Go Kgerisa le Go Tshwenya
Dintlha tsa pholisi
FETOLA LLOKO
Gompieno
23 Ferikg 2025
02 Phuk 2024
14 Sedimont 2023
28 Lwets 2023
29 Seet 2023
30 Mopitl 2023
27 Ferikg 2023
29 Lwets 2022
24 Sedimont 2021
13 Diphal 2021
26 Phatw 2021
04 Motsheganong 2021
02 Moran 2021
29 Ferikg 2021
19 Ngwanats 2020
30 Phuk 2020
28 Motsheganong 2020
28 Tlhak 2020
31 Ferikg 2020
17 Sedimont 2019
29 Lwets 2019
30 Phuk 2019
01 Phuk 2019
26 Moran 2019
Mabaka a Pholisi
Go kgerisa le go tshwenya go direga mo mafelong a mantsi e bile go tla ka mefuta e mentsi e e farologaneng go simolola ka go dira matshosetsi le go ntsha tshedimosetso e e supang motho ka sebele go fitlha go go romela melaetsa e e tshosetsang le go pateletsa motho go ikgolaganya le ene a sa batle. Ga re letlelele maitsholo a mofuta ono ka gonne a thibela batho go ikutlwa ba babalesegile le go tlotliwa mo Facebook, Instagram, le Threads.
Re farologanya batho ba ba itsegeng le batho fela ka gonne re batla go letlelela puisano, e gantsi e tlhalosang tshekatsheko ya ditshwaelo tsa batho ba ba bontshiwang mo dikgannyeng kgotsa ba ba nang le babadi ba bantsi. Malebana le batho ba ba itsegeng, re tlosa ditlhaselo tse di masisi gammogo le ditlhaselo tse di rileng moo motho yo o tumileng a thekilweng ka tlhamalalo mo phouseteng kgotsa tshwaelo. Re tlhalosa batho ba ba itsegeng jaaka maofisara a puso le a naga, bontlhopheng ba sepolotiki ba mo diofising tseo, batho ba ba nang le barati kgotsa balatedi ba feta milione mo social media le batho ba go buiwang ka bone thata mo dikgannyeng.
Mo go ba e leng batho fela, re dira se se fetang go ba sireletsa fela: Re tlosa tshedimosetso e boikaelelo jwa yone e leng go nyenyefatsa kgotsa go tsenya motho matlho a batho, go akaretsa, ka sekai, go umaka ka ditiro tsa thobalano tsa mongwe. Re lemoga gore go kgerisa le go nna letshwenyo di ka ama bana mo maikutlong, mme ke lone lebaka le le dirang gore dipholisi tsa rona di gagamatse tshireletso thata mo go mongwe le mongwe yo o nang le dingwaga tse di kwa tlase ga tse 18, go sa kgathalasege boemo jwa modirisi.
Maemo le mabaka a a ikaeletsweng, mme re letlelela batho go phouseta le go abelana fa e le gore go a tlhaloganyesega gore go abelanwe ka sengwe go kgala kgotsa go lemotsha ka go kgerisa le go tshwenya. Mo mabakeng a a rileng, re tlhoka go ipega ka gonne go re thusa go tlhaloganya gore motho yo go nang le maikaelelo a go mo tlhasela o ikutlwa a kgerisiwa kgotsa a tshwenngwa. Mo godimo ga go bega maitsholo le tshedimosetso ya go nna jalo, re rotloetsa batho go dirisa didiriswa tse di leng teng mo dipolatefomong tsa rona go thusa go sireletsa kgatlhanong le tsone.
Gape re na le Lefelo la Konokono la Thibelo ya Kgeriso, le e leng motswedithuso wa basha, batsadi, le barutabana ba ba batlang tshegetso mo mathateng a a amanang le go kgerisiwa le dikgotlhang tse dingwe. E neela kaelo ya kgato-ka-kgato, go akaretsa tshedimosetso ya go simolola metlotlo ya botlhokwa e e ka ga kgeriso. Ithute go le gontsi ka ga se re se dirang go sireletsa batho mo go kgerisiweng le mo go tshwenngweng fano.
