Batho le Mekgatlho e e Kotsi
Dintlha tsa pholisi
FETOLA LLOKO
Gompieno
Mabaka a Pholisi
Ka maiteko a go thibela le go kgoreletsa kgobalo ya mmatota, ga re letlelele mekgatlho kgotsa batho ba ba itsiseng phatlalatsa tiro ya tirisodikgoka kgotsa ba ba tsayang karolo mo tirisong ya dikgoka go nna mo dipolatefomong tsa rona. Re sekaseka dikhamphane tseno go ya ka maitsholo a bone fa ba le mo inthaneteng le fa ba se mo inthaneteng, mme sa botlhokwa, kgolagano ya bone le tirisodikgoka. Mo pholising eno, re tlhoma batho ka nosi, mekgatlho, le ditshwaragano tsa batho. Maemo ano a kgaogantswe ka maemo a le pedi a a bontshang maemo a tiragatso ya molao wa diteng, moo Maemo 1 a feleletsang a le mo tiragatsong e e tseneletseng thata ya molao gonne re dumela gore ditheo tseno di na le dikgolagano ka tlhamalalo le kgobatso e e sa dirweng mo inthaneteng.
Maemo 1 a tsepamisa mo ditheong tse di tsayang karolo mo dikgobatsong tse di sa dirweng mo inthaneteng - go akaretsa go rulaganya kgotsa go tshegetsa tirisodikgoka kgatlhanong le baagi, go diga batho seriti mo go boaboelediwang kgotsa go tshegetsa kgobatho ya batho go ya ka dipopego tse di sireleditsweng, kgotsa go tsaya karolo mo ditirong tsa thulaganyo e e rileng ya bosenyi. Maemo 1 a akaretsa mekgatlho ya letlhoo; mekgatlho ya bosenyi; go akaretsa e e tlhomilweng ke puso ya Amerika jaaka Dikomangkanna tse di Dirang Kgwebisano e e Kgethegileng ya Diritibatsi (di-SDNTK); le mekgatlho ya borukutlhi, go akaretsa ditheo le batho ka nosi ba ba tlhomilweng ke puso ya Amerika jaaka Mekgatlho ya Boditshaba ya Borukutlhi (di-FTO) kgotsa Dirukutlhi tsa mo Lefatsheng Lotlhe tse di Tlhomilweng ka tsela e e Kgethegileng (di-SDGT) Re tlosa Tlotlomatso, Tshegetso, le Kemedi ya ditheo tsa Maemo 1, baeteledipele ba tsone, batlhami kgotsa maloko a maemogodimo, gammogo le dikumako tse di sa tlhaloganyesegeng ka ga tsone.
Mo godimo ga moo, ga re letlelele diteng tse di tlotlomatsang, tse di tshegetsang, kgotsa tse di emelang ditiragalo tse Meta e di tlhomileng jaaka ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao - go akaretsa ditlhaselo tsa borukutlhi, ditiragalo tsa letlhoo, tirisodikgoka mo batlhaba bantsi kgotsa maiteko a tirisodikgoka mo batswasetlhabelong ba bantsi, dipolao tsa batho ba bantsi kgotsa bosenyi jwa letlhoo. Le gone ga re letlelele (1) Tlotlomatso, Tshegetso, kgotsa Kemedi ya (ba)modirabosula ba ba dirang ditlhaselo tsa go nna jalo; (2) diteng tse di dirilweng ke modirabosula tse di amanang le ditlhaselo tsa go nna jalo; kgotsa (3) ditshwantsho tsa motho yo mongwe tse di tlhalosang motlha wa ditlhaselo tsa go nna jalo mo batswasetlhabelong ba ba kgonang go bonwa ke mang le mang. Gape re tlosa diteng tse di Tlotlomatsang, tse di Tshegetsang kgotsa tse di Emelang dikakanyo tse di rotloetsang letlhoo, tse di jaaka mokgatlho wa sepolitiki wa kwa jeremane le go tseelwa godimo ga basweu go feta batho ba merafe e mengwe. Re tlosa dikumako tse di sa tlhaloganyesegeng ka ga ditiragalo tseno kgotsa dikakanyo tseno tse di kailweng.
Maemo 2 a akaretsa Badiragatsi ba Tirisodikgoka ba e seng ba Puso ba ba tsayang karolo mo tirisodikgokeng kgatlhanong le puso kgotsa sesole mo ntweng ya dibetsa mme se tlhasela baagi e seng ka boomo. Gape a akaretsa Ditheo tse di Tlhotlheletsang Tirisodikgoka tse di tsayang karolo mo go rulaganyetseng kgotsa go mo go rotloetseng tirisodikgoka ya mo isagong mme totatota di sa tseye karolo mo tirisong ya dikgoka ga jaana. Tseno gape ke ditheo tse di ka tswang di tsaya karolo ka go ipoapoeletsa mo ditlolomolaong tsa dipholisi tsa rona tsa Puo ya Letlhoo kgotsa Batho le Ditheo tse di Kotsi mo polatefomong kgotsa e seng mo go yone. Re tlosa Tlotlomatso, Tshegetso ya Ditshelete, le Kemedi ya ditheo tseno, baeteledipele ba tsone, batlhami kgotsa maloko a a kwa godimo a tsone.
Re lemoga gore badirisi ba ka abelana ka diteng tse di akaretsang dikumako tsa batho le ditheo tse di kotsi tse di kailweng mo maemong a puisano ya loago le ya sepolitiki. Seno se akaretsa go bega ka ga tshedimosetso kaga go buisana kwa ntle ga go tsaya letlhakore kgotsa go kgala batho le ditheo tse di kotsi kgotsa ditiro tse ba di dirang.
Bobegakgang bo akaretsa tshedimosetso e go abelanweng ka yone go lemosa ka ga ditiragalo tsa selegae le tsa mo lefatsheng tse mekgatlho e e kailweng e e kotsi le batho ka nosi ba tsayang karolo mo go tsone.
- Sekai “Dikgang tsa Bosheng: Al-Shabab o amogetse fa a sikere boikarabelo jwa tlhaselo ya kwa Somalia”
- Sekai “Tshekatsheko ya Tlhatlhamano ya diphousete le ya boitseanape: Tsela e go thuntshiwang e diregileng ka teng kwa Buffalo Supermarket le gore molatofadiwa o rile eng kwa kgotlatshekelo”
Dipuisano tse di sa tseyeng letlhakore di akaretsa dipolelo tsa mannete, ditshwaelo, dipotso, le tshedimosetso e nngwe e e sa tlhagiseng katlholo e e siameng ka ga mokgatlho o o kailweng o o kotsi kgotsa ka ga motho ka nosi le maitsholo a gagwe.
- Ka sekai, “Al Qaeda e bontsha matshosetsi a a kwa tlase go na le ISIS fa go akanyediwa tlhaelo ya boeteledipele le ya ditshelete”
- Ka sekai “Anders Breivik ke sekai sengwe sa gore tirego ya go dumela mo go feteletseng mo dikakanyong tsa boganetsi tsa sepolitiki e raraane go le kana kang”
Go kgala go akaretsa kganetso, go sa rate sengwe, go gana, go tshwaya diphoso, go sotla, le ditlhagisomaikutlo tse dingwe tse di sa siamang ka ga mokgatlho o o kailweng o o kotsi kgotsa ka ga motho le maitsholo a gagwe.
- Ka sekai "Ke utlwa ke ferosiwa dibete ke bokebekwa jwa Salvador Ramos. Mafoko a ga moatlhodi a ne a tsamaisana thata le se ke dumelang mo go sone. Ga a tshwanela go utlwelwa botlhoko ke kgotlatshekelo gotlhelele”
- Ka sekai, “Bosenyi jwa ga Hitler ga bo kitla bo tsamaya bo lebalesega. Tseno e nnile dinako tse di botlhoko mo hisetoring"
Dipholisi tsa rona di rulaganyeditswe go neela tshono ya mefuta eno ya dipuisano fa ka nako e le nngwe di lekanyetsa dikotsi tsa kgobalo e e ka diregang, e e sa dirweng mo inthaneteng.
Ka jalo re batla gore batho ba bontshe mo go utlwalang gore maikaelelo a bone ke eng fa ba tlhama kgotsa fa ba abelana diteng tsa go nna jalo. Fa e le gore maikaelelo a modirisi ga a tlhaloganyesege kgotsa ga a utlwale sentle, re dira thulaganyetsopele e e itirisang ya go tlosa diteng tseo.
Go ya ka molao wa ditšhaba tsotlhe wa ditshwanelo tsa batho, dipholisi tsa rona di naya tshono ya dipuisano ka ga ditshwanelo tsa batho kgotsa maloko a a tlhophilweng a ditheo tse di kotsi, ntle le fa tshedimosetso e akaretsa tlotlomatso e nngwe, tshegetso, kgotsa kemedi ya ditheo tse di tlhophilweng kgotsa ditlolomolao tse dingwe tsa pholisi, tse di jaaka tlhotlheletso ya tirisodikgoka.
Tsweetswee bona Pholisi ya rona ya Ditshwanelo tsa Batho ba mo Setlamong go bona tshedimosetso e ntsi ka ga maitlamo a rona mo ditshwanelong tsa batho tse di tlotliwang mo mafatsheng otlhe..
Re Tlosa:
Re tlosa Tlotlomatso, Tshegetso le Kemedi ya mekgatlho le batho ba ba tse di farologaneng tse di kotsi le batho ba ba farologaneng ba ba kotsi. Megopolo eno e dira mo mekgatlhong eno ka boyone, ditiro tsa yone, le maloko a yone. Megopolo eno ga e thibele go buelela ka kagiso diphelelo tsa sepolotiki tse dirileng.
Kgalaletso, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Go dira gore tirisodikgoka kgotsa ditiro tsa kilo tsa mokgatlho mongwe e nne tsa semolao ka go bolela gore ditiro tseo di siame mabapi le boitshwaro, sepolotiki, di a uitlwala kgotsa di na le mabaka a a dirang gore di amogelesege kgotsa di tlhaloganyesege.
- Ka sekai, "Hitler ga a dira sepe se se phoso."
- Go tlhalosa kgotsa go tlotlomatsa tirisodikgoka kgotsa kilo ya mokgatlho o o tlhophilweng gore ke bokgoni kgotsa phitlhelelo;
- Ka sekai “Hizbul Mujahideen o fenya ntwa ya go lwela Khashmir e e gololesegileng le e e ikemetseng ka nosi”
- Polelo e e nang le dikeletso tsa maloko kgotsa polelo e o ka ratang gore e nne setheo se se kailweng kgotsa molatofadiwa wa tiragalo ya tirisodikgoka le e e tlolang molao.
- Ka sekai "Ke batla go inaakanya le ISIS le go nna karolo ya Khilafah"
Re tlosa Tlotlomatso ya ditheo tsa Maemo 1 le tsa Maemo 2 gammogo le ditiragalo tse di kailweng.
Mo ditiragalong tsa Maemo 1 le tse di kailweng, re ka nna gape ra tlosa dikumako tse di sa tlhaloganyesegeng kgotsa tse di se nang bokao fa e le gore maikaelelo a modirisi a ne a sa kaiwa ka tsela e e tlhaloganyesegang. Seno se akaretsa motlae o o sa tlhaloganyesegeng, dikumako tse di se nang tlhalosonyana epe kgotsa tse di siameng tse di sa tlotlomatseng tirisodikgoka kgotsa letlhoo la setheo se se kailweng.
Tshegetso, e e tlhalosiwang jaaka sengwe sa tse di fa tlase:
- Tshegetso ka Dilo tse di Bonalang
- Tiragalo epe e e tokafatsang seemo sa ditšhelete sa setheo se se kailweng - go akaretsa thomelo ya madi kwa kgotsa go tswa mo setheong se se rileng;
- Ka sekai, "Naya KKK mpho ya madi!"
- Tiro epe ya go naya setheo se se rileng kgotsa tiragalo thuso ya madi;
- Ka sekai, "Fa e le gore o batla go romelela Sinaloa Cartel diphuthelwana tsa tlhokomelo, dirisa aterese eno:"
- Go thaopela batho setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Fa e le gore o batla go lwela Caliphate, nthomelela molaetsa ka DM"
- Tshegetso e Nngwe
- Go fetisa tshedimosetso kgotsa didirisiwa, tse di akaretsang puisano ya semolao, mo boemong jwa setheo se se rileng kgotsa tiragalo
- Ka sekai, Go tsopola setheo se se rileng go sena mokwalotlase o o se kgalang, go bua ka go sa tseye letlhakore, kgotsa o le karolo ya bobegadikgang.
- Go tlhaba mokgosi wa go tsaya karolo mo boemong jwa setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Ikgolaganye le Lephata la Atomwaffen – (XXX) XXX-XXXX"
Re tlosa Tshegetso yotlhe ya Maemo 1 le Tshegetso ya Ditšhelete ya Maemo 2.
Kemedi, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Go bolela gore o leloko la setheo se se tlhomilweng, kgotsa o setheo se se tlhomilweng;
- Ka sekai, "Nna ke terakone e kgolo ya KKK."
- Go tlhama Tsebe, Porofaele, Tiragalo, Setlhopha, kgotsa setheo se sengwe sa Facebook se e leng kgotsa se se ikayang gore ke sa Setheo se se Tlhomilweng kgotsa se se tsamaisiwang mo boemong jwa sone, kgotsa se e leng kgotsa se se ikayang go nna tiragalo ya semolao.
- Ka sekai, Tsebe e e bidiwang "Phathi ya Nazi ya Amerika."
Re tlosa Kemedi ya Mekgatlho e e Kailweng ya Maemo 1 le 2 le ditiragalo tse di kailweng.
Mefuta le Maemo a Mekgatlho e e Kotsi
Maemo 1: Borukutlhi, letlhoo le le rulagantsweng, tiro ya selekanyo se segolo sa bosenyi, maiteko a tirisodikgoka mo batlhaselweng ba le bantsi, tirisodikgoka mo batlhaselweng ba le bantsi, dipolao tsa batho ba bantsi, le ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao
Ga re letlelele batho ka nosi kgotsa mekgatlho e e tsayang karolo mo bosenying jo bo rulagantsweng, go akaretsa e e kailweng ke puso ya Amerika jaaka bokomang-ka-nna ba ba kailweng ka tsela e e kgethegileng, ba ba rekisang ditagi ka tsela e e seng mo molaong (di-SDNTK); ya letlhoo; kgotsa ya borukutlhi, go akaretsa ditheo tse di kailweng ke puso ya Amerika jaaka Mekgatlho ya Borukutlhi ya Boditšhaba (di-FTO) kgotsa Barukutlhi ba ba Kailweng ka Tsela e e Kgethegileng ba mo Lefatsheng ka Bophara (di-SDGT), go nna mo polatefomong. Gape ga re letlelele batho bangwe go emela ditheo tseno. Ga re letlelele baeteledipele kgotsa maloko a a itsegeng a mekgatlho eno go nna teng mo polatefomong, matshwao a a e emelang gore a dirisiwe mo polatefomong, kgotsa tshedimosetso e e tlotlomatsang kgotsa e e tlotlomatsang ditiro tsa yone, go akaretsa go umakiwa mo go sa tlhaloganyesegeng mo go yone. Mo godimo ga moo, re tlosa tshegetso epe ya batho bano ka nosi le mekgatlho eno.
Ga re letlelele diteng tse di tlotlomatsang, tse di tshegetsang, kgotsa tse di emelang ditiragalo tse Meta e di kaileng jaaka ditlhaselo tsa borukutlhi, ditiragalo tsa letlhoo, tirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba le bantsi kgotsa maiteko a tirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba le bantsi, dipolao tsa batho ba le bantsi kgotsa ditiragalo tsa tirisodikgoka tsa tlolomolao. Le gone ga re letlelele (1) diteng tse di tlotlomatsang, tse di tshegetsang, kgotsa tse di emelang modirabosula/badirabosula ba ditlhaselo tsa go nna jalo; (2) tshedimosetso e e dirilweng ke molatofadiwa e e amanang le ditlhaselo tsa go nna jalo; kgotsa (3) ditshwantsho tsa motho yo mongwe e e tlhalosang motlha wa ditlhaselo tsa go nna jalo mo batswasetlhabelong ba ba kgonang go bonwa ke mang le mang.
Gape ga re letlelele Tlotlomatso, Tshegetso, kgotsa Kemedi ya dikakanyo tse di kailweng tsa letlhoo, gammogo le dikumako tse di sa tlhaloganyesegeng tsa tsone.
Mekgatlho le batho ba dirukutlhi, ba ba tlhalosiwang e le kgato e e seng ya puso e e:
- Nnang le seabe mo, e buelelang, kgotsa e nayang kemonokeng e e bonalang ditiro tse di dirilweng ka boikaelelo kgotsa tse di rulagantsweng tsa tirisodikgoka,
- Tse di bakang kgotsa di lekang go bolaya baagi, kgotsa batho ba bangwe ba ba sa tseyeng karolo ka tlhamalalo mo bosetlhogong ka nako ya ntwa ya dibetsa, go lematsa kgotsa go gobatsa ka tsela e e masisi baagi, le/kgotsa tshenyo e kgolo ya dikago e e amanngwang le loso lwa batho fela, temalo e e masisi kgotsa kgobalo e e masisi ya bone.
- Ka boikaelelo jwa go rotloeletsa, go tshosa le/kgotsa go tlhotlheletsa baagi ba motse, puso, kgotsa mokgatlho wa mafatshefatshe.
- Ka boikaelelo jwa go fitlhelela maikaelelo a sepolotiki, tsa bodumedi, kgotsa tsa megopolo.
Setlhoi, e tlhalosiwa jaaka setheo kgotsa motho ka nosi yo o anamisang le go rotloetsa letlhoo kgatlhanong le ba bangwe go ya ka dipopego tsa bone tse di sireleditsweng. Ditiro tsa setheo di farologanngwa bobotlan ka maitsholo mangwe a a latelang:
- Tirisodikgoka, mefuta e e nang le matshotsetsi a a builweng kgotsa a a kwadilweng, kgotsa mefuta e e kotsi ya letshwenyo e e totileng batho go ya ka dipopego tsa bone tse di sireleditsweng;
- Tiriso e e boelediwang ya puo ya letlhoo;
- Kemedi ya Dikakanyo tsa Letlhoo kgotsa Ditheo tse dingwe tse di kailweng tsa Letlhoo, le/kgotsa
- Tlotlomatso kgotsa Tshegetso ya Ditlhoi kgotsa Dikakanyo tsa Letlhoo.
Mekgatlho ya Bosenyi, e e tlhalosiwang e le mophato wa batho ba le bararo kgotsa go feta ba ba:
- tshwaraganeng ba dirisa leina le lengwe, e le ba (me)mmala, (di)puo ya mabogo kgotsa matekwane a a itsiweng; le
- o o nnileng le seabe mo tirong ya bosenyi kgotsa o o tshosetsang go nna le seabe mo go yone e e tshwanang le go bolawa ga morafe wa batho, go rekisa ditagi, kgotsa go thopiwa ga batho ka dikgoka.
Tirisodikgoka ya Batswasetlhabelo ba Bantsi le Dipolao tsa Batho ba Bantsi
- Re tsaya gore tiragalo ke ya tirisodikgoka e e dirwang mo batlhaselweng ba bantsi kgotsa maiteko a go dira tirisodikgoka mo bathong ba le bantsi fa e felela ka kgobatso ya batho ba le bararo kgotsa go feta ka nako e le nngwe fela, e e tlhalosiwang e le dintsho kgotsa dikgobalo tse di masisi. Motho ope yo o dirileng tlhaselo ya mofuta ono o tsewa a le motlolamolao kgotsa yo o dirang boiteko jwa go tlola molao kgotsa tirisodikgoka mo bathong ba le bantsi.
- Re tsaya gore motho ope ka nosi yo o bolaileng batho ba le babedi kgotsa go feta mo ditiragalong tse dintsi kgotsa mo mafelong a le mantsi ke mmolai wa batho ba bantsi.
Ditumelo tsa letlhoo
- Lefa ditlhaloso tsa rona tsa mekgatlho le batho di remeletse mo boitshwarong, mme gape re lemoga gore go na le megopolo mengwe le ditumelo tse ka tlwaelo di nang le seabe mo tirisongdikgoka le maiteko a go rulaganya batho go ba kgothaletsa go dira tirisodikgoka kgotsa go kgaphela ba bangwe kwa thoko ka gonne e le ba mefuta e e sireleditsweng. Mo mabakeng ano, re tlhoma mogopolo ka boone re bo re tlosa mafoko a a kwadilweng a a emang mogopolo oo nokeng mo polatefomong ya rona. Megopolo eno e akaretsa:
- Bo-Nazi
- Go Tseelwagodimo ga Batho Basweu
- Bomorafe jwa Batho Basweu
- Go Itlhaola ga Batho Basweu
- Re tlosa Tlotlomatso e e tlhamaletseng, Tshegetso, le Kemedi ya dikakanyo tseno, le go tlosa batho ka nosi le ditheo tse di leng sebako sa kakanyo e le nngwe kgotsa tse dintsi tsa dikakanyo tseno tse di tletseng letlhoo.
Maemo 2: Batho ba ba seng mo Pusong ba ba Nang le Tlhotlheletso ya Sepolitiki ya Tirisodikgoka le Ditheo tse di Tlhotlheletsang Tirisodikgoka
Mekgatlho le batho ba Meta e ba kaileng e le Batho ba ba seng mo pusong ba ba nang le tlhotlheletso ya sepolitiki ya tirisodikgoka kgotsa DItheo tse di Tlhotlheletsang Tirisodikgoka ga ba letlelelwe go nna mo dipolatefomong tsa rona, kgotsa go nna teng go go dirwang ke ba bangwe mo boemong jwa bone. Gonne badirisimmogo bano ba tsaya karolo ka matlhagatlhaga mo tirisodikgokeng, kgatlhanong le puso kgotsa sesole mo dintweng tsa dibetsa (Badiragatsi ba Tlolomolao ba e seng ba Puso) kgotsa ba rulaganyetsa kgotsa go tshegetsa kgotsa go tlhama maemo a tirisodikgoka ya mo isagong (Ditheo tse di Tlhotlheletsang Tirisodikgoka), tshegetso ya ditheo tseno ka ditšhelete ga e a letlelelwa. Gape re tla tlosa tlotlomatso ya ditheo tseno.
Batsayakarolo mo Tirisongdikgoka e e Seng ya Puso, e e tlhalosiwang e le go tsaya karolo mo e seng ga puso gope fela go go:
- Tsayang karolo mo thulaganyong ya ditiro tse di dirilweng ka lebaka le le rileng le tse di rulaganyeditsweng tsa tirisodikgoka e e masisi thata e e totileng puso, sesole kgotsa ditlhopha tse dingwe tsa ntwa ya dibetsa tse di tsayang karolo mo maitsholong a a se nang botsalano a mo seemong sa ntwa ya dibetsa, mme di tlhasela e seng ka bomo kgotsa e seng ka tlhamalalo baagi ka tirisodikgoka ya masisi a a kwa godimo; LE/KGOTSA
- Itsang batho go fitlhelela mafaratlhatlha a botlhokwa kgotsa metswedithuso ya tlholego; LE/KGOTSA
- Tsayang karolo mo thulaganyong ya ditlhaselo tse maikaelelo a tsone e leng go senya mo go bonalang mafaratlhatlha a dikago, tse di sa golaganngwang le polao, kgobalo e e masisi kgotsa kgobalo e e tseneletseng ya baagi.
Ditheo tse di Tlhotlheletsang Tirisodikgoka di tlhalosiwa jaana
Setheo se se Tlhotlheletsang Tirisodikgoka (Ka kakaretso) ke motho kgotsa mokgatlho o e seng karolo ya puso o o:
- Nang le maikaelelo a a kailweng a yone kgotsa tiro e e ikaelelang go neelwa, ka tiriso ya dikgoka, tiro e e sa dumelelwang ya tiragatsomolao ya puso (e e jaaka, sepodisi, sesole, bofaladi) mo boemong jwa, kgotsa mo godimo ga, puso ka boyone; kgotsa go kgoreletsa ka tiriso ya dikgoka tiro ya tiragatsomolao ya puso;
- Tsayang karolo mo kgatong ya botlhokwa ya go fitlhelela maikaelelo ano a a kailweng mo dipolatefomong tsa Meta; le
- Tsayang karolo mo metlheng e mentsi ya go tshosetsa kgotsa go tlhotlheletsa tirisodikgoka ya bomasisi jo bo kwa godimo (mo inthaneteng kgotsa e seng mo inthaneteng);
Setheo se se Thibetsweng ka ntlha ya Letlhoo ke modiragatsi yo e seng wa puso yo o:
- Tsayang karolo mo boitshwarong jwa letlhoo kgapetsa kgapetsa kgotsa tlhotlheletso ka puo, mme b sa tlhatloge go nna setheo sa Maemo 1 ka gonne ba sa tsaya karolo mo tirisodikgokeng kgotsa ba sa tshegetsa tirisodikgoka mo pepeneneng, kgotsa ka gonne bae sa golagana ka tsela e e lekaneng le mekgatlho kgotsa batho ba ba kailweng mo nakong e e fetileng.
Malebana le Melao ya Badirisimmogo e e latelang, re batla tshedimosetso e nngwe gape le/kgotsa tlhaloso e nngwe gape go diragatsa:
- Mo mabakeng a a rileng, re tla letlelela mafoko a a kwadilweng a ka tsela nngwe a ka tswang a tlola Melao ya Badirisimmogo fa go tlhomamisiwa gore mafoko a a kwadilwneg ao ke motlae. Mafoko a a kwadilweng a tla letlelelwa fela fa e le gore dikarolwana tse di tlolang molao tsa mafoko a a kwadilweng ao ke motlae kgotsa a kaya sengwe kgotsa mongwe o sele ka go mo kgoba kgotsa go mo sotla.
20 Mopitl 2026
Policy Rationale
In an effort to prevent and disrupt real-world harm, we do not allow organizations or individuals that proclaim a violent mission or are engaged in violence to have a presence on our platforms. We assess these entities based on their behavior both online and offline, most significantly, their ties to violence. Under this policy, we designate individuals, organizations, and networks of people. These designations are divided into two tiers that indicate the level of content enforcement, with Tier 1 resulting in the most extensive enforcement because we believe these entities have the most direct ties to offline harm.
Tier 1 focuses on entities that engage in serious offline harms - including organizing or advocating for violence against civilians, repeatedly dehumanizing or advocating for harm against people based on protected characteristics, or engaging in systematic criminal operations. Tier 1 includes hate organizations; criminal organizations, including those designated by the United States government as Specially Designated Narcotics Trafficking Kingpins (SDNTKs); and terrorist organizations, including entities and individuals designated by the United States government as Foreign Terrorist Organizations (FTOs) or Specially Designated Global Terrorists (SDGTs). We remove Glorification, Support, and Representation of Tier 1 entities, their leaders, founders or prominent members, as well as unclear references to them.
In addition, we do not allow content that glorifies, supports, or represents events that Meta designates as violating violent events - including terrorist attacks, hate events, multiple-victim violence or attempted multiple-victim violence, serial murders, or hate crimes. Nor do we allow (1) Glorification, Support, or Representation of the perpetrator(s) of such attacks; (2) perpetrator-generated content relating to such attacks; or (3) third-party imagery depicting the moment of such attacks on visible victims. We also remove content that Glorifies, Supports or Represents ideologies that promote hate, such as nazism and white supremacy.We remove unclear references to these designated events or ideologies.
Tier 2 includes Violent Non-State Actors that engage in violence against state or military actors in an armed conflict but do not intentionally target civilians. It also includes Violence Inducing Entities that are engaged in preparing or advocating for future violence but have not necessarily engaged in violence to date. These are also entities that may repeatedly engage in violations of our Hate SpeechHateful Conduct or Dangerous Organizations and Individuals policies on or off the platform. We remove Glorification, Material Support, and Representation of these entities, their leaders, founders or prominent members.
We recognize that users may share content that includes references to designated dangerous organizations and individuals in the context of social and political discourse. This includes content reporting on, neutrally discussing or condemning dangerous organizations and individuals or their activities.
News reporting includes information that is shared to raise awareness about local and global events in which designated dangerous organizations and individuals are involved.
- E.g. “Breaking News: Al-Shabab claimed responsibility for the attack in Somalia”
- E.g. “Timeline and expert analysis: How the shooting at the Buffalo Supermarket unfolded and what did the perpetrator say in court”
Neutral discussion includes factual statements, commentary, questions, and other information that do not express positive judgment around the designated dangerous organization or individual and their behavior.
- E.g. “Al Qaeda represents less threat than ISIS given the lack of leadership and finance”
- E.g. “Anders Breivik is one example of how complex the radicalization process can be”
Condemnation includes disapproval, disgust, rejection, criticism, mockery, and other negative expressions about a designated dangerous organization or individual and their behavior.
- E.g. “I feel disgusted by the crime of Salvador Ramos. The judge’s words resonated so much to me. He should get no mercy by the court”
- E.g. “Hitler’s crimes shall never be forgotten ever. These were some of the darkest moments in history”
Our policies are designed to allow room for these types of discussions while simultaneously limiting risks of potential offline harm. We thus require people to clearly indicate their intent when creating or sharing such content. If a user's intention is ambiguous or unclear, we default to removing content.
In line with international human rights law, our policies allow discussions about the human rights of designated individuals or members of designated dangerous entities, unless the content includes other glorification, support, or representation of designated entities or other policy violations, such as incitement to violence.
Please see our Corporate Human Rights Policy for more information about our commitment to internationally recognized human rights.
We Remove:
We remove Glorification, Support and Representation of various dangerous organizations and individuals. These concepts apply to the organizations themselves, their activities, and their members. These concepts do not proscribe peaceful advocacy for particular political outcomes.
Glorification, defined as any of the below:
- Legitimizing or defending the violent or hateful acts of a designated entity by claiming that those acts have a moral, political, logical or other justification that makes them acceptable or reasonable.
- E.g. "Hitler did nothing wrong."
- Characterizing or celebrating the violence or hate of a designated entity as an achievement or accomplishment;
- E.g. “Hizbul Mujahideen is winning the war for a free and independent Kashmir”
- An aspirational statement of membership or statement that you would like to be a designated entity or the perpetrator of a violating violent event.
- E.g. “I wish I can join ISIS and be part of the Khilafah”
We remove Glorification of Tier 1 and Tier 2 entities as well as designated events.
For Tier 1 and designated events, we may also remove unclear or contextless references if the user’s intent was not clearly indicated. This includes unclear humor, captionless or positive references that do not glorify the designated entity’s violence or hate.
Support, defined as any of the below:
- Material Support
- Any act which improves the financial status of a designated entity – including funneling money towards or away from a designated entity;
- E.g., “Donate to the KKK!”
- Any act which provides material aid to a designated entity or event;
- E.g., “If you want to send care packages to the Sinaloa Cartel, use this address:”
- Recruiting on behalf of a designated entity or event;
- E.g., “If you want to fight for the Caliphate, DM me”
- Other Support
- Channeling information or resources, including official communications, on behalf of a designated entity or event
- E.g., Directly quoting a designated entity without caption that condemns, neutrally discusses, or is a part of news reporting.
- Putting out a call to action on behalf of a designated entity or event;
- E.g. "Contact the Atomwaffen Division – (XXX) XXX-XXXX"
We remove all Support of Tier 1 and Material Support of Tier 2.
Representation, defined as any of the below:
- Stating that you are a member of a designated entity, or are a designated entity;
- E.g., “I am a grand dragon of the KKK.”
- Creating a Page, Profile, Event, Group, or other Facebook entity that is or purports to be owned by a Designated Entity or run on their behalf, or is or purports to be a designated event.
- E.g., A Page named “American Nazi Party.”
We remove Representation of Tier 1 and 2 Designated Organizations and designated events.
Types and Tiers of Dangerous Organizations
Tier 1: Terrorism, organized hate, large-scale criminal activity, attempted multiple-victim violence, multiple victim violence, serial murders, and violating violent events
We do not allow individuals or organizations involved in organized crime, including those designated by the United States government as specially designated narcotics trafficking kingpins (SDNTKs); hate; or terrorism, including entities designated by the United States government as Foreign Terrorist Organizations (FTOs) or Specially Designated Global Terrorists (SDGTs), to have a presence on the platform. We also don't allow other people to represent these entities. We do not allow leaders or prominent members of these organizations to have a presence on the platform, symbols that represent them to be used on the platform, or content that glorifies them or their acts, including unclear references to them. In addition, we remove any support for these individuals and organizations.
We do not allow content that glorifies, supports, or represents events that Meta designates as terrorist attacks, hate events, multiple-victim violence or attempted multiple-victim violence, serial murders, hate crimes or violating violent events. Nor do we allow (1) content that glorifies, supports, or represents the perpetrator(s) of such attacks; (2) perpetrator-generated content relating to such attacks; or (3) third-party imagery depicting the moment of such attacks on visible victims.
We also do not allow Glorification, Support, or Representation of designated hateful ideologies, as well as unclear references to them.
Terrorist organizations and individuals, defined as a non-state actor that:
- Engages in, advocates, or lends substantial support to purposive and planned acts of violence,
- Which causes or attempts to cause death, injury or serious harm to civilians, or any other person not taking direct part in the hostilities in a situation of armed conflict, and/or significant damage to property linked to death, serious injury or serious harm to civilians
- With the intent to coerce, intimidate and/or influence a civilian population, government, or international organization
- In order to achieve a political, religious, or ideological aim.
Hate Entity, defined as an organization or individual that spreads and encourages hate against others based on their protected characteristics. The entity’s activities are characterized by at least some of the following behaviors:
- Violence, threatening rhetoric, or dangerous forms of harassment targeting people based on their protected characteristics;
- Repeated use of hate speech;
- Representation of Hate Ideologies or other designated Hate Entities, and/or
- Glorification or Support of other designated Hate Entities or Hate Ideologies.
Criminal Organizations, defined as an association of three or more people that:
- is united under a name, color(s), hand gesture(s) or recognized indicia; and
- has engaged in or threatens to engage in criminal activity such as homicide, drug trafficking, or kidnapping.
Multiple-Victim Violence and Serial Murders
- We consider an event to be multiple-victim violence or attempted multiple-victim violence if it results in three or more casualties in one incident, defined as deaths or serious injuries. Any Individual who has committed such an attack is considered to be a perpetrator or an attempted perpetrator of multiple-victim violence.
- We consider any individual who has committed two or more murders over multiple incidents or locations a serial murderer.
Hateful Ideologies
- While our designations of organizations and individuals focus on behavior, we also recognize that there are certain ideologies and beliefs that are inherently tied to violence and attempts to organize people around calls for violence or exclusion of others based on their protected characteristics. In these cases, we designate the ideology itself and remove content that supports this ideology from our platform. These ideologies include:
- Nazism
- White Supremacy
- White Nationalism
- White Separatism
- We remove explicit Glorification, Support, and Representation of these ideologies, and remove individuals and organizations that ascribe to one or more of these hateful ideologies.
Tier 2: Violent Non-State Actors and Violence Inducing Entities
Organizations and individuals designated by Meta as Violent Non-state Actors or Violence Inducing Entities are not allowed to have a presence on our platforms, or have a presence maintained by others on their behalf. As these communities are actively engaged in violence, against state or military actors in armed conflicts (Violent Non-State Actors) or are preparing or advocating or creating conditions for future violence (Violence Inducing Entities), material support of these entities is not allowed. We will also remove glorification of these entities.
Violent Non-State Actors, defined as any non-state actor that:
- Engages in a pattern of purposive and planned acts of high-severity violence targeting government, military or other armed groups taking direct part in the hostilities in a situation of armed conflict, and does not intentionally and explicitly target civilians with high-severity violence; AND/OR
- Deprives communities of access to critical infrastructure or natural resources; AND/OR
- Engages in a pattern of attacks intended to bring significant damage to infrastructure that is not linked to death, serious injury or serious harm to civilians.
Violence Inducing Entities are defined as follows:
A Violence Inducing Entity (General) is a non-state actor that:
Uses weapons as a part of their training, communication, or presence; and are structured or operate as unofficial military or security forces; ANDCoordinates in preparation for inter-community violence or civil war; ORAdvocates for violence against government officials or violent disruptions of civic events; OREngages in theft, vandalism, burglary or other damage to property; OREngages in mid-severity violence at civic events; ORPromotes bringing weapons to a location when the stated intent is to intimidate people amid a protest
Has as its stated goal or intended function to provide, through violence, an unsanctioned governmental enforcing function (such as, police, military, immigration) in place of, or in addition to, the government itself; or to disrupt through violence a governmental enforcing function;
Has engaged in a substantial step towards this stated goal on Meta’s platforms; and
Has engaged in multiple instances of threatening or inciting high-severity violence (online or offline);
Is identified by a name, mission statement, symbol, or shared lexicon; ANDPromotes unfounded theories that attempts to explain the ultimate causes of significant social and political problems, events and circumstances with claims of secret plots by two or more powerful actors; ANDHas explicitly advocated for or has been directly linked to a pattern of offline physical harm by adherents motivated by the desire to draw attention to or redress the supposed harms identified in the unfounded theories promoted by the network.
A Hate Banned Entity is a non-state actor that:
- Engages in repeated hateful conduct or rhetoric, but does not rise to the level of a Tier 1 entity because they have not engaged in or explicitly advocated for violence, or because they lack sufficient connections to previously designated organizations or figures.
For the following Community Standards, we require additional information and/or context to enforce:
- In certain cases, we will allow content that may otherwise violate the Community Standards when it is determined that the content is satirical. Content will only be allowed if the violating elements of the content are being satirized or attributed to something or someone else in order to mock or criticize them.
09 Tlhak 2024
Mabaka a Pholisi
Ka maiteko a go thibela le go kgoreletsa kgobalo ya mmatota, ga re letlelele mekgatlho kgotsa batho ba ba itsiseng phatlalatsa tiro ya tirisodikgoka kgotsa ba ba tsayang karolo mo tirisong ya dikgoka go nna mo dipolatefomong tsa ronatsa Meta. Re sekaseka ditheo tseno go ya ka maitsholo a bone fa ba le mo inthaneteng le fa ba se mo inthaneteng, mme sa botlhokwa, kgolagano ya bone le tirisodikgoka. Mo pholising eno, re tlhoma batho ka nosi, mekgatlho, le ditshwaragano tsa batho. Maemo ano a kgaogantswe ka maemo a le pedi a a bontshang maemo a tiragatso ya molao wa diteng, moo Maemo 1 a feleletsang a le mo tiragatsong e e tseneletseng thata ya molao gonne re dumela gore ditheo tseno di na le dikgolagano ka tlhamalalo le kgobatso e e sa dirweng mo inthaneteng.
Maemo 1 a tsepamisa mo ditheong tse di tsayang karolo mo dikgobatsong tse di sa dirweng mo inthaneteng - go akaretsa go rulaganya kgotsa go tshegetsa tirisodikgoka kgatlhanong le baagi, go diga batho seriti mo go boaboelediwang kgotsa go tshegetsa kgobatho ya batho go ya ka dipopego tse di sireleditsweng, kgotsa go tsaya karolo mo ditirong tsa thulaganyo e e rileng ya bosenyi. Maemo 1 a akaretsa mekgatlho ya letlhoo; mekgatlho ya bosenyi; go akaretsa e e tlhomilweng ke puso ya Amerika jaaka Dikomangkanna tse di Dirang Kgwebisano e e Kgethegileng ya Diritibatsi (di-SDNTK); le mekgatlho ya borukutlhi, go akaretsa ditheo le batho ka nosi ba ba tlhomilweng ke puso ya Amerika jaaka Mekgatlho ya Dinaga di Sele ya Borukutlhi (di-FTO) kgotsa Dirukutlhi tsa mo Lefatsheng Lotlhe tse di Tlhomilweng ka tsela e e Kgethegileng (di-SDGT). Re tlosa Kgalaletso, Tshegetso e e bonalang, le Kemedi ya ditheo tsa Maemo 1 gammogo le baeteledipele ba tsone, batlhami ba tsone, kgotsa maloko a a tumileng.
Mo godimo ga moo, ga re letlelele tshedimosetso e e tlotlomatsang, e e tshegetsang, kgotsa e e emelang ditiragalo tse Meta e di kaileng jaaka ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao - go akaretsa ditlhaselo tsa borukutlhi, ditiragalo tsa letlhoo, tirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba bantsi kgotsa maiteko a tirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba bantsi, metseletsele ya dipolao, kgotsa bosenyi jwa letlhoo. Le gone ga re letlelele (1) Tlotlomatso, Tshegetso, kgotsa Kemedi ya (ba)modirabosula ba ba dirang ditlhaselo tsa go nna jalo; (2) tshedimosetso e e dirilweng ke molatofadiwa e e amanang le ditlhaselo tsa go nna jalo; kgotsa (3) ditshwantsho tsa motho yo mongwe tse di tlhalosang motlha wa ditlhaselo tsa go nna jalo mo batswasetlhabelong ba ba kgonang go bonwa ke mang le mang. Gape re tlosa tshedimosetso e e Tlotlomatsang, e e Tshegetsang kgotsa e e Emelang dikakanyo tse di rotloetsang letlhoo, tse di jaaka bosemorafe le kakanyo ya gore basweu ba mo maemong a a kwa godimo go feta merafe e mengwe. Re tlosa dikumako tse di sa utlwaleng sentle tsa ditiragalo kgotsa dikakanyo tseno tse di kailweng
Re lemoga gore badirisi ba ka nna ba abelana ka tshedimosetso e e akaretsang dikumako tsa mekgatlho le batho ka nosi ba ba kailweng ba le kotsi mo maemong a puisano ya loago le ya sepolitiki. Seno se akaretsa tshedimosetso e e begang ka, kgotsa e e buisanang kwa ntle ga go tsaya letlhakore ka kgotsa e e kgalang mekgatlho le batho ka nosi ba ba kailweng ba le kotsi kgotsa ditiro tsa bone.
Bobegakgang bo akaretsa tshedimosetso e go abelanweng ka yone go lemosa ka ga ditiragalo tsa selegae le tsa mo lefatsheng tse mekgatlho le batho ka nosi ba ba kailweng ba le kotsi ba tsayang karolo mo go tsone.
