Mabaka a Pholisi
Ka maiteko a go thibela kgotsa go kgoreletsa boitshwaro jwa kgobatso e e sa dirweng mo inthaneteng le a go iketsisa, re thibela batho go rulaganyetsa, go rulaganya, go rotloeletsa kgotsa go dumelela ditiro dingwe tsa bokebekwa kgotsa jo bo gobatsang tse di dirwang mo bathong, mo dikgwebong, kgotsa dikago kgotsa diphologolo. Re letlelela batho go ngangisana ka mabaka le go buelela bokafamolaong jwa ditiro tsa bokebekwa le tse di gobatsang, gammogo le go tlhokomedisa tiro e e gobatsang kgotsa ya bokebekwa e ba ka tswang ba e bone ka matlho kgotsa e ba diragaletse fa fela ba sa buelele kgotsa go rulaganya go gobatsa.
Re Tlosa:
Kgobalo e e dirwang mo bathong Tshenolo: go senola motho kgotsa mafelo a a amanang le ope fela yo go nang le tatofatso e e sa tlhomamisiweng ya gore:
Ke leloko la setlhopha se se mo kotsing ya go senolwa; le/kgotsa
Le ene ke wa lelapa le/kgotsa o ratana le (ma)leloko la setlhopha se se mo kotsing ya go senolwa; le/kgotsa
O dirile ditiro tsa bomankge go tshegetsa setlhopha se se kotsi mo leetong (ntle le batho ba bopolotiki)
Go senola boemo jwa go iphitlha jwa motho wa molao, sesole, kgotsa yo o berekang mo sekhurithi fa tshedimosetso eo e na le leina la motho yoo, sefatlhego sa gagwe kgotsa betšhe ya gagwe ka epe ya tse di latelang:
Mokgatlho wa tiragatso ya molao wa setheo seno
Tiro ya go diragatswa ga molao ya setheo seno
Go umaka boemo jwa bone jwa go iphitlha ka tsela e e utlwalang sentle
Go rulaganya, go tshosetsa, go tshegetsa, kgotsa go amogela go itaya sengwe ka legofi ntle le fa e le mo maemong a go dira gore o bonwe kgotsa go nyatsa, e le ga dikinane kgotsa e le mo go tshamekiwang mo pele ga babogedi kgotsa thekololo.
Go bontsha, go buelela, go kgothaletsa go tsaya karolo mo kgwetlho nngwe e e kotsi e e anamang kwa ntle ga mo maemong a go dira gore o bonwe kgotsa a go nyatsa sengwe. Mo setshwantsho se tsentsweng mo maemong ano, re tsenya le leibole e e tlhagisang gore batho ba itse gore tshedimosetso eo e ka nna ya bo e sisimosa:
Go gobatsa diphologolo
Go tsamaisa, go tshosetsa, go tshegetsa kgotsa go amogela ditiro tsa go utlwisa diphologolo botlhoko mo mmeleng (go kwadilwe, go bonala kgotsa go buiwa ka gone) ntle le fa e le mo maemong a:
Go dira gore motho a lemogwe kgotsa go nyatsa
Thekololo
Phalolo kgotsa phemelo ya motho ka namana, ya motho yo mongwe kgotsa ya phologolo e nngwe
Ga ditlhamane kgotsa ga boemo jwa go tshameka mo bobogelong NTLE LE FA e le mo go bontshiwang diphologolo di lwa mo bobogelong kgotsa go swatola diphhologolo tse e seng sa mmatota mo kotsing
Go tsoma kgotsa go tshwara ditlhapi
Setlhabelo sa bodumedi
Go apaya kgotsa go fetola dijo
Disenyi kgotsa ditshenekegi
Polao ya kutlwelobotlhoko
Motshameko wa go lwantsha dipoo
Go gokaganya, go tshosetsa, go tshegetsa, go bontsha kgotsa go duela gore o kile wa bontsha diphologolo di lwa kgotsa wa bontsha ditshwantsho tsa bidio tsa diphologolo di falotsa mongwe mme e se tsa boammaaruri ntle le fa e le mo maemong a go dira gore batho ba itse kgotsa ba nyatse kgotsa ba rekolole.
Tshenyo ya thoto
Go tsamaisa, go tshosetsa, go tshegetsa kgotsa go amogela ditiro tsa go senya thoto kgotsa bogodu (go kwadilwe, go bonala kgotsa go buiwa ka gone), ntle le fa e le mo maemong a
Go dira gore go bonwe kgotsa go nyatsa,
Thekololo,
Boemo jwa ditlhamane kgotsa jwa go tshameka mo pele ga babogedi,
Go amogela mo maemong a go itshireletsa, kgotsa motho yo mongwe
go bontsha go senngwa ga dithoto mo ditshupetsong,
go bontsha dilo tse di seng kafa molaong, kgotsa
go bua sentle ka go senngwa ga dithoto le bogodu jo bo dirwang ke ba bangwe.
Tsietso ya motlhophi le/kgotsa sensase Go ithaopela go reka kgotsa go rekisa ditlhopho ka madi, ka dimpho, ka ditirelo kgotsa ka ditsela tse dingwe tse di bonalang, ntle le fa go abelanwa ka yone ka tsela ya go nyatsa, go dira gore go lemogwe, go bega dikgang, kgotsa go tshegisa kgotsa mo maemong a go sotla.
