Bosaikatega Jwa Bagolo le Thobalano
Dintlha tsa pholisi
FETOLA LLOKO
Gompieno
28 Phatw 2025
26 Seet 2025
14 Motsheganong 2025
17 Lwets 2024
29 Phatw 2024
25 Phuk 2024
01 Motsheganong 2024
29 Tlhak 2024
29 Lwets 2022
28 Moran 2022
23 Sedimont 2021
24 Ngwanats 2021
26 Phatw 2021
19 Ngwanats 2020
20 Mopitl 2019
15 Diphal 2018
27 Phuk 2018
29 Seet 2018
25 Motsheganong 2018
Mabaka a Pholisi
Re thibela go bontshiwa ga ditshwantsho tsa batho ba sa ikatega kgotsa ba dira dilo tsa thobalano ka gonne batho bangwe mo lefelong la rona ba ka nna ba seka ba tseega sentle fa ba bona tshedimosetso ya mofuta ono, bogolo jang ka ntlha ya setso sa bone kgotsa dingwaga.
Re tlhaloganya gore go sa tswala go ka bontshiwa ka mabaka a a farologaneng, gammogo le e le mofuta wa tsogologelano, go lemotsha tsela e e rileng kgotsa ka mabaka a go ruta kgotsa a bongaka. Fa go tshwanela e bile boikaelelo joo bo bonala sentle, re letlelela tshedimosetso eo. Ka sekai, le fa re kganela ditshwantsho dingwe tsa matsele a basadi go akaretsa thoba, re letlelela ditshwantsho tse dingwe, go akaretsa tse di bontshang ditshupetso, basadi ba ba anyisang le dinepe tsa mabadi a morago ga karo ya go kgaolwa matsele (ka dinako tse dingwe di na le leibole e e nang le sekerine sa tlhagiso ya tshedimosetso e e bosisi le ditekanyetso tse di ikaegileng ka dingwaga). Gape re letlelela botaki jwa mmatota jo bo bontshang go nna mapona jo bo jaaka dinepe tsa ditshwantsho tse di pentilweng, tse di setilweng, jj (ka dinako tse dingwe e leibolwa ka sekerini sa tlhagiso ya tshedimosetso e e bosisi le dithibelo tse di maleba go ya ka dingwaga). Jaaka tlwaelo re tlosa ditshwantsho tsa thobalano go thibela go abelanwa ga tshedimosetso e go sa dumalanweng le yone kgotsa e e sa tshwanelang go bonwa ke ba dingwaga tse di kwa tlase.
Go ya ka pholisi eno, re tlosa dinepe tsa mmatota le dibidio tsa go sa ikatega le thobalano, ditshwantsho tse di dirwang ka AI tsa go sa ikatega le thobalano, le ditshwantsho tsa dijithale, go sa re sepe gore a di lebega 'e le ditshwantsho tsa mmatota" (jaaka gore, a se lebega e le motho wa mmatota). Jaaka go lemotshitswe fa godimo, gape re letlelela ka kelotlhoko botshweretshi jwa mmatota le tshedimosetso ya bongaka, ya thuto, le e e nayang kitso, mme tsone di tlhalosiwa mo pholising eno.
Tshedimosetso e e amanang le go sa ikatega ga bana e tlhalosiwa mo Melawaneng ya Badirisimmogo ya rona mo go Tshotlako ya Bana ka Thobalano, go Sotliwa le Bosaikategang.