- Sekai “Dikgang tsa Sesheng: Al-Shabab e amogetse maikarabelo a tlhaselo ya kwa Somalia”
- Sekai “Tshekatsheko ya tlhatlhamano ya diphousete le ya boitseanape: Tsela e thuntsho e e diregileng kwa Suphamaketeng ya Buffalo e diregileng ka teng le gore molatofadiwa o rileng kwa kgotlatshekelo”
Puisano e e sa tseyeng letlhakore e akaretsa dipolelo tsa mannete, ditshwaelo, dipotso, le tshedimosetso e nngwe e e sa tlhagiseng katlholo e e siameng ka ga mokgatlho le batho ka nosi ba ba kailweng ba le kotsi le maitsholo a bone.
- Sekai “Al Qaeda e bontsha matshosetsi a a kwa tlase go na le ISIS fa go akanyediwa tlhaelo ya boeteledipele le ya ditšhelete.”
- Sekai “Anders Breivik sekai sengwe sa gore tirego ya go dumela mo go feteletseng mo dikakanyong tsa boganetsi tsa sepolitiki e raraane go le kana kang”
Go kgala go akaretsa kganetso, go sa rate sengwe. go gana, go tshwaya diphoso, go sotla, le ditlhagisomaikutlo tse dingwe tse di sa siamang ka ga mekgatlho le batho ka nosi ba ba kailweng ba le kotsi le maitsholo a bone.
- Sekai “ Ke tenwa ke bosenyi jwa ga Salvador Ramos. Mafoko a ga moatlhodi a ne a tsamaisana thata le se ke dumelang mo go sone. Ga a tshwanela go utlwelwa botlhoko ke kgotlatshekelo”
- Sekai “Bosenyi jwa ga Hitler ga bo kitla bo tsamaya bo lebalesega. Tseno e nnile dinako dingwe tse di botlhoko thata mo hisetoring”
Dipholisi tsa rona di diretswe go neela tšhono ya mefuta eno ya dipuisano fa ka nako e le nngwe di lekanyetsa matshosetsi a kgobalo kgotsa tshenyo e e ka nna teng, e e sa diregeng mo inthaneteng. Ka jalo re batla gore batho ba bontshe mo go utlwalang gore maikaelelo a bone ke eng fa ba tlhama kgotsa fa ba abelana tshedimosetso ya go nna jalo. Fa e le gore maikaelelo a modirisi ke a bokaobontsi kgotsa ga a tlhaloganyesege sentle, re tlosa diteng ka go itirisa.
Go ya ka molao wa boditšhabatšhaba wa ditshwanelo tsa batho, dipholisi tsa rona di neela tshono ya dipuisano tse di ka ga ditshwanelo tsa batho ka nosi kgotsa tsa maloko a a kailweng a ditheo tse di kotsi, ntle le fa tshedimosetso e akaretsa tlotlomatso e nngwe, tshegetso, kgotsa kemedi ya ditheo tse di kailweng kgotsa ditlolomolao tse dingwe tsa pholisi, tse di jaaka tlhotlheletso ya tirisodikgoka.
Tsweetswee bona Pholisi ya rona ya Ditshwanelo tsa Batho ya mo Setlamong go bona tshedimosetso e ntsi ka ga maitlamo a rona mo ditshwanelong tsa batho tse di tlotliwang mo mafatsheng otlhe.
Re Tlosa:
Re tlosa kgalaletso, tshegetso le kemedi ya mekgatlho e e kotsi e e farologaneng le batho ba ba kotsi. Megopolo eno e dira mo mekgatlhong eno ka boyone, ditiro tsa yone, le maloko a yone. Megopolo eno ga e thibele go buelela ka kagiso diphelelo tsa sepolotiki tse dirileng.
Kgalaletso, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Go dira gore tirisodikgoka kgotsa ditiro tsa kilo tsa mokgatlho mongwe e nne tsa semolao ka go bolela gore ditiro tseo di siame mabapi le boitshwaro, sepolotiki, di a uitlwala kgotsa di na le mabaka a a dirang gore di amogelesege kgotsa di tlhaloganyesege.
- Ka sekai, "Hitler ga a dira sepe se se phoso."
- Go tlhalosa kgotsa go tlotlomatsa tirisodikgoka kgotsa kilo ya mokgatlho o o tlhophilweng gore ke bokgoni kgotsa phitlhelelo;
- Ka sekai “Hizbul Mujahideen o fenya ntwa ya go lwela Khashmir e e gololesegileng le e e ikemetseng ka nosi”
- Polelo e e nang le dikeletso tsa maloko kgotsa polelo e o ka ratang gore e nne setheo se se kailweng kgotsa molatofadiwa wa tiragalo ya tirisodikgoka le e e tlolang molao.
- Ka sekai "Ke batla go inaakanya le ISIS le go nna karolo ya Khilafah"
Re tlosa Tlotlomatso ya ditheo tsa Maemo 1 le tsa Maemo 2 gammogo le ditiragalo tse di kailweng.
Mo ditiragalong tsa Maemo 1 le tse di kailweng, re ka nna gape ra tlosa dikumako tse di sa tlhaloganyesegeng kgotsa tse di se nang bokao fa e le gore maikaelelo a modirisi a ne a sa kaiwa ka tsela e e tlhaloganyesegang. Seno se akaretsa motlae o o sa tlhaloganyesegeng, dikumako tse di se nang tlhalosonyana epe kgotsa tse di siameng tse di sa tlotlomatseng tirisodikgoka kgotsa letlhoo la setheo se se kailweng.
Tshegetso, e e tlhalosiwang jaaka sengwe sa tse di fa tlase:
- Tshegetso ka Dilo tse di Bonalang
- Tiragalo epe e e tokafatsang seemo sa ditšhelete sa setheo se se kailweng - go akaretsa thomelo ya madi kwa kgotsa go tswa mo setheong se se rileng;
- Ka sekai, "Naya KKK mpho ya madi!"
- Tiro epe ya go naya setheo se se rileng kgotsa tiragalo thuso ya madi;
- Ka sekai, "Fa e le gore o batla go romelela Sinaloa Cartel diphuthelwana tsa tlhokomelo, dirisa aterese eno:"
- Go thaopela batho setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Fa e le gore o batla go lwela Caliphate, nthomelela molaetsa ka DM"
- Tshegetso e Nngwe
- Go fetisa tshedimosetso kgotsa didirisiwa, tse di akaretsang puisano ya semolao, mo boemong jwa setheo se se rileng kgotsa tiragalo
- Ka sekai, Go tsopola setheo se se rileng go sena mokwalotlase o o se kgalang, go bua ka go sa tseye letlhakore, kgotsa o le karolo ya bobegadikgang.
- Go tlhaba mokgosi wa go tsaya karolo mo boemong jwa setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Ikgolaganye le Lephata la Atomwaffen – (XXX) XXX-XXXX"
Re tlosa Tshegetso yotlhe ya Maemo 1 le Tshegetso ya Ditšhelete ya Maemo 2.
Kemedi, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Go bolela gore o leloko la setheo se se tlhomilweng, kgotsa o setheo se se tlhomilweng;
- Ka sekai, "Nna ke terakone e kgolo ya KKK."
- Go tlhama Tsebe, Porofaele, Tiragalo, Setlhopha, kgotsa setheo se sengwe sa Facebook se e leng kgotsa se se ikayang gore ke sa Setheo se se Tlhomilweng kgotsa se se tsamaisiwang mo boemong jwa sone, kgotsa se e leng kgotsa se se ikayang go nna tiragalo ya semolao.
- Ka sekai, Tsebe e e bidiwang "Phathi ya Nazi ya Amerika."
Re tlosa Kemedi ya Mekgatlho e e Kailweng ya Maemo 1 le 2 le ditiragalo tse di kailweng.
Mefuta le Maemo a Mekgatlho e e Kotsi
Maemo 1: Borukutlhi, letlhoo le le rulagantsweng, tiro ya selekanyo se segolo sa bosenyi, maiteko a tirisodikgoka mo batlhaselweng ba le bantsi, tirisodikgoka mo batlhaselweng ba le bantsi, dipolao tsa batho ba bantsi, le ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao
Ga re letlelele batho ka nosi kgotsa mekgatlho e e tsayang karolo mo bosenying jo bo rulagantsweng, go akaretsa e e kailweng ke puso ya Amerika jaaka bokomang-ka-nna ba ba kailweng ka tsela e e kgethegileng, ba ba rekisang ditagi ka tsela e e seng mo molaong (di-SDNTK); ya letlhoo; kgotsa ya borukutlhi, go akaretsa ditheo tse di kailweng ke puso ya Amerika jaaka Mekgatlho ya Borukutlhi ya Dinaga di Sele (di-FTO) kgotsa Barukutlhi ba ba Kailweng ka Tsela e e Kgethegileng ba mo Lefatsheng ka Bophara (di-SDGT), go nna mopolatefomong. Gape ga re letlelele batho bangwe go emela ditheo tseno. Ga re letlelele baeteledipele kgotsa maloko a a itsegeng a mekgatlho eno go nna teng mo polatefomong, matshwao a a e emelang gore a dirisiwe mo polatefomong, kgotsa tshedimosetso e e tlotlomatsang kgotsa e e tlotlomatsang ditiro tsa yone, go akaretsa go umakiwa mo go sa tlhaloganyesegeng mo go yone. Mo godimo ga moo, re tlosa tshegetso epe ya batho bano ka nosi le mekgatlho eno.
Ga re letlelele diteng tse di tlotlomatsang, tse di tshegetsang, kgotsa tse di emelang ditiragalo tse Meta e di kaileng jaaka ditlhaselo tsa borukutlhi, ditiragalo tsa letlhoo, tirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba le bantsi kgotsa maiteko a tirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba le bantsi, dipolao tsa batho ba le bantsi kgotsa ditiragalo tsa tirisodikgoka tsa tlolomolao. Le gone ga re letlelele (1) diteng tse di tlotlomatsang, tse di tshegetsang, kgotsa tse di emelang modirabosula/badirabosula ba ditlhaselo tsa go nna jalo; (2) tshedimosetso e e dirilweng ke molatofadiwa e e amanang le ditlhaselo tsa go nna jalo; kgotsa (3) ditshwantsho tsa motho yo mongwe e e tlhalosang motlha wa ditlhaselo tsa go nna jalo mo batswasetlhabelong ba ba kgonang go bonwa ke mang le mang.
Gape ga re letlelele Tlotlomatso, Tshegetso, kgotsa Kemedi ya dikakanyo tse di kailweng tsa letlhoo, gammogo le dikumako tse di sa tlhaloganyesegeng tsa tsone.
Mekgatlho ya borukuthi le batho ka nosi ba borukutlhi, ba ba tlhalosiwang jaaka batho le mekgatlho e e seng karolo ya puso:
- Nnang le seabe mo, e buelelang, kgotsa e nayang kemonokeng e e bonalang ditiro tse di dirilweng ka boikaelelo kgotsa tse di rulagantsweng tsa tirisodikgoka,
- Tse di bakang kgotsa di lekang go bolaya baagi, kgotsa batho ba bangwe ba ba sa tseyeng karolo ka tlhamalalo mo bosetlhogong ka nako ya ntwa ya dibetsa, go lematsa kgotsa go gobatsa ka tsela e e masisi baagi, le/kgotsa tshenyo e kgolo ya dikago e e amanngwang le loso lwa batho fela, temalo e e masisi kgotsa kgobalo e e masisi ya bone.
- Ka boikaelelo jwa go rotloeletsa, go tshosa le/kgotsa go tlhotlheletsa baagi ba motse, puso, kgotsa mokgatlho wa mafatshefatshe.
- Ka boikaelelo jwa go fitlhelela maikaelelo a sepolotiki, tsa bodumedi, kgotsa tsa megopolo.
Setlhoi, e tlhalosiwa jaaka setheo kgotsa motho ka nosi yo o anamisang le go rotloetsa letlhoo kgatlhanong le ba bangwe go ya ka dipopego tsa bone tse di sireleditsweng. Ditiro tsa setheo di farologanngwa bobotlan ka maitsholo mangwe a a latelang:
- Tirisodikgoka, puotlhotlheletso e e matshosetsi, kgotsa mefuta e e kotsi ya letshwenyo e e totileng batho go ya ka dipharologantsho tsa bone tse di sireleditsweng:
- Tiriso e e boelediwang ya puo ya letlhoo;
- Kemedi ya Dikakanyo tsa Letlhoo kgotsa Ditheo tse dingwe tse di kailweng tsa Letlhoo, le/kgotsa
- Tlotlomatso kgotsa Tshegetso ya Ditlhoi kgotsa Dikakanyo tsa Letlhoo.
Mekgatlho ya Bosenyi, e e tlhalosiwang e le mophato wa batho ba le bararo kgotsa go feta ba ba:
- tshwaraganeng ba dirisa leina le lengwe, e le ba (me)mmala, (di)puo ya mabogo kgotsa matekwane a a itsiweng; le
- o o nnileng le seabe mo tirong ya bosenyi kgotsa o o tshosetsang go nna le seabe mo go yone e e tshwanang le go bolawa ga morafe wa batho, go rekisa ditagi, kgotsa go thopiwa ga batho ka dikgoka.
Tirisodikgoka ya Batswasetlhabelo ba Bantsi le Dipolao tsa Batho ba Bantsi
- Re tsaya gore tiragalo ke ya tirisodikgoka e e dirwang mo batlhaselweng ba bantsi kgotsa maiteko a go dira tirisodikgoka mo bathong ba le bantsi fa e felela ka kgobatso ya batho ba le bararo kgotsa go feta ka nako e le nngwe fela, e e tlhalosiwang e le dintsho kgotsa dikgobalo tse di masisi. Motho ope yo o dirileng tlhaselo ya mofuta ono o tsewa a le motlolamolao kgotsa yo o dirang boiteko jwa go tlola molao kgotsa tirisodikgoka mo bathong ba le bantsi.
- Re tsaya gore motho ope ka nosi yo o bolaileng batho ba le babedi kgotsa go feta mo ditiragalong tse dintsi kgotsa mo mafelong a le mantsi ke mmolai wa batho ba bantsi.
Ditumelo tsa letlhoo
- Lefa ditlhaloso tsa rona tsa mekgatlho le batho di remeletse mo boitshwarong, mme gape re lemoga gore go na le megopolo mengwe le ditumelo tse ka tlwaelo di nang le seabe mo tirisongdikgoka le maiteko a go rulaganya batho go ba kgothaletsa go dira tirisodikgoka kgotsa go kgaphela ba bangwe kwa thoko ka gonne e le ba mefuta e e sireleditsweng. Mo mabakeng ano, re tlhoma mogopolo ka boone re bo re tlosa mafoko a a kwadilweng a a emang mogopolo oo nokeng mo polatefomong ya rona. Megopolo eno e akaretsa:
- Bo-Nazi
- Go Tseelwagodimo ga Batho Basweu
- Bomorafe jwa Batho Basweu
- Go Itlhaola ga Batho Basweu
- Re tlosa Tlotlomatso e e tlhamaletseng, Tshegetso, le Kemedi ya dikakanyo tseno, le go tlosa batho ka nosi le ditheo tse di leng sebako sa kakanyo e le nngwe kgotsa tse dintsi tsa dikakanyo tseno tse di tletseng letlhoo.
Maemo 2: Batho le Mekgatlho ya Tirisodikgoka, e e seng karolo ya Puso le Ditheo tse di Tlhotlheletsang Tirisodikgoka
Mekgatlho le batho ka nosi ba Meta e ba kaileng jaaka Batho le Mekgatlho ya Tirisodikgoka, e e seng Karolo ya Puso kgotsa DItheo tse di Tlhotlheletsang Tirisodikgoka ga ba letlelelwe go nna teng mo dipolatefomong tsa ronaFacebook, kgotsa go nna teng go go dirwang ke ba bangwe mo boemong jwa bone. Gonne badirisimmogo bano ba tsaya karolo mo tirisong ya dikgoka, kgatlhanong le puso le sesole mo dintweng tsa dibetsa (Batho le Mekgatlho ya Tirisodikgoka, e e seng ya Puso) kgotsa ba ipaakanyetsa kgotsa ba tshegetsa maemo a tirisodikgoka ya mo isagong (Ditheo tse di Tlhotlheletsang Tirisodikgoka), tshegetso ya ditšhelete ya ditheo tseno ga e a letlelelwa. Gape re tla tlosa tlotlomatso ya ditheo tseno.
Batsayakarolo mo Tirisongdikgoka e e Seng ya Puso, e e tlhalosiwang e le go tsaya karolo mo e seng ga puso gope fela go go:
- Tsayang karolo mo thulaganyong ya ditiro tse di dirilweng ka lebaka le le rileng le tse di rulaganyeditsweng tsa tirisodikgoka e e masisi thata e e totileng puso, sesole kgotsa ditlhopha tse dingwe tsa ntwa ya dibetsa tse di tsayang karolo mo maitsholong a a se nang botsalano a mo seemong sa ntwa ya dibetsa, mme di tlhasela e seng ka bomo kgotsa e seng ka tlhamalalo baagi ka tirisodikgoka ya masisi a a kwa godimo; LE/KGOTSA
- Itsang batho go fitlhelela mafaratlhatlha a botlhokwa kgotsa metswedithuso ya tlholego; LE/KGOTSA
- Tsayang karolo mo thulaganyong ya ditlhaselo tse maikaelelo a tsone e leng go senya mo go bonalang mafaratlhatlha a dikago, tse di sa golaganngwang le polao, kgobalo e e masisi kgotsa kgobalo e e tseneletseng ya baagi.
Ditheo tse di Tlhotlheletsang Tirisodikgoka di tlhalosiwa jaana
Setheo se se Tlhotlheletsang Tirisodikgoka (Ka kakaretso) ke modiragatsi yo e seng wa puso yo o:
- Dirisang dibetsa jaaka karolo ya katiso ya bone, tlhaeletsano, kgotsa go nna teng, mme di rulagantswe kgotsa di dira mekgatlho e e seng ya semmuso ya sesole kgotsa ya tshireletso. LE
- Rulaganya go baakanyetsa tirisodikgoka e e dirwang ke go tsogelana kgatlhanong ga merafe kgotsa ntwa ya maraganateng a bana ba mpa; KGOTSA
- Tshegetsang tirisodikgoka kgatlhanong le batlhankedi ba puso kgotsa dikgoreletso tsa tirisodikgoka mo ditiragalong tsa baagi le setshaba; KGOTSA
- Tsayang karolo mo bogodung, tshenyo, thubelo kgotsa tshenyo e nngwe ya thoto; KGOTSA
- Tsayang karolo mo tirisodikgokeng ya bomasisi jwa bogareng kwa ditiragalong tsa baagi le setšhaba; KGOTSA
- Ba rotloeletsa go tlisiwa ga dibetsa mo lefelong le le rileng fa boikaelelo jwa bone e le go tshosetsa batho ka nako ya dikgoberego
Neteweke ya Maano a Bolotsana e e Tlhotlheletsang Tirisodikgoka ke modiragatsi yo e seng wa puso yo o:
- Supilweng ka leina, tshobokanyo ya maikaelelo le melawanatheo, letshwao, kgotsa tlhaeletsanommogo; LE
- Rotloetsang ditiori tse di se nang motheo tse di lekang go tlhalosa dibako tse dikgolo tsa mathata a mantsi a loago le sepolitiki, ditiragalo le maemo ka ditogamaano tsa mo sephiring tse di dirwang ke badiragatsi ba le babedi kgotsa go feta ba ba maatla: LE
- Tshegetsang mo pepeneneng kgotsa yo o golaganeng ka tlhamalalo le thulaganyo kgobatso ya mmele e e sa diregeng mo inthaneteng e e dirwang ke balatedi ba ba rotloediwang ke keletso ya go ngoka kgatlhego kgotsa go baakanya dikgobalo le ditshenyo tsa go nna jalo tse di supilweng mo ditoring tse di se nang motheo tse di rotloediwang ke neteweke.
Setheo se se Thibetsweng ka ntlha ya Letlhoo ke modiragatsi yo e seng wa puso yo o:
- Tsayang karolo mo boitshwarong jwa letlhoo kgapetsa kgapetsa kgotsa puotlhotlheletso, mme ba sa tlhatloge go nna setheo sa Maemo 1 ka gonne ba sa tsaya karolo mo tirisong ya dikgoka kgotsa ba sa tshegetsa tirisodikgoka mo pepeneneng, kgotsa ka gonne ba sa golagana ka tsela e e lekaneng le mekgatlho kgotsa batho ba ba kailweng mo nakong e e fetileng.
Malebana le Melao ya Badirisimmogo e e latelang, re batla tshedimosetso e nngwe gape le/kgotsa tlhaloso e e oketsegileng go diragatsa:
- Mo mabakeng a a rileng, re tla letlelela mafoko a a kwadilweng a ka tsela nngwe a ka tswang a tlola Melao ya Badirisimmogo fa go tlhomamisiwa gore mafoko a a kwadilwneg ao ke motlae. Mafoko a a kwadilweng a tla letlelelwa fela fa e le gore dikarolwana tse di tlolang molao tsa mafoko a a kwadilweng ao ke motlae kgotsa a kaya Selekanyingwe kgotsa mongwe o sele ka go mo kgoba kgotsa go mo sotla.
30 Sedimont 2023
Mabaka a Pholisi
Ka maiteko a go thibela le go kgoreletsa kgobalo ya mmatota, ga re letlelele mekgatlho kgotsa batho ka nosi ba ba itsiseng phatlalatsa tiro ya tirisodikgoka kgotsa ba ba tsayang karolo mo tirisong ya dikgoka go nna mo Meta. Re sekaseka dikhamphane tseno go ya ka maitsholo a bone fa ba le mo inthaneteng le fa ba se mo inthaneteng, mme sa botlhokwa, kgolagano ya bone le tirisodikgoka. Mo pholising eno, re tlhoma batho ka nosi, mekgatlho, le ditshwaragano tsa batho. Ditlhomo tseno di arogantswe ka maemo a le mararo a bobedia a bontshang maemo a kgatelelo ya tiragatsomolao ya diteng, moo Maemo 1 a feleletsang a le mo kgatelelong e e tseneletseng ya tiragatsomolao gonne re dumela gore ditheo tseno di na le dikgolagano ka tlhamalalo le kgobatso e e sa dirweng mo inthaneteng.
Maemo 1 a tsepamisa mo ditheong tse di tsayang karolo mo dikgobatsong tse di sa dirweng mo inthaneteng - go akaretsa go rulaganya kgotsa go tshegetsa tirisodikgoka kgatlhanong le baagi, go diga batho seriti mo go boaboelediwang kgotsa go tshegetsa kgobatso ya batho go ya ka dipopego tse di sireleditsweng, kgotsa go tsaya karolo mo ditirong tsa thulaganyo e e rileng ya bosenyi. Maemo 1 a akaretsa mekgatlho ya letlhoo; mekgatlho ya bosenyi; go akaretsa le e e tlhomilweng ke puso ya Amerika jaaka Dikomangkanna tse Specially Designated Narcortics Trafficking Kingpins (di-SDNTK) ya Amerika; le mekgatlho ya borukutlhi, go akaretsa le ditheo le batho ka nosi ba ba tlhomilweng ke puso ya Amerika jaaka Foreign Terrorist Organizations (di-FTO) kgotsa Specially Designated Global Terrorists (di-SDGT). Re tlosa tlotlomatsoKgalaletso, Tshegetso e ebonalang , le Kemedi ya ditheo tsa Maemo 1 gammogo le baeteledipele ba tsone, batlhami, kgotsa maloko a a kwa godimo a tsone.
Mo godimo ga moo, ga re letlelele diteng tse di tlotlomatsangtse di galaletsang, tse di tshegetsang mo go bonalang, kgotsa tse di emelang ditiragalo tse Meta e di tlhomileng jaaka ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao - go akaretsa ditlhaselo tsa borukutlhi, ditiragalo tsa letlhoo, tirisodikgoka mo batswasetlhanelong ba bantsi kgotsa maiteko a tirisodikgoka mo batswasetlhabelong ba bantsi, dipolao tsa batho ba bantsi, kgotsa bosenyi jo bo tlhotlhelediwang ke letlhoo. E bile ga re letlelele (1) kgalaletsoTlotlomatso, Tshegetso e e lekaneng, kgotsa Kemedi ya molatofadiwa/balatofadiwa ba ba dirang ditlhaselo tsa go nna jalo; (2) diteng tse di dirilweng ke molatofadiwa tse di amanang le ditlhaselo tsa go nna jalo; kgotsa (3) ditshwantsho tsa motho yo mongwe tse di tlhalosang motlha wa ditlhaselo tsa go nna jalo mo batswasetlhabelong ba ba kgonang go bonwa ke mang le mang. Gape re tlosa tshedimosetso e e galaletsang e e Tlotlomatsang, e e Tshegetsang mo go bonalang kgotsa e e Emelang dikakanyo le megopolo e e rotloetsang letlhoo, e e jaaka bo-nazi le go tseelwa kwa godimo ga basweu go feta merafe e mengwe.Re tlosa dikumako tse di sa tlhaloganyesegeng ka ga ditiragalo tseno kgotsa dikakanyo tseno tse di kailweng
Maemo 2 a akaretsa Badiragatsi ba Tirisodikgoka ba e seng ba Puso ba ba tsayang karolo mo tirisong ya dikgoka kgatlhanong le puso kgotsa sesole mo ntweng ya dibetsa mme se tlhasela baagi e seng ka boomo. Gape a akaretsa Ditheo tse di Tlhotlheletsang Tirisodikgoka tse di tsayang karolo mo go rulaganyetseng kgotsa go mo go rotloetseng tirisodikgoka ya mo isagong mme totatota di sa tseye karolo mo tirisong ya dikgoka ga jaana. Tseno gape ke ditheo tse di ka tswang di tsaya karolo ka go ipoapoeletsa mo ditlolomolaong tsa dipholisi tsa rona tsa Puo ya Letlhoo kgotsa Batho le Ditheo tse di Kotsi mo polatefomong kgotsa e seng mo go yone. Re tlosa Tlotlomatso, Tshegetso ya Ditshelete, le Kemedi ya ditheo tseno, baeteledipele ba tsone, batlhami kgotsa maloko a a kwa godimo a tsone.
Re lemoga gore badirisi ba ka abelana ka diteng tse di akaretsang dikumako tsa batho le ditheo tse di kotsi tse di kailweng mo maemong a puisano ya loago le ya sepolitiki. Seno se akaretsa go bega ka ga diteng ka ga, go buisana kwa ntle ga go tsaya letlhakore kgotsa go kgala batho le ditheo tse di kotsi kgotsa ditiro tse ba di dirang.
Ka sekai. “Dikgang tsa Sesheng: Al-Shabab o amogetse fa a rwele boikarabelo jwa tlhaselo ya kwa Somalia”Ka sekai. “Tshekatsheko ya Tlhatlhamano ya diphousete le ya boitseanape: Tsela e thuntso e diregileng ka teng kwa Suphamaketeng ya Buffalo le gore molatofadiwa o rile eng kwa kgotlatshekelo”
Ka sekai. “Al Qaeda e bontsha matshosetsi a a kwa tlase go na le ISIS fa go akanyediwa tlhaelo ya boeteledipele le ya ditshelete”Ka sekai. “Anders Breivik sekai sengwe sa gore tirego ya go dumela mo go feteletseng mo dikakanyong tsa boganetsi tsa sepolitiki e raraane go le kana kang”
Ka sekai. “ Ke tenwa ke bosenyi jwa ga Salvador Ramos. Mafoko a ga moatlhodi a ne a tsamaisana thata le se ke dumelang mo go sone. Ga a tshwanela go utlwelwa botlhoko ke kgotlatshekelo gotlhelele ”Ka sekai. “Bosenyi jwa ga Hitler ga bo kitla bo tsamaya bo lebalesega. Bono e nnile bongwe jo bo sa begiweng
Go tsamaisana le molao wa boditšhabatšhaba wa ditshwanelo tsa batho, dipholisi tsa rona di letlelele gore go nne le dipuisano ka ga ditshwanelo tsa batho ka nosi ba ba kailweng kgotsa maloko a ditheo tse di kotsi tse di kailweng, ntle le fa tshedimosetso e akaretsa tlotlomatsokgalaletso, tshegetso e ebonalang, kgotsa kemedi ya ditheo tse di kailweng kgotsa ditlolomolao tse dingwe tsa pholisi, tse di jaaka tlhotlheletso ya tirisodikgoka.
Tsweetswee bona Pholisi ya rona ya Ditshwanelo tsa Batho ba mo Setlamong go bona tshedimosetso e ntsi ka ga maitlamo a rona mo ditshwanelong tsa batho tse di tlotliwang mo mafatsheng otlhe.
Re Tlosa:
Re tlosa tlotlomatsokgalaletso, tshegetso e e lekaneng le kemedi ya mekgatlho e e farologaneng e e kotsi le mefutafuta ya batho ka nosi. Megopolo eno e dira mo mekgatlhong eno ka boyone, ditiro tsa yone, le maloko a yone. Megopolo eno ga e thibele go buelela ka kagiso diphelelo tsa sepolotiki tse dirileng.
Bua se se siameng ka setheo kgotsa tiragalo e e kailweng;Sk., “Balwela Puso ya Iselamo ba pelokgale tota!”
Go akgola setheo se se kailweng kgotsa tiragalo e e kailweng gore e atlegile;Sk., “Timothy McVeigh ke mmapolwa ka ntlha ya tumelo ya gagwe.”
Go dira gore maikaelelo a setheo se se kailweng e nne a semolao ka go kaya gore boitshwaro jwa sone jwa letlhoo, tirisodikgoka, kgotsa bosenyi bo mo molaong, bo siame, kgotsa bo dirwa ka tsela nngwe ka mabaka a a utlwalang; kgotsa bo a amogelesega;Sk., “Hitler ga a dira sepe se se phoso.”
Go dira gore o tsamaisane ka dikakanyo le setheo se se kailweng kgotsa tiragalo.Sk., “Ke tshegetsa Brenton Tarrant.”
Kgalaletso, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Go dira gore tirisodikgoka kgotsa ditiro tsa kilo tsa mokgatlho mongwe e nne tsa semolao ka go bolela gore ditiro tseo di siame mabapi le boitshwaro, sepolotiki, di a uitlwala kgotsa di na le mabaka a a dirang gore di amogelesege kgotsa di tlhaloganyesege.
- Ka sekai, "Hitler ga a dira sepe se se phoso."
- Go tlhalosa kgotsa go tlotlomatsa tirisodikgoka kgotsa kilo ya mokgatlho o o tlhophilweng gore ke bokgoni kgotsa phitlhelelo;
- Ka sekai “Hizbul Mujahideen o fenya ntwa ya go lwela Khashmir e e gololesegileng le e e ikemetseng ka nosi”
Go dira gore o tsamaisane ka dikakanyo le setheo se se kailweng kgotsa tiragaloPolelo e e nang le dikeletso tse di siameng tsa maloko kgotsa polelo e o ka ratang go nna setheo se se kailweng kgotsa molatofadiwa wa tiragalo ya tirisodikgoka le e e tlolang molao.- Sekai "Ke batla go inaakanya le ISIS le go nna karolo ya Khilafah"
Re tlosa Tlotlomatso ya ditheo tsa Maemo 1 le tsa Maemo 2 gammogo le ditiragalo tse di kailweng.
Mo ditiragalong tsa Maemo 1 le tse di kailweng, re ka nna gape ra tlosa dikumako tse di sa tlhaloganyesegeng kgotsa tse di se nang bokao fa e le gore maikaelelo a modirisi a ne a sa kaiwa ka tsela e e tlhaloganyesegang. Seno se akaretsa motlae o o sa tlhaloganyesegeng, dikumako tse di se nang tlhalosonyana epe kgotsa tse di siameng tse di sa tlotlomatseng tirisodikgoka kgotsa letlhoo la setheo se se kailweng.
Tiragalo epe e e tokafatsang seemo sa ditshelete sa setheo se se kailweng - go akaretsa thomelo ya madi kwa, kgotsa go tswa mo setheong se se kailweng;Sk., “Abela KKK!”
Tiragalo epe e e neelang thuso ya dilwana go setheo se se kailweng kgotsa tiragalo;Sk., "Fa o batla go romelela Sinaloa Cartel diphuthelwana tsa tlhokomelo, dirisa aterese eno:”
Go tlhaba mokgosi wa go tsaya kgato mo boemong jwa setheo se se kailweng kgotsa tiragalo ;Sk., “Ikgolaganye le Lephata la Atomwaffen - (XXX) XXX-XXXX”
Go thaopa batho mo boemong jwa setheo se se kailweng kgotsa tiragalo`;Sk., "Fa o batla go lwela Caliphate, nthomelela molaetsa ka DM”
Go fetisa tshedimosetso kgotsa didiriswa, go akaretsa ditlhaeletsano tsa semmuso, mo boemong jwa setheo se se kailweng kgotsa tiragaloSk., Go nopola ka tlhamalalo setheo se se kailweng go se na mokwalotlase o o se kgalang, se se buisanang ka go se tseye letlhakore, kgotsa se e leng karolo ya bobegakgang
- Tshegetso ka Dilo tse di Bonalang
- Tiragalo epe e e tokafatsang seemo sa ditšhelete sa setheo se se kailweng - go akaretsa thomelo ya madi kwa kgotsa go tswa mo setheong se se rileng;
- Ka sekai, "Naya KKK mpho ya madi!"
- Tiro epe ya go naya setheo se se rileng kgotsa tiragalo thuso ya madi;
- Ka sekai, "Fa e le gore o batla go romelela Sinaloa Cartel diphuthelwana tsa tlhokomelo, dirisa aterese eno:"
- Go thaopela batho setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Fa e le gore o batla go lwela Caliphate, nthomelela molaetsa ka DM"
- Tshegetso e Nngwe
- Go fetisa tshedimosetso kgotsa didirisiwa, tse di akaretsang puisano ya semolao, mo boemong jwa setheo se se rileng kgotsa tiragalo
- Ka sekai, Go tsopola setheo se se rileng go sena mokwalotlase o o se kgalang, go bua ka go sa tseye letlhakore, kgotsa o le karolo ya bobegadikgang.
- Go tlhaba mokgosi wa go tsaya karolo mo boemong jwa setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Ikgolaganye le Lephata la Atomwaffen – (XXX) XXX-XXXX"
Re tlosa Tshegetso e e Lekaneng ya Maemo 1 le Tshegetso ka Dithoto ya ditheo tse di kailweng tsa Maemo 2le ditiragalo.
Kemedi, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Go bolela gore o leloko la setheo se se tlhomilweng, kgotsa o setheo se se tlhomilweng;
- Ka sekai, "Nna ke terakone e kgolo ya KKK."
- Go tlhama Tsebe, Porofaele, Tiragalo, Setlhopha, kgotsa setheo se sengwe sa Facebook se e leng kgotsa se se ikayang gore ke sa Setheo se se Tlhomilweng kgotsa se se tsamaisiwang mo boemong jwa sone, kgotsa se e leng kgotsa se se ikayang go nna tiragalo ya semolao.
- Ka sekai, Tsebe e e bidiwang "Phathi ya Nazi ya Amerika."
Re tlosa Kemedi ya Mekgatlho e e Kailweng ya Maemo 1 le 2, Ditheo tse di Thibetsweng ka ntlha ya Letlhoo, le ditiragalo tse di kailweng.
Mefuta le Maemo a Mekgatlho e e Kotsi
Maemo 1: Borukutlhi, letlhoo le le rulagantsweng, tiro ya selekanyo se segolo sa bosenyi, maiteko a tirisodikgoka mo batlhaselweng ba le bantsi, tirisodikgoka mo batlhaselweng ba le bantsi, dipolao tsa batho ba bantsi, le ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao
Ga re letlelele batho ka nosi kgotsa mekgatlho e e tsayang karolo mo bosenying jo bo rulagantsweng, go akaretsa e e kailweng ke puso ya Amerika jaaka bokomang-ka-nna ba ba kailweng ka tsela e e kgethegileng, ba ba rekisang ditagi ka tsela e e seng mo molaong (di-SDNTK); ya letlhoo; kgotsa ya borukutlhi, go akaretsa ditheo tse di kailweng ke puso ya Amerika jaaka Mekgatlho ya Borukutlhi ya Boditšhaba (di-FTO) kgotsa Barukutlhi ba ba Kailweng ka Tsela e e Kgethegileng ba mo Lefatsheng ka Bophara (di-SDGT), go nna mo polatefomong. Gape ga re letlelele batho bangwe go emela ditheo tseno. Ga re letlelele baeteledipele kgotsa maloko a a itsegeng a mekgatlho eno go nna teng mo polatefomong, go dirisiwa ga matshwao a a ba emelang mo polatefomong, kgotsa diteng tse di tlotlomatsanggalaletsang bone kgotsa ditiro tsa bone, go akaretsa go umakiwa go go sa tlhaloganyesegeng ga bone. Mo godimo ga moo, re tlosa kgokaganyo epe ya tshegetso e e lekaneng ya batho bano ka nosi le mekgatlho.
Ga re letlelele diteng tse di tlotlomatsang tse di galaletsang, tse di tshegetsang mo go lekaneng , kgotsa tse di emelang ditiragalo tse Meta e di kaileng jaaka ditlhaselo tsa borukutlhi, ditiragalo tsa letlhoo, tirisodikgoka e e dirilweng mo batswasetlhabelong ba bantsi kgotsa maiteko a tirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba bantsi, dipolao tsa batho ba le bantsi, bosenyi jwa letlhoo kgotsa ditiragalo tsa tirisodikgoka tsa tlolomolao. E bile ga re letlelele (1) diteng tse di tlotlomatsang tse di galaletsang, tse di tshegetsang mo go lekaneng , kgotsa tse e leng kemedi ya molatofadiwa kgotsa balotofadiwa ba ba dirang ditlhaselo tsa go nna jalo; (2) diteng tse di dirilweng ke molatofadiwa tse di amanang le ditlhaselo tsa go nna jalo; kgotsa (3) ditshwantsho tsa motho yo mongwe tse di tlhalosang motlha wa ditlhaselo tsa go nna jalo mo batswasetlhabelong ba ba kgonang go bonwa ke mang le mang.
Gape ga re letlelele TlotlomatsoKgalaletso, Tshegetso e e Lekaneng , kgotsa Kemedi ya dikakanyo tse di kailweng tsa letlhoo, gammogo le go umakiwa go go sa tlhaloganyesegeng ga tsone..
Mekgatlho le batho ba dirukutlhi, ba ba tlhalosiwang e le kgato e e seng ya puso e e:
- Nnang le seabe mo, e buelelang, kgotsa e nayang kemonokeng e e bonalang ditiro tse di dirilweng ka boikaelelo kgotsa tse di rulagantsweng tsa tirisodikgoka,
- Tse di bakang kgotsa di lekang go bolaya baagi, kgotsa batho ba bangwe ba ba sa tseyeng karolo ka tlhamalalo mo bosetlhogong ka nako ya ntwa ya dibetsa, go lematsa kgotsa go gobatsa ka tsela e e masisi baagi, le/kgotsa tshenyo e kgolo ya dikago e e amanngwang le loso lwa batho fela, temalo e e masisi kgotsa kgobalo e e masisi ya bone.
- Ka boikaelelo jwa go rotloeletsa, go tshosa le/kgotsa go tlhotlheletsa baagi ba motse, puso, kgotsa mokgatlho wa mafatshefatshe.
- Ka boikaelelo jwa go fitlhelela maikaelelo a sepolotiki, tsa bodumedi, kgotsa tsa megopolo.
Setlhoi, e tlhalosiwa jaaka setheo kgotsa motho ka nosi yo o anamisang le go rotloetsa letlhoo kgatlhanong le ba bangwe go ya ka dipopego tsa bone tse di sireleditsweng. Ditiro tsa setheo di farologanngwa bobotlan ka maitsholo mangwe a a latelang:
- Tirisodikgoka, puotlhotlheletso e e matshosetsi, kgotsa mefuta e e kotsi ya letshwenyo e e totileng batho go ya ka dipharologantsho tsa bone tse di sireleditsweng;
- Tiriso e e boelediwang ya puo ya letlhoo;
- Kemedi ya Dikakanyo tsa Letlhoo kgotsa Ditheo tse dingwe tse di kailweng tsa Letlhoo, le/kgotsa
- Kgalaletso kgotsa tshegetso e e
lekanengya Ditheo tse dingwe tse di kailweng tsa Letlhoo kgotsa Dikakanyo tsa Letlhoo.
Mekgatlho ya Bosenyi, e e tlhalosiwang e le mophato wa batho ba le bararo kgotsa go feta ba ba:
- tshwaraganeng ba dirisa leina le lengwe, e le ba (me)mmala, (di)puo ya mabogo kgotsa matekwane a a itsiweng; le
- o o nnileng le seabe mo tirong ya bosenyi kgotsa o o tshosetsang go nna le seabe mo go yone e e tshwanang le go bolawa ga morafe wa batho, go rekisa ditagi, kgotsa go thopiwa ga batho ka dikgoka.
Tirisodikgoka ya Batswasetlhabelo ba Bantsi le Dipolao tsa Batho ba Bantsi
- Re tsaya gore tiragalo ke ya tirisodikgoka e e dirwang mo batlhaselweng ba bantsi kgotsa maiteko a go dira tirisodikgoka mo bathong ba le bantsi fa e felela ka kgobatso ya batho ba le bararo kgotsa go feta ka nako e le nngwe fela, e e tlhalosiwang e le dintsho kgotsa dikgobalo tse di masisi. Motho ope yo o dirileng tlhaselo ya mofuta ono o tsewa a le motlolamolao kgotsa yo o dirang boiteko jwa go tlola molao kgotsa tirisodikgoka mo bathong ba le bantsi.
- Re tsaya gore motho ope ka nosi yo o bolaileng batho ba le babedi kgotsa go feta mo ditiragalong tse dintsi kgotsa mo mafelong a le mantsi ke mmolai wa batho ba bantsi.