Go buelela, go ntsha ditaelo tsa go, kgotsa go bontsha boikaelelo jo bo tlhamaletseng jwa go tsaya karolo e se kafa molaong mo go tlhopheng, (ka sekai, go tlhopha gabedi kgotsa go tsamaisa dilo ka tsela ya gore go ithewe go twe o a tshwanelega go tlhopha mme o sa tshwanelege) kgotsa thulaganyo ya go bala batho (ka sekai, go se tlhalose sentle tshedimosetso malebana le dipalopalo tsa baagi kgotsa go se bue boammaaruri ka gore go na le batho ba le kae mo legaeng la gago), ntle le fa tshedimosetso eo e abelanwa le ba bangwe, go nyatsa, go dira gore batho ba itse, go bega dikgang kgotsa go tshegisa kgotsa go sotla.
Malebana le tshedimosetso e e latelang, re tsenya le leibole gore batho ba lemoge gore mafoko a a kwadilweng ke a a sisimosang:
Setshwantsho se se bontshang kgwetlho e e anamisitsweng ya kotsi e kgolo fa e abelanwa e na le mafokotlhaloso a a nyatsang kgotsa a nayang kitso ka dikotsi tse di tsamaisanang le yone.
Malebana le tshedimosetso e e latelang, re lekanyetsa bokgoni jwa go leba tshedimosetso go bagolo ba dingwaga tse 18 le go feta:
Ditshwantsho tse di bontshang mekgwa e kotsi ya go kgweetsa koloi e e ka bakang dikgobalo tse di matshosetsi mo botshelong kgotsa loso la mokgweetsi kgotsa ba bangwe, ntle le fa di abelanwa mo maemong a boitlhamedi kgotsa a boitseanape.
Malebana le Melao ya Badirisimmogo e e latelang, re batla tshedimosetso e nngwe gape le/kgotsa tlhaloso e nngwe gape go diragatsa:
Re Tlosa:
Go senola: go senola motho mongwe le go mo tsenya mo kotsing ya gore a ka gobatswa:
maloko a LGBTQIA+
Basadi ba ba sirolotsweng
Batho ba ba sa tshwarwang ka la gore ke batlhasedi mo kganeng ya motho yo o tlhaselang ka tsa thobalano mo Tirong ya Tlhaselo
Batho ba ba amegang mo dilo tsa semolao, mme go amega ga bone go sa tshwanela go itsiwe phatlalatsa
Basupi, bompimpi, balweladitshwanelo, batho ba ba tshwerweng kgotsa magolegwa
Majelathoko, fa a begwa ke tšhanele nngwe ya puso e e ka ikanngwang
Magolegwa a ntwa, mo maemong a ntwa ya dibetsa
Setshwantsho se se ka nnang sa tsietsa batho gore ke sa ga mang fa:
Setheo se se bontshiwang kgotsa se se neilweng dithata jaaka moemedi se sa dumalane le setshwantsho seo, mme
Setshwantsho se ka kgona go gobatsa maloko a morafe.
Polelo ya go bontsha maikaelelo, mokgosi wa gore go tsewe kgato, kgotsa go kgothaletsa go:
Go thibela ba bangwe go bona ditirelo tsa botlhokwa fa go na le tlhomamiso, kgotsa tlhomamiso eo e kgona go bonwa ke mongwe le mongwe gore dikoloi tsa maemo a tshoganyetso di thibetswe, KGOTSA
Go itebaganya le mongwe kgotsa le setlhopha sengwe sa batho ka go ba thibela gore ba se ka ba bona ditirelo tseno tsa botlhokwa kgotsa go kgoreletsa ka tsela e e tla tsenyang tshireletso ya ba bangwe mo kotsing
Go amega ga motlhophi kgotsa yo o balang batho, go akaretsa:
Mokgosi wa gore go tshwaraganelwe kgoreletso e e tla amang gore motho a kgone go tsaya karolo mo ditlhophong tsa semmuso kgotsa go balwa ga batho.
Dipolelo tsa gore go tsaya karolo mo go tlhopheng kgotsa go baleng batho go ka nna kgotsa go tlile go felela ka ditlamorago tse di sa siamang mabapi le tiragatso ya molao (ka sekai, go tshwarwa, go busediwa kwa nageng e o tswang kwa go yone kgotsa go latlhelwa mo kgolegelong).
Matshosetsi a go ya kwa lefelong la ditlhopho go baya dilo leitlho kgotsa go lebelela batlhophi kgotsa batlhankedi ba ditlhopho fa go tsamaisana le mafoko a go tshosetsa (ka sekai, "A re ba bontsheng gore ke mang yo o busang!," "A ba batla ntwa?) Re tla lwa le bone.")
Matshosetsi a go ya kwa lefelong le go neng go tshwerwe ditlhopho mo go lone fa go tsamaisana le mafoko a go tshosetsa (ka sekai, "A re ba bontsheng gore ke mang yo o busang!," "A ba batla ntwa?) Re tla lwa le bone.")