Bonweenwee, Disekeme, le Mekgwatiriso ya Tsietso

Dintlha tsa pholisi

FETOLA LLOKO
Mabaka a Pholisi
Re ikaelela go sireletsa badirisi le dikgwebo gore ba se ka ba tsiediwa ka madi a bone, dithoto kgotsa tshedimosetso ka ga bone. Re kgona seno ka go tlosa tshedimosetso le go lwantsha ditiro tse di dirisang ka boomo mekgwa ya tsietso – e e jaaka puo e e seng boammaaruri ya ka boomo, tshedimosetso e e utswilweng le maiphako a a feteleditsweng – go sekema kgotsa go tsietsa badirisi le dikgwebo, kgotsa go tlhotlheletsa tirisano. Se se akaretsa tshedimosetso e boikaelelo e leng go rulaganya kgotsa go rotloetsa ditiro tseo ka go dirisa ditirelo tsa rona. Re letlelela batho go lemosa le go ruta ba bangwe gammogo le go kgala ditiro tseno.
Ga re letlelele:
Tshedimosetso e e lekang go sekema kgotsa go tsietsa badirisi le/kgotsa dikgwebo ka go dirisa:
Bonweenwee jwa Dilouno le Disekeme
Mafoko a a kwadilweng a a:
  • Bapatsang dilouno tse di tlhokang gore modirisi a duele ledi la tuelelopele gore a bone louno.
  • Bapatsang dilouno tse di nang le netefaletso kgotsa seka-netefaletso ya tetlelelo, e ka nna e e kailweng sentle ka tsela e e tlhaloganyesegang kgotsa e ka nna e e ka tlhaloganngwang ka tsela e sele go ya ka maemo (tse di jaaka ditleleimi tsa go letlelela louno ntle le go kopa tshedimosetso ya ditshelete).
  • Ela tlhoko: Gape re batla matshwao a mangwe a go tlhomamisa gore a setheo se phouseta tshedimosetso e e amogelesegang, e e sa tsietseng, jaaka fa e le setheo se se tlhomamisitsweng le banka kgotsa khamphane ya ditshelete.
Bonweenwee jwa go Iteka Lesego le Disekeme
Mafoko a a kwadilweng a a:
  • Bapatsa ditirelo tsa go iteka lesego ka go dirisa madi a mmatota ("Madi a mmatota" ke ledi la lefatshe le le ka dirisiwang go reka dilwana kgotsa ditirelo mo lefatsheng la mmatota, go akaretsa le madi a naga a a tshwanang le Didolara tsa Amerika le madi a a dirisiwang mo inthaneteng a a tshwanang le Bitcoin):
    • ka tlhomamiso ya go fenya.
    • go raya kgotsa go amogela gore go dirilwe bolotsana ka diphelelo tsa motshameko.
    • go kopa batho gore ba dire gore go rulaganngwe diphelelo tsa motshameko ka bolotsana kgotsa go batla thuso kgotsa ditlhababotlhale tsa gore go ka rulaganngwa jang dipoelo tsa motshameko ka bolotsana.
Metshameko ya khasino e e tshamekelwang monate fela, e e etsisang go iteka lesego mme e se na tšhono ya go fenya madi a mmatota e wela mo tlase ga Melawana ya rona ya Badirisimmogo ya Dilwana le Ditirelo tse di Thibetsweng.
Peeletso kgotsa Tsietso ya Ditshelete le Disekeme
  • Ditshono tsa Peeletso. Mafoko a a kwadilweng a a:
    • Bapatsa ditshono tsa tsadisomadi moo go tlhomamisiwang diphelelo mo tsadisomading kgotsa moo go tlhomamisiwang gore ga di na matshosetsi.
    • Bapatsang ditshono tsa tsadisomadi moo dipoelo mo ditsadisomading kgotsa mo tuelong di ikaegileng ka bontlhabongwe kgotsa ka gotlhe mo go ngokeng ba bangwe gore ba tsaya karolo mo sekemeng.
    • Bapatsa ditsadisomadi fa shono e leng ya mokgwa wa "go huma ka bonako" le/kgotsa maiphako a gore tsadisomadi e nnye e ka fetolwa go nna madi a mantsi.