Ditumelo tsa letlhoo
- Lefa ditlhaloso tsa rona tsa mekgatlho le batho di remeletse mo boitshwarong, mme gape re lemoga gore go na le megopolo mengwe le ditumelo tse ka tlwaelo di nang le seabe mo tirisongdikgoka le maiteko a go rulaganya batho go ba kgothaletsa go dira tirisodikgoka kgotsa go kgaphela ba bangwe kwa thoko ka gonne e le ba mefuta e e sireleditsweng. Mo mabakeng ano, re tlhoma mogopolo ka boone re bo re tlosa mafoko a a kwadilweng a a emang mogopolo oo nokeng mo polatefomong ya rona. Megopolo eno e akaretsa:
- Bo-Nazi
- Go Tseelwagodimo ga Batho Basweu
- Bomorafe jwa Batho Basweu
- Go Itlhaola ga Batho Basweu
- Re tlosa Tlotlomatso e e mo pepeneneng, Tshegetso e e
Bonalang, le Kemedi ya dikakanyo tseno, mme re tlosa batho ka nosi le mekgatlho e e leng sebako sa kakanyo e le nngwe kgotsa tse dintsi tseno tse di tletseng letlhoo.
Maemo 2: Batho le Mekgatlho ya Tirisodikgoka, e e seng karolo ya Pusole Ditheo tse di Tlhotlheletsang Tirisodikgoka
Mekgatlho le batho ka nosi ba ba kailweng ke Meta jaaka Badiragatsi ba Tirisodikgoka ba e seng ba Puso kgotsa Ditheo tse di Tlhotlheletsang Tirisodikgoka ga ba letlelelwe go nna teng mo Facebook, kgotsa go nna teng go go dirwang ke ba bangwe mo boemong jwa bone. Gonne badirisimmogo bano ba tsaya karolo ka matlhagatlha mo tirisong ya dikgoka, kgatlhanong le puso kgotsa sesole mo dintweng tsa dibetsa (Badiragatsi ba Tlolomolao ba e seng ba Puso) kgotsa ba tshegetsa kgotsa ba tlhama maemo a tirisodikgoka ya mo isagong (Ditheo tse di Tlhotlheletsang Tirisodikgoka), tshegetso e e lekaneng ya ditheo tseno ka dithoto le ditshelete ga e a letlelelwa ka tsela e e tshwanang . Gape re tla tlosa tlotlomatso ya tirisodikgokakgalaletso ya yonee e dirilweng ke ditheo tseno.
Batsayakarolo mo Tirisongdikgoka e e Seng ya Puso, e e tlhalosiwang e le go tsaya karolo mo e seng ga puso gope fela go go:
- Tsayang karolo mo thulaganyong ya ditiro tse di dirilweng ka lebaka le le rileng le tse di rulaganyeditsweng tsa tirisodikgoka e e masisi e e totileng puso, sesole kgotsa ditlhopha tse dingwe tse di tlhometseng tse di tsayang karolo ka tlhamalalo mo maitsholong a a se nang botsalano mo seemong sa ntwa, mme di tlhasela e seng ka bomo kgotsa e seng ka tlhamalalo baagi ka tirisodikgoka e e masisi a a kwa godimo; LE/KGOTSA
- Itsang batho go fitlhelela mafaratlhatlha a botlhokwa kgotsa metswedithuso ya tlholego; LE/KGOTSA Tsayang karolo mo thulaganyong ya ditlhaselo tse maikaelelo a tsone e leng go senya mo go bonalang mafaratlhatlha a dikago, tshenyo e e sa golaganngweng le loso, kgobalo e e masisi kgotsa tshenyegelo e e masisi ya baagi.
tsaya karolo mo ditirong tse di dirilweng ka lebaka le le rileng le tse di rulaganntsweng tsa tirisodikgoka segolo bogolo kgatlhanong le sesole sa puso kgotsa batho ba bangwe ba ba tshwereng dibetsa; lee e bakang kgotsa e e lekang gobolaya batho ba ba tsayang karolo ka tlhamalalo mo maemong a a se nang botsalano a mo ntweng ya dibetsa, le/kgotsaitsa baagi go fitlhelela mafaratlhatlha a botlhokwa le metswedithuso ya tlholego, le/kgotsa go senya thoto mo go bonalang, e e amanngwang le loso, kgobalo e e masisi kgotsa tshenyegelo e e masisi ya baagi
Ditheo tse di Tlhotlheletsang Tirisodikgoka di tlhalosiwa jaana:
Setheo se se Tlhotlheletsang Tirisodikgoka (Ka kakaretso) ke modiragatsi yo e seng wa puso yo o:
- Dirisang dibetsa jaaka karolo ya katiso ya bone, tlhaeletsano, kgotsa go nna teng, mme di rulagantswe kgotsa di dira mekgatlho e e seng ya semmuso ya sesole kgotsa ya tshireletso. LE
- Rulaganya go baakanyetsa tirisodikgoka e e dirwang ke go tsogelana kgatlhanong ga merafe kgotsa ntwa ya maraganateng a bana ba mpa; KGOTSA
- Tshegetsang tirisodikgoka kgatlhanong le batlhankedi ba puso kgotsa dikgoreletso tsa tirisodikgoka mo ditiragalong tsa baagi le setshaba; KGOTSA
- Tsayang karolo mo bogodung, tshenyo, thubelo kgotsa tshenyo e nngwe ya thoto; KGOTSA
- Tsayang karolo mo tirisodikgokeng ya bomasisi jwa bogareng kwa ditiragalong tsa baagi le setšhaba; KGOTSA
- Rotloetsang go tlisiwa ga dibetsa kwa lefelong le le rileng moo maikaelelo e leng go tshosetsa batho ka nako ya ditshupetso.
Neteweke ya Maano a Bolotsana a a Tlhotlheletsang Tirisodikgoka ke modiragatsi yo e seng wa puso yo o:
- Supilweng ka leina, tshobokanyo ya maikaelelo le melawanatheo, letshwao, kgotsa tlhaeletsanommogo; LE
- Rotloetsang ditiori tse di se nang motheo tse di lekang go tlhalosa dibako tse dikgolo tsa mathata a mantsi a loago le sepolitiki, ditiragalo le maemo ka ditogamaano tsa mo sephiring tse di dirwang ke badiragatsi ba le babedi kgotsa go feta ba ba maatla: LE
- Tshegetsang mo pepeneneng kgotsa yo o golaganeng ka tlhamalalo le thulaganyo kgobatso ya mmele e e sa diregeng mo inthaneteng e e dirwang ke balatedi ba ba rotloediwang ke keletso ya go ngoka kgatlhego kgotsa go baakanya dikgobalo le ditshenyo tsa go nna jalo tse di supilweng mo ditoring tse di se nang motheo tse di rotloediwang ke neteweke.
Setheo se se Thibetsweng ka ntlha ya Letlhoo ke modiragatsi yo e seng wa puso yo o:
- Tsayang karolo mo boitshwarong jwa letlhoo kgapetsa kgapetsa kgotsa tlhotlheletso ka puo, mme ba sa tlhatloge go nna setheo sa Maemo 1 ka gonne ba sa tsaya karolo mo tirisongdikgoka kgotsa ba sa tshegetsa tirisodikgoka mo pepeneneng, kgotsa ka gonne ba sa golagana ka tsela e e lekaneng le mekgatlho kgotsa batho ba ba kailweng mo nakong e e fetileng.
Batho ba ba Itirileng Masole,ba ba tlhalosiwang jaaka badiragatsi ba e seng ba puso ba ba dirisang dibetsa jaaka karolo ya katiso ya bone, tlhaeletsano, kgotsa go nna teng; mme ba rulagantswe kgotsa ba dira jaaka sesole se e seng sa semmuso kgotsa matsholo a e seng a semmuso a tshireletso le:Gokaganang go ipaakanyetsa tirisodikgoka kgotsa ntwa ya selegae; kgotsaAnamisang tshedimosetso ka ga tiriso ya boitseanape ya dibetsa go direla tlhaselo ya ntwa; kgotsaGokaganyang thulaganyo ya tiriso ya boitseanape ya sesole mo kgotlang kgotsa ntwa ya baago ya ga jaana kgotsa ya mo isagong.
Baagi ba ba tshegetsang ditiro tsa tlolomolao ka nako ya ditshupetso,ba ba tlhalosiwa jaaka badiragatsi ba e seng ba Puso ba ba ipoapoeletsang go:Gokaganya, rotloetsa, amogela kgotsa go tsaya karolo mo:Ditiro tsa tirisodikgoka ya mo mebileng kgatlhanong le baagi kgotsa ba kgatelelo ya tiragatsomolao; kgotsaGo tshuba ka molelo, Go utswa, kgotsa tshenyo e nngwe ya kago le dithoto; kgotsaGo tshosetsa go kgoreletsa tirego ya ditlhopha ka tirisodikgoka; kgotsaRotloetsa go tlisiwa ga dibetsa kwa lefelong fa maikaelelo a a kailweng e le go tshosetsa batho ka nako ya ditshupetso.
Rulaganyang ka go ipitsa ka leina, sesupo, maikaelelo, kgotsa letshwao; leRotloetsang ditiori tse di bakang maitsholo a tirisodikgoka kgotsa a a digang seriti sa batho kgotsa mekgatlho e e tlontlolotsweng ka metswedi e e ikanyegang; leE tlhotlheleditse ditiragalo tse dintsi tsa tirisodikgoka tsa mannete ka batshegetsi ba ba rotloeditsweng ke keletso ya go ngoka kgotsa go baakanya tse ba tsayang gore ke ditshenyo tse di rotloeditsweng ke ditiori tse di tlontlolotsweng.
Malebana le Melao ya Badirisimmogo e e latelang, re batla tshedimosetso e nngwe gape le/kgotsa tlhaloso e e oketsegileng go diragatsa:
- Mo mabakeng a a rileng, re tla letlelela mafoko a a kwadilweng a ka tsela nngwe a ka tswang a tlola Melao ya Badirisimmogo fa go tlhomamisiwa gore mafoko a a kwadilwneg ao ke motlae. Tshedimosetso e tla letlelelwa fela fa e le gore dikarolwana tse di tlolang molao tsa tshedimosetso di dirwa motlae kgotsa di lebisitswe go sengwe kgotsa go mongwe o sele go mo kgoba kgotsa go mo tshwaya phoso.
Go simolola phetolo ke go nolofatsa mokgwatiriso wa go rulaganya ka maemo le kgatelelo ya tiragatsomolao.
30 Phatw 2023
Mabaka a Pholisi
Ka maiteko a go thibela le go kgoreletsa tshenyo le kgobalo ya mmatota, ga re letlelele mekgatlho kgotsa batho ka nosi ba ba itsiseng phatlalatsa tiro ya tirisodikgoka kgotsa ba ba tsayang karolo mo tirisong ya dikgoka go nna teng mo MetaFacebook. Re sekaseka dikhamphane tseno go ya ka maitsholo a bone fa ba le mo inthaneteng le fa ba se mo inthaneteng, mme sa botlhokwa, kgolagano ya bone le tirisodikgoka. Mo pholising eno, re tlhoma batho ka nosi, mekgatlho, le ditshwaragano tsa batho. Maemo ano a kgaogantswe ka maemo a le mararo a a bontshang maemo a tiragatso ya molao wa diteng, moo Maemo 1 a feleletsang a le mo tiragatsong e e tseneletseng thata ya molao gonne re dumela gore ditheo tseno di na le dikgolagano ka tlhamalalo le kgobatso e e sa dirweng mo inthaneteng.
Maemo 1 a tsepamisa mo ditheong tse di tsayang karolo mo dikgobatsong tse di sa dirweng mo inthaneteng - go akaretsa go rulaganya kgotsa go tshegetsa tirisodikgoka kgatlhanong le baagi, go diga batho seriti mo go boaboelediwang kgotsa go tshegetsa kgobatso ya batho go ya ka dipopego tse di sireleditsweng, kgotsa go tsaya karolo mo ditirong tsa thulaganyo e e rileng ya bosenyi. Ditheo tsa Maemo 1 di akaretsa mekgatlho ya borukutlhi, ya letlhoo, le ya bosenyi. Re tlosa tlotlomatso, tshegetso e e bonalang, le kemedi ya ditheo tsa Maemo 1 gammogo le baeteledipele ba tsone, batlhami, kgotsa maloko a a tumileng. Maemo 1 a akaretsa mekgatlho ya letlhoo; mekgatlho ya bosenyi; go akaretsa e e tlhomilweng ke puso ya Amerika jaaka Dikomangkanna tse di Dirang Kgwebisano e e Kgethegileng ya Diritibatsi (di-SDNTK); le mekgatlho ya borukutlhi, go akaretsa ditheo le batho ka nosi ba ba tlhomilweng ke puso ya Amerika jaaka Mekgatlho ya Boditshaba ya Borukutlhi (di-FTO) kgotsa Dirukutlhi tsa mo Lefatsheng Lotlhe tse di Tlhomilweng ka tsela e e Kgethegileng (di-SDGT) Re tlosa tlotlomatso, tshegetso e e bonalang, le kemedi ya ditheo tsa Maemo 1 ga mmogo le baeteledipele ba tsone, batlhami, kgotsa maloko a maemo a a kwa godimo.
Mo godimo ga moo, ga re letlelele diteng tse di tlotlomatsang, tse di tshegetsang mo go bonalang, kgotsa tse di emelang ditiragalo tse Meta e di tlhomileng jaaka ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao - go akaretsa ditlhaselo tsa borukutlhi, ditiragalo tsa letlhoo, tirisodikgoka mo batswasetlhabelong ba bantsi kgotsa maiteko a tirisodikgoka mo batswasetlhabelong ba bantsi, dipolao tsa batho ba bantsi, kgotsa bosenyi jwa letlhoo. Le gone ga re letlelele (1) go tlotlomadiwa, kemonokeng e e bonalang, kgotsa kemedi ya modirabosula/badirabosula ba ditlhaselo tsa go nna jalo; (2) diteng tse di dirilweng ke modirabosula tse di amanang le ditlhaselo tsa go nna jalo; kgotsa (3) ditshwantsho tsa motho yo mongwe tse di tlhalosang motlha wa ditlhaselo tsa go nna jalo mo batlhaselwa ba ba kgonang go bonwa ke mang le mang. Gape re tlosa diteng tse di tlotlomatsang, tse di tshegetsang mo go bonalang kgotsa tse di emelang dikakanyo tse di rotloetsang letlhoo, le le tshwanang le ya bosemorafe le kakanyo ya gore basweu ba mo maemong a a kwa godimo go feta merafe e mengwe.
Maemo 2 a tsepamisa mo ditheong tse di tsayang karolo mo tirisodikgokeng kgatlhanong puso kgotsa sesole mme di sa tote ka kakaretso baagi -- ke se re se bitsang “Badiragatsi ba Tirisodikgoka ba e seng ba Puso.” Re tlosa tshegetso yotlhe e e bonalang le kemedi ya ditheo tseno, baeteledipele ba tsone, le maloko a tsone a maemo a a kwa godimo. Re tlosa tlotlomatso epe ya ditirwana tsa tirisodikgoka tsa ditlhopha tseno.
Maemo 3 a tsepamisa mo ditheong tse di tsayang karolo ka go ipoapoeletsa mo ditlolomolaong tsa dipholisi tsa Puo ya Letlhoo kgotsa tsa Mekgatlho e e Kotsi mo polatefomong kgotsa e seng mo polatefomong kgotsa tse di bontshang maikaelelo a a tseneletseng a go tsaya karolo mo tirisong ya dikgoka e e sa dirweng mo inthaneteng mo isagong e e gautshwane, mme di ise di tsamaye di tseye karolo mo tirisong ya dikgoka go fitlha ga jaana kgotsa tse di tshegeditseng tirisodikgoka kgatlhanong le ba bangwe go ya ka dipopego tsa bone tse di sireleditsweng. . Seno se akaretsa Mekgatlho ya Batho ya Sesole, Dintlhaga tsa Togamaano e e Tlhotlheletsang Tirisodikgoka, le batho ka nosi le ditlhopha tse di thibetsweng go rotloetsa letlhoo. Ditheo tsa Maemo 3 di ka tswa di se teng kgotsa di ka tswa di sa gokagane mo dipolatefomong tsa rona.
Re lemoga gore badirisi ba ka nna ba abelana ka tshedimosetso e e akaretsang dikumako tsa mekgatlho le batho ka nosi ba ba kailweng ba le kotsi mo maemong a puisano ya loago le ya sepolitiki. Seno se akaretsa tshedimosetso e e begang ka, kgotsa e e buisanang kwa ntle ga go tsaya letlhakore ka kgotsa e e kgalang mekgatlho le batho ka nosi ba ba kailweng ba le kotsi kgotsa ditiro tsa bone.go bega ka, go kgala, kgotsa go buisana kwa ntle ga go tsaya letlhakore ka ga bone kgotsa ditiro tsa bone.
Bobegakgang bo akaretsa tshedimosetso e go abelanweng ka yone go lemosa ka ga ditiragalo tsa selegae le tsa mo lefatsheng tse mekgatlho le batho ka nosi ba ba kailweng ba le kotsi ba tsayang karolo mo go tsone.
- Sekai. “Dikgang tsa Sesheng: Al-Shabab e amogetse maikarabelo a tlhaselo ya kwa Somalia”
- Sekai. “Tshekatsheko ya tlhatlhamano ya diphousete le ya boitseanape: Tsela e thuntsho e e diregileng kwa Suphamaketeng ya Buffalo e diregileng ka teng le gore molatofadiwa o rileng kwa kgotlatshekelo”
Puisano e e sa tseyeng letlhakore e akaretsa dipolelo tsa mannete, ditshwaelo, dipotso, le tshedimosetso e nngwe e e sa tlhagiseng katlholo e e siameng ka ga mokgatlho le batho ka nosi ba ba kailweng ba le kotsi le maitsholo a bone.
- Sekai “Al Qaeda e bontsha matshosetsi a a kwa tlase go na le ISIS fa go akanyediwa tlhaelo ya boeteledipele le ya ditšhelete”
- Sekai “Anders Breivik ke sekai sengwe sa gore tirego ya go dumela mo go feteletseng mo dikakanyong tsa boganetsi tsa sepolitiki e raraane go le kana kang”
Go kgala go akaretsa kganetso, go sa rate sengwe. go gana, go tshwaya diphoso, go sotla, le ditlhagisomaikutlo tse dingwe tse di sa siamang ka ga mekgatlho le batho ka nosi ba ba kailweng ba le kotsi le maitsholo a bone.
- Sekai “ Ke tenwa ke bosenyi jwa ga Salvador Ramos. Mafoko a ga moatlhodi a ne a tsamaisana thata le se ke dumelang mo go sone. Ga a tshwanela go utlwelwa botlhoko ke kgotlatshekelo”
- Sekai “Bosenyi jwa ga Hitler ga bo kitla bo tsamaya bo lebalesega. Tseno e nnile dinako dingwe tse di botlhoko thata mo hisetoring”
Dipholisi tsa rona di rulaganyeditswe go neela tshono ya mefuta eno ya dipuisano fa ka nako e le nngwe di lekanyetsa dikotsi tsa kgobalo e e ka diregang, e e sa dirweng mo inthaneteng.
Ka jalo re batla gore batho ba bontshe mo go utlwalang gore maikaelelo a bone ke eng fa ba tlhama kgotsa fa ba abelana diteng tsa go nna jalo. Fa e le gore maikaelelo a modirisi ga a tlhaloganyesege kgotsa ga a utlwale sentle, re dira thulaganyetsopele e e itirisang ya go tlosa diteng tseo.
Go ya ka molao wa boditšhabatšhaba wa ditshwanelo tsa batho, dipholisi tsa rona di neela tšhono ya dipuisano tse di ka ga ditshwanelo tsa batho ka nosi kgotsa maloko a a tlhophilweng a ditheo tse di kotsi, ntle le fa tshedimosetso e akaretsa tlotlomatso e nngwe, tshegetso e e bonalang, kgotsa kemedi ya ditheo tse di tlhophilweng kgotsa ditlolomolao tse dingwe tsa pholisi, tse di jaaka tlhotlheletso ya tirisodikgoka.
Tsweetswee bona Pholisi ya rona ya Ditshwanelo tsa Batho ba mo Setlamong go bona tshedimosetso e ntsi ka ga maitlamo a rona mo ditshwanelong tsa batho tse di tlotliwang mo mafatsheng otlhe.
Re Tlosa:
Re tlosa Ttlotlomatso, Ttshegetso e Kkgolo, le Kkemedi ya mekgatlho e e kailweng e le Kkotsi Eefarologaneng le batho ka nosi. Megopolo eno e dira mo mekgatlhong eno ka boyone, ditiro tsa yone, le maloko a yone. Megopolo eno ga e thibele go buelela ka kagiso diphelelo tsa sepolotiki tse dirileng.
Kgalaletso, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Go bua sentle ka setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Balwela Puso ya Bomoselema ba pelokgale tota!"
- Go akgola setheo se se rileng kgotsa tiragalo gore e atlegile;
- Ka sekai, "Timothy McVeigh ke mosweladikano."
- Gore tiro ya setheo se se rileng e kafa molaong ka go bua gore boitshwaro jwa bone jwa kilo, jwa tirisodikgoka, kgotsa bokebekwa bo kafa molaong, bo siame, kgotsa gore ka tsela nngwe bo dirwa ka mabaka a a siameng kgotsa bo a amogelesega;
- Ka sekai, "Ga go na sepe se se phoso se Hitlelara a se dirileng."
- Go itsalanya le megopolo ya setheo se se rileng kgotsa tiragalo.
- Ka sekai, "Nna ke ema le Brenton Tarrant."
Re tlosa Tlotlomatso ya ditheo tsa Maemo 1 le ditiragalo tse di rileng. Gape re tlosa tlotlomatso ya tirisodikgoka e e dirilweng ke ditheo tsa Maemo 2.
Tshegetso e e Bonalang, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Tiragalo epe e e tokafatsang seemo sa ditšhelete sa setheo se se rileng - gammogo le go romela madi kwa, kgotsa go tswa mo setheong se se rileng;
- Ka sekai, "Naya KKK mpho ya madi!"
- Tiro epe ya go naya setheo se se rileng kgotsa tiragalo thuso ya madi;
- Ka sekai, "Fa e le gore o batla go romelela Sinaloa Cartel diphuthelwana tsa tlhokomelo, dirisa aterese eno:"
- Go tlhaba mokgosi wa go tsaya karolo mo boemong jwa setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Ikgolaganye le Atomwaffen Division - (XXX) XXX-XXXX”
- Go thaopela batho setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Fa e le gore o batla go lwela Caliphate, nthomelela molaetsa ka DM"
- Go fetisa tshedimosetso kgotsa didirisiwa, tse di akaretsang puisano ya semolao, mo boemong jwa setheo se se rileng kgotsa tiragalo
- Ka sekai, Go tsopola setheo se se rileng go sena mokwalotlase o o se kgalang, go bua ka go sa tseye letlhakore, kgotsa o le karolo ya bobegadikgang.
Re tlosa Kemonokeng e e Bonalang ya ditheo tsa Maemo 1 le Maemo 2 le ditiragalo tse di tlhophilweng.
Kemedi, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Go bolela gore o leloko la setheo se se tlhomilweng, kgotsa o setheo se se tlhomilweng;
- Ka sekai, "Nna ke terakone e kgolo ya KKK."
- Go tlhama Tsebe, Porofaele, Tiragalo, Setlhopha, kgotsa setheo se sengwe sa Facebook se e leng kgotsa se se ikayang gore ke sa Setheo se se Tlhomilweng kgotsa se se tsamaisiwang mo boemong jwa sone, kgotsa se e leng kgotsa se se ikayang go nna tiragalo ya semolao.
- Ka sekai, Tsebe e e bidiwang "Phathi ya Nazi ya Amerika."
Re tlosa Kemedi ya Mekgatlho e e Tlhomilweng ya Maemo 1 le 2, Ditheo tse di Thibetsweng gore ke tsa Kilo, le ditiragalo tse di tlhomilweng.
Mefuta le Maemo a Mekgatlho e e Kotsi
Maemo 1: Borukutlhi, letlhoo le le rulagantsweng, tiro ya selekanyo se segolo sa bosenyi, maiteko a tirisodikgoka mo batlhaselweng ba le bantsi, tirisodikgoka mo batlhaselweng ba le bantsi, dipolao tsa batho ba bantsi, le ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao
Ga re letlelele batho ka nosi kgotsa mekgatlho e e tsayang karolo mo bosenying jo bo rulagantsweng, go akaretsa e e kailweng ke puso ya Amerika jaaka bokomang-ka-nna ba ba kailweng ka tsela e e kgethegileng, ba ba rekisang ditagi ka tsela e e seng mo molaong (di-SDNTK); ya letlhoo; kgotsa ya borukutlhi, go akaretsa ditheo tse di kailweng ke puso ya Amerika jaaka Mekgatlho ya Borukutlhi ya Dinaga di Sele (di-FTO) kgotsa Barukutlhi ba ba Kailweng ka Tsela e e Kgethegileng ba mo Lefatsheng ka Bophara (di-SDGT), go nna mo polatefomong. Gape ga re letlelele batho bangwe go emela ditheo tseno. Ga re letlelelele baeteledipele kgotsa maloko a a itsegeng thata a mekgatlho eno gore ba nne mo polatefomong eno, matshwao a a e emelang gore a dirisiwe mo polatefomong eno, kgotsa mafoko a a kwadilweng a a e tlotlomatsang kgotsa a a tlotlomatsang ditiro tsa yone. Mo godimo ga moo, re tlosa go tsamaisiwa ga kemonokeng e e bonalang epe ya batho bano le mekgatlho.
Ga re letlelele mafoko a a kwadilweng a a tlotlomatsang, a a emang nokeng ka tsela e e bonalang, kgotsa a a emelang ditiragalo tse Meta e di tlhaolang e le ditlhaselo tsa borukutlhi, ditiragalo tsa letlhoo, tirisodikgoka e e dirilweng mo batswasetlhabelong ba le bantsi kgotsa maiteko a tirisodikgoka e e dirilweng mo batswasetlhabelong ba le bantsi, dipolao tsa batho ba le bantsi, bosenyi jwa letlhoo kgotsa ditiragalo tsa tirisodikgoka tsa tlolomolao. Le gone ga re letlelele (1) go tlotlomadiwa, kemonokeng e e bonalang, kgotsa kemedi ya modirabosula/badirabosula ba ditlhaselo tsa go nna jalo; (2) diteng tse di dirilweng ke modirabosula tse di amanang le ditlhaselo tsa go nna jalo; kgotsa (3) ditshwantsho tsa motho yo mongwe tse di tlhalosang motlha wa ditlhaselo tsa go nna jalo mo batswasetlhabelong ba ba kgonang go bonwa ke mang le mang.
Gape ga re letlelele Tlotlomatso, Kemonokeng e e Bonalang, kgotsa Kemedi ya ditumelo tse di kaiwang e le tsa letlhoo.
Mekgatlho le batho ba dirukutlhi, ba ba tlhalosiwang e le kgato e e seng ya puso e e:
- Nnang le seabe mo, e buelelang, kgotsa e nayang kemonokeng e e bonalang ditiro tse di dirilweng ka boikaelelo kgotsa tse di rulagantsweng tsa tirisodikgoka,
- Tse di bakang kgotsa di lekang go bolaya baagi, kgotsa batho ba bangwe ba ba sa tseyeng karolo ka tlhamalalo mo bosetlhogong ka nako ya ntwa ya dibetsa, go lematsa kgotsa go gobatsa ka tsela e e masisi baagi, le/kgotsa tshenyo e kgolo ya dikago e e amanngwang le loso lwa batho fela, temalo e e masisi kgotsa kgobalo e e masisi ya bone.
- Ka boikaelelo jwa go rotloeletsa, go tshosa le/kgotsa go tlhotlheletsa baagi ba motse, puso, kgotsa mokgatlho wa mafatshefatshe.
- Ka boikaelelo jwa go fitlhelela maikaelelo a sepolotiki, tsa bodumedi, kgotsa tsa megopolo.
Setlhoi, e tlhalosiwa jaaka setheo kgotsa motho ka nosi yo o anamisang le go rotloetsa letlhoo kgatlhanong le ba bangwe go ya ka dipopego tsa bone tse di sireleditsweng. Ditiro tsa setheo di farologanngwa bobotlan ka maitsholo mangwe a a latelang:
- Tirisodikgoka, mefuta e e nang le matshosetsi a a builweng kgotsa a a kwadilweng, kgotsa mefuta e e kotsi ya letshwenyo e e totileng batho go ya ka dipopego tsa bone tse di sireleditsweng;
- Tiriso e e boaboelediwang ya puo ya letlhoo;
- Kemedi ya Dikakanyo tsa Letlhoo kgotsa Ditheo tse dingwe tse di kailweng tsa Letlhoo, le/kgotsa
- Tlotlomatso kgotsa tshegetso e e bonalang ya Ditlhoi kgotsa Dikakanyo tsa Letlhoo.
Mekgatlho ya Bosenyi, e e tlhalosiwang e le mophato wa batho ba le bararo kgotsa go feta ba ba:
- tshwaraganeng ba dirisa leina le lengwe, e le ba (me)mmala, (di)puo ya mabogo kgotsa matekwane a a itsiweng; le
- o o nnileng le seabe mo tirong ya bosenyi kgotsa o o tshosetsang go nna le seabe mo go yone e e tshwanang le go bolawa ga morafe wa batho, go rekisa ditagi, kgotsa go thopiwa ga batho ka dikgoka.
Tirisodikgoka ya Batswasetlhabelo ba Bantsi le Dipolao tsa Batho ba Bantsi
- Re tsaya gore tiragalo ke ya tirisodikgoka e e dirwang mo batlhaselweng ba bantsi kgotsa maiteko a go dira tirisodikgoka mo bathong ba le bantsi fa e felela ka kgobatso ya batho ba le bararo kgotsa go feta ka nako e le nngwe fela, e e tlhalosiwang e le dintsho kgotsa dikgobalo tse di masisi. Motho ope yo o dirileng tlhaselo ya mofuta ono o tsewa a le motlolamolao kgotsa yo o dirang boiteko jwa go tlola molao kgotsa tirisodikgoka mo bathong ba le bantsi.
- Re tsaya gore motho ope ka nosi yo o bolaileng batho ba le babedi kgotsa go feta mo ditiragalong tse dintsi kgotsa mo mafelong a le mantsi ke mmolai wa batho ba bantsi.
Ditumelo tsa letlhoo
- Lefa ditlhaloso tsa rona tsa mekgatlho le batho di remeletse mo boitshwarong, mme gape re lemoga gore go na le megopolo mengwe le ditumelo tse ka tlwaelo di nang le seabe mo tirisongdikgoka le maiteko a go rulaganya batho go ba kgothaletsa go dira tirisodikgoka kgotsa go kgaphela ba bangwe kwa thoko ka gonne e le ba mefuta e e sireleditsweng. Mo mabakeng ano, re tlhoma mogopolo ka boone re bo re tlosa mafoko a a kwadilweng a a emang mogopolo oo nokeng mo polatefomong ya rona. Megopolo eno e akaretsa:
- Bo-Nazi
- Go Tseelwagodimo ga Batho Basweu
- Bomorafe jwa Batho Basweu
- Go Itlhaola ga Batho Basweu
- Re tlosa Tlotlomatso e e mo Pepeneneng, Tshegetso e e Bonalang, le Kemedi ya megopolo eno, re tlosa batho le mekgatlho e e dumelang mo mogopolong ono wa letlhoo o le mongwe kgotsa e le mentsi.
Maemo 2: Batho le Mekgatlho ya Tirisodikgoka, ba e seng Karolo ya Puso
Mekgatlho le batho ka nosi ba ba tlhalosiwang ke Meta jaaka Batho le Mekgatlho ya Tirisodikgoka, ba e seng Karolo ya Puso, ga ba letlelelwe go nna teng mo Facebook, kgotsa ba go nna teng ga bone go tlhokometsweng ke ba bangwe mo boemong jwa bone. Ereka badirisimmogo bano ba na le seabe ka tlhagafalo mo tirisongdikgoka, go ema ditheo tseno ka tsela e e bonalang le gone ga go letlelelwe. Gape re tla tlosa go tlotlomadiwa ga tirisodikgoka mo go dirwang ke ditheo tseno.
Batsayakarolo mo Tirisongdikgoka e e Seng ya Puso, e e tlhalosiwang e le go tsaya karolo mo e seng ga puso gope fela go go:
- tsaya karolo mo ditirong tsa boikaelelo le tse di rulaganyeditsweng tirisodikgoka bogolo jang go lwantshana le masole a puso kgotsa setlhopha se sengwe sa batho ba ba tsholang dibetsa; le
- ga go baka kgotsa go leka go
- bolaya batho ba ba tsayang karolo ka tlhamalalo mo ditirong tsa bosetlhogo tse go dirisiwang ntwa ya dibetsa, le/kgotsa
- go thibela merafe go tsena mo matlong a botlhokwa le didirisiwa tsa tlhago, le/kgotsa go dira tshenyo e kgolo ya dikago, e e amanngwang le loso, tematso e kgolo e e masisi kgotsa kgobatso e e masisi ya batho ba ba sa tsholeng dibetsa
Maemo 3: Mekgatlho ya Batho ba ba Tlhometseng ka Dibetsa, Dineteweke tsa Maano a a Tlhotlheletsang Tirisodikgoka, le Ditheo tse di Thibetsweng ka ntlha ya Letlhoo
Ditsebe, Badirisimmogo, Ditiragalo, le Diporofaele kgotsa ditheo tse dingwe tsa Facebook tse di - kgotsa tse di ipolelelang gore ke tse di - tlhokometsweng ke, kgotsa mo boemong jwa, Mekgatlho ya Batho e e Tlhometseng ka Dibetsa le Dineteweke tsa Maano a a Tlhotlheletsang Tirisodikgoka ga di letlelelwe. Batsamaisi ba ditsebe tseno, badirisimmogo le ditiragalo le tsone di tla tlosiwa.
Tobetsa fano go buisa go le gontsi ka tsela e re buang le ditlhopha le mekgatlho e e golaganngwang le tirisodikgoka.
Ga re letlelele Kemedi ya Mekgatlho le Batho ka nosi ba ba tlhalosiwang ke Meta jaaka Ditheo tse di Thibetsweng Ka Ntlha Ya Letlhoo.
Mekgatlho ya Batho ba ba Tlhomeletseng ka Dibetsa (MSMs), e e akaretsang:
- Morafe wa Batho ba Bosole, ba ba tlhalosiwang e le batsayakarolo mo ditirong tse eseng tsa puso ba ba dirisang dibetsa e le karolo ya katiso ya bone, puisano, kgotsa go nna teng; mme ba rulagantswe kgotsa ba dira jaaka masole a eseng a puso kgotsa matsholo a tshireletseo mme:
- Ba dirisana mmogo go baakanyetsa tirisodikgoka kgotsa ntwa ya maraganateng a bana ba mpa, kgotsa
- Ba anamisa tshedimosetso mabapi le botswererere jwa go lwantshana ka dibetsa; kgotsa
- Ba rulaganya kgolagano ya tiriso ya dibetsa ka botswerere fa go na le kgotlhang kgotsa ntwa ya maraganateng kgotsa ya nako e e tlang.
- Merafe ya batho ba ba tshegetsang ditiro tsa tirisodikgoka fa go na le ditsogolelano, e e tlhalosiwang e le batsayakarolo ba eseng ba Puso ba gangwe le gape:
- Ba rulaganyang, ba rotloetsang, ba dumelang gore kgotsa ba tsayang karolo mo:
- Ba dira ditiro tsa tirisodikgoka ya mo mebileng kgatlhanong le batho fela ba ba sa tsholeng dibetsa kgotsa badiragatsamolao; kgotsa
- Go tshuba dikago, go utswa dilo ka nako ya dikgoberego, kgotsa ditsela tse dingwe tsa go senya dikago; kgotsa
- Ba tshosetsa go kgoreletsa ka tirisodikgoka tsamaiso ya ditlhopho; kgotsa
- Ba rotloeletsa go tlisiwa ga dibetsa mo lefelong le le rileng fa boikaelelo jwa bone e le go tshosetsa batho ka nako ya dikgoberego
Dikgolagano tsa Borukutlhi jwa go Tlhotlheletsa Tirisodikgoka(Violence-Inducing Conspiracy Networks [VICNs]), tse di tlhalosiwang e le Batsayakarolo mo Ditirong tse Eseng tsa Puso ba:
- Ba rulagana ba ipitsa leina, sesupo, mafoko a boikaelelo jwa bone, kgotsa letshwao; gape
- Ba rotloeletsa megopolo e e bontshiwang ke boitshwaro jwa tirisodikgoka kgotsa nyenyefatso ya batho kgotsa mekgatlho e e senotsweng ke metswedi e e ikanyegang; gape
- Ba tlhotlheleditse ditiragalo tse dintsi tsa tirisodikgoka ka sebele e e dirilweng ke ba ba dirisanang le bone ba tlhotlhelediwa ke go batla go tlhokomedisa kgotsa go baakanya tse ba reng ke dikgobatso tse di rotloediwang ke megopolo eno e e senotsweng.
Ditheo tse di Thibetsweng ka Ntlha ya Letlhoo, tse di tlhalosiwang e le ditheo tse di tsayang karolo mo boitshwarong jo bo boaboelediwang jwa letlhoo kgotsa puo e e tlhotlheletsang letlhoo, mme di sa tlhatloge go nna setheo sa Maemo1 ka gonne di sa tseye karolo mo tirisong ya dikgoka, kgotsa ka gonne di sa tshegetse tirisodikgoka, kgotsa ka gonne di tlhaela dikgolagano tse di lekaneng le mekgatlho kgotsa batho ba ba tlhalositsweng mo nakong e e fetileng.
Malebana le Melao ya Badirisimmogo e e latelang, re batla tshedimosetso e nngwe gape le/kgotsa tlhaloso e e oketsegileng go diragatsa:
- Mo mabakeng a a rileng, re tla letlelela mafoko a a kwadilweng a ka tsela nngwe a ka tswang a tlola Melao ya Badirisimmogo fa go tlhomamisiwa gore mafoko a a kwadilwneg ao ke motlae. Tshedimosetso e tla letlelelwa fela fa e le gore dikarolwana tse di tlolang molao tsa tshedimosetso di dirwa motlae kgotsa di lebisitswe go sengwe kgotsa go mongwe o sele go mo kgoba kgotsa go mo tshwaya phoso.
Re ntšhafatsa Melao ya Badirisimmogo go bontsha legato la ntlha la tsenyotirisong ya tokafatso ya pholisi ya tlotlomatso, e e akaretsang go letlelelwa ga puisano ya loago le ya sepolitiki ka selekano se segolo. Re tsenya ditlhaloso le dikai tsa bobegakgang, dipuisano tse di sa tseyeng letlhakore le go kgalwa ga DOI, ka tsela e go atlanegisitsweng ke Boto ya Bookamedi mo kgetseng ya ga AI-Jazeera.
28 Moran 2023
Mabaka a Pholisi
Ka maiteko a go thibela le go kgoreletsa kgobalo ya mmatota, ga re letlelele mekgatlho kgotsa batho ka nosi ba ba itsiseng phatlalatsa tiro ya tirisodikgoka kgotsa ba ba tsayang karolo mo tirisong ya dikgoka go nna mo Facebook. Re sekaseka ditheo tseno go ya ka maitsholo a bone fa ba le mo inthaneteng le fa ba se mo inthaneteng, mme sa botlhokwa, kgolagano ya bone le tirisodikgoka. Mo pholising eno, re tlhoma batho ka nosi, mekgatlho, le ditshwaragano tsa batho. Maemo ano a kgaogantswe ka maemo a le mararo a a bontshang maemo a tiragatso ya molao wa diteng, moo Maemo 1 a feleletsang a le mo tiragatsong e e tseneletseng thata ya molao gonne re dumela gore ditheo tseno di na le dikgolagano ka tlhamalalo le kgobatso e e sa dirweng mo inthaneteng.
Maemo 1 a tsepamisa mo ditheong tse di tsayang karolo mo dikgobatsong tse di sa dirweng mo inthaneteng - go akaretsa go rulaganya kgotsa go tshegetsa tirisodikgoka kgatlhanong le baagi, go diga batho seriti mo go boaboelediwang kgotsa go tshegetsa kgobatho ya batho go ya ka dipopego tse di sireleditsweng, kgotsa go tsaya karolo mo ditirong tsa thulaganyo e e rileng ya bosenyi. Ditheo tsa Maemo 1 di akaretsa mekgatlho ya borukutlhi, ya letlhoo, le ya bosenyi. Re tlosa tlotlomatso, tshegetso e e bonalang, le kemedi ya ditheo tsa Maemo 1 ga mmogo le baeteledipele ba tsone, batlhami, kgotsa maloko a maemo a a kwa godimo. Maemo 1 a akaretsa mekgatlho ya letlhoo; mekgatlho ya bosenyi; go akaretsa e e tlhomilweng ke puso ya Amerika jaaka Dikomangkanna tse di Dirang Kgwebisano e e Kgethegileng ya Diritibatsi (di-SDNTK); le mekgatlho ya borukutlhi, go akaretsa ditheo le batho ka nosi ba ba tlhomilweng ke puso ya Amerika jaaka Mekgatlho ya Boditshaba ya Borukutlhi (di-FTO) kgotsa Dirukutlhi tsa mo Lefatsheng Lotlhe tse di Tlhomilweng ka tsela e e Kgethegileng (di-SDGT) Re tlosa tlotlomatso, tshegetso e e bonalang, le kemedi ya ditheo tsa Maemo 1 gammogo le baeteledipele ba tsone, batlhami, kgotsa maloko a maemo a a kwa godimo.
Mo godimo ga moo, ga re letlelele tshedimosetso e e tlotlomatsang, e e tshegetsang ka tsela e e bonalang, kgotsa e e emelang ditiragalo tse di tlhalositsweng ke FacebookMeta jaaka ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao - go akaretsa ditlhaselo tsa borukutlhi, ditiragalo tsa letlhoo, tirisodikgoka mo batswasetlhabelong ba bantsi kgotsa maiteko a tirisodikgoka mo batswasetlhabelong ba bantsi, metseletseleya dipolao, kgotsa bosenyi jwa letlhoo. E bile ga re letlelele (1) tlotlomatso, tshegetso e e bonalang, kgotsa kemedi ya molatofadiwa/balatofadiwa ba ditlhaselo tsa go nna jalo ; (2) tshedimosetso e e tlhamilweng ke molatofadiwa e e amanang le ditlhaselo tsa go nna jalo; kgotsa (3) ditshwantsho tsa motho yo mongwe tse di bontshang motlha wa ditlhaselo tsa go nna jalo mo batswasetlhabelong ba go bonalang gore ke bone bomang. Gape re tlosa tshedimosetso e e tlotlomatsang, e e tshegetsang mo go bonalang kgotsa e e emelang dikakanyo tse di rotloetsang letlhoo, tse di jaaka bosemorafe le kakanyo ya gore basweu ba mo maemong a a kwa godimo go feta merafe e mengwe.
