Tshotlako ya bana ka tsa thobalano
Tshedimosetso, tiro, kgotsa ditirisano tse di tshosetsang, tse di bontshang, tse di tlotlomatsang, tse di tshegetsang, tse di nayang ditaelo tsa, tse di dirang dipolelo tsa boikaelelo, tse di dumelang gore go tserwe karolo mo go, kgotsa tse di abelanang dilinki tsa tshotlako ya bana ka tsa thobalano (go akaretsa le bana ba bannye, ba ba gagabang kgotsa masea, kgotsa dinepe tse e seng tsa mmatota tse di tshwanang le batho, tse di tshwanang le botsweretshi, tshedimosetso e e dirilweng ke Botlhale jwa Thekenoloji, batho ba eseng ba mmatota, bompopi, jalo le jalo). Tseno di akaretsa mme e se tsone fela:
Tlhakanelo ya dikobo
Thobalano ka nako e e diregang ka yone kgotsa thobalano e e dirwang ka go gorana dirwe tsa thobalano, e e tlhalosiwang jaaka ya molomo kgotsa dirwe tsa thobalano di tsena kgotsa di kgomana le dirwe tsa thobalano kgotsa sebono sa motho yo mongwe, moo bobotlana dirwe tsa thobalano tsa motho a le mongwe kgotsa sebono di bonalang.
Se se ka tsewang e le thobalano kgotsa thobalano e e dirwang ka go gorana mapele, go akaretsa fa go batlile go kgomanwa kgotsa go sa bonale ka tlhamalalo.
Stimulation of genitals or anus, including when activity is imminent or not directly visible.
Sepe sa dilo tse di fa godimo tse di akaretsang phologolo.
Bana mme go na le dilo tse di amanang le thobalano, go akaretsa tse di latelang mme e se tsone fela:
Go ithiba
Matshwao a go tsogelwa
Go tlhoma mogopolo mo dirweng tsa thobalano kgotsa sebono
Go nna teng ga mogolo yo o tsogetsweng
Dithoye tsa thobalano tse di leng teng ka nako eo kgotsa tiriso ya selo sepe se se tsosang keletso ya thobalano, kgotsa kgotsofalo mo go tsa thobalano, kgotsa tshotlako ka tsa thobalano
Diaparo tse di amanang le tsa thobalano
Go apola
Maemo a a baakanyeditsweng boemo jo bo rileng (ka sekai, mo bolaong) kgotsa ditshwantsho tse di tserweng mo maemong ao (boleng jwa tsone/tsela e di tserweng ka yone/maemo a di tserweng mo go one).
Go sunana go butswe molomo
Go tsosa dithoba tsa matsele tsa motho kgotsa go tamusa matsele a mosadi (NTLE LE mo maemong a fa o amusa lesea)
Go nna teng ga didirisiwa tsa thobalano
Tshedimosetso ya bana mo maemong a go eletsa go robalana le sengwe se se sa tlwaelegang
Tshedimosetso e e tshegetsang, e e rotloetsang, e e rotloeletsang kgotsa e e buelelang go tsaya karolo mo thobalanong ya mogolo yo o kgatlhegelang go robalana le ngwana ntle le fa go buisanwe ka tsone kwa ntle ga go tsaya letlhakore mo maemong a a amanang le tsa pholo
Tshedimosetso e e supang kgotsa e e sotlang ba go tweng ke bana ba ba sotlakilweng ka tsa thobalano ka go ba bitsa ka maina kgotsa ka go bontsha ditshwantsho tsa bone.
Go kopa
Tshedimosetso ya go kopa dilo tsa thobalano kgotsa tiro e e bontshang kgotsa e go dirisiwang bana, e e tlhalosiwang jaaka
Matheriale wa Tshotlako ya Bana ka Thobalano (Child Sexual Abuse Material [CSAM])
Ditshwantsho tsa bana ba mmatota kgotsa ba e seng ba mmatota ba ba sa tswalang
Ditshwantsho tse di amanang le thobalano tsa bana ba mmatota kgotsa ba eseng ba mmatota.