  • Go tsiediwa ka Madi/Madi-a-seatleng. Mafoko a a kwadilweng a a:
    • Bapatsa tshono ya go fetolela selekano se se rileng sa madi go nna se sentsi ka go dirisa tsietso ya madi kgotsa go raela kgotsa go loga maano a a akaretsa dikumako tse di tlhamaletseng tsa "tsietso ya madi-a-seatleng", "tsietso ya madi", kgotsa mareo a a tshwanang le ao.
Tsietso le Disekeme tsa go amogela madi a a tswang mo batsiediweng le tsa go fitlha motswedi wa madi
  • Go amogela madi a a tswang mo Batsiediweng. Mafoko a a kwadilweng a a:
    • Baapatsang kgotsa tse di kopang go amogela madi mo batsiediweng (sengwe se se dirang gore ba ba tsieditsweng ba neele madi kgotsa ba kgaoganye dipoelo go anaanya gore ba bangwe ba dirise diakhaonto tsa bone tsa banka kgotsa ba fetise madi mo boemong jwa ba bangwe).
    • Bapatsang kgotsa tse di kopang go amogela madi mo batsiediweng ka go neela tiro ya go amogela le go fetisetsa madi kwa bathong ba bangwe ka go dirisa akhaonto ya banka ya motsiediwa.
  • Go Fitlha Motswedi wa Madi a a Amogetsweng. Mafoko a a kwadilweng a a:
    • Kopang, batlang, kgotsa neelang tshono ya go nolofatsa go fitlha motswedi wa madi a a amogetsweng, e e leng maiteko a go dira gore madi a a bonweng ka tsela e e seng mo molaong a bonale a dirilwe semolao ka go fitlha motswedi wa madi ka go dirisa tatelano e e raraaneng ya dithekotuelo tsa ditshelete, go akaretsa mokgwa ope wa e e latelang:
      • Go batla phetiso ya matlole ka go dirisa SWIFT (Society for Worldwide Interbank Financial Telecommunications) kgotsa mekgwa e e tshwanang,
      • Go batla kgotsa go neela dintlha tsa mefuta ya diakhaonto tsa banka tse di leng teng go tshegetsa kamogelo kgotsa phetiso ya madi-a-seatleng.
Bonweenwee le Disekeme tsa Boitshupo jo bo Seng Boammaruri
Mafoko a a kwadilweng a a:
  • Lekang go sekema kgotsa go tsietsa badirisi ka go bua se se seng boammaaruri ka boitshupo jwa yo o phousetileng kgotsa mofuta wa kopo:
    • Tsietso le Sekeme sa Thusomorafe, e e leng dikopo tsa tsietso tsa madi kgotsa dikabelo tsa mabaka a thusomorafe mmogo le maiphako a gore kabelo e tlhokega ka potlako mme e akaretsa tshedimosetso e e jaaka diakhaonto tsa banka, moo madi a ka romelwang teng.
    • Tsietso ya go Tsosa Maikutlo a Lorato le Sekeme, e e leng maiteko a tsietso a go simolola dithatano tsa mo inthaneteng ka go batla tsalano kgotsa kamano e go se nang thobalano mo go yone le go naya tshono kgotsa go kopa madi kgotsa selekano sa one jaaka kananyo.
    • Disekeme le Tsietso ya Kgwebo e e Tlhomameng/Khamphane, e e akaretsang go umaka ka tsela e e fosagetseng gore motho o emetse, kgotsa o bua ka lentswe la, kgwebo kgotsa setheo se se simolotsweng, ka maiteko a go sekema kgotsa go tsietsa.
Tsietso le Disekeme tsa Serekisiwa kgotsa Moputso
  • Tsietso le Sekeme sa Madithuso a Puso. Mafoko a a kwadilweng a a:
    • Nayang madi ka tsela e e fosagetseng go tswa mo madithusong a puso kgotsa motswedi ope o mongwe wa puso wa tuelo ya matlole. Re akanyetsa matshwao a mefutafuta go tlhomamisa gore a setheo se phousetsa diteng tsa semolao, tse di se nang tsietso, tse di jaaka go tswa mo setheong se se rurifaditsweng.