Maemo 2 a tsepamisa mo ditheong tse di tsayang karolo mo tirisodikgokeng kgatlhanong puso kgotsa sesole mme di sa tote ka kakaretso baagi -- ke se re se bitsang “Badiragatsi ba Tirisodikgoka ba e seng ba Puso.” Re tlosa tshegetso yotlhe e e bonalang le kemedi ya ditheo tseno, baeteledipele ba tsone, le maloko a tsone a maemo a a kwa godimo. Re tlosa tlotlomatso epe ya ditirwana tsa tirisodikgoka tsa ditlhopha tseno.
Maemo 3 a tsepamisa mo ditheong tse di tsayang karolo ka go ipoapoeletsa mo ditlolomolaong tsa dipholisi tsa Puo ya Letlhoo kgotsa tsa Mekgatlho e e Kotsi mo polatefomong kgotsa e seng mo polatefomong kgotsa tse di bontshang maikaelelo a a tseneletseng a go tsaya karolo mo tirisong ya dikgoka e e sa dirweng mo inthaneteng mo isagong e e gautshwane, mme di ise di tsamaye di tseye karolo mo tirisong ya dikgoka go fitlha ga jaana kgotsa tse di tshegeditseng tirisodikgoka kgatlhanong le ba bangwe go ya ka dipopego tsa bone tse di sireleditsweng. . Seno se akaretsa Mekgatlho ya Batho ya Sesole, Dintlhaga tsa Togamaano e e Tlhotlheletsang Tirisodikgoka, le batho ka nosi le ditlhopha tse di thibetsweng go rotloetsa letlhoo. Ditheo tsa Maemo 3 di ka tswa di se teng kgotsa di ka tswa di sa gokagane mo dipolatefomong tsa rona.
Re lemoga gore badirisi ba ka nna ba abelana diteng tse di akaretsang dikumako tsa mekgatlho e e kotsi le batho ba ba kotsi go bega, go kgala, kgotsa go buisana ka bone kgotsa ka ditiro tsa bone tse ba di dirang, ntle le tshegetso epe. Dipholisi tsa rona di rulaganyeditswe go neela tshono ya mefuta eno ya dipuisano fa ka nako e le nngwe di lekanyetsa dikotsi tsa kgobalo e e ka diregang, e e sa dirweng mo inthaneteng.
Ka jalo re batla gore batho ba bontshe mo go utlwalang gore maikaelelo a bone ke eng fa ba tlhama kgotsa fa ba abelana diteng tsa go nna jalo. Fa e le gore maikaelelo a modirisi ga a tlhaloganyesege kgotsa ga a utlwale sentle, re dira thulaganyetsopele e e itirisang ya go tlosa diteng tseo.
Go ya ka molao wa boditšhabatšhaba wa ditshwanelo tsa batho, dipholisi tsa rona di neela tšhono ya dipuisano tse di ka ga ditshwanelo tsa batho ka nosi kgotsa maloko a a tlhophilweng a ditheo tse di kotsi, ntle le fa tshedimosetso e akaretsa tlotlomatso e nngwe, tshegetso e e bonalang, kgotsa kemedi ya ditheo tse di tlhophilweng kgotsa ditlolomolao tse dingwe tsa pholisi, tse di jaaka tlhotlheletso ya tirisodikgoka.
Tsweetswee bona Pholisi ya rona ya Ditshwanelo tsa Batho ba mo Setlamong go bona tshedimosetso e ntsi ka ga maitlamo a rona mo ditshwanelong tsa batho tse di tlotliwang mo mafatsheng otlhe.
Re Tlosa:
Re tlosa Kgalaletso, Tshegetso e e Bonalang, le Kemedi ya Mekgatlho e e Kotsi e e farologaneng. Megopolo eno e dira mo mekgatlhong eno ka boyone, ditiro tsa yone, le maloko a yone. Megopolo eno ga e thibele go buelela ka kagiso diphelelo tsa sepolotiki tse dirileng.
Kgalaletso, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Go bua sentle ka setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Balwela Puso ya Bomoselema ba pelokgale tota!"
- Go akgola setheo se se rileng kgotsa tiragalo gore e atlegile;
- Ka sekai, "Timothy McVeigh ke mosweladikano."
- Gore tiro ya setheo se se rileng e kafa molaong ka go bua gore boitshwaro jwa bone jwa kilo, jwa tirisodikgoka, kgotsa bokebekwa bo kafa molaong, bo siame, kgotsa gore ka tsela nngwe bo dirwa ka mabaka a a siameng kgotsa bo a amogelesega;
- Ka sekai, "Ga go na sepe se se phoso se Hitlelara a se dirileng."
- Go itsalanya le megopolo ya setheo se se rileng kgotsa tiragalo.
- Ka sekai, "Nna ke ema le Brenton Tarrant."
Re tlosa Tlotlomatso ya ditheo tsa Maemo 1 le ditiragalo tse di rileng. Gape re tlosa tlotlomatso ya tirisodikgoka e e dirilweng ke ditheo tsa Maemo 2.
Tshegetso e e Bonalang, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Tiragalo epe e e tokafatsang seemo sa ditšhelete sa setheo se se rileng - gammogo le go romela madi kwa, kgotsa go tswa mo setheong se se rileng;
- Ka sekai, "Naya KKK mpho ya madi!"
- Tiro epe ya go naya setheo se se rileng kgotsa tiragalo thuso ya madi;
- Ka sekai, "Fa e le gore o batla go romelela Sinaloa Cartel diphuthelwana tsa tlhokomelo, dirisa aterese eno:"
- Go tlhaba mokgosi wa go tsaya karolo mo boemong jwa setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Ikgolaganye le Atomwaffen Division - (XXX) XXX-XXXX”
- Go thaopela batho setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Fa e le gore o batla go lwela Caliphate, nthomelela molaetsa ka DM"
- Go fetisa tshedimosetso kgotsa didirisiwa, tse di akaretsang puisano ya semolao, mo boemong jwa setheo se se rileng kgotsa tiragalo
- Ka sekai, Go tsopola setheo se se rileng go sena mokwalotlase o o se kgalang, go bua ka go sa tseye letlhakore, kgotsa o le karolo ya bobegadikgang.
Re tlosa Kemonokeng e e Bonalang ya ditheo tsa Maemo 1 le Maemo 2 le ditiragalo tse di tlhophilweng.
Kemedi, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Go bolela gore o leloko la setheo se se tlhomilweng, kgotsa o setheo se se tlhomilweng;
- Ka sekai, "Nna ke terakone e kgolo ya KKK."
- Go tlhama Tsebe, Porofaele, Tiragalo, Setlhopha, kgotsa setheo se sengwe sa Facebook se e leng kgotsa se se ikayang gore ke sa Setheo se se Tlhomilweng kgotsa se se tsamaisiwang mo boemong jwa sone, kgotsa se e leng kgotsa se se ikayang go nna tiragalo ya semolao.
- Ka sekai, Tsebe e e bidiwang "Phathi ya Nazi ya Amerika."
Re tlosa Kemedi ya Mekgatlho e e Tlhomilweng ya Maemo 1 le 2, Ditheo tse di Thibetsweng ka Ntlha ya Letlhoo, le ditiragalo tse di kailweng.
Mefuta le Maemo a Mekgatlho e e Kotsi
Maemo 1: Borukutlhi, tiro e e rulagantsweng ya letlhoo, tiro ya bosenyi jo bogolo, maiteko a tirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba bantsi, tirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba bantsi, dipolao tsa bathoba bantsi, le ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao
Ga re letlelele batho ka nosi kgotsa mekgatlho e e tsayang karolo mo bosenying jo bo rulagantsweng, go akaretsa e e kailweng ke puso ya Amerika jaaka bokomang-ka-nna ba ba kailweng ka tsela e e kgethegileng, ba ba rekisang ditagi ka tsela e e seng mo molaong (di-SDNTK); ya letlhoo; kgotsa ya borukutlhi, go akaretsa ditheo tse di kailweng ke puso ya Amerika jaaka Mekgatlho ya Borukutlhi ya Dinaga di Sele (di-FTO) kgotsa Barukutlhi ba ba Kailweng ka Tsela e e Kgethegileng ba mo Lefatsheng ka Bophara (di-SDGT), go nna mo polatefomong. Gape ga re letlelele batho bangwe go emela ditheo tseno. Ga re letlelelele baeteledipele kgotsa maloko a a itsegeng thata a mekgatlho eno gore ba nne mo polatefomong eno, matshwao a a e emelang gore a dirisiwe mo polatefomong eno, kgotsa mafoko a a kwadilweng a a e tlotlomatsang kgotsa a a tlotlomatsang ditiro tsa yone. Mo godimo ga moo, re tlosa go tsamaisiwa ga kemonokeng e e bonalang epe ya batho bano le mekgatlho.
Ga re letlelele mafoko a a kwadilweng a a tlotlomatsang, a a emang nokeng ka tsela e e bonalang, kgotsa a a emelang ditiragalo tse Meta e di tlhaolang e le ditlhaselo tsa borukutlhi, ditiragalo tsa letlhoo, tirisodikgoka e e dirilweng mo batswasetlhabelong ba le bantsi kgotsa maiteko a tirisodikgoka e e dirilweng mo batswasetlhabelong ba le bantsi, dipolao tsa batho ba le bantsi, bosenyi jwa letlhoo kgotsa ditiragalo tsa tirisodikgoka tsa tlolomolao. E bile ga re letlelele (1) tlotlomatso, tshegetso e e bonalang, kgotsa kemedi ya molatofadiwa/balatofadiwa ba ditlhaselo tsa go nna jalo; (2) tshedimosetso e e tlhamilweng ke molatofadiwa e e amanang le ditlhaselo tsa go nna jalo; kgotsa (3) ditshwantsho tsa motho yo mongwe tse di bontshang motlha wa ditlhaselo tsa go nna jalo mo batswasetlhabelong ba go bonalang gore ke bone bomang.
Gape ga re letlelele Tlotlomatso, Tshegetso e e Bonalang, kgotsa Kemedi ya dikakanyo tse di kailweng e le tsa letlhoo.
Mekgatlho le batho ba dirukutlhi, ba ba tlhalosiwang e le kgato e e seng ya puso e e:
- Nnang le seabe mo, e buelelang, kgotsa e nayang kemonokeng e e bonalang ditiro tse di dirilweng ka boikaelelo kgotsa tse di rulagantsweng tsa tirisodikgoka,
- Tse di bakang kgotsa di lekang go bolaya baagi, kgotsa batho ba bangwe ba ba sa tseyeng karolo ka tlhamalalo mo bosetlhogong ka nako ya ntwa ya dibetsa, go lematsa kgotsa go gobatsa ka tsela e e masisi baagi, le/kgotsa tshenyo e kgolo ya dikago e e amanngwang le loso lwa batho fela, temalo e e masisi kgotsa kgobalo e e masisi ya bone.
- Ka boikaelelo jwa go rotloeletsa, go tshosa le/kgotsa go tlhotlheletsa baagi ba motse, puso, kgotsa mokgatlho wa mafatshefatshe.
- Go fitlhelela maikaelelo a sepolitiki, a sedumedi, kgotsa a dikakanyo le megopolo e e rileng.
rulagantsweng ka fa tlase ga leina, kgotsa letshwao lengwe; e bileba na le dikakanyo tse di rileng, dipolelo, kgotsa ditiro tse di gobatsang mmele tse go tlhaselwang batho ka nosi go ya ka dipharologantsho tsa bone, go akaretsa lotso, botokololo jwa sedumedi, bosetšhaba jwa kwa tshimologong, kgolafalo, bomorafe, bong, thobalano, kgatlhego ya gore motho o robalana kgotsa o ratana le motho wa bong bofe, kgotsa bolwetse jo bo masisi.
Setheo sa Letlhoo, se tlhalosiwa jaaka mokgatlho kgotsa motho ka nosi yo o anamisang le go rotloetsa letlhoo kgatlhanong le ba bangwe go ya ka dipharologantsho tsa bone tse di sireleditsweng. Ditiro tsa setheo di farologantshiwa bobotlana ka maitsholo mangwe a a latelang:
- Tirisodikgoka, puotlhotlheletso e e matshosetsi, kgotsa mefuta e e kotsi ya letshwenyo e e totileng batho go ya ka dipharologantsho tsa bone tse di sireleditsweng;
- Tiriso e e boaboelediwang ya puo ya letlhoo;
- Kemedi ya Dikakanyo le Megopolo ya Letlhoo kgotsa Ditheo tse dingwe tse di kailweng tsa Letlhoo, le/kgotsa
- Tlotlomatso kgotsa tshegetso e e bonalang ya Ditheo tse dingwe tse di kailweng tsa Letlhoo kgotsa Dikakanyo le Megopolo ya Letlhoo.
Mekgatlho ya Bosenyi, e e tlhalosiwang e le setlhopha sa batho ba le bararo kgotsa go feta ba ba:
- tshwaraganeng ba dirisa leina le lengwe, e le ba (me)mmala, (di)puo ya mabogo kgotsa matekwane a a itsiweng; le
- tsayang karolo mo tirong ya bosenyi kgotsa ba ba tshosetsang go tsaya karolo mo tirong ya bosenyi e e jaaka polao, thekiso e e seng mo molaong ya diritibatsi, kgotsa botshwarwakananyo.
Tirisodikgoka ya Batswasetlhabelo ba Bantsi le Metseletseleya Dipolao tse Dintsi
- Re tsaya gore tiragalo ke ya tirisodikgoka e e dirwang mo batlhaselweng ba bantsi kgotsa maiteko a go dira tirisodikgoka mo bathong ba le bantsi fa e felela ka kgobatso ya batho ba le bararo kgotsa go feta ka nako e le nngwe fela, e e tlhalosiwang e le dintsho kgotsa dikgobalo tse di masisi. Motho ope yo o dirileng tlhaselo ya mofuta ono o tsewa a le motlolamolao kgotsa yo o dirang boiteko jwa go tlola molao kgotsa tirisodikgoka mo bathong ba le bantsi.
- Re tsaya gore motho ope ka nosi yo o bolaileng batho ba le babedi kgotsa go feta mo ditiragalong tse dintsi kgotsa mo mafelong a mantsi ke mmolai wa
metseletsele yadipolao tse dintsi.
Dikakanyo le Megopolo ya letlhoo
- Lefa ditlhaloso tsa rona tsa mekgatlho le batho di remeletse mo boitshwarong, mme gape re lemoga gore go na le megopolo mengwe le ditumelo tse ka tlwaelo di nang le seabe mo tirisongdikgoka le maiteko a go rulaganya batho go ba kgothaletsa go dira tirisodikgoka kgotsa go kgaphela ba bangwe kwa thoko ka gonne e le ba mefuta e e sireleditsweng. Mo mabakeng ano, re tlhoma mogopolo ka boone re bo re tlosa mafoko a a kwadilweng a a emang mogopolo oo nokeng mo polatefomong ya rona. Megopolo eno e akaretsa:
- Bo-Nazi
- Go Tseelwagodimo ga Batho Basweu
- Bomorafe jwa Batho Basweu
- Go Itlhaola ga Batho Basweu
- Re tlosa Tlotlomatso e e mo pepeneneng, Tshegetso e e Bonalang, le Kemedi ya megopolo eno, re tlosa batho le mekgatlho e e dumelang mo mogopolong ono wa letlhoo o le mongwe kgotsa e le mentsi.
Maemo 2: Batho le Mekgatlho ya Tirisodikgoka, ba e seng karolo ya Puso
Mekgatlho le batho ka nosi ba ba tlhalosiwang ke Meta jaaka Batho le Mekgatlho ya Tirisodikgoka, ba e seng Karolo ya Puso, ga ba letlelelwe go nna teng mo Facebook, kgotsa ba go nna teng ga bone go tlhokometsweng ke ba bangwe mo boemong jwa bone. Ereka badirisimmogo bano ba na le seabe ka tlhagafalo mo tirisongdikgoka, go ema ditheo tseno ka tsela e e bonalang le gone ga go letlelelwe. Gape re tla tlosa go tlotlomadiwa ga tirisodikgoka mo go dirwang ke ditheo tseno.
Batsayakarolo mo Tirisongdikgoka e e Seng ya Puso, e e tlhalosiwang e le go tsaya karolo mo e seng ga puso gope fela go go:
- tsaya karolo mo ditirong tsa boikaelelo le tse di rulaganyeditsweng tirisodikgoka bogolo jang go lwantshana le masole a puso kgotsa setlhopha se sengwe sa batho ba ba tsholang dibetsa; le
- ga go baka kgotsa go leka go
- bolaya batho ba ba tsayang karolo ka tlhamalalo mo ditirong tsa bosetlhogo tse go dirisiwang ntwa ya dibetsa, le/kgotsa
- itsa baagi go fitlhelela mafaratlhatlha a botlhokwa le metswedithuso ya tlholego, le/kgotsa go senya thoto mo go bonalang, e e amanngwang le loso, kgobalo e e masisi kgotsa tshenyegelo e e masisi ya baagi
Maemo 3: Mekgatlho ya Batho ba ba Tlhometseng ka Dibetsa, Dineteweke tsa Maano a a Tlhotlheletsang Tirisodikgoka, le Ditheo tse di Thibetsweng ka ntlha ya Letlhoo
Ditsebe, Badirisimmogo, Ditiragalo, le Diporofaele kgotsa ditheo tse dingwe tsa Facebook tse - kgotsa di ipolelelang gore ke ditheo tseo - di tlhokometsweng ke, kgotsa mo boemong jwa, Mekgatlho ya Batho e e Tlhometseng ka Dibetsa le Dineteweke tsa Maano a a Tlhotlheletsang Tirisodikgoka ga di letlelelwe. Batsamaisi ba ditsebe tseno, badirisimmogo le ditiragalo le tsone di lta tlosiwa.
Tobetsa fano go buisa go le gontsi ka tsela e re buang le ditlhopha le mekgatlho e e golaganngwang le tirisodikgoka.
Ga re letlelele Kemedi ya Mekgatlho le batho ka nosi ba ba tlhalosiwang ke Meta jaaka Ditheo tse di Thibetsweng ka Ntlha ya Letlhoo.
Mekgatlho ya Batho ba ba Tlhomeletseng ka Dibetsa (MSMs), e e akaretsang:
- Morafe wa Batho ba Bosole, ba ba tlhalosiwang e le batsayakarolo mo ditirong tse eseng tsa puso ba ba dirisang dibetsa e le karolo ya katiso ya bone, puisano, kgotsa go nna teng; mme ba rulagantswe kgotsa ba dira jaaka masole a eseng a puso kgotsa matsholo a tshireletseo mme:
- Ba dirisana mmogo go baakanyetsa tirisodikgoka kgotsa ntwa ya maraganateng a bana ba mpa, kgotsa
- Ba anamisa tshedimosetso mabapi le botswererere jwa go lwantshana ka dibetsa; kgotsa
- Ba rulaganya kgolagano ya tiriso ya dibetsa ka botswerere fa go na le kgotlhang kgotsa ntwa ya maraganateng kgotsa ya nako e e tlang.
- Merafe ya batho ba ba tshegetsang ditiro tsa tirisodikgoka fa go na le ditsogolelano, e e tlhalosiwang e le batsayakarolo ba eseng ba Puso ba gangwe le gape:
- Ba rulaganyang, ba rotloetsang, ba dumelang gore kgotsa ba tsayang karolo mo:
- Ba dira ditiro tsa tirisodikgoka ya mo mebileng kgatlhanong le batho fela ba ba sa tsholeng dibetsa kgotsa badiragatsamolao; kgotsa
- Go tshuba dikago, go utswa dilo ka nako ya dikgoberego, kgotsa ditsela tse dingwe tsa go senya dikago; kgotsa
- Ba tshosetsa go kgoreletsa ka tirisodikgoka tsamaiso ya ditlhopho; kgotsa
- Ba rotloeletsa go tlisiwa ga dibetsa mo lefelong le le rileng fa boikaelelo jwa bone e le go tshosetsa batho ka nako ya dikgoberego
Dikgolagano tsa Borukutlhi jwa go Tlhotlheletsa Tirisodikgoka(Violence-Inducing Conspiracy Networks [VICNs]), tse di tlhalosiwang e le Batsayakarolo mo Ditirong tse Eseng tsa Puso ba:
- Ba rulagana ba ipitsa leina, sesupo, mafoko a boikaelelo jwa bone, kgotsa letshwao; gape
- Ba rotloeletsa megopolo e e bontshiwang ke boitshwaro jwa tirisodikgoka kgotsa nyenyefatso ya batho kgotsa mekgatlho e e senotsweng ke metswedi e e ikanyegang; gape
- Ba tlhotlheleditse ditiragalo tse dintsi tsa tirisodikgoka ka sebele e e dirilweng ke ba ba dirisanang le bone ba tlhotlhelediwa ke go batla go tlhokomedisa kgotsa go baakanya tse ba reng ke dikgobatso tse di rotloediwang ke megopolo eno e e senotsweng.
Ditheo tse di Thibetsweng ka Ntlha ya Letlhoo, tse di tlhalosiwang e le ditheo tse di tsayang karolo mo boitshwarong jo bo boelediwang jwa letlhoo kgotsa puo e e tlhotlheletsang letlhoo, mme di sa tlhatloge go nna setheo sa Maemo1 ka gonne di sa tseye karolo mo tirisong ya dikgoka, kgotsa ka gonne di sa tshegetse tirisodikgoka, kgotsa ka gonne di tlhaela dikgolagano tse di lekaneng le mekgatlho kgotsa batho ba ba tlhalositsweng mo nakong e e fetileng.
Malebana le Melao ya Badirisimmogo e e latelang, re batla tshedimosetso e nngwe gape le/kgotsa tlhaloso e e oketsegileng go diragatsa:
- Mo mabakeng a a rileng, re tla letlelela mafoko a a kwadilweng a ka tsela nngwe a ka tswang a tlola Melao ya Badirisimmogo fa go tlhomamisiwa gore mafoko a a kwadilwneg ao ke motlae. Tshedimosetso e tla letlelelwa fela fa e le gore dikarolwana tse di tlolang molao tsa tshedimosetso di dirwa motlae kgotsa di lebisitswe go sengwe kgotsa go mongwe o sele go mo kgoba kgotsa go mo tshwaya phoso.
Ntšhafatso eno e theilwe mo pegelong e e neetsweng ke mefutafuta e e farologaneng ya baitseanape le mekgatlho, go akaretsa borasaense ba sepolitiki, baitseanape ba tshekatsheko ya bosenyi, baitseanape ba loago, baitseanape ba tshekatsheko ya tshegetso ya dikakanyo le megopolo ya tirisodikgoka le letlhoo mo inthaneteng, batlhankedi ba maloba ba tiragatsomolao, le ditlhopha tsa ditshwanelo tsa batho le kgololesego ya tlhagisomaikutlo. Mo ditherisanong tsa rona, re sekasekile tsela ya go oketsa nepagalo ya matshwao a rona a a kailweng e le Setheo sa Letlhoo gore e rulagane botoka le mekgwatiriso ya rona le melawanatheo ya botlhokwa. Bannaleseabe ba bontshitse tshegetso mo seemong sa matshwao sa go fitlhelela ga jaana, mme gape ba kopile go akarediwa ga maitsholo a a amanang le tshedimosetso e e fosagetseng ya letlhoo, ditiori tsa maano a a rileng, le go batla kgotsa go phasalatso tshedimosetso ya motho mo inthaneteng go ya ka Dipharologantsho tse di Sireleditsweng, gammogo le gore tlhaloso ya ditheo tsa letlhoo e atolosiwe go akaretsa letlhoo puo ya semmuso ya letlhoo.
24 Sedimont 2021
Mabaka a Pholisi
Ka maiteko a go thibela le go kgoreletsa kgobalo ya mmatota, ga re letlelele mekgatlho kgotsa batho ka nosi ba ba itsiseng phatlalatsa tiro ya tirisodikgoka kgotsa ba ba tsayang karolo mo tirisong ya dikgoka go nna mo Facebook. Re sekaseka ditheo tseno go ya ka maitsholo a bone fa ba le mo inthaneteng le fa ba se mo inthaneteng, mme sa botlhokwa, kgolagano ya bone le tirisodikgoka. Mo pholising eno, re tlhoma batho ka nosi, mekgatlho, le ditshwaragano tsa batho. Maemo ano a kgaogantswe ka maemo a le mararo a a bontshang maemo a tiragatso ya molao wa diteng, moo Maemo 1 a feleletsang a le mo tiragatsong e e tseneletseng thata ya molao gonne re dumela gore ditheo tseno di na le dikgolagano ka tlhamalalo le kgobatso e e sa dirweng mo inthaneteng.
Maemo 1 a tsepamisa mo ditheong tse di tsayang karolo mo dikgobatsong tse di sa dirweng mo inthaneteng - go akaretsa go rulaganya kgotsa go tshegetsa tirisodikgoka kgatlhanong le baagi, go diga batho seriti mo go boaboelediwang kgotsa go tshegetsa kgobatho ya batho go ya ka dipopego tse di sireleditsweng, kgotsa go tsaya karolo mo ditirong tsa thulaganyo e e rileng ya bosenyi. Ditheo tsa Maemo 1 di akaretsa mekgatlho ya borukutlhi, ya letlhoo, le ya bosenyi. Re tlosa tlotlomatso, tshegetso e e bonalang, le kemedi ya ditheo tsa Maemo 1 ga mmogo le baeteledipele ba tsone, batlhami, kgotsa maloko a maemo a a kwa godimo. Maemo 1 a akaretsa mekgatlho ya letlhoo; mekgatlho ya bosenyi; go akaretsa e e tlhomilweng ke puso ya Amerika jaaka Dikomangkanna tse di Dirang Kgwebisano e e Kgethegileng ya Diritibatsi (di-SDNTK); le mekgatlho ya borukutlhi, go akaretsa ditheo le batho ka nosi ba ba tlhomilweng ke puso ya Amerika jaaka Mekgatlho ya Boditshaba ya Borukutlhi (di-FTO) kgotsa Dirukutlhi tsa mo Lefatsheng Lotlhe tse di Tlhomilweng ka tsela e e Kgethegileng (di-SDGT) Re tlosa kgalaletso, tshegetso e e bonalang, le kemedi ya ditheo tsa Maemo 1 gammogo le baeteledipele ba tsone, kgotsa maloko a maemo a a kwa godimo.
Mo godimo ga moo, ga re letlelele mafoko a a kwadilweng a a tlotlomatsang, a a emang nokeng ka tsela e e bonalang, kgotsa a a emelang ditiragalo tse Facebook e a tlhaolang e le a go tlola molao wa ditiragalo tsa tirisodikgoka - gammogo le ditlhaselo tsa borukutlhi, ditiragalo tsa kilo, tirisisodikgoka mo bathong ba le bantsi kgotsa maiteko a tirisodikgoka mo bathong ba le bantsi, dipolao tsa batho ba le bantsi, kgotsa bokebekwa jwa kilo. Le gone ga re letlelele go tlotlomadiwa, kemonokeng e e bonalang, kgotsa kemedi ya (ba)modirabosula ya ditlhaselo tseo. Gape re tlosa mafoko a a kwadilweng a tlotlomatso, kemonokeng e e bonalang kgotsa e e emelang megopolo e e rotloeletsang kilo, e e tshwanang le bo-nazi le tlotlomalo ya batho basweu.
Maemo 2 a tsepamisa mo ditheong tse di tsayang karolo mo tirisodikgokeng kgatlhanong puso kgotsa sesole mme di sa tote ka kakaretso baagi -- ke se re se bitsang “Badiragatsi ba Tirisodikgoka ba e seng ba Puso.” Re tlosa tshegetso yotlhe e e bonalang le kemedi ya ditheo tseno, baeteledipele ba tsone, le maloko a tsone a maemo a a kwa godimo. Re tlosa tlotlomatso epe ya ditirwana tsa tirisodikgoka tsa ditlhopha tseno.
Maemo 3 a tsepamisa mo ditheong tse di tsayang karolo ka go ipoapoeletsa mo ditlolomolaong tsa dipholisi tsa Puo ya Letlhoo kgotsa tsa Mekgatlho e e Kotsi mo polatefomong kgotsa e seng mo polatefomong kgotsa tse di bontshang maikaelelo a a tseneletseng a go tsaya karolo mo tirisong ya dikgoka e e sa dirweng mo inthaneteng mo isagong e e gautshwane, mme di ise di tsamaye di tseye karolo mo tirisong ya dikgoka go fitlha ga jaana kgotsa tse di tshegeditseng tirisodikgoka kgatlhanong le ba bangwe go ya ka dipopego tsa bone tse di sireleditsweng. . Seno se akaretsa Mekgatlho ya Batho ya Sesole, Dintlhaga tsa Togamaano e e Tlhotlheletsang Tirisodikgoka, le batho ka nosi le ditlhopha tse di thibetsweng go rotloetsa letlhoo. Ditheo tsa Maemo 3 di ka tswa di se teng kgotsa di ka tswa di sa gokagane mo dipolatefomong tsa rona.
Re lemoga gore badirisi ba ka tswa ba abelana tshedimosetso e e akaretsang dikumako tsa mekgatlho e e kailweng e le kotsi le batho ka nosi ba ba kotsi go bega, go kgala, kgotsa go buisana ka tsone kgotsa ditiro tsa tsone kwa ntle ga go tsaya letlhakore. Dipholisi tsa rona di diretswe go letlelela mefuta eno ya dipuisano fa e lekanyetsa ka nako e le nngwe matshosetsi a a ka nnang teng kwa ntle ga inthanete., mme ka jalore tlhoka batho go tlhalosa sentle maikaelelo a bonefa ba tlhama kgotsa ba abelana tshedimosetso ya go nna jalo. Fa e le gore maikaeleloa modirisi a bokaopedi kgotsaga a tlhaloganyesege, re ka nna raboela go go tloseng tshedimosetso.
Go ya ka molao wa boditšhabatšhaba wa ditshwanelo tsa batho, dipholisi tsa rona di neela tšhono ya dipuisano tse di ka ga ditshwanelo tsa batho ka nosi kgotsa maloko a a tlhophilweng a ditheo tse di kotsi, ntle le fa tshedimosetso e akaretsa tlotlomatso e nngwe, tshegetso e e bonalang, kgotsa kemedi ya ditheo tse di tlhophilweng kgotsa ditlolomolao tse dingwe tsa pholisi, tse di jaaka tlhotlheletso ya tirisodikgoka.
Tsweetswee bona Pholisi ya rona ya Ditshwanelo tsa Batho ba mo Setlamong go bona tshedimosetso e ntsi ka ga maitlamo a rona mo ditshwanelong tsa batho tse di tlotliwang mo mafatsheng otlhe.
Re Tlosa:
Re tlosa Kgalaletso, Tshegetso e e Bonalang, le Kemedi ya Mekgatlho e e Kotsi e e farologaneng. Megopolo eno e dira mo mekgatlhong eno ka boyone, ditiro tsa yone, le maloko a yone. Megopolo eno ga e thibele go buelela ka kagiso diphelelo tsa sepolotiki tse dirileng.
Kgalaletso, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Go bua sentle ka setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Balwela Puso ya Bomoselema ba pelokgale tota!"
- Go akgola setheo se se rileng kgotsa tiragalo gore e atlegile;
- Ka sekai, "Timothy McVeigh ke mosweladikano."
- Gore tiro ya setheo se se rileng e kafa molaong ka go bua gore boitshwaro jwa bone jwa kilo, jwa tirisodikgoka, kgotsa bokebekwa bo kafa molaong, bo siame, kgotsa gore ka tsela nngwe bo dirwa ka mabaka a a siameng kgotsa bo a amogelesega;
- Ka sekai, "Ga go na sepe se se phoso se Hitlelara a se dirileng."
- Go itsalanya le megopolo ya setheo se se rileng kgotsa tiragalo.
- Ka sekai, "Nna ke ema le Brenton Tarrant."
Re tlosa Tlotlomatso ya ditheo tsa Maemo 1 le ditiragalo tse di rileng. Gape re tlosa tlotlomatso ya tirisodikgoka e e dirilweng ke ditheo tsa Maemo 2.
Tshegetso e e Bonalang, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Tiragalo epe e e tokafatsang seemo sa ditšhelete sa setheo se se rileng - gammogo le go romela madi kwa, kgotsa go tswa mo setheong se se rileng;
- Ka sekai, "Naya KKK mpho ya madi!"
- Tiro epe ya go naya setheo se se rileng kgotsa tiragalo thuso ya madi;
- Ka sekai, "Fa e le gore o batla go romelela Sinaloa Cartel diphuthelwana tsa tlhokomelo, dirisa aterese eno:"
- Go tlhaba mokgosi wa go tsaya karolo mo boemong jwa setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Ikgolaganye le Atomwaffen Division - (XXX) XXX-XXXX”
- Go thaopela batho setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Fa e le gore o batla go lwela Caliphate, nthomelela molaetsa ka DM"
- Go fetisa tshedimosetso kgotsa didirisiwa, tse di akaretsang puisano ya semolao, mo boemong jwa setheo se se rileng kgotsa tiragalo
- Ka sekai, Go tsopola setheo se se rileng go sena mokwalotlase o o se kgalang, go bua ka go sa tseye letlhakore, kgotsa o le karolo ya bobegadikgang.
Re tlosa Kemonokeng e e Bonalang ya ditheo tsa Maemo 1 le Maemo 2 le ditiragalo tse di tlhophilweng.
Kemedi, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Go bolela gore o leloko la setheo se se tlhomilweng, kgotsa o setheo se se tlhomilweng;
- Ka sekai, "Nna ke terakone e kgolo ya KKK."
- Go tlhama Tsebe, Porofaele, Tiragalo, Setlhopha, kgotsa setheo se sengwe sa Facebook se e leng kgotsa se se ikayang gore ke sa Setheo se se Tlhomilweng kgotsa se se tsamaisiwang mo boemong jwa sone, kgotsa se e leng kgotsa se se ikayang go nna tiragalo ya semolao.
- Ka sekai, Tsebe e e bidiwang "Phathi ya Nazi ya Amerika."
Re tlosa Kemedi ya Mekgatlho e e Kailweng ya Maemo 1 le 2, Ditheo tse di Thibetsweng ka Ntlha ya Letlhoo, le ditiragalo tse di kailweng.
Mefuta le Maemo a Mekgatlho e e Kotsi
Maemo 1: Borukutlhi, tiro e e rulagantsweng ya letlhoo, tiro ya bosenyi jo bogolo, maiteko a tirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba bantsi, tirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba bantsi, dipolao tsa batho ba bantsi, le ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao
Ga re letlelele batho ka nosi kgotsa mekgatlho e e tsayang karolo mo bosenying jo bo rulagantsweng, go akaretsa e e kailweng ke puso ya Amerika jaaka bokomang-ka-nna ba ba kailweng ka tsela e e kgethegileng, ba ba rekisang ditagi ka tsela e e seng mo molaong (di-SDNTK); ya letlhoo; kgotsa ya borukutlhi, go akaretsa ditheo tse di kailweng ke puso ya Amerika jaaka Mekgatlho ya Borukutlhi ya Dinaga di Sele (di-FTO) kgotsa Barukutlhi ba ba Kailweng ka Tsela e e Kgethegileng ba mo Lefatsheng ka Bophara (di-SDGT), go nna mo polatefomong. Gape ga re letlelele batho bangwe go emela ditheo tseno. Ga re letlelelele baeteledipele kgotsa maloko a a itsegeng thata a mekgatlho eno gore ba nne mo polatefomong eno, matshwao a a e emelang gore a dirisiwe mo polatefomong eno, kgotsa mafoko a a kwadilweng a a e tlotlomatsang kgotsa a a tlotlomatsang ditiro tsa yone. Mo godimo ga moo, re tlosa go tsamaisiwa ga kemonokeng e e bonalang epe ya batho bano le mekgatlho.
Ga re letlelele tshedimosetso e e tlotlomatsang, e e tshegetsang ka tsela e e bonalang, kgotsa e e emelang ditiragalo tse Facebook e di kaileng jaaka ditlhaloso tsa borukutlhi, ditiragalo tsa letlhoo, tirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba bantsi kgotsa maiteko a tirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba bantsi, metseletsele ya dipolao, bosenyi jwa letlhoo kgotsa ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao.
Gape ga re letlelele Tlotlomatso, Tshegetso e e Bonalang, kgotsa Kemedi ya dikakanyo le megopolo e e kailweng e le ya letlhoo.
Mekgatlho ya borukuthi le batho ka nosi ba borukutlhi, ba ba tlhalosiwang jaaka batho le mekgatlho e e seng karolo ya puso:
- Tsayang karolo, yo o rotloetsang kgotsa yo o neelang tshegetso e e bonalang mo ditirong tse di dirwang ka maikaelelo a a rileng le tse di rulagantsweng tsa tirisodikgoka,
- Tse di bakang kgotsa di lekang go bolaya baagi, kgotsa batho ba bangwe ba ba sa tseyeng karolo ka tlhamalalo mo bosetlhogong ka nako ya ntwa ya dibetsa, go lematsa kgotsa go gobatsa ka tsela e e masisi baagi, le/kgotsa tshenyo e kgolo ya dikago e e amanngwang le loso lwa batho fela, temalo e e masisi kgotsa kgobalo e e masisi ya bone.
- Ka boikaelelo jwa go rotloeletsa, go tshosa le/kgotsa go tlhotlheletsa baagi ba motse, puso, kgotsa mokgatlho wa mafatshefatshe.
- Go fitlhelela maikaelelo a sepolitiki, a sedumedi, kgotsa a dikakanyo le megopolo e e rileng.
Mekgatlho ya Letlhoo, e e tlhalosiwang jaaka setlhopha sa batho ba le bararo kgotsa go feta ba ba:
- se rulagantswe ka fa tlase ga leina, sesupo, kgotsa letshwao le le rileng; mme
- ba na le mogopolo mongwe, mafoko, kgotsa ditiro tse ba di dirang ka namana tse di tlhaselang batho go ya ka mefuta ya bone, gammogo le mmala, bodumedi jwa bone, lotso, kgolafalo, morafe, bong, thobalano, tshekamelo ya thobalano, kgotsa bolwetse jo bo masisi.
Mekgatlho ya Bokebekwa, e e tlhalosiwang e le mophato wa batho ba le bararo kgotsa go feta ba ba:
- tshwaraganeng ba dirisa leina le lengwe, e le ba (me)mmala, (di)puo ya mabogo kgotsa matekwane a a itsiweng; le
- o o nnileng le seabe mo tirong ya bokebekwa kgotsa o o tshosetsang go nna le seabe mo go yone e e tshwanang le go bolawa ga morafe wa batho, go rekisa ditagi, kgotsa go tsewa ga batho ka dikgoka.
Tirisodikgoka mo Bathong ba le Bantsi Kgotsa Polao ya Batho ba le Bantsi
- Re tsaya gore tiragalo ke ya tirisodikgoka e e dirwang mo bathong ba bantsi kgotsa gore ke ya boiteko jwa go dira tirisodikgoka mo bathong ba le bantsi fa e felela ka kgobatso ya batho ba le bararo kgotsa go feta ka nako e le nngwe fela, e e tlhalosiwang e le dintsho tse di masisi kgotsa dikgobalo. Motho ope yo o dirileng tlhaselo ya mofuta ono o tsewa a le motlolamolao kgotsa yo o dirang boiteko jwa go tlola molao kgotsa tirisodikgoka mo bathong ba le bantsi.
- Re tsaya gore motho yo o bolaileng batho ba le babedi kgotsa ba le bantsi mo ditiragalong kgotsa mafelong a le mantsi gore ke mmolai wa batho ba le bantsi.
Dikakanyo le megopolo ya letlhoo
- Le fa ditlhaloso tsa rona tsa mekgatlho le batho ka nosi di tsepamisa mo maitsholong, re lemoga gape gore go na le dikakanyo kgotsa ditumelo tse di rileng tse ka tlwaelo di golaganngwang le tirisodikgoka le maiteko a go rulaganya batho go ba kopa go dira tirisodikgoka kgotsa go kgetholola ba bangwe go ya ka dipharologantsho tsa bone tse di sireleditsweng. Mo mabakeng ano, re tlhoma mogopolo ka boone re bo re tlosa mafoko a a kwadilweng a a emang mogopolo oo nokeng mo polatefomong ya rona. Megopolo eno e akaretsa:
- Bo-Nazi
- Go Tseelwagodimo ga Batho Basweu
- Bomorafe jwa Batho Basweu
- Go Itlhaola ga Batho Basweu
- Re tlosa Tlotlomatso e e mo Pepeneneng, Tshegetso e e Bonalang, le Kemedi ya megopolo eno, re tlosa batho le mekgatlho e e dumelang mo mogopolong ono wa letlhoo o le mongwe kgotsa e le mentsi.
Maemo 2: Batho le Mekgatlho ya Tirisodikgoka, ba e seng Karolo ya Puso
Mekgatlho le batho ka nosi ba ba tlhalosiwang ke Facebook jaaka Batho le Mekgatlho ya Tirisodikgoka, ba e seng Karolo ya Puso, ga ba letlelelwe go nna teng mo Facebook, kgotsa ba go nna teng ga bone go tlhokometsweng ke ba bangwe mo boemong jwa bone. Ka ntlha ya gore ditlhopha tseno di tsaya karolo mo tirisong ya dikgoka, tshegetso e kgolo ya ditheo tseno le yone ga e letlelelwe. Gape re tla tlosa tlotlomatso ya tirisodikgoka e e dirilweng ke ditheo tseno.