Ditirisano le bana tse di sa tshwanelang
Tshedimosetso e e leng karolo kgotsa e e nolofatsang ditirisano le bana tse di sa tshwanelang, tse di jaaka:
Go batla, go rulaganya kgotsa go loga maano a go robalana le bana
Go raela bana gore ba kopanele mo tirong nngwe ya thobalano ka go nna le metlotlo le bone ka dilo tsa thobalano kgotsa go ba solofetsa go ba naya, go ba bontsha, go bona kgotsa go kopa dilo tse di amanang le thobalano mo baneng, ka go dira gore ba di bone ka boomo kgotsa ka melaetsa e o ba kwalelang yone kwa thoko
Go tsaya karolo mo metlotlong ya thobalano e e dirwang ka tsela e e sa tlhamalalang mo melaetseng ya poraefete le bana
Go bona kgotsa go kopa matheriale wa thobalano mo baneng ka melaetsa ya poraefete
Setshwantsho se se sotlakang ka thobalano le tsietso ka thobalano
Tshedimosetso e e lekang go sotlaka bana ba mmatota ka:
Go pateletsa go fa madi, go dira sengwe kgotsa go naya ditshwantsho tsa batho ba robalane ka matshosetsi a go bontsha phatlalatsa ditshwantsho tsa thobalano ya mmatota kgotsa e e seng ya mmatota kgotsa tshedimosetso ya yone
Go abelana, go tshosetsa, kgotsa go kaya maikaelelo a go abelana le ba bangwe ka metlotlo ya poraefete ya thobalano kgotsa ditshwantsho tsa batho ba mmatota kgotsa ba e seng ba mmatota ba robalane
Go dirisa bana mo thobalanong
Tshedimosetso (go akaretsa dinepe, dibidio, botsweretshi jwa dilo tsa mmatota, tshedimosetso ya dijithale, le ditshwantsho tse di tlhalosiwang ka mafoko) tsa tiriso ya bana ba mmatota kgotsa ba eseng ba mmatota mo thobalanong
Ditlhopha, Ditsebe, le diporofaele tse di dirisediwang tiriso ya bana ba mmatota kgotsa ba eseng ba mmatota mo thobalanong
Go nna mapona ga bana
Tshedimosetso e e bontshang mapona a bana ba mmatota le ba eseng ba mmatota moo mapona a tlhalosiwang jaaka:
Dinepe tse di tserweng o le gaufi thata tsa mapele a bana ba mmatota kgotsa ba eseng ba mmatota
Bana ba ba gagabang ba ba sa ikategang ba mmatota kgotsa ba eseng ba mmatota, tse di bontshang:
Mapele a a mo pepeneneng, tota le fa a apesitswe kgotsa a fitlhilwe ka letsela le le lotsatsa
Phinya e e bonalang le/kgotsa senepe se se tserweng o le gaufi thata sa marago
Bana ba ba bannye ba ba sa ikategang ba mmatota kgotsa ba eseng ba mmatota, tse di bontshang:
Mapele a a mo pepeneneng (go akaretsa mapele a a fitlhilweng fela ke moriri wa mo mapeleng kgotsa diaparo tse di lotsatsa)
Phinya e e bonalang le/kgotsa senepe se se tserweng o le gaufi thata sa marago
Dithoba tsa mabele tse di sa apesiwang sepe tsa mosadi.
Go sa apara diaparo go tloga mo molaleng go ya kwa lengoleng - tota le fa go sa bonale mapele kgotsa dithoba tsa mabele tsa mosadi
Ntle le fa ditshwantsho tse eseng tsa mmatota e le tse di mabapi le boitekanelo kgotsa e le go bontsha go sa tswalang sepe ga ngwana mo botaking jwa dilo tsa mmatota mme e se go go amanang le thobalano
Tshotlako ya bana e se ka thobalano
Dibidio kgotsa dinepe tse di bontshang tshotlako ya ngwana ka tsa thobalano ya mmatota kgotsa e e seng ya mmatota go sa kgathalasege gore a tshedimosetso eo e bontshiwa ba bangwe, ntle le fa setshwantsho seo e le sa botaki jwa dilo tsa mmatota, dikhathune, difilimi kgotsa metshameko ya dibidio
Tshedimosetso e e tlotlomatsang, e e tshegetsang, e e tlhotlheletsang, e e rotloeletsang, e e nayang ditaelo kgotsa e e kgothaletsang go tsaya karolo mo tshotlakong ya ngwana e e seng ya thobalano