Ga re letlelele tshedimosetso e e latelang mo badirising botlhe:
Go sa Tswala Sepe ga Bagolo
- Ditshwantsho tse di nepagetseng tsa mmatota/tsa mo inthaneteng tsa bagolo ba ba mapona, fa e le gore di bontsha:
- Mapele a a mo pepeneneng (go akaretsa fa a fitlhilweng teng ke moriri wa mo mapeleng kgotsa ditshwantsho tse di pegilweng ditshwantsho tse dingwe go fitlha sengwe)
- Diphinya tse di bonalang le/kgotsa ditshwantsho tse di gaufi thata tsa marago a a bonalang
- Dithoba tsa mabele tse di bonalang, ntle le ka nako ya go anyisa, kgotsa maemo a go dira ditshupetso
- Dibidio tse di lebegang jaaka tiragalo ya mmatota/tsa dijithale tse di remeletseng mo karolong e e fa tlase ya noka, mabele, phinya kgotsa marago tse di gatisitsweng kwa ntle ga temogo le kitso ya motho kgotsa batho ba ba bonalang mo go tsone
- Ela tlhoko gore ka dikganelo dingwe, re ka nna ra letlelela ditlhagiso tsa dinepe tsa mapona tsa bagolo mo maemong a a kgethegileng a tlaleletso, a a jaaka maemo a bongaka kgotsa a boitekanelo. Seno se akareditswe ka dintlha tse dintsinyana mo dikarolong tse di fa tlase.
Thobalano ya Bagolo
- Dinepe tse di lebegang jaaka tiragalo ya mmatota/ ditshwantsho tsa dijithale tsa thobalano ya bagolo, gammogo le:
- Tiro ya thobalano ka tlhamalalo kgotsa go tsosa maikutlo a yone:
- Thobalano ka tlhamalalo ka mapele kgotsa ka molomo, jaaka go kailwe ka molomo wa motho kgotsa mapele a gagwe a tsena kgotsa a kopana le mapele a motho yo mongwe kgotsa phinya ya motho yo mongwe, kgotsa mapele a a beilweng mo godimo ga setshamekisi sa thobalano kgotsa a tsentswe mo setshamekising sa thobalano, moo bobotlana go bonalang mapele a motho a le nosi kgotsa phinya ya gagwe
- Go tsosa dirwe tsa motho tsa thobalano kgotsa phinya, jaaka go bontshiwa ke gore go tsosiwe, kgotsa go tsenngwe ditshamekisi tsa thobalano mo dirweng tsa thobalano tsa motho kgotsa phinya ya gagwe, mo go bonalang sentle gore go ile ga kgongwa dirwe tsa thobalano kgotsa marago
- Thobalano ka tlhamalalo kgotsa go tsosa maikutlo a thobalano
- Thobalano ka mapele kgotsa ka molomo mme e se ka tlhamalalo, jaaka e e bontshiwang ka molomo wa motho kgotsa mapele a tsena kgotsa a kgomana le mapele a motho yo mongwe kgotsa marago, fa mapele kgotsa marago le/kgotsa go tsena kgotsa go kgomana go sa bonale sentle ka tlhamalalo
- Go tsosa maikutlo a thobalano mme e se ka tlhamalalo ka mapele kgotsa phinya ya motho, jaaka go go bontshiwang ka go tsosa maikutlo kgotsa go bewa ga thoye ya thobalano kgotsa go tsenya thoye ya thobalano mo mapeleng a motho kgotsa phinya ya gagwe, fa mapele kgotsa phinya, go tsosa maikutlo, go baya, le/kgotsa go tsenya mo go sa bonale ka tlhamalalo
- Thobalano e e tlogang e direga, jaaka go kaiwa ke maemo a a akantshang gore kamano e tloga e simolola fa gare ga seatla sa motho, molomo kgotsa mapele le mapele kgotsa phinya ya motho yo mongwe.
- Thobalano e nngwe kgotsa go tsosa maikutlo a thobalano:
- Go tsogelwa ga bonna
- Go nna teng ga didirisiwa tsa thobalano
- Dithoye tsa thobalano tse di bewang fa godimo ga molomo kgotsa tse di tsenngwang mo go one
- Go tsosiwa ga dithoba tsa mabele a motho tse di sa apesiwang sepe
- Go tobetsa mabele a mosadi, mo go tlhalosiwang jaaka go mokgwa wa go phamola ka menwana e e obilweng mo go bontshang matshwao gammogo le phetogo ka phepafalo ya popego ya mabele. Re letlelela go tobediwa ga matsele ka nako ya go anyisa.