Batho le Mekgatlho ya Tirisodikgoka, ba e Seng Karolo ya Puso, ba ba tlhalosiwang jaaka motho ope kgotsa mokgatlho ope o e seng karolo ya puso o o:
- tsayang karolo mo ditirong tse di dirwang ka maikaelelo a a rileng le mo ditirong tse di rulagantsweng tsa tirisodikgoka segolo bogolo kgatlhanong le ditlhopha tsa sesole sa puso kgotsa ditlhopha tse dingwe tse di tlhometseng; le
- bakang kgotsa tse di lekang go
- bolaya batho ba ba tsayang karolo ka tlhamalalo mo ditirong tsa bosetlhogo tse go dirisiwang ntwa ya dibetsa, le/kgotsa
- itsa baagi go fitlhelela mafaratlhatlha a botlhokwa le metswedithuso ya tlholego, le/kgotsa go senya thoto mo go bonalang, e e amanngwang le loso, kgobalo e e masisi kgotsa tshenyegelo e e masisi ya baagi
Maemo 3: Mekgatlho ya Batho ba ba Tlhometseng ka Dibetsa, Dineteweke tsa Maano a a Tlhotlheletsang Tirisodikgoka, le Ditheo tse di Thibetsweng ka ntlha ya Letlhoo
Ditsebe, Ditlhopha, Ditiragalo, le Diporofaele kgotsa ditheo tse dingwe tsa Facebook tse di - kgotsa tse di ipolelelang gore ke tse di - tlhokometsweng ke, kgotsa tse di mo boemong jwa, Mekgatlho ya Batho e e Tlhometseng ka Dibetsa le Dineteweke tsa Maano a a Tlhotlheletsang Tirisodikgoka ga di letlelelwe. Batsamaisi ba ditsebe tseno, ditlhopha le ditiragalo le bone ba tla tlosiwa.
Tobetsa fano go buisa go le gontsi ka tsela e re buang le ditlhopha le mekgatlho e e golaganngwang le tirisodikgoka.
Ga re letlelele Kemedi ya Mekgatlho le batho ka nosi ba ba tlhalosiwang ke Facebook jaaka Ditheo tse di Thibetsweng ka Ntlha ya Letlhoo.
Mekgatlho ya Batho ba ba Tlhometseng ka Dibetsa (di-MSM), e e akaretsang:
- Ditlhopha tsa Baagi ba ba Itirileng Masole, tse di tlhalosiwang jaaka batho ba e seng karolo ya puso ba ba dirisang dibetsa jaaka karolo ya katiso ya bone, tlhaeletsano, kgotsa go nna teng; tse di rulagantsweng kgotsa tse di dirang jaaka sesole kgotsa basireletsi ba ba seng mo molaong:
- Gokagana go ipaakanyetsa tirisodikgoka kgotsa ntwa ya selegae; kgotsa
- Ba anamisa tshedimosetso mabapi le botswererere jwa go lwantshana ka dibetsa; kgotsa
- Gokaganya kgokaganyo ya boitseanape ya sesole mo ntweng ya dibetsa ya baagi ya mo isagong kgotsa ntwa ya baagi.
- Ditlhopha tse di tshegetsang ditiro tsa tirisodikgoka ka nako ya ditshupetso, tse di tlhalosiwang jaaka batho le mekgatlho e e seng karolo ya puso e gangwe le gape e:
- Gokaganyang, go rotloetsa, go dumela kgotsa go tsaya karolo mo:
- Ba dira ditiro tsa tirisodikgoka ya mo mebileng kgatlhanong le batho fela ba ba sa tsholeng dibetsa kgotsa badiragatsamolao; kgotsa
- Go tshuba dikago, go utswa dilo ka nako ya dikgoberego, kgotsa ditsela tse dingwe tsa go senya dikago; kgotsa
- Ba tshosetsa go kgoreletsa ka tirisodikgoka tsamaiso ya ditlhopho; kgotsa
- Ba rotloeletsa go tlisiwa ga dibetsa mo lefelong le le rileng fa boikaelelo jwa bone e le go tshosetsa batho ka nako ya dikgoberego
Dikgolagano tsa Borukutlhi jwa go Tlhotlheletsa Tirisodikgoka(Violence-Inducing Conspiracy Networks [VICNs]), tse di tlhalosiwang e le Batsayakarolo mo Ditirong tse Eseng tsa Puso ba:
- Ba rulagana ba ipitsa leina, sesupo, mafoko a boikaelelo jwa bone, kgotsa letshwao; gape
- Ba rotloeletsa megopolo e e bontshiwang ke boitshwaro jwa tirisodikgoka kgotsa nyenyefatso ya batho kgotsa mekgatlho e e senotsweng ke metswedi e e ikanyegang; gape
- Ba tlhotlheleditse ditiragalo tse dintsi tsa tirisodikgoka ka sebele e e dirilweng ke ba ba dirisanang le bone ba tlhotlhelediwa ke go batla go tlhokomedisa kgotsa go baakanya tse ba reng ke dikgobatso tse di rotloediwang ke megopolo eno e e senotsweng.
Ditheo tse di Thibetsweng ka Ntlha ya Letlhoo, tse di tlhalosiwang e le ditheo tse di tsayang karolo mo boitshwarong jo bo boaboelediwang jwa letlhoo kgotsa puo e e tlhotlheletsang letlhoo, mme di sa tlhatloge go nna setheo sa Maemo1 ka gonne di sa tseye karolo mo tirisong ya dikgoka, kgotsa ka gonne di sa tshegetse tirisodikgoka, kgotsa ka gonne di tlhaela dikgolagano tse di lekaneng le mekgatlho kgotsa batho ba ba tlhalositsweng mo nakong e e fetileng.
Malebana le Melawana ya Badirisimmogo e e latelang, re batla tshedimosetso e nngwe gape le/kgotsa tlhaloso e nngwe gape ya go diragatsa:
- Mo mabakeng a a rileng, re tla letlelela mafoko a a kwadilweng a ka tsela nngwe a ka tswang a tlola Melao ya Badirisimmogo fa go tlhomamisiwa gore mafoko a a kwadilwneg ao ke motlae. Tshedimosetso e tla letlelelwa fela fa e le gore dikarolwana tse di tlolang molao tsa tshedimosetso di dirwa motlae kgotsa di lebisitswe go sengwe kgotsa go mongwe o sele go mo kgoba kgotsa go mo tshwaya phoso.
Ka go tsamaisana le maitlamo a rona mo Botong ya Bookamedi, le go tokafatsa botlhokasephiri, re ntšhafaditse pholisi ya rona ya Batho ka Nosi ba ba Kotsi le Mekgatlho e e Kotsi go tlhalosa sentle gore go tshegetsa ditshwanelo tsa batho tsa ditheo tse di kotsi, kgotsa go kopa gore ditshwanelo tseo di tlotliwe go a letlelelwa mo dipholising tsa rona.
25 Ngwanats 2021
Mabaka a Pholisi
Ka maiteko a go thibela le go kgoreletsa kgobalo ya mmatota, ga re letlelele mekgatlho kgotsa batho ba ba itsiseng phatlalatsa tiro ya tirisodikgoka kgotsa ba ba tsayang karolo mo tirisong ya dikgoka go nna mo dipolatefomong tsa rona. Re sekaseka dikhamphane tseno go ya ka maitsholo a bone fa ba le mo inthaneteng le fa ba se mo inthaneteng, mme sa botlhokwa, kgolagano ya bone le tirisodikgoka. Mo pholising eno, re tlhoma batho ka nosi, mekgatlho, le ditshwaragano tsa batho. Maemo ano a kgaogantswe ka maemo a le pedi a a bontshang maemo a tiragatso ya molao wa diteng, moo Maemo 1 a feleletsang a le mo tiragatsong e e tseneletseng thata ya molao gonne re dumela gore ditheo tseno di na le dikgolagano ka tlhamalalo le kgobatso e e sa dirweng mo inthaneteng.
Maemo 1 a tsepamisa mo ditheong tse di tsayang karolo mo dikgobatsong tse di sa dirweng mo inthaneteng - go akaretsa go rulaganya kgotsa go tshegetsa tirisodikgoka kgatlhanong le baagi, go diga batho seriti mo go boaboelediwang kgotsa go tshegetsa kgobatho ya batho go ya ka dipopego tse di sireleditsweng, kgotsa go tsaya karolo mo ditirong tsa thulaganyo e e rileng ya bosenyi. Maemo 1 a akaretsa mekgatlho ya letlhoo; mekgatlho ya bosenyi; go akaretsa e e tlhomilweng ke puso ya Amerika jaaka Dikomangkanna tse di Dirang Kgwebisano e e Kgethegileng ya Diritibatsi (di-SDNTK); le mekgatlho ya borukutlhi, go akaretsa ditheo le batho ka nosi ba ba tlhomilweng ke puso ya Amerika jaaka Mekgatlho ya Boditshaba ya Borukutlhi (di-FTO) kgotsa Dirukutlhi tsa mo Lefatsheng Lotlhe tse di Tlhomilweng ka tsela e e Kgethegileng (di-SDGT) Re tlosa Tlotlomatso, Tshegetso, le Kemedi ya ditheo tsa Maemo 1, baeteledipele ba tsone, batlhami kgotsa maloko a maemogodimo, gammogo le dikumako tse di sa tlhaloganyesegeng ka ga tsone.
Mo godimo ga moo, ga re letlelele diteng tse di tlotlomatsang, tse di tshegetsang, kgotsa tse di emelang ditiragalo tse Meta e di tlhomileng jaaka ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao - go akaretsa ditlhaselo tsa borukutlhi, ditiragalo tsa letlhoo, tirisodikgoka mo batlhaba bantsi kgotsa maiteko a tirisodikgoka mo batswasetlhabelong ba bantsi, dipolao tsa batho ba bantsi kgotsa bosenyi jwa letlhoo. Le gone ga re letlelele (1) Tlotlomatso, Tshegetso, kgotsa Kemedi ya (ba)modirabosula ba ba dirang ditlhaselo tsa go nna jalo; (2) diteng tse di dirilweng ke modirabosula tse di amanang le ditlhaselo tsa go nna jalo; kgotsa (3) ditshwantsho tsa motho yo mongwe tse di tlhalosang motlha wa ditlhaselo tsa go nna jalo mo batswasetlhabelong ba ba kgonang go bonwa ke mang le mang. Gape re tlosa diteng tse di Tlotlomatsang, tse di Tshegetsang kgotsa tse di Emelang dikakanyo tse di rotloetsang letlhoo, tse di jaaka mokgatlho wa sepolitiki wa kwa jeremane le go tseelwa godimo ga basweu go feta batho ba merafe e mengwe. Re tlosa dikumako tse di sa tlhaloganyesegeng ka ga ditiragalo tseno kgotsa dikakanyo tseno tse di kailweng.
Maemo 2 a akaretsa Badiragatsi ba Tirisodikgoka ba e seng ba Puso ba ba tsayang karolo mo tirisodikgokeng kgatlhanong le puso kgotsa sesole mo ntweng ya dibetsa mme se tlhasela baagi e seng ka boomo. Gape a akaretsa Ditheo tse di Tlhotlheletsang Tirisodikgoka tse di tsayang karolo mo go rulaganyetseng kgotsa go mo go rotloetseng tirisodikgoka ya mo isagong mme totatota di sa tseye karolo mo tirisong ya dikgoka ga jaana. Tseno gape ke ditheo tse di ka tswang di tsaya karolo ka go ipoapoeletsa mo ditlolomolaong tsa dipholisi tsa rona tsa Puo ya Letlhoo kgotsa Batho le Ditheo tse di Kotsi mo polatefomong kgotsa e seng mo go yone. Re tlosa Tlotlomatso, Tshegetso ya Ditshelete, le Kemedi ya ditheo tseno, baeteledipele ba tsone, batlhami kgotsa maloko a a kwa godimo a tsone.
Re lemoga gore badirisi ba ka abelana ka diteng tse di akaretsang dikumako tsa batho le ditheo tse di kotsi tse di kailweng mo maemong a puisano ya loago le ya sepolitiki. Seno se akaretsa go bega ka ga tshedimosetso kaga go buisana kwa ntle ga go tsaya letlhakore kgotsa go kgala batho le ditheo tse di kotsi kgotsa ditiro tse ba di dirang.
Bobegakgang bo akaretsa tshedimosetso e go abelanweng ka yone go lemosa ka ga ditiragalo tsa selegae le tsa mo lefatsheng tse mekgatlho e e kailweng e e kotsi le batho ka nosi ba tsayang karolo mo go tsone.
- Ka sekai “Dikgang tsa Bosheng: Al-Shabab o amogetse fa a sikere boikarabelo jwa tlhaselo ya kwa Somalia”
- Sekai “Tshekatsheko ya Tlhatlhamano ya diphousete le ya boitseanape: Tsela e go thuntshiwang e diregileng ka teng kwa Buffalo Supermarket le gore molatofadiwa o rile eng kwa kgotlatshekelo”
Dipuisano tse di sa tseyeng letlhakore di akaretsa dipolelo tsa mannete, ditshwaelo, dipotso, le tshedimosetso e nngwe e e sa tlhagiseng katlholo e e siameng ka ga mokgatlho o o kailweng o o kotsi kgotsa ka ga motho ka nosi le maitsholo a gagwe.
- Sekai “Al Qaeda e bontsha matshosetsi a a kwa tlase go na le ISIS fa go akanyediwa tlhaelo ya boeteledipele le ya ditshelete”
- Ka sekai “Anders Breivik ke sekai sengwe sa gore tirego ya go dumela mo go feteletseng mo dikakanyong tsa boganetsi tsa sepolitiki e raraane go le kana kang”
Go kgala go akaretsa kganetso, go sa rate sengwe, go gana, go tshwaya diphoso, go sotla, le ditlhagisomaikutlo tse dingwe tse di sa siamang ka ga mokgatlho o o kailweng o o kotsi kgotsa ka ga motho le maitsholo a gagwe.
- Ka sekai "Ke utlwa ke ferosiwa dibete ke bokebekwa jwa Salvador Ramos. Mafoko a ga moatlhodi a ne a tsamaisana thata le se ke dumelang mo go sone. Ga a tshwanela go utlwelwa botlhoko ke kgotlatshekelo gotlhelele”
- Sekai “Bosenyi jwa ga Hitler ga bo kitla bo tsamaya bo lebalesega. Tseno e nnile dinako tse di botlhoko mo hisetoring"
Dipholisi tsa rona di rulaganyeditswe go neela tshono ya mefuta eno ya dipuisano fa ka nako e le nngwe di lekanyetsa dikotsi tsa kgobalo e e ka diregang, e e sa dirweng mo inthaneteng.
Ka jalo re batla gore batho ba bontshe mo go utlwalang gore maikaelelo a bone ke eng fa ba tlhama kgotsa fa ba abelana diteng tsa go nna jalo. Fa e le gore maikaelelo a modirisi ga a tlhaloganyesege kgotsa ga a utlwale sentle, re dira thulaganyetsopele e e itirisang ya go tlosa diteng tseo.
Go ya ka molao wa ditšhaba tsotlhe wa ditshwanelo tsa batho, dipholisi tsa rona di naya tshono ya dipuisano ka ga ditshwanelo tsa batho kgotsa maloko a a tlhophilweng a ditheo tse di kotsi, ntle le fa tshedimosetso e akaretsa tlotlomatso e nngwe, tshegetso, kgotsa kemedi ya ditheo tse di tlhophilweng kgotsa ditlolomolao tse dingwe tsa pholisi, tse di jaaka tlhotlheletso ya tirisodikgoka.
Tsweetswee bona Pholisi ya rona ya Ditshwanelo tsa Batho ba mo Setlamong go bona tshedimosetso e ntsi ka ga maitlamo a rona mo ditshwanelong tsa batho tse di tlotliwang mo mafatsheng otlhe.
Re Tlosa:
Re tlosa Kgalaletso, Tshegetso e e Bonalang, le Kemedi ya Mekgatlho e e Kotsi e e farologaneng. Megopolo eno e dira mo mekgatlhong eno ka boyone, ditiro tsa yone, le maloko a yone. Megopolo eno ga e thibele go buelela ka kagiso diphelelo tsa sepolotiki tse dirileng.
Kgalaletso, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Go bua sentle ka setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Balwela Puso ya Bomoselema ba pelokgale tota!"
- Go akgola setheo se se rileng kgotsa tiragalo gore e atlegile;
- Ka sekai, "Timothy McVeigh ke mosweladikano."
- Gore tiro ya setheo se se rileng e kafa molaong ka go bua gore boitshwaro jwa bone jwa kilo, jwa tirisodikgoka, kgotsa bokebekwa bo kafa molaong, bo siame, kgotsa gore ka tsela nngwe bo dirwa ka mabaka a a siameng kgotsa bo a amogelesega;
- Ka sekai, "Ga go na sepe se se phoso se Hitlelara a se dirileng."
- Go itsalanya le megopolo ya setheo se se rileng kgotsa tiragalo.
- Ka sekai, "Nna ke ema le Brenton Tarrant."
Re tlosa Tlotlomatso ya ditheo tsa Maemo 1 le ditiragalo tse di rileng. Gape re tlosa tlotlomatso ya tirisodikgoka e e dirilweng ke ditheo tsa Maemo 2.
Tshegetso e e Bonalang, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Tiragalo epe e e tokafatsang seemo sa ditšhelete sa setheo se se rileng - gammogo le go romela madi kwa, kgotsa go tswa mo setheong se se rileng;
- Ka sekai, "Naya KKK mpho ya madi!"
- Tiro epe ya go naya setheo se se rileng kgotsa tiragalo thuso ya madi;
- Ka sekai, "Fa e le gore o batla go romelela Sinaloa Cartel diphuthelwana tsa tlhokomelo, dirisa aterese eno:"
- Go tlhaba mokgosi wa go tsaya karolo mo boemong jwa setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Ikgolaganye le Atomwaffen Division - (XXX) XXX-XXXX”
- Go thaopela batho setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Fa e le gore o batla go lwela Caliphate, nthomelela molaetsa ka DM"
- Go fetisa tshedimosetso kgotsa didirisiwa, tse di akaretsang puisano ya semolao, mo boemong jwa setheo se se rileng kgotsa tiragalo
- Ka sekai, Go tsopola setheo se se rileng go sena mokwalotlase o o se kgalang, go bua ka go sa tseye letlhakore, kgotsa o le karolo ya bobegadikgang.
Re tlosa Kemonokeng e e Bonalang ya ditheo tsa Maemo 1 le Maemo 2 le ditiragalo tse di tlhophilweng.
Kemedi, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Go bolela gore o leloko la setheo se se tlhomilweng, kgotsa o setheo se se tlhomilweng;
- Ka sekai, "Nna ke terakone e kgolo ya KKK."
- Go tlhama Tsebe, Porofaele, Tiragalo, Setlhopha, kgotsa setheo se sengwe sa Facebook se e leng kgotsa se se ikayang gore ke sa Setheo se se Tlhomilweng kgotsa se se tsamaisiwang mo boemong jwa sone, kgotsa se e leng kgotsa se se ikayang go nna tiragalo ya semolao.
- Ka sekai, Tsebe e e bidiwang "Phathi ya Nazi ya Amerika."
Re tlosa Kemedi ya Mekgatlho e e Tlhomilweng ya Maemo 1 le 2, Ditheo tse di Thibetsweng gore ke tsa Kilo, le ditiragalo tse di tlhomilweng.
Mefuta le Maemo a Mekgatlho e e Kotsi
Maemo 1: Borukutlhi, tiro e e rulagantsweng ya letlhoo, tiro ya bosenyi jo bogolo, maiteko a tirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba bantsi, tirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba bantsi, dipolao tsa batho ba bantsi, le ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao
Ga re letlelele batho kgotsa mekgatlho e e nang le seabe mo bosenying jo bo rulagantsweng, go akaretsa e e tlhomilweng ke puso ya Amerika jaaka bokomang-ka-nna ba ba tlhomilweng ka tsela e e kgethegileng ba ba rekisang ditagi (di-SDNTK); letlhoo; kgotsa borukutlhi, gammogo le ditheo tse di tlhomilweng ke puso ya Amerika jaaka Mekgatlho ya Borukutlhi jwa mo Mafatsheng a Sele (di-FTO) kgotsa Barukutlhi ba ba Tlhomilweng ka Tsela e e Kgethegileng mo Lefatsheng Lotlhe (di-SDGT), go nna mo polatefomong ya rona. Gape ga re letlelele batho bangwe go emela ditheo tseno. Ga re letlelelele baeteledipele kgotsa maloko a a itsegeng thata a mekgatlho eno gore ba nne mo polatefomong eno, matshwao a a e emelang gore a dirisiwe mo polatefomong eno, kgotsa mafoko a a kwadilweng a a e tlotlomatsang kgotsa a a tlotlomatsang ditiro tsa yone. Mo godimo ga moo, re tlosa go tsamaisiwa ga kemonokeng e e bonalang epe ya batho bano le mekgatlho.
Ga re letlelele tshedimosetso e e tlotlomatsang, e e tshegetsang ka tsela e e bonalang, kgotsa e e emelang ditiragalo tse Facebook e di kaileng jaaka ditlhaloso tsa borukutlhi, ditiragalo tsa letlhoo, tirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba bantsi kgotsa maiteko a tirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba bantsi, metseletsele ya dipolao, bosenyi jwa letlhoo kgotsa ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao.
Gape ga re letlelele Tlotlomatso, Kemonokeng e e Bonalang, kgotsa Kemedi ya ditumelo tse di kaiwang e le tsa letlhoo.
Mekgatlho le batho ba dirukutlhi, ba ba tlhalosiwang e le kgato e e seng ya puso e e:
- Nnang le seabe mo, e buelelang, kgotsa e nayang kemonokeng e e bonalang ditiro tse di dirilweng ka boikaelelo kgotsa tse di rulagantsweng tsa tirisodikgoka,
- Tse di bakang kgotsa di lekang go bolaya baagi, kgotsa batho ba bangwe ba ba sa tseyeng karolo ka tlhamalalo mo bosetlhogong ka nako ya ntwa ya dibetsa, go lematsa kgotsa go gobatsa ka tsela e e masisi baagi, le/kgotsa tshenyo e kgolo ya dikago e e amanngwang le loso lwa batho fela, temalo e e masisi kgotsa kgobalo e e masisi ya bone.
- Ka boikaelelo jwa go rotloeletsa, go tshosa le/kgotsa go tlhotlheletsa baagi ba motse, puso, kgotsa mokgatlho wa mafatshefatshe.
- Ka boikaelelo jwa go fitlhelela maikaelelo a sepolotiki, tsa bodumedi, kgotsa tsa megopolo.
Mekgatlho ya Letlhoo, e e tlhalosiwang jaaka setlhopha sa batho ba le bararo kgotsa go feta ba ba:
- se rulagantswe ka fa tlase ga leina, sesupo, kgotsa letshwao le le rileng; mme
- ba na le mogopolo mongwe, mafoko, kgotsa ditiro tse ba di dirang ka namana tse di tlhaselang batho go ya ka mefuta ya bone, gammogo le mmala, bodumedi jwa bone, lotso, kgolafalo, morafe, bong, thobalano, tshekamelo ya thobalano, kgotsa bolwetse jo bo masisi.
Mekgatlho ya Bokebekwa, e e tlhalosiwang e le mophato wa batho ba le bararo kgotsa go feta ba ba:
- tshwaraganeng ba dirisa leina le lengwe, e le ba (me)mmala, (di)puo ya mabogo kgotsa matekwane a a itsiweng; le
- o o nnileng le seabe mo tirong ya bokebekwa kgotsa o o tshosetsang go nna le seabe mo go yone e e tshwanang le go bolawa ga morafe wa batho, go rekisa ditagi, kgotsa go tsewa ga batho ka dikgoka.
Tirisodikgoka mo Bathong ba le Bantsi Kgotsa Polao ya Batho ba le Bantsi
- Re tsaya gore tiragalo ke ya tirisodikgoka e e dirwang mo bathong ba bantsi kgotsa gore ke ya boiteko jwa go dira tirisodikgoka mo bathong ba le bantsi fa e felela ka kgobatso ya batho ba le bararo kgotsa go feta ka nako e le nngwe fela, e e tlhalosiwang e le dintsho tse di masisi kgotsa dikgobalo. Motho ope yo o dirileng tlhaselo ya mofuta ono o tsewa a le motlolamolao kgotsa yo o dirang boiteko jwa go tlola molao kgotsa tirisodikgoka mo bathong ba le bantsi.
- Re tsaya gore motho yo o bolaileng batho ba le babedi kgotsa ba le bantsi mo ditiragalong kgotsa mafelong a le mantsi gore ke mmolai wa batho ba le bantsi.
Dikakanyo le megopolo ya letlhoo
- Lefa ditlhaloso tsa rona tsa mekgatlho le batho di remeletse mo boitshwarong, mme gape re lemoga gore go na le megopolo mengwe le ditumelo tse ka tlwaelo di nang le seabe mo tirisongdikgoka le maiteko a go rulaganya batho go ba kgothaletsa go dira tirisodikgoka kgotsa go kgaphela ba bangwe kwa thoko ka gonne e le ba mefuta e e sireleditsweng. Mo mabakeng ano, re tlhoma mogopolo ka boone re bo re tlosa mafoko a a kwadilweng a a emang mogopolo oo nokeng mo polatefomong ya rona. Megopolo eno e akaretsa:
- Bo-Nazi
- Go Tseelwagodimo ga Batho Basweu
- Bomorafe jwa Batho Basweu
- Go Itlhaola ga Batho Basweu
- Re tlosa Tlotlomatso e e tlhamaletseng, Tshegetso e e Bonalang, le Kemedi ya megopolo eno, re tlosa batho le mekgatlho e e dumelang mo mogopolong ono wa kilo o le mongwe kgotsa e le mentsi.
Maemo 2: Batho le Mekgatlho ya Tirisodikgoka, ba e seng Karolo ya Puso
Mekgatlho le batho ka nosi ba ba tlhalosiwang ke Facebook jaaka Batho le Mekgatlho ya Tirisodikgoka, ba e seng Karolo ya Puso, ga ba letlelelwe go nna teng mo Facebook, kgotsa ba go nna teng ga bone go tlhokometsweng ke ba bangwe mo boemong jwa bone. Ka ntlha ya gore ditlhopha tseno di tsaya karolo mo tirisong ya dikgoka, tshegetso e kgolo ya ditheo tseno le yone ga e letlelelwe. Gape re tla tlosa go tlotlomadiwa ga tirisodikgoka mo go dirwang ke ditheo tseno.
Batho le Mekgatlho ya Tirisodikgoka, ba e Seng Karolo ya Puso, ba ba tlhalosiwang jaaka motho ope kgotsa mokgatlho ope o e seng karolo ya puso o o:
- tsayang karolo mo ditirong tse di dirwang ka maikaelelo a a rileng le mo ditirong tse di rulagantsweng tsa tirisodikgoka segolo bogolo kgatlhanong le ditlhopha tsa sesole sa puso kgotsa ditlhopha tse dingwe tse di tlhometseng; le
- bakang kgotsa o o lekang go
- bolaya batho ba ba tsayang karolo ka tlhamalalo mo ditirong tsa bosetlhogo tse go dirisiwang ntwa ya dibetsa, le/kgotsa
- thibela merafe go tsena mo matlong a botlhokwa le didirisiwa tsa tlhago, le/kgotsa go dira tshenyo e kgolo ya dikago, e e amanngwang le loso, tematso e kgolo e e masisi kgotsa kgobatso e e masisi ya batho ba ba sa tsholeng dibetsa
Maemo 3: Mekgatlho ya Batho ba ba Tlhometseng ka Dibetsa, Dineteweke tsa Maano a a Tlhotlheletsang Tirisodikgoka, le Ditheo tse di Thibetsweng ka ntlha ya Letlhoo
Ditsebe, Ditlhopha, Ditiragalo, le Diporofaele kgotsa ditheo tse dingwe tsa Facebook tse di - kgotsa tse di ipolelelang gore ke tse di - tlhokometsweng ke, kgotsa tse di mo boemong jwa, Mekgatlho ya Batho e e Tlhometseng ka Dibetsa le Dineteweke tsa Maano a a Tlhotlheletsang Tirisodikgoka ga di letlelelwe. Batsamaisi ba ditsebe tseno, ditlhopha le ditiragalo le bone ba tla tlosiwa.
Tobetsa fano go buisa go le gontsi ka tsela e re buang le ditlhopha le mekgatlho e e golaganngwang le tirisodikgoka.
Ga re letlelele Kemedi ya Mekgatlho le batho ka nosi ba ba tlhalosiwang ke Facebook jaaka Ditheo tse di Thibetsweng ka Ntlha ya Letlhoo.
Mekgatlho ya Batho ba ba Tlhomeletseng ka Dibetsa (MSMs), e e akaretsang:
- Ditlhopha tsa Baagi ba ba Itirileng Masole, tse di tlhalosiwang jaaka batho ba e seng karolo ya puso ba ba dirisang dibetsa jaaka karolo ya katiso ya bone, tlhaeletsano, kgotsa go nna teng; tse di rulagantsweng kgotsa tse di dirang jaaka sesole kgotsa basireletsi ba ba seng mo molaong:
- Ba dirisana mmogo go baakanyetsa tirisodikgoka kgotsa ntwa ya maraganateng a bana ba mpa, kgotsa
- Ba anamisa tshedimosetso mabapi le botswererere jwa go lwantshana ka dibetsa; kgotsa
- Ba rulaganya kgolagano ya tiriso ya dibetsa ka botswerere fa go na le kgotlhang kgotsa ntwa ya maraganateng kgotsa ya nako e e tlang.
- Ditlhopha tse di tshegetsang ditiro tsa tirisodikgoka ka nako ya ditshupetso, tse di tlhalosiwang jaaka batho ba e seng karolo ya Puso ba ba tswelelang gangwe le gape go:
- Gokaganya, go rotloetsa, go dumela kgotsa go tsaya karolo mo:
- Ba dira ditiro tsa tirisodikgoka ya mo mebileng kgatlhanong le batho fela ba ba sa tsholeng dibetsa kgotsa badiragatsamolao; kgotsa
- Go tshuba dikago, go utswa dilo ka nako ya dikgoberego, kgotsa ditsela tse dingwe tsa go senya dikago; kgotsa
- Ba tshosetsa go kgoreletsa ka tirisodikgoka tsamaiso ya ditlhopho; kgotsa
- Ba rotloeletsa go tlisiwa ga dibetsa mo lefelong le le rileng fa boikaelelo jwa bone e le go tshosetsa batho ka nako ya dikgoberego
Dikgolagano tsa Borukutlhi jwa go Tlhotlheletsa Tirisodikgoka(Violence-Inducing Conspiracy Networks [VICNs]), tse di tlhalosiwang e le Batsayakarolo mo Ditirong tse Eseng tsa Puso ba:
- Ba rulagana ba ipitsa leina, sesupo, mafoko a boikaelelo jwa bone, kgotsa letshwao; gape
- Ba rotloeletsa megopolo e e bontshiwang ke boitshwaro jwa tirisodikgoka kgotsa nyenyefatso ya batho kgotsa mekgatlho e e senotsweng ke metswedi e e ikanyegang; gape
- Ba tlhotlheleditse ditiragalo tse dintsi tsa tirisodikgoka ka sebele e e dirilweng ke ba ba dirisanang le bone ba tlhotlhelediwa ke go batla go tlhokomedisa kgotsa go baakanya tse ba reng ke dikgobatso tse di rotloediwang ke megopolo eno e e senotsweng.
Ditheo tse di Thibetsweng tsa Kilo, tse di tlhalosiwang e le ditheo tse di tsayang karolo mo boitshwarong jwa kilo kgotsa tlhotlheletso, mme di sa tlhatloge go nna setheo sa Maemo 1 ka gonne di sa tsaya karolo mo tirisongdikgoka ka tlhamalalo e e kgothalediwang, kgotsa ka gonne di se na dikgokagano tse di lekaneng le tsa mekgatlho kgotsa batho ba ba tlhalositsweng fa godimo.
Malebana le Melao ya Badirisimmogo e e latelang, re tlhoka tshedimosetso ya tlaleletso le/kgotsa maemo a go gatelela:
- Mo mabakeng a a rileng, re tla letlelela mafoko a a kwadilweng a ka tsela nngwe a ka tswang a tlola Melao ya Badirisimmogo fa go tlhomamisiwa gore mafoko a a kwadilweng ao ke motlae. Tshedimosetso e tla letlelelwa fela fa e le gore dikarolwana tse di tlolang molao tsa tshedimosetso ya go nna jalo ga di dirwe motlae kgotsa ga di lebisiwe go sengwe kgotsa mongwe o sele go mo kgala kgotsa go mo sotla.
Jaaka karolo ya karabo le tsibogelo ya rona go tshwetso ya Boto ya Bookamedi, re ntšhafatsa pholisi ya rona e e maleba mo maemong a a rileng go tlhalosa mo go utlwalang gore mo maemong a a rileng, re tla letlelela tshedimosetso e ka tsela nngwe e ka tlolang Melao ya Badirisimmogo fa go tlhomamisiwa gore tshedimosetso eo ke motlae. Tshedimosetso e tla letlelelwa fela fa e le gore dikarolwana tse di tlolang molao tsa tshedimosetso di dirwa motlae kgotsa e lebisitswe go sengwe kgotsa go mongwe o sele go mo kgala kgotsa go mo sotla.
16 Diphal 2021
Mabaka a Pholisi
Ka maiteko a go thibela le go kgoreletsa kgobalo ya mmatota, ga re letlelele mekgatlho kgotsa batho ka nosi ba ba itsiseng phatlalatsa tiro ya tirisodikgoka kgotsa ba ba tsayang karolo mo tirisong ya dikgoka go nna mo Facebook. Re sekaseka ditheo tseno go ya ka maitsholo a bone fa ba le mo inthaneteng le fa ba se mo inthaneteng, mme sa botlhokwa, kgolagano ya bone le tirisodikgoka. Mo pholising eno, re tlhoma batho ka nosi, mekgatlho, le ditshwaragano tsa batho. Maemo ano a kgaogantswe ka maemo a le mararo a a bontshang maemo a tiragatso ya molao wa diteng, moo Maemo 1 a feleletsang a le mo tiragatsong e e tseneletseng thata ya molao gonne re dumela gore ditheo tseno di na le dikgolagano ka tlhamalalo le kgobatso e e sa dirweng mo inthaneteng.
Maemo 1 a tsepamisa mo ditheong tse di tsayang karolo mo dikgobatsong tse di sa dirweng mo inthaneteng - go akaretsa go rulaganya kgotsa go tshegetsa tirisodikgoka kgatlhanong le baagi, go diga batho seriti mo go boaboelediwang kgotsa go tshegetsa kgobatho ya batho go ya ka dipopego tse di sireleditsweng, kgotsa go tsaya karolo mo ditirong tsa thulaganyo e e rileng ya bosenyi. Ditheo tsa Maemo 1 di akaretsa mekgatlho ya borukutlhi, ya letlhoo, le ya bosenyi. Re tlosa tlotlomatso, tshegetso e e bonalang, le kemedi ya ditheo tsa Maemo 1 ga mmogo le baeteledipele ba tsone, batlhami, kgotsa maloko a maemo a a kwa godimo. Maemo 1 a akaretsa mekgatlho ya letlhoo; mekgatlho ya bosenyi; go akaretsa e e tlhomilweng ke puso ya Amerika jaaka Dikomangkanna tse di Dirang Kgwebisano e e Kgethegileng ya Diritibatsi (di-SDNTK); le mekgatlho ya borukutlhi, go akaretsa ditheo le batho ka nosi ba ba tlhomilweng ke puso ya Amerika jaaka Mekgatlho ya Boditshaba ya Borukutlhi (di-FTO) kgotsa Dirukutlhi tsa mo Lefatsheng Lotlhe tse di Tlhomilweng ka tsela e e Kgethegileng (di-SDGT) Re tlosa tlotlomatso, tshegetso e e bonalang, le kemedi ya ditheo tsa Maemo 1 gammogo le baeteledipele ba tsone, batlhami, kgotsa maloko a a tumileng.
Mo godimo ga moo, ga re letlelele tshedimosetso e e tlotlomatsang, e e tshegetsang mo go bonalang, kgotsa e e emelang ditiragalo tse di kailweng ke Facebook jaaka ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao, dipolao tsa batho ba bantsitirisodikgoka e e nang le batswasetlhabelo ba bantsi kgotsa maiteko a dipolao tsa batho ba bantsitirisodikgoka e e nang le batswasetlhabelo ba bantsi, dipolao tse dintsi kgotsa bosenyi jwa letlhoo. E bile ga re letlelele tlotlomatso, tshegetso e e bonalang, kgotsa kemedi ya molatofadiwa/balatofadiwa ba ditlhaselo tsa go nna jalo. Gape re tlosa mafoko a a kwadilweng a tlotlomatso, kemonokeng e e bonalang kgotsa e e emelang megopolo e e rotloeletsang kilo, e e tshwanang le bo-nazi le tlotlomalo ya batho basweu.
Maemo 2 a tsepamisa mo ditheong tse di tsayang karolo mo tirisodikgokeng kgatlhanong puso kgotsa sesole mme di sa tote ka kakaretso baagi -- ke se re se bitsang “Badiragatsi ba Tirisodikgoka ba e seng ba Puso.” Re tlosa tshegetso yotlhe e e bonalang le kemedi ya ditheo tseno, baeteledipele ba tsone, le maloko a tsone a maemo a a kwa godimo. Re tlosa tlotlomatso epe ya ditirwana tsa tirisodikgoka tsa ditlhopha tseno.
Maemo 3 a tsepamisa mo ditheong tse di tsayang karolo ka go ipoapoeletsa mo ditlolomolaong tsa dipholisi tsa Puo ya Letlhoo kgotsa tsa Mekgatlho e e Kotsi mo polatefomong kgotsa e seng mo polatefomong kgotsa tse di bontshang maikaelelo a a tseneletseng a go tsaya karolo mo tirisong ya dikgoka e e sa dirweng mo inthaneteng mo isagong e e gautshwane, mme di ise di tsamaye di tseye karolo mo tirisong ya dikgoka go fitlha ga jaana kgotsa tse di tshegeditseng tirisodikgoka kgatlhanong le ba bangwe go ya ka dipopego tsa bone tse di sireleditsweng. . Seno se akaretsa Mekgatlho ya Batho ya Sesole, Dintlhaga tsa Togamaano e e Tlhotlheletsang Tirisodikgoka, le batho ka nosi le ditlhopha tse di thibetsweng go rotloetsa letlhoo. Ditheo tsa Maemo 3 di ka tswa di se teng kgotsa di ka tswa di sa gokagane mo dipolatefomong tsa rona.
Re lemoga gore badirisi ba ka tswa ba abelana tshedimosetso e e akaretsang dikumako tsa mekgatlho e e kailweng e le kotsi le batho ka nosi ba ba kotsi go bega, go kgala, kgotsa go buisana ka tsone kgotsa ditiro tsa tsone kwa ntle ga go tsaya letlhakore. Dipholisi tsa rona di rulaganyeditswe go letlelela mefuta eno ya dipuisano, mme re tlhoka batho gore ba bontshe maikaelelo a bone. Fa e le gore maikaelelo ga a utlwale sentle, re ka nna ra tlosa tshedimosetso.
Re Tlosa:
Re tlosa Kgalaletso, Tshegetso e e Bonalang, le Kemedi ya Mekgatlho e e Kotsi e e farologaneng. Megopolo eno e dira mo mekgatlhong eno ka boyone, ditiro tsa yone, le maloko a yone. Megopolo eno ga e thibele go buelela ka kagiso diphelelo tsa sepolotiki tse dirileng.
Kgalaletso, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Go bua sentle ka setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Balwela Puso ya Bomoselema ba pelokgale tota!"
- Go akgola setheo se se rileng kgotsa tiragalo gore e atlegile;
- Ka sekai, "Timothy McVeigh ke mosweladikano."
- Gore tiro ya setheo se se rileng e kafa molaong ka go bua gore boitshwaro jwa bone jwa kilo, jwa tirisodikgoka, kgotsa bokebekwa bo kafa molaong, bo siame, kgotsa gore ka tsela nngwe bo dirwa ka mabaka a a siameng kgotsa bo a amogelesega;
- Ka sekai, "Ga go na sepe se se phoso se Hitlelara a se dirileng."
- Go itsalanya le megopolo ya setheo se se rileng kgotsa tiragalo.
- Ka sekai, "Nna ke ema le Brenton Tarrant."
Re tlosa Tlotlomatso ya ditheo tsa Maemo 1 le ditiragalo tse di rileng. Gape re tlosa tlotlomatso ya tirisodikgoka e e dirilweng ke ditheo tsa Maemo 2.
Tshegetso e e Bonalang, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Tiragalo epe e e tokafatsang seemo sa ditšhelete sa setheo se se rileng - gammogo le go romela madi kwa, kgotsa go tswa mo setheong se se rileng;
- Ka sekai, "Naya KKK mpho ya madi!"
- Tiro epe ya go naya setheo se se rileng kgotsa tiragalo thuso ya madi;
- Ka sekai, "Fa e le gore o batla go romelela Sinaloa Cartel diphuthelwana tsa tlhokomelo, dirisa aterese eno:"
- Go tlhaba mokgosi wa go tsaya karolo mo boemong jwa setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Ikgolaganye le Atomwaffen Division - (XXX) XXX-XXXX”
- Go thaopela batho setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Fa e le gore o batla go lwela Caliphate, nthomelela molaetsa ka DM"
- Go fetisa tshedimosetso kgotsa didirisiwa, tse di akaretsang puisano ya semolao, mo boemong jwa setheo se se rileng kgotsa tiragalo
- Ka sekai, Go tsopola setheo se se rileng go sena mokwalotlase o o se kgalang, go bua ka go sa tseye letlhakore, kgotsa o le karolo ya bobegadikgang.
Re tlosa Kemonokeng e e Bonalang ya ditheo tsa Maemo 1 le Maemo 2 le ditiragalo tse di tlhophilweng.
Kemedi, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Go bolela gore o leloko la setheo se se tlhomilweng, kgotsa o setheo se se tlhomilweng;
- Ka sekai, "Nna ke terakone e kgolo ya KKK."
- Go tlhama Tsebe, Porofaele, Tiragalo, Setlhopha, kgotsa setheo se sengwe sa Facebook se e leng kgotsa se se ikayang gore ke sa Setheo se se Tlhomilweng kgotsa se se tsamaisiwang mo boemong jwa sone, kgotsa se e leng kgotsa se se ikayang go nna tiragalo ya semolao.
- Ka sekai, Tsebe e e bidiwang "Phathi ya Nazi ya Amerika."
Re tlosa Kemedi ya Mekgatlho e e Kailweng ya Maemo 1 le 2, Ditheo tse di Thibetsweng ka Ntlha ya Letlhoo, le ditiragalo tse di kailweng.
