileng. Mo mabakeng mangwe, re ka nna gape ra akanyetsa gore a sebui ke motho yo o itsegeng thata kgotsa a o na le maemo a a rileng a bolaodi.
Mo mabakeng a a rileng, re tla letlelela mafoko a a kwadilweng a ka tsela nngwe a ka tswang a tlola Melao ya Badirisimmogo fa go tlhomamisiwa gore mafoko a a kwadilweng ao ke motlae. Mafoko a a kwadilweng a tla letlelelwa fela fa e le gore dikarolwana tse di tlolang molao tsa mafoko a a kwadilweng ao ke motlae kgotsa a kaya sengwe kgotsa mongwe o sele ka go mo kgoba kgotsa go mo sotla.
Ela tlhoko: fa e le gore o modirisi wa European Union, mme o bona tshedimosetso e o dumelang gore e tlola melao ya puo ya letlhoo mo nageng ya gago, o ka romela kopo ya semolao ya go e tlosa kwa Facebook kgotsa kwa Instagram.
Ditiriso tsa modirisi
Bona dikai dingwe tsa kafa go tsenngwa tirisong ga molao go lebegang ka teng mo bathong ba ba mo Facebook, jaaka: go ntse jang go bega ka sengwe se o sa akanyeng gore se tshwanetse go nna mo Facebook, go bolelelwa gore o tlotse Melawana ya rona ya Badirisimmogo le go bona sekirine se se go tlhagisang mo dilong dingwe.
Ela tlhoko: Re a tokafala ka metlha, ka jalo se o se bonang fano se ka tswa e le sa bogologolo go se kae fa se bapisiwa le se re se dirisang ga jaana.
DITIRISO TSA MODIRISI
Go bega
MAITEMOGELO A MODIRISI
Puisano ya morago ga pego
MAITEMOGELO A MODIRISI
Maitemogelo a go tlosa
MAITEMOGELO A MODIRISI
Disekerine tsa tlhagiso
Deitha
Leba Pego ya go Diragatswa ga Melao ya Badirisimmogo ya bosheng thata
Tiragatso ya Molao
Re na le dipholisi tse di tshwanang mo lefatsheng lotlhe, tse di dirang mo go mongwe le mongwe mo Facebook.
Ditlhopha tsa basekaseki
Setlhopha sa rona sa basekaseki ba ba fetang ba le 15,000 ba mo lefatsheng lotlhe ba dira letsatsi le letsatsi go tshola batho ba ba mo Facebook ba babalesegile.
Tirisano le bannaleseabe
Bomankge ba kwa ntle, barutegi, di-NGO le batlhami ba dipholisi ba thusa go kaela tiriso ya Melawana ya Badirisimmogo ba Facebook.
Bona thuso ka boitshwaro jwa kilo
Ithute se o ka se dirang fa o bona sengwe mo Facebook se se thulanang le Melawana ya Badirisimmogo ya rona.
Etela Lefelo la rona la Thuso