Ela tlhoko: Pholisi eno ga e dire mo bathong ba e leng karolo ya mekgatlho e e tlhophilweng mo tlase ga Pholisi ya Mekgatlho le Batho ba ba Kotsi kgotsa batho ba ba tlhokafetseng pele ga 1900.
Boemo 1: Ditshireletso ka kakaretso tsa mongwe le mongwe:
- Mongwe le mongwe o sireleditswe mo:
- Kgolagano e e sa batlegeng e e:
- Boeleditsweng, KGOTSA
- O o kgokgontshang ka thobalano, KGOTSA
- O o totileng palo e kgolo ya batho o sa dira kopo pele ga nako.
- Go batla gore motho mongwe, kgotsa setlhopha sa batho, ba ikgobatse kgotsa ba ipolaye.
- Ditlhaselo ka ntlha ya maitemogelo a ba nnileng le one a go sotlwa ka thobalano, go dirisiwa ka tsela e e sa siamang ka thobalano, go kgokgontshiwa ka thobalano, kgotsa tshotlako ya mo lapeng.
- Dipolelo tse di dirwang ka boikaelelo jwa go dira gore go kopanelwe thobalano kgotsa go buelela gore go kopanelwe thobalano.
- Go dira ditshwaelo tse di maswe thata tse di tsosang maikutlo a thobalano
- Dinepe kgotsa ditshwantsho tse di takilweng tse di fetotsweng ka tsela ya dijithale tse di sotlang tsa thobalano
- Ditlhaselo ka mafoko a a tlontlololang a a amanang le thobalano (ka sekai: seaka, sefebe).
- Go bolela gore tiragalo nngwe e e bosula ya tirisodikgoka ga ya direga.
- Dipolelo tsa gore batho ba bua maaka fa ba re ba nnile batswasetlhabelo ba matlhotlhapelo a go tshwarwa ka dikgoka kgotsa go tlhaselwa ke dirukhutlhi, go akaretsa dipolelo tsa gore ba:
- Go dira kgotsa go dira jaaka e kete o motswasetlhabelo wa tiragalo nngwe, kgotsa
- Go duelwa kgotsa go thapelwa go aketsa batho ka tsela nngwe ka tiro ya bone mo tiragalong e e rileng.
- Matshosetsi a go ntsha nomoro ya mogala, aterese ya bodulo, aterese ya imeile kgotsa direkoto tsa kalafi tsa poraefete tsa motho mongwe (jaaka go tlhalositswe mo pholising ya Ditlolomolao tsa Polokodiphiri).
- Dikopo, kgotsa dipolelo tse di bontshang maikaelelo a go batla go tsaya karolo, mo go kgeriseng le/kgotsa go tshwenya.
- Tshedimosetso e e nyenyefatsang kgotsa e e tlhagisang letlhoo mo bathong ba bangwe ba ba bontshiwang ba le mo seemong sa, kgotsa ba sa tswa, go bona kgwedi, go ntsha motlhapo, go tlhatsa, kgotsa ba ile ntle
- Mongwe le mongwe o sireleditswe mo go tse di latelang, mme fa e le bagolo ba ba tumileng mo setšhabeng bone, ba tshwanetse ba bo ba dirilwe ka boomo gore ba diragalelwe ke:
- Go batla gore motho a bolawe le dipolelo tse di dirwang ka go batla gore motho a tsenwe kgotsa a nne le bolwetse bongwe.
- Go keteka kgotsa go sotla ka loso kgotsa bolwetse bongwe.
- Dipolelo tse di dirwang ka malwetse mangwe a a tshelanwang ka thobalano.
- Dipolelo tsa lenyatso ka dipopego tsa mmele.
Boemo 2: Ditshireletso tse dingwe tsa Bana botlhe, Bagolo ba e Seng Batho ba ba Tumileng mo Setšhabeng le Batho ba ba Nang le Botumo jo bo Seng Kalo mo Setšhabeng (ka sekai, batho ba selo se segolo se se dirileng gore ba tume e neng e le gore e ne e le balweladitshwanelo, babegakgang, kgotsa ba ba tumang ka dilo dingwe tse di sa dirwang ke bone ka go rata):
- Mo godimo ga dilo tse di dirwang gotlhe go sireletsa batho botlhe, bana botlhe (ba ba sa tumang mo setšhabeng le ba ba tumileng mo setšhabeng) bagolo ba ba sa tumang le batho ba ba se nang botumo o bo kalo mo setshabeng ba sireletswa mo:
- Dipolelo ka thobalano, ntle le mo maemong a ditatofatso tsa bosenyi kgatlhanong le bagolo (go tshwaratshwara motho ka boikaelelo jwa go dira thobalano mme motho yoo a sa dumalane).