Mefuta le Maemo a Mekgatlho e e Kotsi
Maemo 1: Borukutlhi, letlhoo le le rulagantsweng, tiro ya bosenyi jo bogolo, batho ba bantsimaiteko a tirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba bantsi, tirisodikgoka ya batswasetlhabelo ba bantsile dipolao tse dintsi, le ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao
Ga re letlelele batho ka nosi kgotsa mekgatlho e e tsayang karolo mo bosenying jo bo rulagantsweng, go akaretsa eo e kailweng ke puso ya Amerika jaaka bokomang-ka-nna ba ba kailweng ka tsela e e kgethegileng ba ba rekisang ditagi e seng mo molaong (di-SDNTK); letlhoo, kgotsa borukutlhi, go akaretsa ditheo tse di kailweng ke puso ya Amerika jaaka Mekgatlho ya Borukhutlhi ya Dinaga di Sele (di-SDGT), go nna mo polatefomong. Gape ga re letlelele batho bangwe go emela ditheo tseno. Ga re letlelelele baeteledipele kgotsa maloko a a itsegeng thata a mekgatlho eno gore ba nne mo polatefomong eno, matshwao a a e emelang gore a dirisiwe mo polatefomong eno, kgotsa mafoko a a kwadilweng a a e tlotlomatsang kgotsa a a tlotlomatsang ditiro tsa yone. Mo godimo ga moo, re tlosa kgokagano epe ya tshegetso e e bonalang ya batho bano ka nosi kgotsa mekgatlho eno.
Ga re letlelele tshedimosetso e e tlotlomatsang, e e tshegetsang mo go bonalang, kgotsa e e emelang ditiragalo tse Facebook e di kaileng jaaka ditlhaselo tsa borukutlhi, ditiragalo tsa letlhoo, dipolao tsa batho ba bantsitirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba bantsi kgotsa maiteko a dipolao tsa batho ba bantsitirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba bantsi, metseletsele ya dipolao, bosenyi jwa letlhoo kgotsa ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao.
Gape ga re letlelele Tlotlomatso, Tshegetso e e Bonalang, kgotsa Kemedi ya dikakanyo tse di kailweng e le tsa letlhoo.
Mekgatlho ya borukuthi le batho ka nosi ba borukutlhi, ba ba tlhalosiwang jaaka batho le mekgatlho e e seng karolo ya puso:
- Tsayang karolo, yo o rotloetsang kgotsa yo o neelang tshegetso e e bonalang mo ditirong tse di dirwang ka maikaelelo a a rileng le tse di rulagantsweng tsa tirisodikgoka,
- Tse di bakang kgotsa di lekang go bolaya baagi, kgotsa batho ba bangwe ba ba sa tseyeng karolo ka tlhamalalo mo bosetlhogong ka nako ya ntwa ya dibetsa, go lematsa kgotsa go gobatsa ka tsela e e masisi baagi, le/kgotsa tshenyo e kgolo ya dikago e e amanngwang le loso lwa batho fela, temalo e e masisi kgotsa kgobalo e e masisi ya bone.
- Ka boikaelelo jwa go rotloeletsa, go tshosa le/kgotsa go tlhotlheletsa baagi ba motse, puso, kgotsa mokgatlho wa mafatshefatshe.
- Go fitlhelela maikaelelo a sepolitiki, a sedumedi, kgotsa a dikakanyo le megopolo e e rileng.
Mekgatlho ya Letlhoo, e e tlhalosiwang jaaka setlhopha sa batho ba le bararo kgotsa go feta ba ba:
- se rulagantswe ka fa tlase ga leina, sesupo, kgotsa letshwao le le rileng; mme
- ba na le mogopolo mongwe, mafoko, kgotsa ditiro tse ba di dirang ka namana tse di tlhaselang batho go ya ka mefuta ya bone, gammogo le mmala, bodumedi jwa bone, lotso, kgolafalo, morafe, bong, thobalano, tshekamelo ya thobalano, kgotsa bolwetse jo bo masisi.
Mekgatlho ya Bokebekwa, e e tlhalosiwang e le mophato wa batho ba le bararo kgotsa go feta ba ba:
- tshwaraganeng ba dirisa leina le lengwe, e le ba (me)mmala, (di)puo ya mabogo kgotsa matekwane a a itsiweng; le
- tsayang karolo mo tirong ya bosenyi kgotsa ba ba tshosetsang go tsaya karolo mo tirong ya bosenyi e e jaaka polao, thekiso e e seng mo molaong ya diritibatsi, kgotsa botshwarwakananyo.
- Re tsaya gore tiragalo ke
polao ya batho ba bantsitirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba bantsikgotsamaiteko apolao ya batho ba bantsitirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba bantsifa e le gore e felela ka dikotsi tse tharo kgotsa go feta mo tiragalong e le nngwe, e e tlhalosiwang jaaka dintsho kgotsa dikgobalo tse di masisi. Motho ope a le nosi yo o dirileng tlhaselo ya go nna jalo o tsewa jaakammolai wa batho ba bantsimolatofadiwakgotsa maiteko apolao ya batho ba bantsimolatofadiwa wa tirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba bantsi. - Re tsaya gore motho ka nosi yo o bolaileng batho ba babedi kgotsa go feta mo ditiragalong tse dintsi kgotsa mo mafelong a mantsi ke mmolai wa batho ba bantsi.
Dikakanyo le megopolo ya letlhoo
- Le fa ditlhaloso tsa rona tsa mekgatlho le batho ka nosi di tsepamisa mo maitsholong, re lemoga gape gore go na le dikakanyo kgotsa ditumelo tse di rileng tse ka tlwaelo di golaganngwang le tirisodikgoka le maiteko a go rulaganya batho go ba kopa go dira tirisodikgoka kgotsa go kgetholola ba bangwe go ya ka dipharologantsho tsa bone tse di sireleditsweng. Mo mabakeng ano, re tlhoma mogopolo ka boone re bo re tlosa mafoko a a kwadilweng a a emang mogopolo oo nokeng mo polatefomong ya rona. Megopolo eno e akaretsa:
- Bo-Nazi
- Go Tseelwagodimo ga Batho Basweu
- Bomorafe jwa Batho Basweu
- Go Itlhaola ga Batho Basweu
- Re tlosa Tlotlomatso e e mo Pepeneneng, Tshegetso e e Bonalang, le Kemedi ya megopolo eno, re tlosa batho le mekgatlho e e dumelang mo mogopolong ono wa letlhoo o le mongwe kgotsa e le mentsi.
Maemo 2: Batho le Mekgatlho ya Tirisodikgoka, ba e seng Karolo ya Puso
Mekgatlho le batho ka nosi ba ba tlhalosiwang ke Facebook jaaka Batho le Mekgatlho ya Tirisodikgoka, ba e seng Karolo ya Puso, ga ba letlelelwe go nna teng mo Facebook, kgotsa ba go nna teng ga bone go tlhokometsweng ke ba bangwe mo boemong jwa bone. Ka ntlha ya gore ditlhopha tseno di tsaya karolo mo tirisong ya dikgoka, tshegetso e kgolo ya ditheo tseno le yone ga e letlelelwe. Gape re tla tlosa tlotlomatso ya tirisodikgoka e e dirilweng ke ditheo tseno.
Batho le Mekgatlho ya Tirisodikgoka, ba e Seng Karolo ya Puso, ba ba tlhalosiwang jaaka motho ope kgotsa mokgatlho ope o e seng karolo ya puso o o:
- tsayang karolo mo ditirong tse di dirwang ka maikaelelo a a rileng le mo ditirong tse di rulagantsweng tsa tirisodikgoka segolo bogolo kgatlhanong le ditlhopha tsa sesole sa puso kgotsa ditlhopha tse dingwe tse di tlhometseng; le
- bakang kgotsa tse di lekang go
- bolaya batho ba ba tsayang karolo ka tlhamalalo mo ditirong tsa bosetlhogo tse go dirisiwang ntwa ya dibetsa, le/kgotsa
- itsa baagi go fitlhelela mafaratlhatlha a botlhokwa le metswedithuso ya tlholego, le/kgotsa go senya thoto mo go bonalang, e e amanngwang le loso, kgobalo e e masisi kgotsa tshenyegelo e e masisi ya baagi
Maemo 3: Mekgatlho ya Batho ba ba Tlhometseng ka Dibetsa, Dineteweke tsa Maano a a Tlhotlheletsang Tirisodikgoka, le Ditheo tse di Thibetsweng ka ntlha ya Letlhoo
Ditsebe, Ditlhopha, Ditiragalo, le Diporofaele kgotsa ditheo tse dingwe tsa Facebook tse di - kgotsa tse di ipolelelang gore ke tse di - tlhokometsweng ke, kgotsa tse di mo boemong jwa, Mekgatlho ya Batho e e Tlhometseng ka Dibetsa le Dineteweke tsa Maano a a Tlhotlheletsang Tirisodikgoka ga di letlelelwe. Batsamaisi ba ditsebe tseno, ditlhopha le ditiragalo le bone ba tla tlosiwa.
Tobetsa fano go buisa go le gontsi ka tsela e re buang le ditlhopha le mekgatlho e e golaganngwang le tirisodikgoka.
Ga re letlelele Kemedi ya Mekgatlho le batho ka nosi ba ba tlhalosiwang ke Facebook jaaka Ditheo tse di Thibetsweng ka Ntlha ya Letlhoo.
Mekgatlho ya Batho ba ba Tlhometseng ka Dibetsa (di-MSM), e e akaretsang:
- Ditlhopha tsa Baagi ba ba Itirileng Masole, tse di tlhalosiwang jaaka batho ba e seng karolo ya puso ba ba dirisang dibetsa jaaka karolo ya katiso ya bone, tlhaeletsano, kgotsa go nna teng; tse di rulagantsweng kgotsa tse di dirang jaaka sesole kgotsa basireletsi ba ba seng mo molaong:
- Gokagana go ipaakanyetsa tirisodikgoka kgotsa ntwa ya selegae, kgotsa
- Ba anamisa tshedimosetso mabapi le botswererere jwa go lwantshana ka dibetsa; kgotsa
- Gokaganya kgokaganyo ya boitseanape ya sesole mo ntweng ya dibetsa ya baagi ya mo isagong kgotsa ntwa ya baagi.
- Ditlhopha tse di tshegetsang ditiro tsa tirisodikgoka ka nako ya ditshupetso, tse di tlhalosiwang jaaka batho le mekgatlho e e seng karolo ya puso e gangwe le gape e:
- Gokaganyang, go rotloetsa, go dumela kgotsa go tsaya karolo mo:
- Ba dira ditiro tsa tirisodikgoka ya mo mebileng kgatlhanong le batho fela ba ba sa tsholeng dibetsa kgotsa badiragatsamolao; kgotsa
- Go tshuba dikago, go utswa dilo ka nako ya dikgoberego, kgotsa ditsela tse dingwe tsa go senya dikago; kgotsa
- Ba tshosetsa go kgoreletsa ka tirisodikgoka tsamaiso ya ditlhopho; kgotsa
- Ba rotloeletsa go tlisiwa ga dibetsa mo lefelong le le rileng fa boikaelelo jwa bone e le go tshosetsa batho ka nako ya dikgoberego
Dikgolagano tsa Borukutlhi jwa go Tlhotlheletsa Tirisodikgoka(Violence-Inducing Conspiracy Networks [VICNs]), tse di tlhalosiwang e le Batsayakarolo mo Ditirong tse Eseng tsa Puso ba:
- Ba rulagana ba ipitsa leina, sesupo, mafoko a boikaelelo jwa bone, kgotsa letshwao; gape
- Ba rotloeletsa megopolo e e bontshiwang ke boitshwaro jwa tirisodikgoka kgotsa nyenyefatso ya batho kgotsa mekgatlho e e senotsweng ke metswedi e e ikanyegang; gape
- Ba tlhotlheleditse ditiragalo tse dintsi tsa tirisodikgoka ka sebele e e dirilweng ke ba ba dirisanang le bone ba tlhotlhelediwa ke go batla go tlhokomedisa kgotsa go baakanya tse ba reng ke dikgobatso tse di rotloediwang ke megopolo eno e e senotsweng.
Ditheo tse di Thibetsweng ka Ntlha ya Letlhoo, tse di tlhalosiwang e le ditheo tse di tsayang karolo mo boitshwarong jo bo boelediwang jwa letlhoo kgotsa puo e e tlhotlheletsang letlhoo, mme di sa tlhatloge go nna setheo sa Maemo 1 ka gonne di sa tseye karolo mo tirisong ya dikgoka, kgotsa ka gonne di sa tshegetse tirisodikgoka, kgotsa ka gonne di tlhaela dikgolagano tse di lekaneng le mekgatlho kgotsa batho ba ba tlhalositsweng mo nakong e e fetileng.
27 Phatw 2021
Mabaka a Pholisi
Ka maiteko a go thibela le go kgoreletsa kgobalo ya mmatota, ga re letlelele mekgatlho kgotsa batho ka nosi ba ba itsiseng phatlalatsa tiro ya tirisodikgoka kgotsa ba ba tsayang karolo mo tirisong ya dikgoka go nna mo Facebook. Re sekaseka ditheo tseno go ya ka maitsholo a bone fa ba le mo inthaneteng le fa ba se mo inthaneteng, mme sa botlhokwa, kgolagano ya bone le tirisodikgoka. Mo pholising eno, re tlhoma batho ka nosi, mekgatlho, le ditshwaragano tsa batho. Maemo ano a kgaogantswe ka maemo a le mararo a a bontshang maemo a tiragatso ya molao wa diteng, moo Maemo 1 a feleletsang a le mo tiragatsong e e tseneletseng thata ya molao gonne re dumela gore ditheo tseno di na le dikgolagano ka tlhamalalo le kgobatso e e sa dirweng mo inthaneteng.
Maemo 1 a tsepamisa mo ditheong tse di tsayang karolo mo dikgobatsong tse di sa dirweng mo inthaneteng - go akaretsa go rulaganya kgotsa go tshegetsa tirisodikgoka kgatlhanong le baagi, go diga batho seriti mo go boaboelediwang kgotsa go tshegetsa kgobatho ya batho go ya ka dipopego tse di sireleditsweng, kgotsa go tsaya karolo mo ditirong tsa thulaganyo e e rileng ya bosenyi. Ditheo tsa Maemo 1 di akaretsa mekgatlho ya borukutlhi, ya letlhoo, le ya bosenyi. Re tlosa tlotlomatso, tshegetso e e bonalang, le kemedi ya ditheo tsa Maemo 1 gammogo le baeteledipele ba tsone, batlhami, kgotsa maloko a a tumileng.Maemo 1 a akaretsa mekgatlho ya letlhoo; mekgatlho ya bosenyi, go akaretsa e e kailweng ke puso ya Amerika jaaka ya Bokomang-ka-nna ba ba Kailweng ka Tsela e e Kgethegileng ya go Rekisa Ditagi ka tsela e e seng mo molaong (di-SDNTK); le mekgatlho ya borukutlhi, go akaretsa ditheo le batho ka nosi ba ba kailweng ke puso ya Amerika jaaka Mekgatlho ya Borukutlhi ya Dinaga di Sele (di-FTO) kgotsa Barukhutlhi ba ba Kailweng ka Tsela e e Kgethegileng ba mo Lefatsheng Lotlhe (di-SDGT). Re tlosa tlotlomatso, tshegetso e e bonalang, le kemedi ya ditheo tsa Maemo 1 gammogo le baeteledipele ba tsone, batlhami, kgotsa maloko a a tumileng.
Mo godimo ga moo, ga re letlelele tshedimosetso e e tlotlomatsang, e e tshegetsang mo go bonalang, kgotsa e e emelang ditiragalo tse di kailweng ke Facebook jaaka ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao - go akaretsa ditlhaselo tsa borukutlhi, ditiragalo tsa letlhoo, dipolao tsa batho ba bantsi kgotsa maiteko a dipolao tsa baagi ba bantsi, dipolao tse dintsi, kgotsa bosenyi jwa letlhoo. E bile ga re letlelele tlotlomatso, tshegetso e e bonalang, kgotsa kemedi ya molatofadiwa/balatofadiwa ba ditlhaselo tsa go nna jalo. Gape re tlosa mafoko a a kwadilweng a tlotlomatso, kemonokeng e e bonalang kgotsa e e emelang megopolo e e rotloeletsang kilo, e e tshwanang le bo-nazi le tlotlomalo ya batho basweu.
Maemo 2 a tsepamisa mo ditheong tse di tsayang karolo mo tirisodikgokeng kgatlhanong puso kgotsa sesole mme di sa tote ka kakaretso baagi -- ke se re se bitsang “Badiragatsi ba Tirisodikgoka ba e seng ba Puso.” Re tlosa tshegetso yotlhe e e bonalang le kemedi ya ditheo tseno, baeteledipele ba tsone, le maloko a tsone a maemo a a kwa godimo. Re tlosa tlotlomatso epe ya ditirwana tsa tirisodikgoka tsa ditlhopha tseno.
Maemo 3 a tsepamisa mo ditheong tse di tsayang karolo ka go ipoapoeletsa mo ditlolomolaong tsa dipholisi tsa Puo ya Letlhoo kgotsa tsa Mekgatlho e e Kotsi mo polatefomong kgotsa e seng mo polatefomong kgotsa tse di bontshang maikaelelo a a tseneletseng a go tsaya karolo mo tirisong ya dikgoka e e sa dirweng mo inthaneteng mo isagong e e gautshwane, mme di ise di tsamaye di tseye karolo mo tirisong ya dikgoka go fitlha ga jaana kgotsa tse di tshegeditseng tirisodikgoka kgatlhanong le ba bangwe go ya ka dipopego tsa bone tse di sireleditsweng. . Seno se akaretsa Mekgatlho ya Batho ya Sesole, Dintlhaga tsa Togamaano e e Tlhotlheletsang Tirisodikgoka, le batho ka nosi le ditlhopha tse di thibetsweng go rotloetsa letlhoo. Ditheo tsa Maemo 3 di ka tswa di se teng kgotsa di ka tswa di sa gokagane mo dipolatefomong tsa rona.
Re lemoga gore badirisi ba ka tswa ba abelana tshedimosetso e e akaretsang dikumako tsa mekgatlho e e kailweng e le kotsi le batho ka nosi ba ba kotsi go bega, go kgala, kgotsa go buisana ka tsone kgotsa ditiro tsa tsone kwa ntle ga go tsaya letlhakore. Dipholisi tsa rona di rulaganyeditswe go letlelela mefuta eno ya dipuisano, mme re tlhoka batho gore ba bontshe maikaelelo a bone. Fa e le gore maikaelelo ga a utlwale sentle, re ka nna ra tlosa tshedimosetso.
Re Tlosa:
Re tlosa Kgalaletso, Tshegetso e e Bonalang, le Kemedi ya Mekgatlho e e Kotsi e e farologaneng. Megopolo eno e dira mo mekgatlhong eno ka boyone, ditiro tsa yone, le maloko a yone. Megopolo eno ga e thibele go buelela ka kagiso diphelelo tsa sepolotiki tse dirileng.
Kgalaletso, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Go bua sentle ka setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Balwela Puso ya Bomoselema ba pelokgale tota!"
- Go akgola setheo se se rileng kgotsa tiragalo gore e atlegile;
- Ka sekai, "Timothy McVeigh ke mosweladikano."
- Gore tiro ya setheo se se rileng e kafa molaong ka go bua gore boitshwaro jwa bone jwa kilo, jwa tirisodikgoka, kgotsa bokebekwa bo kafa molaong, bo siame, kgotsa gore ka tsela nngwe bo dirwa ka mabaka a a siameng kgotsa bo a amogelesega;
- Ka sekai, "Ga go na sepe se se phoso se Hitlelara a se dirileng."
- Go itsalanya le megopolo ya setheo se se rileng kgotsa tiragalo.
- Ka sekai, "Nna ke ema le Brenton Tarrant."
Re tlosa Tlotlomatso ya ditheo tsa Maemo 1 le ditiragalo tse di rileng. Gape re tlosa tlotlomatso ya tirisodikgoka e e dirilweng ke ditheo tsa Maemo 2.
Tshegetso e e Bonalang, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Tiragalo epe e e tokafatsang seemo sa ditšhelete sa setheo se se rileng - gammogo le go romela madi kwa, kgotsa go tswa mo setheong se se rileng;
- Ka sekai, "Naya KKK mpho ya madi!"
- Tiro epe ya go naya setheo se se rileng kgotsa tiragalo thuso ya madi;
- Ka sekai, "Fa e le gore o batla go romelela Sinaloa Cartel diphuthelwana tsa tlhokomelo, dirisa aterese eno:"
- Go tlhaba mokgosi wa go tsaya karolo mo boemong jwa setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Ikgolaganye le Atomwaffen Division - (XXX) XXX-XXXX”
- Go thaopela batho setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Fa e le gore o batla go lwela Caliphate, nthomelela molaetsa ka DM"
- Go fetisa tshedimosetso kgotsa didirisiwa, tse di akaretsang puisano ya semolao, mo boemong jwa setheo se se rileng kgotsa tiragalo
- Ka sekai, Go tsopola setheo se se rileng go sena mokwalotlase o o se kgalang, go bua ka go sa tseye letlhakore, kgotsa o le karolo ya bobegadikgang.
Re tlosa Kemonokeng e e Bonalang ya ditheo tsa Maemo 1 le Maemo 2 le ditiragalo tse di tlhophilweng.
Kemedi, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Go bolela gore o leloko la setheo se se tlhomilweng, kgotsa o setheo se se tlhomilweng;
- Ka sekai, "Nna ke terakone e kgolo ya KKK."
- Go tlhama Tsebe, Porofaele, Tiragalo, Setlhopha, kgotsa setheo se sengwe sa Facebook se e leng kgotsa se se ikayang gore ke sa Setheo se se Tlhomilweng kgotsa se se tsamaisiwang mo boemong jwa sone, kgotsa se e leng kgotsa se se ikayang go nna tiragalo ya semolao.
- Ka sekai, Tsebe e e bidiwang "Phathi ya Nazi ya Amerika."
Re tlosa Kemedi ya Mekgatlho e e Kailweng ya Maemo 1 le 2, Ditheo tse di Thibetsweng ka Ntlha ya Letlhoo, le ditiragalo tse di kailweng.
Mefuta le Maemo a Mekgatlho e e Kotsi
Maemo 1: Borukutlhi, letlhoo le le rulagantsweng, tiro ya bosenyi jo bogolo, dipolao tsa batho ba bantsi kgotsa dipolao tse dintsi, le ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao
Ga re letlelele tshedimosetso e e tlotlomatsang, e e tshegetsang mo go bonalang, kgotsa e e emelang ditiragalo tse Facebook e di kaileng jaaka ditlhaselo tsa borukutlhi, ditiragalo tsa letlhoo, dipolao tsa batho ba bantsi kgotsa maiteko a dipolao tsa batho ba bantsi, metseletsele ya dipolao, bosenyi jwa letlhoo kgotsa ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao.
Gape ga re letlelele Tlotlomatso, Tshegetso e e Bonalang, kgotsa Kemedi ya dikakanyo tse di kailweng e le tsa letlhoo.
Mekgatlho ya borukuthi le batho ka nosi ba borukutlhi, ba ba tlhalosiwang jaaka batho le mekgatlho e e seng karolo ya puso:
- Tsayang karolo, yo o rotloetsang, kgotsa yo o neelang kemonokeng e kgolo mo ditirong tse di dirwang ka maikalelo a a rileng le tse di rulagantsweng tsa tirisodikgoka,
- Tse di bakang kgotsa di lekang go bolaya baagi, kgotsa batho ba bangwe ba ba sa tseyeng karolo ka tlhamalalo mo bosetlhogong ka nako ya ntwa ya dibetsa, go lematsa kgotsa go gobatsa ka tsela e e masisi baagi, le/kgotsa tshenyo e kgolo ya dikago e e amanngwang le loso lwa batho fela, temalo e e masisi kgotsa kgobalo e e masisi ya bone.
- Ka boikaelelo jwa go rotloeletsa, go tshosa le/kgotsa go tlhotlheletsa baagi ba motse, puso, kgotsa mokgatlho wa mafatshefatshe.
- Go fitlhelela maikaelelo a sepolitiki, a sedumedi, kgotsa a dikakanyo le megopolo e e rileng.
Mekgatlho ya Letlhoo, e e tlhalosiwang jaaka setlhopha sa batho ba le bararo kgotsa go feta ba ba:
- se rulagantswe ka fa tlase ga leina, sesupo, kgotsa letshwao le le rileng; mme
- ba na le mogopolo mongwe, mafoko, kgotsa ditiro tse ba di dirang ka namana tse di tlhaselang batho go ya ka mefuta ya bone, gammogo le mmala, bodumedi jwa bone, lotso, kgolafalo, morafe, bong, thobalano, tshekamelo ya thobalano, kgotsa bolwetse jo bo masisi.
Mekgatlho ya Bokebekwa, e e tlhalosiwang e le mophato wa batho ba le bararo kgotsa go feta ba ba:
- tshwaraganeng ba dirisa leina le lengwe, e le ba (me)mmala, (di)puo ya mabogo kgotsa matekwane a a itsiweng; le
- tsayang karolo mo tirong ya bosenyi kgotsa ba ba tshosetsang go tsaya karolo mo tirong ya bosenyi e e jaaka polao, thekiso e e seng mo molaong ya diritibatsi, kgotsa botshwarwakananyo.
Dipolao tsa batho ba bantsi kgotsa dipolao tse dintsi
- Re tsaya gore tiragalo ke polao ya batho ba bantsi kgotsa ke maiteko a polao ya batho ba bantsi fa go feleletsa go na le dikotsi tse tharo kgotsa go feta mo tiragalong e le nngwe, e e tlhalosiwang jaaka dintsho kgotsa dikgobalo tse di masisi. Motho ope ka nosi yo o dirileng tlhaselo ya go nna jalo o tsewa jaaka mmolai wa batho ba bantsi kgotsa mmolai wa maiteko a polao ya batho ba bantsi.
- Re tsaya gore motho ope ka nosi yo o bolaileng batho ba le babedi kgotsa go feta mo ditiragalong tse di ntsi kgotsa mo mafelong a mantsi ke mmolai wa batho ba bantsi.
Dikakanyo le megopolo ya letlhoo
- Le fa ditlhaloso tsa rona tsa mekgatlho le batho ka nosi di tsepamisa mo maitsholong, re lemoga gape gore go na le dikakanyo kgotsa ditumelo tse di rileng tse ka tlwaelo di golaganngwang le tirisodikgoka le maiteko a go rulaganya batho go ba kopa go dira tirisodikgoka kgotsa go kgetholola ba bangwe go ya ka dipharologantsho tsa bone tse di sireleditsweng. Mo mabakeng ano, re tlhoma mogopolo ka boone re bo re tlosa mafoko a a kwadilweng a a emang mogopolo oo nokeng mo polatefomong ya rona. Megopolo eno e akaretsa:
- Bo-Nazi
- Go Tseelwagodimo ga Batho Basweu
- Bomorafe jwa Batho Basweu
- Go Itlhaola ga Batho Basweu
- Re tlosa Tlotlomatso e e mo pepeneneng, Tshegetso e e Bonalang, le Kemedi ya megopolo eno, re tlosa batho le mekgatlho e e dumelang mo mogopolong ono wa letlhoo o le mongwe kgotsa e le mentsi.
Maemo 2: Batho le Mekgatlho ya Tirisodikgoka, ba e seng Karolo ya Puso
Mekgatlho le batho ka nosi ba ba tlhalosiwang ke Facebook jaaka Batho le Mekgatlho ya Tirisodikgoka, ba e seng Karolo ya Puso, ga ba letlelelwe go nna teng mo Facebook, kgotsa ba go nna teng ga bone go tlhokometsweng ke ba bangwe mo boemong jwa bone. Ka ntlha ya gore ditlhopha tseno di tsaya karolo mo tirisong ya dikgoka, tshegetso e kgolo ya ditheo tseno le yone ga e letlelelwe. Gape re tla tlosa tlotlomatso ya tirisodikgoka e e dirilweng ke ditheo tseno.
Batho le Mekgatlho ya Tirisodikgoka, ba e Seng Karolo ya Puso, ba ba tlhalosiwang jaaka motho ope kgotsa mokgatlho ope o e seng karolo ya puso o o:
- tsayang karolo mo ditirong tse di dirwang ka maikaelelo a a rileng le mo ditirong tse di rulagantsweng tsa tirisodikgoka segolo bogolo kgatlhanong le ditlhopha tsa sesole sa puso kgotsa ditlhopha tse dingwe tse di tlhometseng; le
- bakang kgotsa o o lekang go
- bolaya batho ba ba tsayang karolo ka tlhamalalo mo ditirong tsa bosetlhogo tse go dirisiwang ntwa ya dibetsa, le/kgotsa
- itsa baagi go fitlhelela mafaratlhatlha a botlhokwa le metswedithuso ya tlholego, le/kgotsa go senya thoto mo go bonalang, e e amanngwang le loso, kgobalo e e masisi kgotsa tshenyegelo e e masisi ya baagi
Maemo 3: Mekgatlho ya Batho ba ba Tlhometseng ka Dibetsa, Dineteweke tsa Maano a a Tlhotlheletsang Tirisodikgoka, le Ditheo tse di Thibetsweng ka ntlha ya Letlhoo
Ditsebe, Ditlhopha, Ditiragalo, le Diporofaele kgotsa ditheo tse dingwe tsa Facebook tse di - kgotsa tse di ipolelelang gore ke tse di - tlhokometsweng ke, kgotsa tse di mo boemong jwa, Mekgatlho ya Batho e e Tlhometseng ka Dibetsa le Dineteweke tsa Maano a a Tlhotlheletsang Tirisodikgoka ga di letlelelwe. Batsamaisi ba ditsebe tseno, ditlhopha le ditiragalo le bone ba tla tlosiwa.
Tobetsa fano go buisa go le gontsi ka tsela e re buang le ditlhopha le mekgatlho e e golaganngwang le tirisodikgoka.
Ga re letlelele Kemedi ya Mekgatlho le batho ka nosi ba ba tlhalosiwang ke Facebook jaaka Ditheo tse di Thibetsweng ka Ntlha ya Letlhoo.
Mekgatlho ya Batho ba ba Tlhomeletseng ka Dibetsa (di-MSM), e e akaretsang:
- Ditlhopha tsa Baagi ba ba Itirileng Masole, tse di tlhalosiwang jaaka batho ba e seng karolo ya puso ba ba dirisang dibetsa jaaka karolo ya katiso ya bone, tlhaeletsano, kgotsa go nna teng; tse di rulagantsweng kgotsa tse di dirang jaaka sesole kgotsa basireletsi ba ba seng mo molaong:
- Gokagana go ipaakanyetsa tirisodikgoka kgotsa ntwa ya selegae, kgotsa
- Ba anamisa tshedimosetso mabapi le botswererere jwa go lwantshana ka dibetsa; kgotsa
- Gokaganya kgokaganyo ya boitseanape ya sesole mo ntweng ya dibetsa ya baagi ya mo isagong kgotsa ntwa ya baagi.
- Ditlhopha tse di tshegetsang ditiro tsa tirisodikgoka ka nako ya ditshupetso, tse di tlhalosiwang jaaka batho le mekgatlho e e seng karolo ya puso e gangwe le gape e:
- Gokaganyang, go rotloetsa, go dumela kgotsa go tsaya karolo mo:
- Ba dira ditiro tsa tirisodikgoka ya mo mebileng kgatlhanong le batho fela ba ba sa tsholeng dibetsa kgotsa badiragatsamolao; kgotsa
- Go tshuba dikago, go utswa dilo ka nako ya dikgoberego, kgotsa ditsela tse dingwe tsa go senya dikago; kgotsa
- Ba tshosetsa go kgoreletsa ka tirisodikgoka tsamaiso ya ditlhopho; kgotsa
- Ba rotloeletsa go tlisiwa ga dibetsa mo lefelong le le rileng fa boikaelelo jwa bone e le go tshosetsa batho ka nako ya dikgoberego
Dikgolagano tsa Borukutlhi jwa go Tlhotlheletsa Tirisodikgoka(Violence-Inducing Conspiracy Networks [VICNs]), tse di tlhalosiwang e le Batsayakarolo mo Ditirong tse Eseng tsa Puso ba:
- Ba rulagana ba ipitsa leina, sesupo, mafoko a boikaelelo jwa bone, kgotsa letshwao; gape
- Ba rotloeletsa megopolo e e bontshiwang ke boitshwaro jwa tirisodikgoka kgotsa nyenyefatso ya batho kgotsa mekgatlho e e senotsweng ke metswedi e e ikanyegang; gape
- Ba tlhotlheleditse ditiragalo tse dintsi tsa tirisodikgoka ka sebele e e dirilweng ke ba ba dirisanang le bone ba tlhotlhelediwa ke go batla go tlhokomedisa kgotsa go baakanya tse ba reng ke dikgobatso tse di rotloediwang ke megopolo eno e e senotsweng.
Ditheo tse di Thibetsweng ka Ntlha ya Letlhoo, tse di tlhalosiwang e le ditheo tse di tsayang karolo mo boitshwarong jo bo boelediwang jwa letlhoo kgotsa puo e e tlhotlheletsang letlhoo, mme di sa tlhatloge go nna setheo sa Maemo1 ka gonne di sa tseye karolo mo tirisong ya dikgoka, kgotsa ka gonne di sa tshegetse tirisodikgoka, kgotsa ka gonne di tlhaela dikgolagano tse di lekaneng le mekgatlho kgotsa batho ba ba tlhalositsweng mo nakong e e fetileng.
Go direla mabaka a botlhokasephiri re tsentse puo e e rileng ka ga maitlamo a rona a dikotlhao tse di amanang le Bokomang-ka-nna ba ba kailweng ke Puso ya Amerika jaaka ba ba Kailweng ka tsela e e Kgethegileng ba Thekiso ya Ditagi ka tsela e e sa siamang (di-SDNTK), Mekgatlho ya Borukutlhi ya Dinaga di Sele (di-FTO), le Barukutlhi ba ba Kailweng ka Tsela e e Kgethegileng ba mo Lefatsheng Lotlhe (di-SDGT)
24 Seet 2021
Mabaka a Pholisi
Tiro ya Borukutlhi.Letlhoo le le Rulagantsweng.Polao ya Batho ba bantsi (go akarediwa maiteko a polao ya go nna jalo) kgotsa dipolao tse dintsi.Thekiso ya Batho e e seng mo molaong.Tirisodikgoka e e Rulagantsweng kgotsa tiro ya bosenyi.
Ka maiteko a go thibela le go kgoreletsa kgobalo ya mmatota, ga re letlelele mekgatlho kgotsa batho ka nosi ba ba itsiseng tiro ya tirisodikgoka kgotsa ba ba tsayang karolo mo tirisong ya dikgoka go nna mo Facebook. Re sekaseka ditheo tseno go ya ka maitsholo a bone fa ba le mo inthaneteng le fa ba se mo inthaneteng, mme sa botlhokwa thata, gore ba golagana jang le tirisodikgoka. Mo pholising eno, re tlhoma batho ka nosi, mekgatlho, le dineteweke tsa batho. Tlhaloso eno e arogantswe ka maemo a le mararo a a bontshang maemo a tiragatso ya molao mo tshedimosetsong, moo Maemo 1 a feleletsang ka tiragatso e e tseneletseng ya molao gonne re dumela gore ditheo tseno di na le dikgolagano tse di tlhamaletseng thata le kgobatso e e sa dirweng mo inthaneteng.
Maemo 1a tsepamisa mo ditheong tse di tsayang karolo mo dikgobatsong tse di masisi tse di sa dirweng mo inthaneteng - go akaretsa go rulaganya kgotsa go tshegetsa tirisodikgoka kgatlhanong le baagi, go diga batho seriti mo go boaboelediwang kgotsa go tshegetsa kgobatso ya batho go ya ka dipharologantsho tse di sireleditsweng, kgotsa go tsaya karolo mo ditirong tsa thulaganyo e e rileng ya bosenyi. Ditheo tsa Maemo 1 di akaretsa mekgatlho ya borukutlhi, ya letlhoo, le ya bosenyi. Re tlosa tlotlomatso, tshegetso e e bonalang, le kemedi ya ditheo tsa Maemo 1 gammogo le baeteledipele ba tsone, batlhami, kgotsa maloko a a tumileng.
Mo godimo ga moo, ga re letlelele tshedimosetso e e tlotlomatsang, e e tshegetsang mo go bonalang, kgotsa e e emelang ditiragalo tse di kailweng ke Facebook jaaka ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao - go akaretsa ditlhaselo tsa borukutlhi, ditiragalo tsa letlhoo, dipolao tsa batho ba bantsi kgotsa maiteko a dipolao tsa batho ba bantsi, dipolao tse dintsi, kgotsa bosenyi jwa letlhoo. E bile ga re letlelele tlotlomatso, tshegetso e e bonalang, kgotsa kemedi ya molatofadiwa/balatofadiwa ba ditlhaselo tsa go nna jalo. Gape re tlosa tshedimosetso e e tlotlomatsang, e e tshegetsang mo go bonalang kgotsa e e emelang dikakanyo le megopolo e e rotloetsang letlhoo, e e jaaka bosemorafe le kakanyo ya gore basweu ba mo maemong a a kwa godimo go feta merafe e mengwe.
Maemo 2 a tsepamisa mo ditheong tse di tsayang karolo mo tirisong ya dikgoka kgatlhanong le puso kgotsa sesole mme di sa tote ka kakaretso baagi -- ke se re se bitsang “Badiragatsi ba Tirisodikgoka, ba e seng ba Puso.” Re tlosa tshegetso yotlhe e e bonalang le kemedi ya ditheo tseno, baeteledipele ba tsone, le maloko a tsone a maemo a a kwa godimo. Re tlosa tlotlomatso epe ya ditiro tsa ditlhopha tseno tsa tirisodikgoka.
Maemo 3a tsepamisa mo ditheong tse di ka tswang di tsaya karolo ka go ipoapoeletsa mo ditlolomolaong tsa dipholisi tsa rona tsa Puo ya Letlhoo kgotsa tsa Mekgatlho e e Kotsi mo polatefomong kgotsa e seng mo polatefomong kgotsa tse di bontshang maikaelelo a a tseneletseng a go tsaya karolo mo tirisong ya dikgoka e e sa dirweng mo inthaneteng mo isagong e e gaufi, mme di ka tswa di ise di tseye karolo mo tirisong ya dikgoka go fitlha ga jaana kgotsa di ise di tshegetse tirisodikgoka kgatlhanong le tse dingwe go ya ka dipharologantsho tsa tsone tse di sireleditsweng. Seno se akaretsa Mekgatlho ya Batho ba ba Tlhometseng ka Dibetsa, Dineteweke tsa Maano a a Tlhotlheletsang Tirisodikgoka, le batho ka nosi le ditlhopha tse di thibetsweng go rotloetsa letlhoo. Ditheo tsa Maemo 3 di ka tswa di se teng kgotsa di ka tswa di sa gokagane mo dipolatefomong tsa rona.
Re lemoga gore badirisi ba ka tswa ba abelana tshedimosetso e e akaretsang dikumako tsa mekgatlho e e kailweng e le kotsi le batho ka nosi ba ba kotsi go bega, go kgala, kgotsa go buisana ka tsone kgotsa ditiro tsa tsone kwa ntle ga go tsaya letlhakore. Dipholisi tsa rona di rulaganyeditswe go letlelela mefuta eno ya dipuisano, mme re tlhoka batho gore ba bontshe maikaelelo a bone. Fa e le gore maikaelelo ga a utlwale sentle, re ka nna ra tlosa tshedimosetso.
Mekgatlho ya Baagi ba ba Tlhometseng ka Dibetsa (MSM), e e jaaka batho ba ba itirileng masole kgotsa ditlhopha tse di tshegetsang ditiro tsa tirisodikgoka ka nako ya ditshupetso.Dineteweke tsa Maano a a Tlhotlheletsang Tirisodikgoka, tse di jaaka QAnon.
Modiragatsi ope yo e seng karolo ya puso yo o:Tsayang karolo, yo o rotloetsang kgotsa yo o neelang tshegetso e e bonalang mo ditirong tse di dirwang ka maikaelelo a a rileng le tse di rulagantsweng tsa tirisodikgoka.Yo o bakang kgotsa yo o lekang go baka loso, kgobalo kgotsa kgobalo kgotsa kutlwisobotlhoko e e tseneletseng go baagi, kgotsa motho ope yo mongwe yo o sa tseyeng karolo ka tlhamalalo mo kemokgatlhanong ya mo maemong a ntwa ya dibetsa, le/kgotsa tshenyo e kgolo mo dikagong e e golaganngwang le loso, kgobalo e e tseneletseng kgotsa go utlwisiwa botlhoko ga baagi ba selegae.Ka maikaelelo a go gapeletsa, go tshosetsa le/kgotsa go tshosetsa baagi ba selegae, puso, kgotsa mokgatlho wa boditšhabatšhaba.Go fitlhelela maikaelelo a sepolitiki, a sedumedi kgotsa a dikakanyo le megopolo e e rileng.
Mokgatlho wa letlhoo o tlhalosiwa jaaka:Setlhopha sepe sa batho ba le bararo kgotsa go feta se se rulagantsweng ka fa tlase ga leina, kgotsa letshwao le se se nang le dikakanyo tse di rileng, dipolelo kgotsa ditiro tse di gobatsang mmele tse go tlhaselwang batho ka nosi go ya ka dipharologantsho tsa bone, go akaretsa lotso, botokololo jwa sedumedi, bosetšhaba, bomorafe, bong, thobalano, kgatlhegelo ya lerato le thobalano go motho wa bong jo bo rileng, bolwetse jo bo tseneletseng kgotsa kgolafalo.
Re tsaya polao go nna polao ya batho ba bantsi fa go feleletsa go na le dintsho tse 3 kgotsa go feta mo tiragalong e le nngwe.Re tsaya maiteko a polao ya batho ba bantsi go nna e motho ka nosi o dirisang sebetsa kgotsa serori go leka go gobatsa batho ba bantsi mo lefelong la botlhe kgotsa a dira seo mo bathong ba ba fetang motho a le mongwe.Re tsaya gore motho ope ka nosi yo o bolaileng batho ba le 2 kgotsa go feta mo ditiragalong tse dintsi kgotsa mo mafelong a mantsi ke mmolai wa batho ba bantsi.