  • Tsietso le Sekeme se se bonwang ka matlho, sa Semoya kgotsa Go tsaya ga motho gore o na le kitso e e kgethegileng ya sedumedi. Mafoko a a kwadilweng a a:
    • Nayang dimpho tse di bonwang ka matlho, tse di jaaka madi, dilwana, kgotsa ditirelo tse di nang le madi go akaretsa ledi le le dirisiwang mo inthaneteng le le bonwang ka matlho kgotsa la dijithale la botokololo kgotsa go nna karolo ya mokgatlho, kobamelo ya selo sengwe, le setlhopha sa bodumedi (sekai, bokaulwengwe jwa kitso e e kgethegileng ya bodumedi).
    • Nayang dimpho tse di bonwang ka matlho tsa go dirisa boloi kgotsa malepa kgotsa dilwana tsa malepa (sekai, malepa, selo sengwe se go dumelwang gore se tlisa lesego, karolwana ya dibenya e e rwalelwang go itshireletsa, segopotso, melemo e e kgethegileng ya maselamose, walete ya maselamose, jalo jalo.).
  • Tsietso le Disekeme tsa Inshorense. Mafoko a a kwadilweng a a:
    • Nayang inshorense e e fosagetseng, e e nang le phokoletso e ntsi ya inshorense e na le dikopo tsa tuediso ya tuelelopele (tuediso ya tsamaiso, kgotsa diphositi, kgotsa sengwe se sele).
    • Nayang inshorense e e seng boammaaruri, e e nang le phokoletso e kgolo ya inshorense go na le ditsholofetso tsa diphokoletso tse dikgolo mo inshorenseng fa go bapisiwa le diinshorense tse di tlwaelegileng (mo e ka nnang kwa tlase ka 30%).
    • Ela tlhoko: Gape re batla matshwao a mangwe a go tlhomamisa gore a khamphane e phouseta tshedimosetso e e kafa molaong, e e seng ya tsietso, e e tshwanang le setheo se se rurifaditsweng le banka kgotsa khamphane ya ya ditshelete.
  • Tsietso le Disekeme tsa Ditiro. Mafoko a a kwadilweng a a:
    • Nayang ditiro tse di nang le tlhaloso e e sa phepafalang kgotsa e e lolea ya tiro le ditshono tsa go huma ka bonako tse di solofetsang madi ka tsadisomadi kgotsa maiteko ka nako e nnyane.
    • Nayang ditiro go se na tshedimosetso ya tiro, go buiwa fela ka diphatlhatiro.
    • Nayang tshono ya go direla fa gae mme tlhaloso ya tiro e kaya gore modiri a ka se direle kwa gae.
    • Nayang ditiro ka ditsholofetso tsa kwa pele tsa tuelo.
    • Nayang ditiro tse di netefaditsweng.
    • Nayang ditiro tse go batliwang tuelelopele pele ga tiro e neelwa.
    • Ela tlhoko: Gape re batla matshwao a mangwe a go tlhomamisa gore a setheo se phouseta diteng tsa semolao, tse di seng tsa bonweenwee, tse di tshwanjang lefa e le kemedi e e sa tlhomamisiwang
  • Tsietso le Sekeme sa Phokoletso ya Sekoloto le Paakanyo ya Kerediti. Mafoko a a kwadilweng a a:
    • Solofetsang go phimola kgotsa go tlosa kgotsa go fokotsa sekoloto ka selekano se se rileng mo pakeng e e beilweng.
    • Solofetsang go emisa kgotsa go phimola dituelo tsotlhe tsa sekoloto kgotsa ditshekiso.
    • Solofetsang go phimola kgotsa go khansela sekoloto ka go dirisa "thulagano e ntÅ¡ha ya puso" kgotsa phetogo mo molaong kgotsa polelo e e tshwanang le eo.
    • Solofetsang go phimola kgotsa go tlosa tshedimosetso ya kerediti mo dipegelong tsa kerediti kgotsa go tlhama "boitshupo jwa kerediti" jo bosha.
    • Ela tlhoko: Gape re batla matshwao a mangwe a go tlhomamisa gore a setheo se phouseta diteng tse di kafa molaong, tse di sa tsietseng, tse di jaaka fa e le setheo se se rurifaditsweng le banka kgotsa khamphane ya ditshelete
  • Tsietso le Sekeme sa Dimpho tsa Mahala. Mafoko a a kwadilweng a a:
    • Nayang mpho e e netefaditsweng ya madi a mmatota ka thefosanyo ya gore badirisi ba tshwanetse go:
      • Ikwadisa mo linking e e seng mo saeteng.