- Tshedimosetso e e supang maikaelelo a go batla go robalana le mogolo yo mongwe (go supa maikaelelo a go batla go robalana le bana go akareditswe mo pholising ya Tshotlako ya Bana ka Thobalano, Tshotlako le Bosaikategang).
- Bana botlhe (ba ba sa tumang le ba ba itsegeng mo setšhabeng), bagolo ba ba sa tumang le batho ba ba sa tumang go le kalo ba sireleditswe mo go tse di latelang, mme fa e le bana ba ba tumileng mo setšhabeng, ba tshwanetse gore ka boomo ba bontshiwe:
- Go bapisa batho le diphologolo (go go kwadilweng kgotsa go go bonwang) ka ga:
- Diphologolo le ditshenekegi, go akaretsa le ditshedi tsa maemo a a kwa tlase ga a batho, tse ka tlwaelo di tsewang di le dinnye.
- Bakateria, dibaerase, dimaekeroubu, le malwetse.
- Dilo tse di sa tsheleng, go akaretsa le matlakala, leswe, mantle.
- Tshedimosetso e e fetotsweng go gatelela, go anamisa kgotsa go dira gore go itsiwe ka tsela e e sa siamang ka dipopego tse di rileng tsa mmele (nko, ditsebe jalo le jalo).
- Tshedimosetso e e di nayang maemo go ya ka tsela e di lebegang ka yone kgotsa dikarolo tsa yone.
- Tshedimosetso e e tlontlololang batho ba go tlhalosiwang ba kgerisiwa ka go bediwa (ntle le mo maemong a metshameko ya go lwa).
Maemo 3: Ditshireletso tse dingwe mo Baneng Ba ba Sa Tumang, Bagolo Ba ba Sa Tumang, le Basha Ba ba Sa Itsegeng Mme ba sa Batle:
- Mo godimo ga mekgwa yotlhe ya tshireletso e e bontshiwang fa godimo, bana botlhe ba ba sa tumang, bagolo ba ba sa tumang (ba ba tshwanetseng go ipega), le batho ba ba botlana ba ba tumileng mo setšhabeng mme e le bana ba sireleditswe mo:
- Go hutsa batho ba ba rileng.
- Maiphako a go ratana, go nna le kgatlhego ya go robalana le motho wa bong jo bo rileng kgotsa go itshupa gore ke wa bong bofe.
- Go batla gore go tsewe kgato, mafoko a a nang le boikaelelo, mafoko a tlhotlheletso kgotsa mafoko a a nang le mabaka a a rileng, kgotsa mafoko a a buelelang kgotsa a a emang nokeng go kgethololwa ga batho.
- Maitsholo a a sa siamang kgotsa maiphako a go nna le bokgoni jo bo rileng, ntle le mo maemong a ditatofatso tsa bosenyi le ditshekatsheko tsa kgwebo kgatlhanong le bagolo.
- Mafoko a lenyatso, kilo, kgotsa tshedimosetso e e bontshang go sa amogele gore motho o gone, ntle le mo maemong a fa e le ditatofatso tsa gore go na le bosenyi bongwe jo bo dirilweng kgatlhanong le mogolo.
- Fa motho e le ene a ipegang, bana ba ba sa tumang, bagolo ba ba sa tumang, le batho ba ba se nang botumo jo bo kalo mo setšhabeng ba sireleditswe mo go tse di latelang:
- Go kgerisa ka lentswe la motho wa ntlha.
- Ditshwantsho tse di fetotsweng tse di sa amogelesegeng.
- Papiso le batho ba bangwe ba mo setšhabeng, ba boitlhamedi kgotsa ba poraefete go ya ka tebego ya mmele.