Ditlhopha tsa thekiso ya batho e e seng mo molaong ke mekgatlho e e rweleng maikarabelo a sengwe sa tse di latelang:Go gapeletsa ba bangwe go ithekisa mmele, go gapeletsa batho go dira/go thapa batho mo tirong go duela sekoloto, bokgoba kgotsa go kgaolwa ga dirwe.Go thapa, go tsamaisa, go fetisa, go tshwara, go tlamela, go fitlha kgotsa go amogela motho yo monnye, kgotsa mogolo kwa ntle ga tetla ya gagwe.
Mokgatlho wa bosenyi o tlhalosiwa jaaka:Setlhopha sepe sa batho ba le 3 kgotsa go feta se se kopaneng ka fa tlase ga leina, mmala/mebala, go bua ka seatla/diatla kgotsa matshwao a a bonalang, se se tsayang karolo kgotsa se se tshosetsang go tsaya karolo mo tirong ya bosenyi, go akaretsa (mme go sa lekanyediwa go):Polao.Thekiso ya diritibatsi e e seng mo molaong.Thekiso ya dibetsa e e seng mo molaong.Bogodu jwa boitshupo.Go tlhatswa madi a a bonweng ka bosenyi.Kgapeletso kgotsa thekiso ya batho e e seng mo molaong.Tlhaselo.Go tshwarwa kananyo.
Re Tlosa:
Re tlosa Tlotlomatso, Tshegetso e e Bonalang, le Kemedi ya Mekgatlho e e Kotsi e e farologaneng. Megopolo eno e dira mo mekgatlhong eno ka boyone, ditiro tsa yone, le maloko a yone. Megopolo eno ga e thibele tshegetso e e dirwang ka kagiso gore go nne le dipoelo tse di rileng tsa sepolitiki.
Tlotlomatso, e e tlhalosiwang jaaka sengwe sa tse di latelang:
- Bua se se siameng ka setheo kgotsa tiragalo e e kailweng;
- Sekai, “Balwela Puso ya Iselamo ba pelokgale tota!”
- Go akgola setheo se se kailweng kgotsa tiragalo e e kwailweng gore e atlegile;
- Sekai, “Timothy McVeigh ke mosweladikano.”
- Go dira gore maikaelelo a setheo se se kailweng e nne a semolao ka go kaya gore boitshwaro jwa sone jwa letlhoo, jwa tirisodikgoka, kgotsa jwa bosenyi bo mo molaong, bo siame, kgotsa bo dirwa ka tsela nngwe ka mabaka a a utlwalang kgotsa bo a amogelesega;
- Sekai, “Hitler ga a dira sepe se se phoso.”
- Go itsalanya ka kakanyo kgotsa mogopolo le setheo kgotsa tiragalo e e kailweng.
- Sekai, “Ke tshegetsa Brenton Tarrant.”
Re tlosa Tlotlomatso ya ditheo le ditiragalo tse di kailweng tsa Maemo 1. Gape re tla tlosa tlotlomatso ya tirisodikgoka e e dirilweng ke ditheo tsa Maemo 2.
Tshegetso e e Bonalang, e e tlhalosiwang jaaka sengwe sa tse di fa tlase:
- Tiro epe e e tokafatsang seemo sa ditšhelete sa setheo se se kailweng - go akaretsa thomelo ya madi kwa, kgotsa go tswa mo setheong se se kailweng;
- Sekai, “Abela KKK!”
- Tiro epe e e neelang thuso ya dilwana go setheo kgotsa tiragalo e e kailweng;
- Sekai, “Fa o batla go romelela Sinaloa Cartel diphuthelwana tsa tlhokomelo, dirisa aterese eno:”
- Go tlhaba mokgosi wa go tsaya kgato mo boemong jwa setheo kgotsa tiragalo e e kailweng;
- Sekai, “Ikgolaganye le Lephata la Atomwaffen - (XXX) XXX-XXXX”
- Go thaopa batho mo boemong jwa setheo kgotsa tiragalo e e kailweng;
- Sekai, “Fa o batla go lwela Caliphate, nthomelela molaetsa ka DM”
- Go fetisa tshedimosetso kgotsa metswedithuso, go akaretsa ditlhaeletsano tsa semmuso, mo boemong kwa setheo kgotsa tiragalo e e kailweng
- Sekai, Go nopola ka tlhamalalo setheo se se kailweng go se na mokwalotlhaloso o o kgalang, o o buang kwa ntle ga go tsaya letlhakore, kgotsa e le karolo ya bobegakgang.
Re tlosa Tshegetso e e Bonalang ya ditheo tsa Maemo 1 le Maemo 2 le ditiragalo tse di kailweng.
Kemedi, e e tlhalosiwang jaaka sengwe sa tse di latelang:
- Go bolela gore o leloko la setheo se se kailweng, kgotsa gore o setheo se se kailweng;
- Sekai, “Ke motlhankedimogolo wa KKK.”
- Go tlhama Tsebe, Porofaele, Tiragalo, Setlhopha, kgotsa setheo se sengwe sa Facebook se e leng kgotsa se se ikayang gore ke sa Setheo se se Kailweng kgotsa se se tsamaisiwang mo boemong jwa sone, kgotsa se e leng kgotsa se se ikayang fa e le tiragalo e e kailweng.
- Sekai, Tsebe e e bidiwang “Lekoko la Nazi la Amerika.”
Re tlosa Kemedi ya Mekgatlho e e Kailweng ya Maemo 1 le 2, Ditheo tse di Thibetsweng ka Ntlha ya Letlhoo, le ditiragalo tse di kailweng.
Mefuta le Maemo a Mekgatlho e e Kotsi
Maemo 1: Borukutlhi, letlhoo le le rulagantsweng, tiro ya bosenyi jo bogolo, dipolao tsa batho ba bantsi kgotsa dipolao tse dintsi, le ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao
Ga re letlelele batho ka nosi kgotsa mekgatlho e e tsayang karolo mo borukutlhing, mo letlhoong le le rulagantsweng, kgotsa mo bosenying jo bo rulagantsweng go nna mo dipolatefomong tsa rona. Gape ga re letlelele batho ba bangwe go emela ditheo tseno mo ditirelong tsa rona. Ga re letlelelele baeteledipele kgotsa maloko a a itsegeng thata a mekgatlho eno gore ba nne mo polatefomong eno, matshwao a a e emelang gore a dirisiwe mo polatefomong eno, kgotsa mafoko a a kwadilweng a a e tlotlomatsang kgotsa a a tlotlomatsang ditiro tsa yone. Mo godimo ga moo, re tlosa kgokagano epe ya tshegetso e e bonalang ya batho bano ka nosi le mekgatlho eno.
Ga re letlelele tshedimosetso e e tlotlomatsang, e e tshegetsang mo go bonalang, kgotsa e e emelang ditiragalo tse Facebook e di kaileng jaaka ditlhaselo tsa borukutlhi, ditiragalo tsa letlhoo, dipolao tsa batho ba bantsi kgotsa maiteko a dipolao tsa batho ba bantsi, metseletsele ya dipolao, bosenyi jwa letlhoo kgotsa ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao.
Gape ga re letlelele Tlotlomatso, Tshegetso e e Bonalang, kgotsa Kemedi ya dikakanyo le megopolo e e kailweng e le ya letlhoo.
Mekgatlho ya borukutlhi le batho ka nosi ba borukutlhi, ba ba tlhalosiwang jaaka batho le mekgatlho e e seng karolo ya puso e e:
- Tsayang karolo, e e rotloetsang, kgotsa e e neelang tshegetso e e bonalang mo ditirong tse di dirwang ka maikaelelo a a rileng le tse di rulagantsweng tsa tirisodikgoka,
- Yo o bakang kgotsa yo o lekang go baka loso, kgobalo, kgotsa kutlwisobotlhoko e e tseneletseng go baagi, kgotsa motho ope yo mongwe yo o sa tseyeng karolo ka tlhamalalo mo kemokgatlhanong ya mo maemong a ntwa ya dibetsa, le/kgotsa tshenyo e kgolo mo dikagong e e golaganngwang le loso, kgobalo e e tseneletseng kgotsa go utlwisiwa botlhoko ga baagi ba e seng masole
- Ka maikaelelo a go gapeletsa, go tshosetsa le/kgotsa go tlhotlheletsa baagi ba selegae, puso, kgotsa mokgatlho wa boditšhabatšhaba
- Go fitlhelela maikaelelo a sepolitiki, a sedumedi, kgotsa a dikakanyo le megopolo e e rileng.
Mekgatlho ya Letlhoo, e e tlhalosiwang jaaka setlhopha sa batho ba le bararo kgotsa go feta:
- se rulagantswe ka fa tlase ga leina, kgotsa letshwao, mme
- se nang le dikakanyo tse di rileng, dipolelo, kgotsa ditiro tse di gobatsang mmele tse go tlhaselwang batho ka nosi go ya ka dipharologantsho tsa bone, go akaretsa lotso, botokololo jwa sedumedi, bosetšhaba jwa kwa tshimologong, kgolafalo, bomorafe, bong, thobalano, kgatlhego ya gore motho o robalana kgotsa o ratana le motho wa bong bofe, kgotsa bolwetse jo bo masisi.
Mekgatlho ya Bosenyi, e e tlhalosiwang jaaka setlhopha sa batho ba bararo kgotsa go feta ba ba:
- kopaneng ka fa tlase ga leina, mmala/mebala, puo ya seatla/diatla kgotsa matshwao a a lemosegang; le
- tshotse karolo kgotsa o tshosetsa go tsaya karolo mo tirong ya bosenyi e e jaaka polao, thekiso ya diritibatsi e seng mo molaong, kgotsa botshwarwakananyo.
Dipolao tsa batho ba bantsi le dipolao tse dintsi
- Re tsaya gore tiragalo ke polao ya batho ba bantsi kgotsa ke maiteko a polao ya batho ba bantsi fa go feleletsa go na le dikotsi tse tharo kgotsa go feta mo tiragalong e le nngwe, e e tlhalosiwang jaaka dintsho kgotsa dikgobalo tse di masisi. Motho ope ka nosi yo o dirileng tlhaselo ya go nna jalo o tsewa jaaka mmolai wa batho ba bantsi kgotsa mmolai wa maiteko a polao ya batho ba bantsi.
- Re tsaya gore motho ka nosi yo o bolaileng batho ba babedi kgotsa go feta mo ditiragalong tse dintsi kgotsa mo mafelong a mantsi ke mmolai wa batho ba bantsi.
Dikakanyo kgotsa Megopolo ya Letlhoo
- Le fa ditlhaloso tsa rona tsa mekgatlho le batho ka nosi di tsepamisa mo maitsholong, re lemoga gape gore go na le dikakanyo kgotsa ditumelo tse di rileng tse ka tlwaelo di golaganngwang le tirisodikgoka le maiteko a go rulaganya batho go ba kopa go dira tirisodikgoka kgotsa go kgetholola ba bangwe go ya ka dipharologantsho tsa bone tse di sireleditsweng. Mo mabakeng ano, re tlhoma mogopolo ka boone re bo re tlosa mafoko a a kwadilweng a a emang mogopolo oo nokeng mo polatefomong ya rona. Dikakanyo le megopolo eno e akaretsa:
- Bo-Nazi
- Go Tseelwa kwa Godimo ga Basweu
- Kgethololo ya Merafe e e seng ya Basweu
- Karoganyo ya Merafe e e seng ya Basweu
- Re tlosa Tlotlomatso e e mo pepeneneng, Tshegetso e e Bonalang, le Kemedi ya dikakanyo le megopolo eno, mme re tlosa batho ka nosi le mekgatlho e e leng sebako sa kakanyo e le nngwe kgotsa tse dintsi tseno tse di tletseng letlhoo.
Maemo 2: Batho le Mekgatlho ya Tirisodikgoka, ba e seng karolo ya Puso
Mekgatlho le batho ka nosi ba ba tlhalosiwang ke Facebook jaaka Batho kgotsa Mekgatlho ya Tirisodikgoka, ba e seng karolo ya Puso, ga ba letlelelwe go nna teng mo Facebook, kgotsa ba go nna teng ga bone go tlhokometsweng ke ba bangwe mo boemong jwa bone. Ka ntlha ya gore ditlhopha tseno di tsaya karolo mo tirisong ya dikgoka, tshegetso e e bonalang ya ditheo tseno le yone ga e letlelelwe. Gape re tla tlosa tlotlomatso ya tirisodikgoka e e dirilweng ke ditheo tseno.
Batho le Mekgatlho ya Tirisodikgoka, ba e seng Karolo ya Puso, e e tlhalosiwang jaaka batho bape kgotsa mokgatlho ope o e seng karolo ya puso:
- tsayang karolo mo ditirong tse di dirwang ka maikaelelo a a rileng le mo ditirong tse di rulagantsweng tsa tirisodikgoka segolo bogolo kgatlhanong le sesole sa puso kgotsa ditlhopha tse dingwe tse di tlhometseng; le
- e e bakang kgotsa e e lekang go
- bolayang batho ba ba tsayang karolo ka tlhamalalo mo maemong a a se nang botsalano mo ntweng ya dibetsa, le/kgotsa
- itsa baagi go fitlhelela mafaratlhatlha a botlhokwa le metswedithuso ya tlholego, le/kgotsa go dira tshenyo e kgolo mo thotong, e e golaganngwang le loso, kgobatso e e tseneletseng kgotsa kutlwisobotlhoko e e tseneletseng mo baaging
Maemo 3: Mekgatlho ya Batho ba ba Tlhometseng ka Dibetsa, Dineteweke tsa Maano a a Tlhotlheletsang Tirisodikgoka, le Ditheo tse di Thibetsweng ka Ntlha ya Letlhoo
Ditsebe, Ditlhopha, Ditiragalo, le Diporofaele kgotsa ditheo tsa Facebook tse di - kgotsa tse di ipolelelang gore ke tse di - tlhokometsweng ke, kgotsa mo boemong jwa, Mekgatlho ya Batho ba ba Tlhometseng ka Dibetsa le Dineteweke tsa Maano a a Tlhotlheletsang Tirisodikgoka ga di letlelelwe. Batsamaisi ba ditsebe tseno, ditlhopha le ditiragalo le bone ba tla tlosiwa.
Tobetsa fano go buisa go le gontsi ka tsela e re buisanang le ditlhopha le mekgatlho e e golaganngwang le tirisodikgoka.
Ga re letlelele Kemedi ya Mekgatlho le batho ka nosi ba ba tlhalosiwang ke Facebook jaaka Ditheo tse di Thibetsweng ka Ntlha ya Letlhoo.
Mekgatlho ya Batho ba ba Tlhometseng ka Dibetsa (di-MSM), e e akaretsang:
- Ditlhopha tsa Batho ba ba Itirileng Masole, tse di tlhalosiwang jaaka mekgatlho le batho ba e seng karolo ya puso ba ba dirisang dibetsa jaaka karolo ya katiso ya bone, tlhaeletsano, kgotsa go nna teng; mme di rulagantswe kgotsa di dira jaaka sesole kgotsa basireletsi ba ba seng mo molaong:
- Gokagana go ipaakanyetsa tirisodikgoka kgotsa ntwa ya selegae, kgotsa
- Anamisa tshedimosetso ka ga tiriso ya boitseanape ya dibetsa go direla tlhaselo ya ntwa; kgotsa
- Gokaganya kgokaganyo ya boitseanape ya sesole mo ntweng ya dibetsa ya baagi ya mo isagong kgotsa ntwa ya baagi.
- Ditlhopha tse di tshegetsang ditiro tsa tirisodikgoka ka nako ya ditshupetso, tse di tlhalosiwang jaaka mekgatlho le batho ba e seng karolo ya puso ba ba tswelelang gangwe le gape go:
- Gokaganya, go rotloetsa, go dumela kgotsa go tsaya karolo mo:
- Ditiro tsa tirisodikgoka ya mo mebileng kgatlhanong le baagi kgotsa ba tiragatso ya molao; kgotsa
- Go tshuba molelo, Go utswa, kgotsa tshenyo e nngwe ya kago le dithoto; kgotsa
- Go tshosetsa go kgoreletsa tirego ya ditlhopho; kgotsa
- Rotloetsa go tlisiwa ga dibetsa kwa lefelong fa maikaelelo a a kailweng e le go tshosetsa batho ka nako ya ditshupetso.
Dineteweke tsa Maano a a Tlhotlheletsang Tirisodikgoka (di-VICN), tse di tlhalosiwang jaaka Batho kgotsa Mekgatlho e e seng karolo ya puso, tse di:
- Rulaganyang ka fa tlase ga leina, sesupo, maikaelelo, kgotsa letshwao; le
- Rotloetsang ditiori tse di bakang maitsholo a tirisodikgoka kgotsa a a digang seriti sa batho kgotsa mekgatlho e e tlontlolotsweng ka metswedi e e ikanyegang; le
- E tlhotlheleditse ditiragalo tse dintsi tsa tirisodikgoka ya mmatota ka batshegetsi ba ba rotloediwang ke keletso ya go ngoka kgotsa go baakanya tse ba tsayang gore ke ditshenyo tse di rotloeditsweng ke ditiori tseno tse di tlontlolotsweng.
Ditheo tse di Thibetsweng ka ntlha ya Letlhoo, tse di tlhalosiwang jaaka ditheo tse di tsayang karolo mo boitshwarong jo bo boelediwang gangwe le gape jo bo tletseng letlhoo kgotsa puo ya tlhotlheletso e e tletseng letlhoo. mme di sa tlhatloge go nna setheo sa Maemo 1 ka ntlha ya gore ga di a tsaya karolo mo tirisong ya dikgoka kgotsa ga di a rotloetsa tirisodikgoka mo pontsheng, kgotsa di tlhaela dikgolagno tse di lekaneng le mekgatlho kgotsa batho ba ba neng ba kailwe mo nakong e e fetileng.
Ntšhafatso eno ga e dire diphetogo tse di bonalang mo pholising ya Mekgatlho le Batho ka nosi ba ba Kotsi, mme bogolo e rulaganya seša fomete, e kopanya le go dira semmuso dipaakanyo tse di itsisitsweng mo dipolelong tse di farologaneng mme di sa tsenngwa mo Melaong ya Badirisimmogo, mme e ntšhafatsa mabaka a pholisi a go tlhagisa botoka se re se akanyang malebana le mekgatlho le batho ka nosi ba ba kotsi gore go nne le botlhokabofitlha jwa tlaleletso jwa badirisi.
23 Diphal 2020
Ga re letlelele batho ba ba latelang (ba ba tshelang kgotsa ba ba tlhokafetseng) kgotsa ditlhopha tse di latelang go tswelela go nna teng (sekai, go nna le akhaonto, Tsebe, Setlhopha) mo polatefomong ya rona:
Mekgatlho ya borukutlhi le barukutlhi, ba ba akaretsang:
- Motho kgotsa mokgatlho ope o e seng karolo ya puso, yo o:
- Tsayang karolo, yo o rotloetsang kgotsa yo o neelang tshegetso e e bonalang mo ditirong tse di dirwang ka maikaelelo a a rileng le tse di rulagantsweng tsa tirisodikgoka,
- Tse di bakang kgotsa di lekang go bolaya baagi, kgotsa batho ba bangwe ba ba sa tseyeng karolo ka tlhamalalo mo bosetlhogong ka nako ya ntwa ya dibetsa, go lematsa kgotsa go gobatsa ka tsela e e masisi baagi, le/kgotsa tshenyo e kgolo ya dikago e e amanngwang le loso lwa batho fela, temalo e e masisi kgotsa kgobalo e e masisi ya bone.
- Ka boikaelelo jwa go rotloeletsa, go tshosa le/kgotsa go tlhotlheletsa baagi ba motse, puso, kgotsa mokgatlho wa mafatshefatshe.
- Go fitlhelela maikaelelo a sepolitiki, a sedumedi, kgotsa a dikakanyo le megopolo e e rileng.
Mekgatlho ya letlhoo le baeteledipele ba yone le maloko a yone a a tumileng
- Mokgatlho wa letlhoo o tlhalosiwa jaaka:
- Setlhopha sepe sa batho ba le bararo kgotsa go feta se se rulagantsweng ka fa tlase ga leina, kgotsa letshwao le se se nang le dikakanyo tse di rileng, dipolelo, kgotsa ditiro tse di gobatsang mmele tse go tlhaselwang batho ka nosi go ya ka dipharologantsho tsa bone, tse di akaretsang lotso, botokololo jwa sedumedi, bosetšhaba, bomorafe, bong, thobalano, kgatlhegelo ya lerato le thobalano go motho wa bong jo bo rileng, bolwetse jo bo tseneletseng kgotsa kgolafalo.
Dipolao tsa batho ba bantsi le metseletsele ya dipolao (go akaretsa maiteko a tsone)
- Re tsaya polao jaaka polao ya batho ka bontsi fa go feleletsa go nna le dintsho tse tharo kgotsa go feta mo tiragalong e le nngwe
- Re tsaya maiteko a polao ya batho ka bontsi go nna e motho ka nosi o dirisang sebetsa kgotsa serori go leka go gobatsa batho ba bantsi mo lefelong la botlhe kgotsa a dira seo mo bathong ba ba fetang motho a le mongwe
- Re tsaya gore motho ope ka nosi yo o bolaileng batho ba le babedi kgotsa go feta mo ditiragalong tse di ntsi kgotsa mo mafelong a mantsi ke mmolai wa batho ba bantsi
Ditlhopha tsa thekiso ya batho le baeteledipele ba tsone
- Ditlhopha tsa thekiso ya batho ke mekgatlho e e rweleng maikarabelo a sengwe sa tse di latelang:
- Go gapeletsa ba bangwe go ithekisa mmele, go gapeletsa batho go dira/go thapa batho mo tirong go duela sekoloto, bokgoba kgotsa go kgaolwa ga dirwe
- Go thapa, go tsamaisa, go fetisa, go tshwara, go tlamela, go fitlha, kgotsa go amogela motho yo monnye, kgotsa yo mogolo kwa ntle ga tetla ya gagwe
Mekgatlho ya bosenyi le baeteledipele ba yone le maloko a yone a a tumileng
- Mokgatlho wa bosenyi o tlhalosiwa jaaka:
- Setlhopha sepe sa batho ba bararo kgotsa go feta se se kopaneng ka fa tlase ga leina, mmala/mebala, go bua ka seatla/diatla kgotsa matshwao a a bonalang, se se tsayang karolo kgotsa se se tshosetsang go tsaya karolo mo tirong ya bosenyi, go akaretsa (mme go sa lekanyediwa go)
Ga re letlelele gore go abelanwe ka matshwao a a emetseng mokgatlho ope wa mekgatlho e e fa godimo kgotsa batho bape ka nosi mo polatefomong ya rona ntle le fa e le mo maemong a a kgalang kgotsa a a buisanang ka tshedimosetso kwa ntle ga go tsaya letlhakore.
Ga re letlelele tshedimosetso e e tlotlomatsang mokgatlho ope wa mekgatlho e e fa godimo kgotsa batho ka nosi kgotsa ditiro dipe tse ba di dirileng.
Ga re letlelele kgokagano ya tshegetso ya mokgatlho ope wa mekgatlho e e fa godimo kgotsa batho ka nosi kgotsa ditiro dipe tse ba di dirileng.
Ga re letlelele tshedimosetso e e tlotlomatsang, e e tshegetsang, kgotsa e e emelang ditiragalo tse Facebook e di kaileng jaaka ditlhaselo sa borukutlhi, ditiragalo tsa letlhoo, dipolao tsa batho ba bantsi kgotsa maiteko a dipolao tsa batho ba bantsi, metseletsele ya dipolao, bosenyi jwa letlhoo le ditiragalo tse di tlolang molao.
Ga re letlelele ditlhopha tse di latelang go tswelela go nna le Tsebe, Setlhopha, Tiragalo kgotsa porofaele ya Instagram mo polatefomong ya rona, kgotsa go nna le e e tlhokometsweng mo boemong jwa bone. Batsamaisi ba ditsebe tseno, ditlhopha le ditiragalo le bone ba tla tlosiwa.
- Mekgatlho ya Baagi ba ba Tlhometseng ka Dibetsa (MSM), e e jaaka batho ba ba itirileng masole kgotsa ditlhopha tse di tshegetsang ditiro tsa tirisodikgoka ka nako ya ditshupetso.
- Dineteweke tsa Maano a a Tlhotlheletsang Tirisodikgoka, tse di jaaka QAnon.
Tobetsa fano go buisa go le gontsi ka tsela e re buisanang le ditlhopha le mekgatlho e e golaganngwang le tirisodikgoka.
Tobetsa fano go buisa go le gontsi ka tsela e re buang le ditlhopha le mekgatlho e e golaganngwang le tirisodikgoka.
28 Phatw 2020
Mabaka a Pholisi
Ka maiteko a go thibela le go kgoreletsa kgobalo ya mmatota, ga re letlelele mekgatlho kgotsa batho ba ba itsiseng phatlalatsa tiro ya tirisodikgoka kgotsa ba ba tsayang karolo mo tirisong ya dikgoka go nna mo dipolatefomong tsa rona. Re sekaseka dikhamphane tseno go ya ka maitsholo a bone fa ba le mo inthaneteng le fa ba se mo inthaneteng, mme sa botlhokwa, kgolagano ya bone le tirisodikgoka. Mo pholising eno, re tlhoma batho ka nosi, mekgatlho, le ditshwaragano tsa batho. Maemo ano a kgaogantswe ka maemo a le pedi a a bontshang maemo a tiragatso ya molao wa diteng, moo Maemo 1 a feleletsang a le mo tiragatsong e e tseneletseng thata ya molao gonne re dumela gore ditheo tseno di na le dikgolagano ka tlhamalalo le kgobatso e e sa dirweng mo inthaneteng.
Maemo 1 a tsepamisa mo ditheong tse di tsayang karolo mo dikgobatsong tse di sa dirweng mo inthaneteng - go akaretsa go rulaganya kgotsa go tshegetsa tirisodikgoka kgatlhanong le baagi, go diga batho seriti mo go boaboelediwang kgotsa go tshegetsa kgobatho ya batho go ya ka dipopego tse di sireleditsweng, kgotsa go tsaya karolo mo ditirong tsa thulaganyo e e rileng ya bosenyi. Maemo 1 a akaretsa mekgatlho ya letlhoo; mekgatlho ya bosenyi; go akaretsa e e tlhomilweng ke puso ya Amerika jaaka Dikomangkanna tse di Dirang Kgwebisano e e Kgethegileng ya Diritibatsi (di-SDNTK); le mekgatlho ya borukutlhi, go akaretsa ditheo le batho ka nosi ba ba tlhomilweng ke puso ya Amerika jaaka Mekgatlho ya Boditshaba ya Borukutlhi (di-FTO) kgotsa Dirukutlhi tsa mo Lefatsheng Lotlhe tse di Tlhomilweng ka tsela e e Kgethegileng (di-SDGT) Re tlosa Tlotlomatso, Tshegetso, le Kemedi ya ditheo tsa Maemo 1, baeteledipele ba tsone, batlhami kgotsa maloko a maemogodimo, gammogo le dikumako tse di sa tlhaloganyesegeng ka ga tsone.
Mo godimo ga moo, ga re letlelele diteng tse di tlotlomatsang, tse di tshegetsang, kgotsa tse di emelang ditiragalo tse Meta e di tlhomileng jaaka ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao - go akaretsa ditlhaselo tsa borukutlhi, ditiragalo tsa letlhoo, tirisodikgoka mo batlhaba bantsi kgotsa maiteko a tirisodikgoka mo batswasetlhabelong ba bantsi, dipolao tsa batho ba bantsi kgotsa bosenyi jwa letlhoo. Le gone ga re letlelele (1) Tlotlomatso, Tshegetso, kgotsa Kemedi ya (ba)modirabosula ba ba dirang ditlhaselo tsa go nna jalo; (2) diteng tse di dirilweng ke modirabosula tse di amanang le ditlhaselo tsa go nna jalo; kgotsa (3) ditshwantsho tsa motho yo mongwe tse di tlhalosang motlha wa ditlhaselo tsa go nna jalo mo batswasetlhabelong ba ba kgonang go bonwa ke mang le mang. Gape re tlosa diteng tse di Tlotlomatsang, tse di Tshegetsang kgotsa tse di Emelang dikakanyo tse di rotloetsang letlhoo, tse di jaaka mokgatlho wa sepolitiki wa kwa jeremane le go tseelwa godimo ga basweu go feta batho ba merafe e mengwe. Re tlosa dikumako tse di sa tlhaloganyesegeng ka ga ditiragalo tseno kgotsa dikakanyo tseno tse di kailweng.
Maemo 2 a akaretsa Badiragatsi ba Tirisodikgoka ba e seng ba Puso ba ba tsayang karolo mo tirisodikgokeng kgatlhanong le puso kgotsa sesole mo ntweng ya dibetsa mme se tlhasela baagi e seng ka boomo. Gape a akaretsa Ditheo tse di Tlhotlheletsang Tirisodikgoka tse di tsayang karolo mo go rulaganyetseng kgotsa go mo go rotloetseng tirisodikgoka ya mo isagong mme totatota di sa tseye karolo mo tirisong ya dikgoka ga jaana. Tseno gape ke ditheo tse di ka tswang di tsaya karolo ka go ipoapoeletsa mo ditlolomolaong tsa dipholisi tsa rona tsa Puo ya Letlhoo kgotsa Batho le Ditheo tse di Kotsi mo polatefomong kgotsa e seng mo go yone. Re tlosa Tlotlomatso, Tshegetso ya Ditshelete, le Kemedi ya ditheo tseno, baeteledipele ba tsone, batlhami kgotsa maloko a a kwa godimo a tsone.
Re lemoga gore badirisi ba ka abelana ka diteng tse di akaretsang dikumako tsa batho le ditheo tse di kotsi tse di kailweng mo maemong a puisano ya loago le ya sepolitiki. Seno se akaretsa go bega ka ga tshedimosetso kaga go buisana kwa ntle ga go tsaya letlhakore kgotsa go kgala batho le ditheo tse di kotsi kgotsa ditiro tse ba di dirang.
Bobegakgang bo akaretsa tshedimosetso e go abelanweng ka yone go lemosa ka ga ditiragalo tsa selegae le tsa mo lefatsheng tse mekgatlho e e kailweng e e kotsi le batho ka nosi ba tsayang karolo mo go tsone.
- Ka sekai “Dikgang tsa Bosheng: Al-Shabab o amogetse fa a sikere boikarabelo jwa tlhaselo ya kwa Somalia”
- Sekai “Tshekatsheko ya Tlhatlhamano ya diphousete le ya boitseanape: Tsela e go thuntshiwang e diregileng ka teng kwa Buffalo Supermarket le gore molatofadiwa o rile eng kwa kgotlatshekelo”
Dipuisano tse di sa tseyeng letlhakore di akaretsa dipolelo tsa mannete, ditshwaelo, dipotso, le tshedimosetso e nngwe e e sa tlhagiseng katlholo e e siameng ka ga mokgatlho o o kailweng o o kotsi kgotsa ka ga motho ka nosi le maitsholo a gagwe.
- Sekai “Al Qaeda e bontsha matshosetsi a a kwa tlase go na le ISIS fa go akanyediwa tlhaelo ya boeteledipele le ya ditshelete”
- Ka sekai “Anders Breivik ke sekai sengwe sa gore tirego ya go dumela mo go feteletseng mo dikakanyong tsa boganetsi tsa sepolitiki e raraane go le kana kang”
Go kgala go akaretsa kganetso, go sa rate sengwe, go gana, go tshwaya diphoso, go sotla, le ditlhagisomaikutlo tse dingwe tse di sa siamang ka ga mokgatlho o o kailweng o o kotsi kgotsa ka ga motho le maitsholo a gagwe.
- Ka sekai "Ke utlwa ke ferosiwa dibete ke bokebekwa jwa Salvador Ramos. Mafoko a ga moatlhodi a ne a tsamaisana thata le se ke dumelang mo go sone. Ga a tshwanela go utlwelwa botlhoko ke kgotlatshekelo gotlhelele”
- Sekai “Bosenyi jwa ga Hitler ga bo kitla bo tsamaya bo lebalesega. Tseno e nnile dinako tse di botlhoko mo hisetoring"
Dipholisi tsa rona di rulaganyeditswe go neela tshono ya mefuta eno ya dipuisano fa ka nako e le nngwe di lekanyetsa dikotsi tsa kgobalo e e ka diregang, e e sa dirweng mo inthaneteng.
Ka jalo re batla gore batho ba bontshe mo go utlwalang gore maikaelelo a bone ke eng fa ba tlhama kgotsa fa ba abelana diteng tsa go nna jalo. Fa e le gore maikaelelo a modirisi ga a tlhaloganyesege kgotsa ga a utlwale sentle, re dira thulaganyetsopele e e itirisang ya go tlosa diteng tseo.
Go ya ka molao wa ditšhaba tsotlhe wa ditshwanelo tsa batho, dipholisi tsa rona di naya tshono ya dipuisano ka ga ditshwanelo tsa batho kgotsa maloko a a tlhophilweng a ditheo tse di kotsi, ntle le fa tshedimosetso e akaretsa tlotlomatso e nngwe, tshegetso, kgotsa kemedi ya ditheo tse di tlhophilweng kgotsa ditlolomolao tse dingwe tsa pholisi, tse di jaaka tlhotlheletso ya tirisodikgoka.
Tsweetswee bona Pholisi ya rona ya Ditshwanelo tsa Batho ba mo Setlamong go bona tshedimosetso e ntsi ka ga maitlamo a rona mo ditshwanelong tsa batho tse di tlotliwang mo mafatsheng otlhe.
Ga re letlelele batho ba ba latelang (ba ba tshelang kgotsa ba ba tlhokafetseng) kgotsa ditlhopha tse di latelang go tswelela go nna teng (sekai, go nna le akhaonto, Tsebe, Setlhopha) mo polatefomong ya rona:
Mekgatlho ya borukutlhi le barukutlhi, ba ba akaretsang:
- Motho kgotsa mokgatlho ope o e seng karolo ya puso, yo o:
- Tsayang karolo, yo o rotloetsang, kgotsa yo o neelang kemonokeng e kgolo mo ditirong tse di dirwang ka maikalelo a a rileng le tse di rulagantsweng tsa tirisodikgoka,
- Tse di bakang kgotsa di lekang go bolaya baagi, kgotsa batho ba bangwe ba ba sa tseyeng karolo ka tlhamalalo mo bosetlhogong ka nako ya ntwa ya dibetsa, go lematsa kgotsa go gobatsa ka tsela e e masisi baagi, le/kgotsa tshenyo e kgolo ya dikago e e amanngwang le loso lwa batho fela, temalo e e masisi kgotsa kgobalo e e masisi ya bone.
- Ka boikaelelo jwa go rotloeletsa, go tshosa le/kgotsa go tlhotlheletsa baagi ba motse, puso, kgotsa mokgatlho wa mafatshefatshe.
- Ka boikaelelo jwa go fitlhelela maikaelelo a sepolitiki, a sedumedi, kgotsa a dikakanyo le megopolo e e rileng.
Mekgatlho ya letlhoo le baeteledipele ba yone le maloko a yone a a tumileng
- Mokgatlho wa letlhoo o tlhalosiwa jaaka:
- Setlhopha sepe sa batho ba le bararo kgotsa go feta se se rulagantsweng ka fa tlase ga leina, kgotsa letshwao le se se nang le dikakanyo tse di rileng, dipolelo, kgotsa ditiro tse di gobatsang mmele tse go tlhaselwang batho ka nosi go ya ka dipharologantsho tsa bone, tse di akaretsang lotso, botokololo jwa sedumedi, bosetšhaba, bomorafe, bong, thobalano, kgatlhegelo ya lerato le thobalano go motho wa bong jo bo rileng, bolwetse jo bo tseneletseng kgotsa kgolafalo.
Dipolao tsa batho ba bantsi le metseletsele ya dipolao (go akaretsa maiteko a tsone)
- Re tsaya polao jaaka polao ya batho ka bontsi fa go feleletsa go nna le dintsho tse tharo kgotsa go feta mo tiragalong e le nngwe
- Re tsaya maiteko a polao ya batho ka bontsi go nna e motho ka nosi o dirisang sebetsa kgotsa serori go leka go gobatsa batho ba bantsi mo lefelong la botlhe kgotsa a dira seo mo bathong ba ba fetang motho a le mongwe
- Re tsaya gore motho ope ka nosi yo o bolaileng batho ba le babedi kgotsa go feta mo ditiragalong tse dintsi kgotsa mo mafelong a mantsi ke mmolai wa batho ba bantsi
Ditlhopha tsa thekiso ya batho le baeteledipele ba tsone
- Ditlhopha tsa thekiso ya batho ke mekgatlho e e rweleng maikarabelo a sengwe sa tse di latelang:
- Go gapelediwa ga batho ba bangwe go ithekisa mmele, go gapeletsa batho go dira/go thapa batho mo tirong go duela sekoloto, bokgoba, kgotsa go kgaolwa ga dirwe
- Go thapa, go tsamaisa, go fetisa, go tshwara, go tlamela, go fitlha, kgotsa go amogela motho yo monnye, kgotsa yo mogolo kwa ntle ga tetla ya gagwe
Mekgatlho ya bosenyi le baeteledipele ba yone le maloko a yone a a tumileng
- Mokgatlho wa bosenyi o tlhalosiwa jaaka:
- Setlhopha sepe sa batho ba bararo kgotsa go feta se se kopaneng ka fa tlase ga leina, mmala/mebala, go bua ka seatla/diatla kgotsa matshwao a a bonalang, se se tsayang karolo kgotsa se se tshosetsang go tsaya karolo mo tirong ya bosenyi, go akaretsa (mme go sa lekanyediwa go)
Ga re letlelele gore go abelanwe ka matshwao a a emetseng mokgatlho ope wa mekgatlho e e fa godimo kgotsa batho bape ka nosi mo polatefomong ya rona ntle le fa e le mo maemong a a kgalang kgotsa a a buisanang ka tshedimosetso kwa ntle ga go tsaya letlhakore.
Ga re letlelele tshedimosetso e e tlotlomatsang mokgatlho ope wa mekgatlho e e fa godimo kgotsa batho ka nosi kgotsa ditiro dipe tse ba di dirileng.
Ga re letlelele kgokagano ya tshegetso ya mokgatlho ope wa mekgatlho e e fa godimo kgotsa batho ka nosi kgotsa ditiro dipe tse ba di dirileng.
Ga re letlelele tshedimosetso e e tlotlomatsang, e e tshegetsang, kgotsa e e emelang ditiragalo tse Facebook e di kaileng jaaka ditlhaselo tsa borukutlhi, ditiragalo tsa letlhoo, dipolao tsa batho ba bantsi kgotsa maiteko a dipolao tsa batho ba bantsi, metseletsele ya dipolao,bosenyi jwa letlhoo le ditiragalo tse di tlolang molao.kgotsa go thuntsha batho ba bantsi.
28 Tlhak 2020
Mabaka a Pholisi
Ka maiteko a go thibela le go kgoreletsa kgobalo ya mmatota, ga re letlelele mekgatlho kgotsa batho ba ba itsiseng phatlalatsa tiro ya tirisodikgoka kgotsa ba ba tsayang karolo mo tirisong ya dikgoka go nna mo dipolatefomong tsa rona. Re sekaseka dikhamphane tseno go ya ka maitsholo a bone fa ba le mo inthaneteng le fa ba se mo inthaneteng, mme sa botlhokwa, kgolagano ya bone le tirisodikgoka. Mo pholising eno, re tlhoma batho ka nosi, mekgatlho, le ditshwaragano tsa batho. Maemo ano a kgaogantswe ka maemo a le pedi a a bontshang maemo a tiragatso ya molao wa diteng, moo Maemo 1 a feleletsang a le mo tiragatsong e e tseneletseng thata ya molao gonne re dumela gore ditheo tseno di na le dikgolagano ka tlhamalalo le kgobatso e e sa dirweng mo inthaneteng.
Maemo 1 a tsepamisa mo ditheong tse di tsayang karolo mo dikgobatsong tse di sa dirweng mo inthaneteng - go akaretsa go rulaganya kgotsa go tshegetsa tirisodikgoka kgatlhanong le baagi, go diga batho seriti mo go boaboelediwang kgotsa go tshegetsa kgobatho ya batho go ya ka dipopego tse di sireleditsweng, kgotsa go tsaya karolo mo ditirong tsa thulaganyo e e rileng ya bosenyi. Maemo 1 a akaretsa mekgatlho ya letlhoo; mekgatlho ya bosenyi; go akaretsa e e tlhomilweng ke puso ya Amerika jaaka Dikomangkanna tse di Dirang Kgwebisano e e Kgethegileng ya Diritibatsi (di-SDNTK); le mekgatlho ya borukutlhi, go akaretsa ditheo le batho ka nosi ba ba tlhomilweng ke puso ya Amerika jaaka Mekgatlho ya Boditshaba ya Borukutlhi (di-FTO) kgotsa Dirukutlhi tsa mo Lefatsheng Lotlhe tse di Tlhomilweng ka tsela e e Kgethegileng (di-SDGT) Re tlosa Tlotlomatso, Tshegetso, le Kemedi ya ditheo tsa Maemo 1, baeteledipele ba tsone, batlhami kgotsa maloko a maemogodimo, gammogo le dikumako tse di sa tlhaloganyesegeng ka ga tsone.
Mo godimo ga moo, ga re letlelele diteng tse di tlotlomatsang, tse di tshegetsang, kgotsa tse di emelang ditiragalo tse Meta e di tlhomileng jaaka ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao - go akaretsa ditlhaselo tsa borukutlhi, ditiragalo tsa letlhoo, tirisodikgoka mo batlhaba bantsi kgotsa maiteko a tirisodikgoka mo batswasetlhabelong ba bantsi, dipolao tsa batho ba bantsi kgotsa bosenyi jwa letlhoo. Le gone ga re letlelele (1) Tlotlomatso, Tshegetso, kgotsa Kemedi ya (ba)modirabosula ba ba dirang ditlhaselo tsa go nna jalo; (2) diteng tse di dirilweng ke modirabosula tse di amanang le ditlhaselo tsa go nna jalo; kgotsa (3) ditshwantsho tsa motho yo mongwe tse di tlhalosang motlha wa ditlhaselo tsa go nna jalo mo batswasetlhabelong ba ba kgonang go bonwa ke mang le mang. Gape re tlosa diteng tse di Tlotlomatsang, tse di Tshegetsang kgotsa tse di Emelang dikakanyo tse di rotloetsang letlhoo, tse di jaaka mokgatlho wa sepolitiki wa kwa jeremane le go tseelwa godimo ga basweu go feta batho ba merafe e mengwe. Re tlosa dikumako tse di sa tlhaloganyesegeng ka ga ditiragalo tseno kgotsa dikakanyo tseno tse di kailweng.
