Mabaka a Pholisi
Boikanyego ke motheo wa badirisimmogo ba rona. Re dumela gore boikanyego bo thusa go bopa badirisimmogo moo batho ba ikarabelang mo go ba bangwe, le mo Meta, ka ditsela tse di utlwalang. Re batla go letlelela ditsela tse dintsi tse go bontshiwang boitshupo ka tsone go ralala badirisimmogo ba mo lefatsheng lotlhe, mme di thibela go etsisa motho yo mongwe le go itshupa o le motho yo mongwe. Gore go nne le lefelo le go nang le tshireletsego mo go lone le batho ba ka tshepanang le go aga badirisimmogo, ga re letlelele gore go dirwe diakhaonto kgotsa diporofaele tse di tlhamiwang kgotsa tse di dirisiwang go tsietsa ba bangwe.
Mo Facebook, re batla gore batho ba tlhame akhaonto e le nngwe ba dirisa leina le ba le dirisang letsatsi le letsatsi le le supang gore motho ke mang. Re tlhamile Diporofaele tse Dingwe go thusa batho go bontsha dikarolo tse di farologaneng tsa gore ke bomang, tse di tshwanang le dilo tse ba di kgatlhegelang kgotsa dikgwebo. Ga re letlelele go dirisiwa ga ditirelo tsa rona mme re tla thibela kgotsa re tla emisa tiriso ya diakhaonto tsa Facebook, Instagram, le Threads go dira kgotsa dilo tse dingwe tsa Facebook (tse di tshwanang le Ditsebe, ditlhopha) tse di:
Ke ya bana ba ba sa leng babotlana thata
Go itira jaaka ekete o motho yo mongwe kgotsa setheo ka:
Go dirisa (di)tshwantsho tsa bone, kgotsa go tshwana ka boikaelelo jwa go tsietsa ba bangwe
Go bua ka lentswe le motho yo mongwe kgotsa selo se modirisi a sa rebolelwang go dira jalo (ka sekai, ka go tlhama Tsebe kgotfsa Porofaele)
Tsaya karolo mo go bueng maaka ka gore motho ke mang ka go timetsa kgotsa go tsietsa ba bangwe, go dira gore o se ka wa otlhaelwa molato mongwe, kgotsa go tlola Melao ya rona ya Badirisimmogo. Re akanyetsa mabaka a le mmalwa fa re sekaseka se se seng boammaaruri ka tsela e e timetsang, se se tshwanang le:
Diphetolo tse di boelediwang kgotsa tsa botlhokwa tsa go lemoga dintlha, tse di tshwanang le leina kgotsa dingwaga.
Tshedimosetso ya porofaele e e timetsang, e e tshwanang le dintlha tsa porofaele le lefelo la porofaele
Go dirisa ditshwantsho tsa setoko
Dirisa leina le le nang le dikarolo tse di tlolang Melao ya rona ya Badirisimmogo.
Mo Facebook, re tla batla tshedimosetso e nngwe pele ga re tsaya kgato go simolola ka go thibela ka nakwana go ya go dira gore diporofaele kgotsa diakhaonto di se ka tsa dira gotlhelele fa o:
Naya letsatsi la matsalo le e seng la boammaaruri
Dirisa leina le e seng la boammaaruri le o le dirisang letsatsi le letsatsi
Tlhama akhaonto e le nngwe e e emelang kgotsa e e dirisiwang ke batho ba feta a le mongwe.
Tlhama kgotsa nna le diakhaonto tse dintsi tsa Facebook
Dira akhaonto e e emelang setlamo se e seng sa motho, se se tshwanang le kgwebo, seruiwa, kgotsa motho mongwe yo e seng wa mmatota
Boloka diporofaele tse di se nang sepe tse di nang le nako e telele di ntse di sa dirisiwe
Diakhaonto tsa molatedi, tsa metlae, le tsa ketsiso
Re letlelela diakhaonto tse di ikaelelang go direla maikutlo a molatedi, metlae, go etsisa ka maikaelelo a go tshegisa, tshekatsheko e e tseneletseng, tlhaloso, le tlhagiso ya mogopolo. Akhaonto e tshwanetse go dira gore seemo sa yone se e seng sa semmuso se tlhaloganyesege sentle thata bonnye mo leineng la akhaonto le gantsi mo gongwe mo porofaeleng, jaaka mo senepeng sa porofaele kgotsa mo dintlheng tsa botshelo (sekai, ka go akaretsa "tsebe ya balatedi" mo leinatirisong le le kgethegileng/leina). Diakhaonto tse di sa senoleng sentle gore ga se tsa semmuso di ka nna tsa kganelwa kgotsa tsa ntshiwa.