- Go bolela ga motho gore ke wa bodumedi jo bo rileng kgotsa go sotla Modimo
- Dipapiso le diphologolo kgotsa ditshenekegi tse ka tlwaelo go sa tseweng gore di na le bokgoni jo bo kwa tlasenyana mo tlhaloganyong le mo mmeleng ("nkwe", "tau")
- Ditlhaloso tse di sa tseyeng letlhakore tse di siameng tsa mmele.
- Maitsholo a a siameng kgotsa maiphako a go nna le bokgoni jo bo rileng.
- Ditlhaselo ka go dirisa mareo a nyenyefatso a a amanang le go sa robalane.
Boemo 4: Ditshireletso tse dingwe mo Baneng Ba ba Sa Tumang fela:
- Bana ba sireletswa thata mo tlase ga pholisi ya rona. Mo godimo ga ditshireletso tsotlhe tse di umakilweng fa godimo, bana ba ba sa tumang ba sireleditswe gape le mo:
- Ditatofatso ka ga maitsholo a bosenyi kgotsa a e seng a ka fa molaong.
- Dibidio tsa go kgerisa ka go lwa le bana, tse di bontshiwang mo maemong ape fela.
- Dipolelo tse di nyatsang tse di amanang le go tlhapaola basadi ka dirwe tsa bone tsa tsalo.
Go kgerisa le go kgokgontsha go dirisiwa ditsebe, ditlhopha, ditiragalo le melaetsa
- Ditshireletso tsa Maemo 1 go ya go 4 le tsone di tsenngwa mo ditsebeng, ditlhopha, ditiragalo le melaetsa.
Malebana le Melao ya Badirisimmogo e e latelang, re batla tshedimosetso e nngwe gape le/kgotsa tlhaloso e e oketsegileng go diragatsa:
O se ke wa:
- Phouseta diteng tse di ikaelelang go tlhasela batho ka nosi ba poraefete ka go dirisa Ditsebe, Ditlhopha le Ditiragalo tse di sa amogelesegeng. Re tlosa tshedimosets eno fa e begilwe ke mosotlakiwa kgotsa moemedi yo o letleletsweng wa mosotlakiwa.
- Phouseta tshedimosetso e e tlhalosiwang fa godimo e mo maemong mangwe e neng e tla tlhoka gore yo tshotlakako eno e lebagantsweng le ene a bege ka tshedimosetso eno kgotsa moo tshedimosetso eno e bontshang gore yo o phousetileng tota o ne a batla go tlhasela motho yo tshotlakako eno e itebagantseng le ene ka tlhamalalo (ka sekai: motho yo tshotlakako e lebagantsweng le ene o thekilwe mo phouseteng kgotsa mo tshwaelong). Re tla tlosa tshedimosetso eno fa re na le tlhomamiso ya mosotlakiwa kgotsa ya moemedi yo o neilweng dithata wa mosotlakiwa (a ka tswa a tshela kgotsa a sule) ya gore ga a batla tshedimosetso eo.
- Go phouseta tshedimosetso e e tlhotlheletsang kgotsa e ee rayang maikaelelo a go tsaya karolo mo maitsholong a a ka tshwanelegang jaaka go kgerisa le go tshwenya go ya ka dipholisi tsa rona. Re tla ntsha tshedimosetso eno fa re na le tlhomamiso ya mosotlakiwa kgotsa moemedi yo o neilweng dithatas wa mosotlakiwa ya gore ga a batla tshedimosetso eo.
- Go phouseta tshedimosetso e e tsosang maikutlo a thobalano le motho yo o tumileng. Re tla ntsha tshedimosetso eno fa re na le tlhomamiso ya mosotlakiwa kgotsa moemedi yo o neilweng dithatas wa mosotlakiwa ya gore ga a batla tshedimosetso eo.
- Simolola ikgolaganyo e e kgokgontshang yo go ikgolaganngwang le ene ka tsa thobalano. Re tlile go ntsha tshedimosetso epe e e bontshitsweng ba bangwe mo mafokong a a sa batlegeng mme re na le tlhomamiso ya moamogedi wa one, kgotsa moemedi yo o neilweng dithata wa moamogedi wa gore kgolagano ga e batlege.