      • Abelana ka Tshedimosetso e e Supang gore Motho ke Mang (PII) kgotsa Tshedimosetso e Nngwe Kaga Motho.
      • Ikgolaganya le rona o se mo polatefomong kgotsa o le mo polatefomong o dirisa melaetsa ya poraefete.
      • Se tseye kgato.
  • Tsietso le Sekeme sa Ledi la Tuelelopele. Mafoko a a kwadilweng a a:
    • Solofetsang madi ka tsela e e seng boammaaruri go na le tuelo ya tuediso ya tuelelopele/wire transfer.
Tsietso le Disekeme tsa Ditokomane tse di Seng Boammaaruri
  • Ditokomane tse Eseng tsa Boammaaruri Kgotsa Tse di Dirilweng ka Boferefere. Mafoko a a kwadilweng a a:
    • Nayang go kopa, tlhamo, thekiso, theko kgotsa kgwebo ya ditokomane tse di seng boammaaruri kgotsa tse di dirilweng ka boferefere.
    • Nayang theko ya di-visa kgotsa dikarata tsa mmala o motala.
    • Tlhomamisang thebolo ya visa kgotsa karata ya mmala o motala.
    • Dirang gore badirisi ba kgone go bona dithebolo tsa visa kwa ntle ga go fitlhelela ditlhoko tse di tlwaelegileng.
  • Ledi la Tsietso kgotsa la Maitirelo. Mafoko a a kwadilweng a a:
    • Neelang tshono ya theko, thekiso kgotsa kgwebo ya ledi la tsietso kgotsa le le itiretsweng ka botsotsi, ntle le ledi la motshameko wa boto (ka sekai, madi a Monopoly) fa go na le maemo a a tlhaloganyesegang a gore ke ka mabaka a motshameko wa boto fela.
  • DibaotÅ¡hara tsa Tsietso kgotsa Tse di Itiretsweng ka Boferefere. Mafoko a a kwadilweng a a:
    • Nayang tshono ya kabelano, thekiso, theko kgotsa kgwebo ya dibaotÅ¡hara tsa tsietso kgotsa tse di itiretsweng ka boferefere.
    • Amogelang, bapatsang, kgotsa tse di batlang tiriso ya dikhupone tse di bonwang ka matlho kgotsa tsa dijithale go fitlhelela peotlhotlhwa e e sa tlwaelegang ka go:
      • go dirisa dikhupone kgotsa dibaotÅ¡hara go reka dilwana tse dikhupone tseo kgotsa dibaotÅ¡hara tseo di sa direlwang go di reka; kgotsa
      • ka go dirisa dikhupone kgotsa dibaotÅ¡hara tse di feletsweng ke nako.
  • Disetifikeiti le disetifikeiti tsa porofeshenale tsa tsietso kgotsa tse di itiretsweng ka boferefere. Mafoko a a kwadilweng a a:
    • Naya tshono ya thekiso, theko kgotsa kgwebo ya disetifikeiti tsa tsietso kgotsa tse di itiretsweng ka boferefere tsa thuto le tsa porofeshenale.
Tsietso le Sekeme sa Tshedimosetso , Dilwana kgotsa Ditirelo tse di Utswilweng
  • Tsietso kgotsa Sekeme sa Thebolo ya Dikarata. Mafoko a a kwadilweng a a:
    • Akaretsang go reka, go rekisa kgotsa go gweba ka dikarata tse di utswilweng tsa kerediti kgotsa didiriswa tse dingwe tsa ditshelete tse di ka dirisetswang ditheko tse di sa letlelelwang (e gape e bidiwang "thebolo ya dikarata").
  • Tsietso le Sekeme sa PII. Mafoko a a kwadilweng a a:
    • Nayang tshono ya go reka, go rekisa kgotsa go gweba ka Tshedimosetso e e Supang Motho gore ke Mang (PII) kgotsa Tshedimosetso e Nngwe ya Sebele ntle le fa e le ya moanelwa wa maitirelo.
  • Tsietso le Sekema sa Tshekatsheko ya Tsietso. Mafoko a a kwadilweng a a:
    • Kopang go reka, go rekisa kgotsa go gweba ka ditshekatsheko kgotsa neomatshwao ya serekisiwa.