Maemo 2 a akaretsa Badiragatsi ba Tirisodikgoka ba e seng ba Puso ba ba tsayang karolo mo tirisodikgokeng kgatlhanong le puso kgotsa sesole mo ntweng ya dibetsa mme se tlhasela baagi e seng ka boomo. Gape a akaretsa Ditheo tse di Tlhotlheletsang Tirisodikgoka tse di tsayang karolo mo go rulaganyetseng kgotsa go mo go rotloetseng tirisodikgoka ya mo isagong mme totatota di sa tseye karolo mo tirisong ya dikgoka ga jaana. Tseno gape ke ditheo tse di ka tswang di tsaya karolo ka go ipoapoeletsa mo ditlolomolaong tsa dipholisi tsa rona tsa Puo ya Letlhoo kgotsa Batho le Ditheo tse di Kotsi mo polatefomong kgotsa e seng mo go yone. Re tlosa Tlotlomatso, Tshegetso ya Ditshelete, le Kemedi ya ditheo tseno, baeteledipele ba tsone, batlhami kgotsa maloko a a kwa godimo a tsone.
Re lemoga gore badirisi ba ka abelana ka diteng tse di akaretsang dikumako tsa batho le ditheo tse di kotsi tse di kailweng mo maemong a puisano ya loago le ya sepolitiki. Seno se akaretsa go bega ka ga tshedimosetso kaga go buisana kwa ntle ga go tsaya letlhakore kgotsa go kgala batho le ditheo tse di kotsi kgotsa ditiro tse ba di dirang.
Bobegakgang bo akaretsa tshedimosetso e go abelanweng ka yone go lemosa ka ga ditiragalo tsa selegae le tsa mo lefatsheng tse mekgatlho e e kailweng e e kotsi le batho ka nosi ba tsayang karolo mo go tsone.
- Ka sekai “Dikgang tsa Bosheng: Al-Shabab o amogetse fa a sikere boikarabelo jwa tlhaselo ya kwa Somalia”
- Sekai “Tshekatsheko ya Tlhatlhamano ya diphousete le ya boitseanape: Tsela e go thuntshiwang e diregileng ka teng kwa Buffalo Supermarket le gore molatofadiwa o rile eng kwa kgotlatshekelo”
Dipuisano tse di sa tseyeng letlhakore di akaretsa dipolelo tsa mannete, ditshwaelo, dipotso, le tshedimosetso e nngwe e e sa tlhagiseng katlholo e e siameng ka ga mokgatlho o o kailweng o o kotsi kgotsa ka ga motho ka nosi le maitsholo a gagwe.
- Ka sekai “Al Qaeda e bontsha matshosetsi a a kwa tlase go na le ISIS fa go akanyediwa tlhaelo ya boeteledipele le ya ditshelete”
- Ka sekai “Anders Breivik ke sekai sengwe sa gore tirego ya go dumela mo go feteletseng mo dikakanyong tsa boganetsi tsa sepolitiki e raraane go le kana kang”
Go kgala go akaretsa kganetso, go sa rate sengwe, go gana, go tshwaya diphoso, go sotla, le ditlhagisomaikutlo tse dingwe tse di sa siamang ka ga mokgatlho o o kailweng o o kotsi kgotsa ka ga motho le maitsholo a gagwe.
- Ka sekai "Ke utlwa ke ferosiwa dibete ke bokebekwa jwa Salvador Ramos. Mafoko a ga moatlhodi a ne a tsamaisana thata le se ke dumelang mo go sone. Ga a tshwanela go utlwelwa botlhoko ke kgotlatshekelo gotlhelele”
- Ka sekai “Bosenyi jwa ga Hitler ga bo kitla bo tsamaya bo lebalesega. Tseno e nnile dinako tse di botlhoko mo hisetoring"
Dipholisi tsa rona di rulaganyeditswe go neela tshono ya mefuta eno ya dipuisano fa ka nako e le nngwe di lekanyetsa dikotsi tsa kgobalo e e ka diregang, e e sa dirweng mo inthaneteng.
Ka jalo re batla gore batho ba bontshe mo go utlwalang gore maikaelelo a bone ke eng fa ba tlhama kgotsa fa ba abelana diteng tsa go nna jalo. Fa e le gore maikaelelo a modirisi ga a tlhaloganyesege kgotsa ga a utlwale sentle, re dira thulaganyetsopele e e itirisang ya go tlosa diteng tseo.
Go ya ka molao wa ditšhaba tsotlhe wa ditshwanelo tsa batho, dipholisi tsa rona di naya tshono ya dipuisano ka ga ditshwanelo tsa batho kgotsa maloko a a tlhophilweng a ditheo tse di kotsi, ntle le fa tshedimosetso e akaretsa tlotlomatso e nngwe, tshegetso, kgotsa kemedi ya ditheo tse di tlhophilweng kgotsa ditlolomolao tse dingwe tsa pholisi, tse di jaaka tlhotlheletso ya tirisodikgoka.
Tsweetswee bona Pholisi ya rona ya Ditshwanelo tsa Batho ba mo Setlamong go bona tshedimosetso e ntsi ka ga maitlamo a rona mo ditshwanelong tsa batho tse di tlotliwang mo mafatsheng otlhe.
Re Tlosa:
Re tlosa Tlotlomatso, Tshegetso le Kemedi ya mekgatlho le batho ba ba tse di farologaneng tse di kotsi le batho ba ba farologaneng ba ba kotsi. Megopolo eno e dira mo mekgatlhong eno ka boyone, ditiro tsa yone, le maloko a yone. Megopolo eno ga e thibele go buelela ka kagiso diphelelo tsa sepolotiki tse dirileng.
Kgalaletso, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Go dira gore tirisodikgoka kgotsa ditiro tsa kilo tsa mokgatlho mongwe e nne tsa semolao ka go bolela gore ditiro tseo di siame mabapi le boitshwaro, sepolotiki, di a uitlwala kgotsa di na le mabaka a a dirang gore di amogelesege kgotsa di tlhaloganyesege.
- Ka sekai, "Hitler ga a dira sepe se se phoso."
- Go tlhalosa kgotsa go tlotlomatsa tirisodikgoka kgotsa kilo ya mokgatlho o o tlhophilweng gore ke bokgoni kgotsa phitlhelelo;
- Ka sekai “Hizbul Mujahideen o fenya ntwa ya go lwela Khashmir e e gololesegileng le e e ikemetseng ka nosi”
- Polelo e e nang le dikeletso tsa maloko kgotsa polelo e o ka ratang gore e nne setheo se se kailweng kgotsa molatofadiwa wa tiragalo ya tirisodikgoka le e e tlolang molao.
- Ka sekai "Ke batla go inaakanya le ISIS le go nna karolo ya Khilafah"
Re tlosa Tlotlomatso ya ditheo tsa Maemo 1 le tsa Maemo 2 gammogo le ditiragalo tse di kailweng.
Mo ditiragalong tsa Maemo 1 le tse di kailweng, re ka nna gape ra tlosa dikumako tse di sa tlhaloganyesegeng kgotsa tse di se nang bokao fa e le gore maikaelelo a modirisi a ne a sa kaiwa ka tsela e e tlhaloganyesegang. Seno se akaretsa motlae o o sa tlhaloganyesegeng, dikumako tse di se nang tlhalosonyana epe kgotsa tse di siameng tse di sa tlotlomatseng tirisodikgoka kgotsa letlhoo la setheo se se kailweng.
Tshegetso, e e tlhalosiwang jaaka sengwe sa tse di fa tlase:
- Tshegetso ka Dilo tse di Bonalang
- Tiragalo epe e e tokafatsang seemo sa ditšhelete sa setheo se se kailweng - go akaretsa thomelo ya madi kwa kgotsa go tswa mo setheong se se rileng;
- Ka sekai, "Naya KKK mpho ya madi!"
- Tiro epe ya go naya setheo se se rileng kgotsa tiragalo thuso ya madi;
- Ka sekai, "Fa e le gore o batla go romelela Sinaloa Cartel diphuthelwana tsa tlhokomelo, dirisa aterese eno:"
- Go thaopela batho setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Fa e le gore o batla go lwela Caliphate, nthomelela molaetsa ka DM"
- Tshegetso e Nngwe
- Go fetisa tshedimosetso kgotsa didirisiwa, tse di akaretsang puisano ya semolao, mo boemong jwa setheo se se rileng kgotsa tiragalo
- Ka sekai, Go tsopola setheo se se rileng go sena mokwalotlase o o se kgalang, go bua ka go sa tseye letlhakore, kgotsa o le karolo ya bobegadikgang.
- Go tlhaba mokgosi wa go tsaya karolo mo boemong jwa setheo se se rileng kgotsa tiragalo;
- Ka sekai, "Ikgolaganye le Lephata la Atomwaffen – (XXX) XXX-XXXX"
Re tlosa Tshegetso yotlhe ya Maemo 1 le Tshegetso ya Ditšhelete ya Maemo 2.
Kemedi, e e tlhalosiwang jaaka epe ya tse di fa tlase:
- Go bolela gore o leloko la setheo se se tlhomilweng, kgotsa o setheo se se tlhomilweng;
- Ka sekai, "Nna ke terakone e kgolo ya KKK."
- Go tlhama Tsebe, Porofaele, Tiragalo, Setlhopha, kgotsa setheo se sengwe sa Facebook se e leng kgotsa se se ikayang gore ke sa Setheo se se Tlhomilweng kgotsa se se tsamaisiwang mo boemong jwa sone, kgotsa se e leng kgotsa se se ikayang go nna tiragalo ya semolao.
- Ka sekai, Tsebe e e bidiwang "Phathi ya Nazi ya Amerika."
Re tlosa Kemedi ya Mekgatlho e e Kailweng ya Maemo 1 le 2 le ditiragalo tse di kailweng.
Mefuta le Maemo a Mekgatlho e e Kotsi
Maemo 1: Borukutlhi, letlhoo le le rulagantsweng, tiro ya selekanyo se segolo sa bosenyi, maiteko a tirisodikgoka mo batlhaselweng ba le bantsi, tirisodikgoka mo batlhaselweng ba le bantsi, dipolao tsa batho ba bantsi, le ditiragalo tsa tirisodikgoka tse di tlolang molao
Ga re letlelele batho ka nosi kgotsa mekgatlho e e tsayang karolo mo bosenying jo bo rulagantsweng, go akaretsa e e kailweng ke puso ya Amerika jaaka bokomang-ka-nna ba ba kailweng ka tsela e e kgethegileng, ba ba rekisang ditagi ka tsela e e seng mo molaong (di-SDNTK); ya letlhoo; kgotsa ya borukutlhi, go akaretsa ditheo tse di kailweng ke puso ya Amerika jaaka Mekgatlho ya Borukutlhi ya Boditšhaba (di-FTO) kgotsa Barukutlhi ba ba Kailweng ka Tsela e e Kgethegileng ba mo Lefatsheng ka Bophara (di-SDGT), go nna mo polatefomong. Gape ga re letlelele batho bangwe go emela ditheo tseno. Ga re letlelele baeteledipele kgotsa maloko a a itsegeng a mekgatlho eno go nna teng mo polatefomong, matshwao a a e emelang gore a dirisiwe mo polatefomong, kgotsa tshedimosetso e e tlotlomatsang kgotsa e e tlotlomatsang ditiro tsa yone, go akaretsa go umakiwa mo go sa tlhaloganyesegeng mo go yone. Mo godimo ga moo, re tlosa tshegetso epe ya batho bano ka nosi le mekgatlho eno.
Ga re letlelele diteng tse di tlotlomatsang, tse di tshegetsang, kgotsa tse di emelang ditiragalo tse Meta e di kaileng jaaka ditlhaselo tsa borukutlhi, ditiragalo tsa letlhoo, tirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba le bantsi kgotsa maiteko a tirisodikgoka e e dirwang mo batswasetlhabelong ba le bantsi, dipolao tsa batho ba le bantsi kgotsa ditiragalo tsa tirisodikgoka tsa tlolomolao. Le gone ga re letlelele (1) diteng tse di tlotlomatsang, tse di tshegetsang, kgotsa tse di emelang modirabosula/badirabosula ba ditlhaselo tsa go nna jalo; (2) tshedimosetso e e dirilweng ke molatofadiwa e e amanang le ditlhaselo tsa go nna jalo; kgotsa (3) ditshwantsho tsa motho yo mongwe e e tlhalosang motlha wa ditlhaselo tsa go nna jalo mo batswasetlhabelong ba ba kgonang go bonwa ke mang le mang.
Gape ga re letlelele Tlotlomatso, Tshegetso, kgotsa Kemedi ya dikakanyo tse di kailweng tsa letlhoo, gammogo le dikumako tse di sa tlhaloganyesegeng tsa tsone.
Mekgatlho le batho ba dirukutlhi, ba ba tlhalosiwang e le kgato e e seng ya puso e e:
- Nnang le seabe mo, e buelelang, kgotsa e nayang kemonokeng e e bonalang ditiro tse di dirilweng ka boikaelelo kgotsa tse di rulagantsweng tsa tirisodikgoka,
- Tse di bakang kgotsa di lekang go bolaya baagi, kgotsa batho ba bangwe ba ba sa tseyeng karolo ka tlhamalalo mo bosetlhogong ka nako ya ntwa ya dibetsa, go lematsa kgotsa go gobatsa ka tsela e e masisi baagi, le/kgotsa tshenyo e kgolo ya dikago e e amanngwang le loso lwa batho fela, temalo e e masisi kgotsa kgobalo e e masisi ya bone.
- Ka boikaelelo jwa go rotloeletsa, go tshosa le/kgotsa go tlhotlheletsa baagi ba motse, puso, kgotsa mokgatlho wa mafatshefatshe.
- Ka boikaelelo jwa go fitlhelela maikaelelo a sepolotiki, tsa bodumedi, kgotsa tsa megopolo.
Setlhoi, e tlhalosiwa jaaka setheo kgotsa motho ka nosi yo o anamisang le go rotloetsa letlhoo kgatlhanong le ba bangwe go ya ka dipopego tsa bone tse di sireleditsweng. Ditiro tsa setheo di farologanngwa bobotlan ka maitsholo mangwe a a latelang:
- Tirisodikgoka, puotlhotlheletso e e matshosetsi, kgotsa mefuta e e kotsi ya letshwenyo e e totileng batho go ya ka dipharologantsho tsa bone tse di sireleditsweng:
- Tiriso e e boelediwang ya puo ya letlhoo;
- Kemedi ya Dikakanyo tsa Letlhoo kgotsa Ditheo tse dingwe tse di kailweng tsa Letlhoo, le/kgotsa
- Tlotlomatso kgotsa Tshegetso ya Ditlhoi kgotsa Dikakanyo tsa Letlhoo.
Mekgatlho ya Bosenyi, e e tlhalosiwang e le mophato wa batho ba le bararo kgotsa go feta ba ba:
- tshwaraganeng ba dirisa leina le lengwe, e le ba (me)mmala, (di)puo ya mabogo kgotsa matekwane a a itsiweng; le
- o o nnileng le seabe mo tirong ya bosenyi kgotsa o o tshosetsang go nna le seabe mo go yone e e tshwanang le go bolawa ga morafe wa batho, go rekisa ditagi, kgotsa go thopiwa ga batho ka dikgoka.
Tirisodikgoka ya Batswasetlhabelo ba Bantsi le Dipolao tsa Batho ba Bantsi
- Re tsaya gore tiragalo ke ya tirisodikgoka e e dirwang mo batlhaselweng ba bantsi kgotsa maiteko a go dira tirisodikgoka mo bathong ba le bantsi fa e felela ka kgobatso ya batho ba le bararo kgotsa go feta ka nako e le nngwe fela, e e tlhalosiwang e le dintsho kgotsa dikgobalo tse di masisi. Motho ope yo o dirileng tlhaselo ya mofuta ono o tsewa a le motlolamolao kgotsa yo o dirang boiteko jwa go tlola molao kgotsa tirisodikgoka mo bathong ba le bantsi.
- Re tsaya gore motho ope ka nosi yo o bolaileng batho ba le babedi kgotsa go feta mo ditiragalong tse dintsi kgotsa mo mafelong a le mantsi ke mmolai wa batho ba bantsi.
Ditumelo tsa letlhoo
- Lefa ditlhaloso tsa rona tsa mekgatlho le batho di remeletse mo boitshwarong, mme gape re lemoga gore go na le megopolo mengwe le ditumelo tse ka tlwaelo di nang le seabe mo tirisongdikgoka le maiteko a go rulaganya batho go ba kgothaletsa go dira tirisodikgoka kgotsa go kgaphela ba bangwe kwa thoko ka gonne e le ba mefuta e e sireleditsweng. Mo mabakeng ano, re tlhoma mogopolo ka boone re bo re tlosa mafoko a a kwadilweng a a emang mogopolo oo nokeng mo polatefomong ya rona. Megopolo eno e akaretsa:
- Bo-Nazi
- Go Tseelwagodimo ga Batho Basweu
- Bomorafe jwa Batho Basweu
- Go Itlhaola ga Batho Basweu
- Re tlosa Tlotlomatso e e tlhamaletseng, Tshegetso, le Kemedi ya dikakanyo tseno, le go tlosa batho ka nosi le ditheo tse di leng sebako sa kakanyo e le nngwe kgotsa tse dintsi tsa dikakanyo tseno tse di tletseng letlhoo.
Maemo 2: Batho ba ba seng mo Pusong ba ba Nang le Tlhotlheletso ya Sepolitiki ya Tirisodikgoka le Ditheo tse di Tlhotlheletsang Tirisodikgoka
Mekgatlho le batho ba Meta e ba kaileng e le Batho ba ba seng mo pusong ba ba nang le tlhotlheletso ya sepolitiki ya tirisodikgoka kgotsa DItheo tse di Tlhotlheletsang Tirisodikgoka ga ba letlelelwe go nna mo dipolatefomong tsa rona, kgotsa go nna teng go go dirwang ke ba bangwe mo boemong jwa bone. Gonne badirisimmogo bano ba tsaya karolo ka matlhagatlhaga mo tirisodikgokeng, kgatlhanong le puso kgotsa sesole mo dintweng tsa dibetsa (Badiragatsi ba Tlolomolao ba e seng ba Puso) kgotsa ba rulaganyetsa kgotsa go tshegetsa kgotsa go tlhama maemo a tirisodikgoka ya mo isagong (Ditheo tse di Tlhotlheletsang Tirisodikgoka), tshegetso ya ditheo tseno ka ditšhelete ga e a letlelelwa. Gape re tla tlosa tlotlomatso ya ditheo tseno.
Batsayakarolo mo Tirisongdikgoka e e Seng ya Puso, e e tlhalosiwang e le go tsaya karolo mo e seng ga puso gope fela go go:
- Tsayang karolo mo thulaganyong ya ditiro tse di dirilweng ka lebaka le le rileng le tse di rulaganyeditsweng tsa tirisodikgoka e e masisi thata e e totileng puso, sesole kgotsa ditlhopha tse dingwe tsa ntwa ya dibetsa tse di tsayang karolo mo maitsholong a a se nang botsalano a mo seemong sa ntwa ya dibetsa, mme di tlhasela e seng ka bomo kgotsa e seng ka tlhamalalo baagi ka tirisodikgoka ya masisi a a kwa godimo; LE/KGOTSA
- Itsang batho go fitlhelela mafaratlhatlha a botlhokwa kgotsa metswedithuso ya tlholego; LE/KGOTSA
- Tsayang karolo mo thulaganyong ya ditlhaselo tse maikaelelo a tsone e leng go senya mo go bonalang mafaratlhatlha a dikago, tse di sa golaganngwang le polao, kgobalo e e masisi kgotsa kgobalo e e tseneletseng ya baagi.
Ditheo tse di Tlhotlheletsang Tirisodikgoka di tlhalosiwa jaana
Setheo se se Tlhotlheletsang Tirisodikgoka (Ka kakaretso) ke modiragatsi yo e seng wa puso yo o:
- Dirisang dibetsa jaaka karolo ya katiso ya bone, tlhaeletsano, kgotsa go nna teng, mme di rulagantswe kgotsa di dira mekgatlho e e seng ya semmuso ya sesole kgotsa ya tshireletso. LE
- Rulaganya go baakanyetsa tirisodikgoka e e dirwang ke go tsogelana kgatlhanong ga merafe kgotsa ntwa ya maraganateng a bana ba mpa; KGOTSA
- Tshegetsang tirisodikgoka kgatlhanong le batlhankedi ba puso kgotsa dikgoreletso tsa tirisodikgoka mo ditiragalong tsa baagi le setshaba; KGOTSA
- Tsayang karolo mo bogodung, tshenyo, thubelo kgotsa tshenyo e nngwe ya thoto; KGOTSA
- Tsayang karolo mo tirisodikgokeng ya bomasisi jwa bogareng kwa ditiragalong tsa baagi le setšhaba; KGOTSA
- Ba rotloeletsa go tlisiwa ga dibetsa mo lefelong le le rileng fa boikaelelo jwa bone e le go tshosetsa batho ka nako ya dikgoberego
Neteweke ya Maano a Bolotsana e e Tlhotlheletsang Tirisodikgoka ke modiragatsi yo e seng wa puso yo o:
- Supilweng ka leina, tshobokanyo ya maikaelelo le melawanatheo, letshwao, kgotsa tlhaeletsanommogo; LE
- Rotloetsang ditiori tse di se nang motheo tse di lekang go tlhalosa dibako tse dikgolo tsa mathata a mantsi a loago le sepolitiki, ditiragalo le maemo ka ditogamaano tsa mo sephiring tse di dirwang ke badiragatsi ba le babedi kgotsa go feta ba ba maatla: LE
- Tshegetsang mo pepeneneng kgotsa yo o golaganeng ka tlhamalalo le thulaganyo kgobatso ya mmele e e sa diregeng mo inthaneteng e e dirwang ke balatedi ba ba rotloediwang ke keletso ya go ngoka kgatlhego kgotsa go baakanya dikgobalo le ditshenyo tsa go nna jalo tse di supilweng mo ditoring tse di se nang motheo tse di rotloediwang ke neteweke.
Setheo se se Thibetsweng ka ntlha ya Letlhoo ke modiragatsi yo e seng wa puso yo o:
- Tsayang karolo mo boitshwarong jwa letlhoo kgapetsa kgapetsa kgotsa puotlhotlheletso, mme ba sa tlhatloge go nna setheo sa Maemo 1 ka gonne ba sa tsaya karolo mo tirisong ya dikgoka kgotsa ba sa tshegetsa tirisodikgoka mo pepeneneng, kgotsa ka gonne ba sa golagana ka tsela e e lekaneng le mekgatlho kgotsa batho ba ba kailweng mo nakong e e fetileng.
Malebana le Melao ya Badirisimmogo e e latelang, re batla tshedimosetso e nngwe gape le/kgotsa tlhaloso e e oketsegileng go diragatsa:
- Mo mabakeng a a rileng, re tla letlelela mafoko a a kwadilweng a ka tsela nngwe a ka tswang a tlola Melao ya Badirisimmogo fa go tlhomamisiwa gore mafoko a a kwadilwneg ao ke motlae. Mafoko a a kwadilweng a tla letlelelwa fela fa e le gore dikarolwana tse di tlolang molao tsa mafoko a a kwadilweng ao ke motlae kgotsa a kaya Selekanyingwe kgotsa mongwe o sele ka go mo kgoba kgotsa go mo sotla.
11 Diphal 2019
Ka maiteko a go thibela le go kgoreletsa kgobalo ya mmatota, ga re letlelele mekgatlho epe kgotsa batho bape ka nosi ba ba itsiseng tiro ya tirisodikgoka kgotsa ba ba tsayang karolo mo tirisong ya dikgoka go nna mo Facebook. Seno se akaretsa mekgatlho kgotsa batho ka nosi ba ba tsayang karolo mo go tse di latelang:
- Tiro ya borukutlhi
- Letlhoo le le rulagantsweng
- Polao ya batho ba bantsi (go akarediwa ga maiteko a polao ya go nna jalo)
metseletsele ya dipolaodipolao tse dintsi - Thekiso ya batho e e seng mo molaong
- Tirisodikgoka e e rulagantsweng kgotsa tiro ya bosenyi
Gape re tlosa le tshedimosetso e e bontshang tshegetso kgotsa tlotlomatso go ditlhopha, baeteledipele kgotsa batho ka nosi ba ba tsayang karolo mo ditirong tseno. Ithute go le gontsi ka tiro ya rona ya go lwantsha borukutlhi mo inthaneteng fano.
Ga re letlelele batho ba ba latelang (ba ba tshelang kgotsa ba ba tlhokafetseng) kgotsa ditlhopha tse di latelang go tswelela go nna teng (sekai, go nna le akhaonto, Tsebe, Setlhopha) mo polatefomong ya rona:
Mekgatlho ya borukutlhi le barukutlhi, mo go akaretsang:
- Motho kgotsa mokgatlho ope o e seng karolo ya puso, yo o:
- Tsayang karolo, yo o rotloetsang, kgotsa yo o neelang kemonokeng e kgolo mo ditirong tse di dirwang ka maikalelo a a rileng le tse di rulagantsweng tsa tirisodikgoka,
- Tse di bakang kgotsa di lekang go bolaya baagi, kgotsa batho ba bangwe ba ba sa tseyeng karolo ka tlhamalalo mo bosetlhogong ka nako ya ntwa ya dibetsa, go lematsa kgotsa go gobatsa ka tsela e e masisi baagi, le/kgotsa tshenyo e kgolo ya dikago e e amanngwang le loso lwa batho fela, temalo e e masisi kgotsa kgobalo e e masisi ya bone.
- Ka boikaelelo jwa go rotloeletsa, go tshosa le/kgotsa go tlhotlheletsa baagi ba motse, puso, kgotsa mokgatlho wa mafatshefatshe.
- Go fitlhelela maikaelelo a sepolitiki, a sedumedi, kgotsa a dikakanyo le megopolo e e rileng.
Mekgatlho ya letlhoo le baeteledipele ba yone le maloko a yone a a tumileng
- Mokgatlho wa letlhoo o tlhalosiwa jaaka:
- Setlhopha sepe sa batho ba le bararo kgotsa go feta se se rulagantsweng ka fa tlase ga leina, kgotsa letshwao le se se nang le dikakanyo tse di rileng, dipolelo, kgotsa ditiro tse di gobatsang mmele tse go tlhaselwang batho ka nosi go ya ka dipharologantsho tsa bone, tse di akaretsang lotso, botokololo jwa sedumedi, bosetšhaba, bomorafe, bong, thobalano, kgatlhegelo ya lerato le thobalano go motho wa bong jo bo rileng, bolwetse jo bo tseneletseng kgotsa kgolafalo.
Dipolao tsa batho ba bantsi metseletsele ya dipolaodipolao tse dintsi (go akaretsa maiteko a tsone)
- Re tsaya polao go nna polao ya batho ba bantsi fa go feleletsa go na le dintsho tse
nnetharo kgotsa dintsho tse dintsi mo tiragalong e le nngwe - Re tsaya maiteko a polao ya batho ba bantsi go nna e motho ka nosi o dirisang sebetsa kgotsa serori go leka go gobatsa batho ba bantsi mo lefelong la botlhe kgotsa a dira seo mo bathong ba ba fetang motho a le mongwe
- Re tsaya motho ope ka nosi yo o bolaileng batho ba le babedi kgotsa go feta mo ditiragalong tse dintsi kgotsa mo mafelong a mantsi ke mmolai wa
metseletsele ya dipolaodipolao tse dintsi Re dira ditshekatsheko tseno go ya ka tshedimosetso e re nang le yone mme re tla dirisa pholisi eno ka kakaretso mo mmolaing wa batho ba bantsi kgotsa yo o dirang metseletsele ya dipolao yo o tshwanelegang mo mokgwatlhalosong ope wa e e latelang:O bonwe molato wa polao ya batho ba bantsi kgotsa metseletsele ya dipolao.O bolailwe ka tiragatsomolao ka nako ya tirego ya polao ya batho ba bantsi kgotsa metseletsele ya dipolao kgotsa ka nako ya polao kgotsa ipolao ka go sugakanya sefofane moragonyana.O ipolaetse kwa lefelong la tiragalo kgotsa morago ga polao ya batho ba bantsi kgotsa metseletsele ya dipolao.O supilwe gore ke mang ka go dirisa tiragatsomolao ka ditshwantsho tsa bosenyi.
Ditlhopha tsa thekiso ya batho le baeteledipele ba tsone
- Ditlhopha tsa thekiso ya batho ke mekgatlho e e rweleng maikarabelo a sengwe sa tse di latelang:
- Go gapeletsa ba bangwe go ithekisa mmele, go gapeletsa batho go dira/go thapa batho mo tirong go duela sekoloto, bokgoba kgotsa go kgaolwa ga dirwe
- Go thapa, go tsamaisa, go fetisa, go tshwara, go tlamela, go fitlha, kgotsa go amogela motho yo monnye, kgotsa yo mogolo kwa ntle ga tetla ya gagwe
Mekgatlho ya bosenyi le baeteledipele ba yone le maloko a yone a a tumileng
- Mokgatlho wa bosenyi o tlhalosiwa jaaka:
- Setlhopha sepe sa batho ba bararo kgotsa go feta se se kopaneng ka fa tlase ga leina, mmala/mebala, go bua ka seatla/diatla kgotsa matshwao a a bonalang, se se tsayang karolo kgotsa se se tshosetsang go tsaya karolo mo tirong ya bosenyi, go akaretsa (mme go sa lekanyediwa go)
Ga re letlelele gore go abelanwe ka matshwao a a emetseng mokgatlho ope wa mekgatlho e e fa godimo kgotsa batho bape ka nosi mo polatefomong ya rona ntle le fa e le mo maemong a a kgalang kgotsa a a buisanang ka tshedimosetso kwa ntle ga go tsaya letlhakore.
Ga re letlelele tshedimosetso e e tlotlomatsang mokgatlho ope wa mekgatlho e e fa godimo kgotsa batho ka nosi kgotsa ditiro dipe tse ba di dirileng.
Ga re letlelele kgokagano ya tshegetso ya mokgatlho ope wa mekgatlho e e fa godimo kgotsa batho ka nosi kgotsa ditiro dipe tse ba di dirileng.
28 Lwets 2019
Ga re letlelele batho ba ba latelang (ba ba tshelang kgotsa ba ba tlhokafetseng) kgotsa ditlhopha tse di latelang go tswelela go nna teng (sekai, go nna le akhaonto, Tsebe, Setlhopha) mo polatefomong ya rona:
Mekgatlho ya barukutlhi le barukutlhi, ba ba akaretsang:1
Mokgatlho wa barukutlhi o tlhalosiwa jaaka:Mokgatlho ope o e seng wa puso o o tsayang karolo mo ditirong tse di rulaganyeditsweng kwa pele tsa tirisodikgoka kgatlhanong le batho kgotsa thoto go tshosetsa baagi ba selegae, puso, kgotsa mokgatlho wa boditšhabatšhaba go fitlhelela maikaelelo a sepolitiki, a sedumedi, kgotsa a dikakanyo le megopolo e e rileng
Leloko la mokgatlho wa barukutlhi kgotsa motho ope yo o dirang tiro ya borukutlhi o tsewa jaaka serukutlhiTiro ya borukutlhi e tlhalosiwa jaaka tiro e e rulaganyeditsweng kwa pele ya tirisodikgoka kgatlhanong le batho kgotsa dikago, e e dirwang ke motho yo e seng karolo ya puso go tshosetsa baagi ba selegae, puso, kgotsa mokgatlho wa boditšhabatšhaba go fitlhelela maikaelelo a sepolitiki, sedumedi, kgotsa a dikakanyo le megopolo e e rileng.
- Motho ope yo e seng karolo ya puso yo o:
- Tsayang karolo, yo o rotloetsang, kgotsa yo o neelang kemonokeng e kgolo mo ditirong tse di dirwang ka maikaelelo a a rileng le tse di rulagantsweng tsa tirisodikgoka,
- Yo o bakang kgotsa yo o lekang go baka loso, kgobalo kgotsa kutlwisobotlhoko e e tseneletseng go baagi, kgotsa motho ope yo mongwe yo o sa tseyeng karolo ka tlhamalalo mo kemokgatlhanong ya mo maemong a ntwa ya dibetsa, le/kgotsa tshenyo e kgolo mo dikagong e e golaganngwang le loso, kgobalo e e tseneletseng kgotsa go utlwisiwa botlhoko ga baagi ba selegae
- Ka maikaelelo a go gapeletsa, go tshosetsa le/kgotsa go tlhotlheletsa baagi ba selegae, puso, kgotsa mokgatlho wa boditšhabatšhaba
- Go fitlhelela maikaelelo a sepolitiki, a sedumedi, kgotsa a dikakanyo le megopolo e e rileng.
Mekgatlho ya letlhoo le baeteledipele ba yone le maloko a yone a a tumileng
- Mokgatlho wa letlhoo o tlhalosiwa jaaka:
- Setlhopha sepe sa batho ba le bararo kgotsa go feta se se rulagantsweng ka fa tlase ga leina, kgotsa letshwao le se se nang le dikakanyo tse di rileng, dipolelo, kgotsa ditiro tse di gobatsang mmele tse go tlhaselwang batho ka nosi go ya ka dipharologantsho tsa bone, tse di akaretsang lotso, botokololo jwa sedumedi, bosetšhaba, bomorafe, bong, thobalano, kgatlhegelo ya lerato le thobalano go motho wa bong jo bo rileng, bolwetse jo bo tseneletseng kgotsa kgolafalo.
Dipolao tsa batho ka bontsi kgotsa metseletsele ya dipolao
- Re tsaya polao jaaka polao ya batho ka bontsi fa go feleletsa go nna le dintsho tse nne kgotsa go feta mo tiragalong e le nngwe
- Re tsaya gore motho ope ka nosi yo o bolaileng batho ba le babedi kgotsa go feta mo ditiragalong tse dintsi kgotsa mo mafelong a mantsi ke mmolai yo o dirang metseletsele ya dipolao
- Re dira ditshekatsheko tseno go ya ka tshedimosetso e re nang le yone mme re tla dirisa pholisi eno ka kakaretso mo mmolaing wa batho ba bantsi kgotsa yo o dirang metseletsele ya dipolao yo o tshwanelegang mo mokgwatlhalosong ope wa e e latelang:
- O bonwe molato wa polao ya batho ba bantsi kgotsa metseletsele ya dipolao.
- O bolailwe ka tiragatsomolao ka nako ya tirego ya polao ya batho ba bantsi kgotsa metseletsele ya dipolao kgotsa ka nako ya polao kgotsa ipolao ka go sugakanya sefofane moragonyana.
- O ipolaetse kwa lefelong la tiragalo kgotsa morago ga polao ya batho ba bantsi kgotsa metseletsele ya dipolao.
- O supilwe gore ke mang ka go dirisa tiragatsomolao ka ditshwantsho tsa bosenyi.
Ditlhopha tsa thekiso ya batho le baeteledipele ba tsone
- Ditlhopha tsa thekiso ya batho ke mekgatlho e e rweleng maikarabelo a sepe sa tse di latelang:
- Go gapelediwa ga batho ba bangwe go ithekisa mmele, go gapeletsa batho go dira/go thapa batho mo tirong go duela sekoloto, bokgoba, kgotsa go kgaolwa ga dirwe
- Go thapa, go tsamaisa, go fetisa, go tshwara, go tlamela, go fitlha, kgotsa go amogela motho yo monnye, kgotsa yo mogolo kwa ntle ga tetla ya gagwe
Mekgatlho ya bosenyi le baeteledipele ba yone le maloko a yone a a tumileng
- Mokgatlho wa bosenyi o tlhalosiwa jaaka:
- Setlhopha sepe ba batho ba bararo kgotsa go feta se se kopaneng ka fa tlase ga leina, mmala/mebala, go bua ka seatla/diatla kgotsa matshwao a a bonalang, se se tsayang karolo kgotsa se se tshosetsang go tsaya karolo mo tirong ya bosenyi, go akaretsa (mme go sa lekanyediwa go)
Ga re letlelele gore go abelanwe ka matshwao a a emetseng mokgatlho ope wa mekgatlho e e fa godimo kgotsa batho bape ka nosi mo polatefomong ya rona ntle le fa e le mo maemong a a kgalang kgotsa a a buisanang ka tshedimosetso kwa ntle ga go tsaya letlhakore.
Ga re letlelele tshedimosetso e e tlotlomatsang mokgatlho ope wa mekgatlho e e fa godimo kgotsa batho ka nosi kgotsa ditiro dipe tse ba di dirileng.
Ga re letlelele kgokagano ya tshegetso ya mokgatlho ope wa mekgatlho e e fa godimo kgotsa batho ka nosi kgotsa ditiro dipe tse ba di dirileng.
Re ntšhafaditse tsela e re tlhalosang mekgatlho ya borukutlhi ka yone gore re neele tlhaloso e e utlwalang thata e e tsamaisanang le dikaelo tsa rona. Tlhaloso e e tlhamilweng seša e sa ntse e tsepamisa mo maitsholong, e seng mo kakanyong kgotsa mogopolo o o rileng mme e emogela gore matshosetsi a tirisodikgoka, le maikaelelo a go gapeletsa le go tshosetsa segolo bogolo baagi ba selegae go fitlhelela maikaelelo a a rileng a sepolitiki kgotsa a kakanyo kgotsa mogopolo o o rileng, botlhokwa le one fa go akanyediwa gore borukutlhi ke eng tota. Dintlha ka bontsi ka ga tlhaloso e e ntšhafaditsweng le maiteko a sešeng a go lwantsha letlhoo le tshegetso ya dikakanyo tse di feteletseng tsa sepolitiki kgotsa sedumedi di teng fano.1
29 Sedimont 2018
Mabaka a Pholisi
Ka maiteko a go thibela kgotsa go kgoreletsa kgobalo ya mmatota, ga re letlelele mekgatlho epe kgotsa batho bape ka nosi ba ba tsayang karolo mo go tse di latelang gore ba nne mo Facebook:ba ba itsiseng tiro ya tirisodikgoka kgotsa ba ba tsayang karolo mo tirisong ya dikgoka, ka ntlha ya go nna mo Facebook. Seno se akaretsa mekgatlho kgotsa ka nosi ba ba tsayang karolo mo go tse di latelang:
- Tiro ya borukutlhi
- Letlhoo le le rulagantsweng
- Dipolao tsa batho ba bantsi kgotsa metseletsele ya dipolao
- Thekiso ya batho e e seng mo molaong
- Tirisodikgoka e e rulagantsweng kgotsa tiro ya bosenyi
Gape re tlosa le tshedimosetso e e bontshang tshegetso kgotsa tlotlomatso go ditlhopha, baeteledipele kgotsa batho ka nosi ba ba tsayang karolo mo ditirong tseno.
Re ntšhafaditse mabaka a pholisi ya rona ya batho ka nosi ba ba kotsi le mekgatlho e kotsi go tlhalosa sentle seemo sa rona. Re tshotse ka gale mokgwa wa go tlhalosetsa ditlhopha tse di thibetsweng mo pholising eno - ga re batle go nna polatefomo e e kgontshang kgotsa e e nang le seabe mo tirisong ya dikgoka, ka jalo re kganela bao ba ba itsiseng tiro ya tirisodikgoka kgotsa ba ba tsayang karolo mo tirisong ya dikgoka gore ba tswelele go nna mo Facebook.
Phetogo eno ga e a tlhotlheletsa phetogo mo tiragatsong ya molao. Go ntse jalo, go botlhokwa go ela tlhoko gore le fa pholisi ya rona e e kgatlhanong le batho ka nosi ba ba kotsi le mekgatlho e kotsi e sa fetoge, re sekaseka ka gale batho ka nosi, mekgatlho, dikarolo, ditiragalo le ditlhopha tse di ka tswang di le kotsi le go di kaya ka tsela e e maleba.
Ditiriso tsa modirisi
Bona dikai dingwe tsa kafa go tsenngwa tirisong ga molao go lebegang ka teng mo bathong ba ba mo Facebook, jaaka: go ntse jang go bega ka sengwe se o sa akanyeng gore se tshwanetse go nna mo Facebook, go bolelelwa gore o tlotse Melawana ya rona ya Badirisimmogo le go bona sekirine se se go tlhagisang mo dilong dingwe.
Ela tlhoko: Re a tokafala ka metlha, ka jalo se o se bonang fano se ka tswa e le sa bogologolo go se kae fa se bapisiwa le se re se dirisang ga jaana.
DITIRISO TSA MODIRISI
Go bega
MAITEMOGELO A MODIRISI
Puisano ya morago ga pego
MAITEMOGELO A MODIRISI
Maitemogelo a go tlosa
MAITEMOGELO A MODIRISI
Disekerine tsa tlhagiso
Deitha
Leba Pego ya go Diragatswa ga Melao ya Badirisimmogo ya bosheng thata
Tiragatso ya Molao
Re na le dipholisi tse di tshwanang mo lefatsheng lotlhe, tse di dirang mo go mongwe le mongwe mo Facebook.
Ditlhopha tsa basekaseki
Setlhopha sa rona sa basekaseki ba ba fetang ba le 15,000 ba mo lefatsheng lotlhe ba dira letsatsi le letsatsi go tshola batho ba ba mo Facebook ba babalesegile.
Tirisano le bannaleseabe
Bomankge ba kwa ntle, barutegi, di-NGO le batlhami ba dipholisi ba thusa go kaela tiriso ya Melawana ya Badirisimmogo ba Facebook.
Bona thuso ka batho le mekgatlho e e kotsi
Ithute se o ka se dirang fa o bona sengwe mo Facebook se se thulanang le Melawana ya Badirisimmogo ya rona.
Etela Lefelo la rona la Thuso