- Go tlosa kgokgontsho ya batho ba bantsi, fa:
- Go tota, ka go dirisa maemo ape, 'batho ka nosi ba ba mo kotsing e kgolo e e sa dirweng mo inthaneteng', ba ba tlhalosiwang jaaka:
- Basireletsi ba ditshwanelo tsa batho
- Basha
- Basotlakiwa ba ditiragalo/matlhotlhapelo a tirisodikgoka
- Batho ba kemokgatlhanong mo dinageng tse di mo kotsing ka nako ya ditlhopho
- Batlhankedi ba ditlhopho
- Baganetsi ba puso ba ba totilweng go ya ka seemo sa bone sa boganetsi
- Batho ba dipalo tse di kwa tlase tsa lotso le tsa bodumedi mo mafelong a kgotlhang
- Leloko la setlhopha se se tlhophilweng e bile go lemogilwe gore se mo kotsing
- Go leka go tlhasela motho ope ka nosi ka go dirisa dikarolo tsa sebele, tse di jaaka faele ya melaetsa kgotsa diporofaele, ka:
- Diteng tse di tlolang molao wa dipholisi tsa go kgerisa le letshwenyo mo bathong ba ba rileng kgotsa,
- Mafoko a a kwadilweng a a sa amogelesegeng a a ikaegileng ka popego e e sireleditsweng
- Go dira gore diakhaonto tse di tseileng karolo mo go tshwenyeng batho ba bantsi di sa tlhole di bereka jaaka karolo ya
- Dineteweke tsa puso tse e leng karolo ya puso tse di totileng motho ka nosi ka go dirisa karolwana epe.
- Dineteweke tsa kgotlang tse di totileng motho ope ka nosi ka go dirisa karolwana epe ka:
- Mafoko a a kwadilweng a a tlolang molao wa dipholisi tsa go kgerisa le letshwenyo mo bathong ba ba rileng kgotsa,
- Mafoko a a kwadilweng a a totileng go ya ka popego e e sireleditsweng, kgotsa,
- Mafoko a a kwadilweng kgotsa maitsholo a ka tsela nngwe go bonwang a sa amogelesege mo maemong a lefelo leo
Ditiriso tsa modirisi
Bona dikai dingwe tsa kafa go tsenngwa tirisong ga molao go lebegang ka teng mo bathong ba ba mo Facebook, jaaka: go ntse jang go bega ka sengwe se o sa akanyeng gore se tshwanetse go nna mo Facebook, go bolelelwa gore o tlotse Melawana ya rona ya Badirisimmogo le go bona sekirine se se go tlhagisang mo dilong dingwe.
Ela tlhoko: Re a tokafala ka metlha, ka jalo se o se bonang fano se ka tswa e le sa bogologolo go se kae fa se bapisiwa le se re se dirisang ga jaana.
DITIRISO TSA MODIRISI
Go bega
MAITEMOGELO A MODIRISI
Puisano ya morago ga pego
MAITEMOGELO A MODIRISI
Maitemogelo a go tlosa
MAITEMOGELO A MODIRISI
Disekerine tsa tlhagiso
Deitha
Leba Pego ya go Diragatswa ga Melao ya Badirisimmogo ya bosheng thata
Tiragatso ya Molao
Re na le dipholisi tse di tshwanang mo lefatsheng lotlhe, tse di dirang mo go mongwe le mongwe mo Facebook.
Ditlhopha tsa basekaseki
Setlhopha sa rona sa basekaseki ba ba fetang ba le 15,000 ba mo lefatsheng lotlhe ba dira letsatsi le letsatsi go tshola batho ba ba mo Facebook ba babalesegile.
Tirisano le bannaleseabe
Bomankge ba kwa ntle, barutegi, di-NGO le batlhami ba dipholisi ba thusa go kaela tiriso ya Melawana ya Badirisimmogo ba Facebook.
Bona thuso ka go kgerisa le go tshwenya
Ithute se o ka se dirang fa o bona sengwe mo Facebook se se thulanang le Melawana ya Badirisimmogo ya rona.
Etela Lefelo la rona la Thuso