    • Rotloetsang badirisi ka tlhamalalo kgotsa e seng ka tlhamalalo go neela ditshekatsheko ka thefosanyo ya diphokoletso, dipusetsomadi kgotsa dilwana tsa mahala.
  • Tsietso le Sekeme sa Ikwadisetso. Mafoko a a kwadilweng a a:
    • Nayang go reka, go rekisa kgotsa go gweba ka dintlha tsa ditirelo tsa ikwadisetso (dintlha tsa go tsena mo ditirelong tsa mo inthaneteng tse di tlhokang tuelo ya gangwe le gape ka dinako tsa gangwe le gape) ka go umaka tirelo e e duelwang ya mo inthaneteng, e ka nna ka go bitsa leina la yone kgotsa ka go abelana ka letshwaokgwebo ya yone.
    • Ela tlhoko: Gape re batla matshwao a mangwe a go tlhomamisa gore a setheo se phouseta tshedimosetso e e amogelesegang, e e sa tsietseng, jaaka fa e le setheo se se tlhomamisitsweng le banka kgotsa khamphane ya ditshelete.
  • Tsietso le Sekeme sa Go Tsietsa. Mafoko a a kwadilweng a a:
    • Akaretsang go abelana, go rekisa, go gweba, kgotsa go reka:
      • dipampiri tsa tlhatlhobo tsa mo isagong kgotsa dipampiri tsa dikarabo.
      • Direkisiwa kgotsa ditirelo tse di dirang gore go nne le kgonego ya go tsietsa mo ditlhatlhobong.
      • Direkisiwa kgotsa ditirelo tse di dirang gore go nne le kgonego ya go falola diteko tsa diritibatsi ka mokgwa o o sa letlelelweng
Tsietso le Sekeme sa Tiriso e e sa Letlelelwang ya Didiriswa
  • Tsietso le Sekeme sa Phetolo ya Sediriswa ka Matlhajana. Tshedimosetso e e
    • Kopang go reka, go rekisa, go gweba kgotsa go abelana didiriswa dipe tse di fetotsweng ka matlhajana, tse di fetotsweng, kgotsa tsa tekanyo ya tsietso.
    • Amogela, bapatsa kgotsa batla tiriso ya phetolo e e bonwang ka matlho ya didiriswa go fitlhelela peotlhotlhwa e e seng ya boammaaruri.
  • Tsietso le Sekeme tsa Diteng tsa Dijithale. Tshedimosetso e e
    • Nayang kgotsa kopang direkisiwa tse di nolofatsang kgotsa tse di rotloetsang phitlhelelo ya diteng tsa dijithale ka tsela e e sa letlelesegeng. Tsone di akaretsa mme ga di a lekanyediwa go: digokanyi tse di okeditsweng tsa TV, digokaganyi tse di tsentsweng tse di feletseng/KODI le ditirelo tsa KODI.
Ditiro tsa Tsietso le e e Seng Boammaaruri
  • Ditiro tse di Seng Boammaaruri tsa Bopitekanelo. Tshedimosetso e e
    • Bapatsang maiphako kgotsa ditlhomamiso tse eseng boammaaruri kgotsa tse di tsietsang mo maemong a go fokotsa boima jwa mmele ka go dirisa matlhajana a go tobetsa linki e e rileng e e kwa ntle ga webosaete, jaaka tiriso ya puo e e gapang maikutlo e e dirang maiphako a a feteleditsweng kgotsa a a fetang selekano
Mabapi le tshedimosetso e e latelang, re dumelela gore tshedimosetso eno e kgone go bonwa fela ke bagolo fela, ba dingwaga tse 18 le tse di kwa godimo:
Tshedimosetso e e
  • Solofetsang dipholo tse di rileng tsa go fokotsa boima jwa mmele mo nakong e e rleng go se na puo e e tshwanedisang seo kgotsa ya boikgololo.
Lemororo go kailwe jalo fa godimo, ga re kganele tshedimosetso e e nyatsang, e e lemosang kgotsa e e rutang ba bangwe ka ga tsietso le disekeme, ntle le go senola tshedimosetso e e sisimosang kgotsa go rotloetsa tsietso kgotsa disekeme
Malebana le Melao ya Badirisimmogo e e latelang, re batla tshedimosetso e nngwe gape le/kgotsa tlhaloso e nngwe gape go diragatsa:
  • Re ka nna ra tlosa diteng tse di:
    • Akaretsang tsietso/sekeme se se begilweng ke setheo se se ikanyegang.
    • Amanang le go ntsha pipamolomo kgotsa go utswela setlamo
    • Nayang meento ka maiteko a go sekema kgotsa go tsietsa badirisi.
    • Lekang go itira motho o sele ka tsietso, go itirisa go nna motho yo o tumileng, kgotsa go dirisa mo go seng mo molaong setshwantsho sa motho yo o tumileng ka maiteko a go sekema kgotsa go tsietsa.
    • Nayang kgotsa kopang direkisiwa kgotsa ditirelo tse di diretsweng go nolofatsa tebo kgotsa kgatisolentswe ya sephiri ya batho ka nosi, sk. dikhemera tsa botlhodi, ditatediso mo selefounung (go akaretsa tse di letlelang go latedisa dinomoro tse di sa itsiweng tsa mogala), kgotsa ditlamelo tse dingwe tse di fitlhilweng tsa go baya sengwe leitlho ka bogaufi.
    • Nayang ditshono tsa bogaisani tsa go bitsa batho gore ba tseye karolo mo dikgetsing tsa semolao mo boemong jwa setlhopha sa batho ka go itirisa jaaka setheo sa puso kgotsa lefelo la dikgang, ka go dirisa puo e e tsosang maikutlo, kgotsa ka go dirisa dikumako tse di feteleditsweng.
    • Nayang ditirelo tsa ikwadisetso tse di rotloetsang badirisi go tsenya Tshedimosetso ya Kaga Motho.
    • Ga re letlelele ditheo go tsaya karolo kgotsa go iphaka go nna le seabe mo ditirong tsa Bogotswana kgotsa Sekeme se se rulagantshweng, go akaretsa tiriso ya diakhaonto tse dintsi tsa ditirelo tsa rona gammogo le go dira ditiro tsa tsietso.
Mo mabakeng a a rileng, re letlelela tshedimosetso e ka tsela nngwe e tlolang Melao ya Badirisimmogo fa go tlhomamisiwa gore tshedimosetso eo ke ya metlae. Mafoko a a kwadilweng a tla letlelelwa fela fa e le gore dikarolwana tse di tlolang molao tsa mafoko a a kwadilweng ao ke motlae kgotsa a kaya sengwe kgotsa mongwe o sele ka go mo kgoba kgotsa go mo sotla.
Ditiriso tsa modirisi
Bona dikai dingwe tsa kafa go tsenngwa tirisong ga molao go lebegang ka teng mo bathong ba ba mo Facebook, jaaka: go ntse jang go bega ka sengwe se o sa akanyeng gore se tshwanetse go nna mo Facebook, go bolelelwa gore o tlotse Melawana ya rona ya Badirisimmogo le go bona sekirine se se go tlhagisang mo dilong dingwe.
Ela tlhoko: Re a tokafala ka metlha, ka jalo se o se bonang fano se ka tswa e le sa bogologolo go se kae fa se bapisiwa le se re se dirisang ga jaana.
DITIRISO TSA MODIRISI
Go bega
MAITEMOGELO A MODIRISI
Puisano ya morago ga pego
MAITEMOGELO A MODIRISI
Maitemogelo a go tlosa
MAITEMOGELO A MODIRISI
Disekerine tsa tlhagiso
Tiragatso ya Molao
Re na le dipholisi tse di tshwanang mo lefatsheng lotlhe, tse di dirang mo go mongwe le mongwe mo Facebook.
Ditlhopha tsa basekaseki
Setlhopha sa rona sa basekaseki ba ba fetang ba le 15,000 ba mo lefatsheng lotlhe ba dira letsatsi le letsatsi go tshola batho ba ba mo Facebook ba babalesegile.
Tirisano le bannaleseabe
Bomankge ba kwa ntle, barutegi, di-NGO le batlhami ba dipholisi ba thusa go kaela tiriso ya Melawana ya Badirisimmogo ba Facebook.
Bona thuso ka bonweenwee, disekeme, le mekgwatiriso ya tsietso
Ithute se o ka se dirang fa o bona sengwe mo Facebook se se thulanang le Melawana ya Badirisimmogo ya rona.
Etela Lefelo la rona la Thuso