- Ditshwantsho tse di nepagetseng tsa mmatota/tse di mo inthaneteng kgotsa botaki jwa mmatota tse di bontshang kgotsofalelo ya thobalano ka go dirisa dilwana tse di rileng, e e akaretsang tse di latelang:
- Ditiro tse di ka nnang tsa baka loso lwa motho kgotsa phologolo
- Go kgaolwa dirwe tsa mmele
- Go ja batho
- Mantle, motlhapo, mathe, kokola, go bona kgwedi kgotsa matlhatsa
- Thobalano le diphologolo
- Thobalano le wa losika
- BDSM (kgolego le kgalemo, phekeetso le boineelo, go kgotsofalela thobalano ka go utlwa botlhoko mo mmeleng), fa fela e le gore dikai tsa thobalano di le teng le tsone
- Ditshwantsho tsa mmatota tse di bontshang thobalano ka tlhamalalo kgotsa go tsosa maikutlo a thobalano mo maemong a bongaka kgotsa boitekanelo
- Mafoko a a buiwang a a amanang le tiro ya thobalano
- Ela tlhoko gore ka dikganelo dingwe, re ka nna ra letlelela ditlhagiso tsa thobalano mo maemong a a kgethegileng, a a jaaka maemo a bongaka kgotsa a boitekanelo Seno se tlhalositswe ka botlalo mo dikarolong tse di fa tlase.
Malebana le tshedimosetso e e latelang, re lekanyetsa bokgoni jwa go lebelela tshedimosetso ya badirisi, ba dingwaga tse 18 kgotsa kwa godimo mme e akaretsa leibole ya gore batho ba itse kgotsa ba lemoge gore tshedimosetso e ka nna ya bo e sisimosa:
- Ditshwantsho tsa inthanete le botaki jwa mmatota tsa thobalano e e bonalang sentle kgotsa go tsosa maikutlo a thobalano mo maemong a bongaka kgotsa boitekanelo
- Dinepe tse di lebegang jaaka tiragalo ya mmatota/ ditshwantsho tsa dijithale le botaki jwa mmatota tsa thobalalo e e bonalang sentle kgotsa thobalano e nngwe kgotsa go tsosa maikutlo a thobalano mo maemong a bongaka a boitekanelo
- Ditshwantsho tsa mmatota/dijithale le botaki jwa mmatota jwa mapele a a bonalang, diphinya tse di bonalang, ditshwantsho tse di bonalang sentle ka bogaufi tsa marago kgotsa dithoba tsa basadi mo maemong a karo ya tlhomamiso ya bong
- Botsweretshi jwa mmatota jwa mapele a a bonalang (go akaretsa mapele a a khurumeditsweng ka setshwantsho se sengwe sa mo inthaneteng go fitlha sengwe kgotsa ka go fitlhiwa le mapele a a fitlhilweng ka moriri wa mapele fela), diphinya tse di bonalang, marago a a bonalang ka bogaufi kgotsa dithoba tse di bonalang tsa basadi, moo go nnang lepona e le tsepamiso ya setshwantsho mme e se mo maemong a bongaka kgotsa boitekanelo
- Dinepe tse di lebagang jaaka tiragalo ya mmatota/ ditshwantsho tsa dijithale tsa mapele a a bonalang (go akaretsa mapele a a khurumeditsweng ka setshwantsho sa mo inthaneteng se se bewang mo godimo go fitlha sengwe kgotsa phitlho ya dilo le mapele a a fitlhilweng ka moriri wa mapele), marago a a bonalang ka bogaufi, diphinya tse di bonalang kgotsa dithoba tse di bonalang tsa mosadi, fa di abelanwe mo maemong a leuba, polao ya batho ka mogoso, bosenyi jwa kwa ntweng, kgotsa bosenyi jo bo kgatlhanong le batho
Mabapi le tshedimosetso e e latelang, re dumelela gore tshedimosetso eno e kgone go bonwa ke bagolo fela, ba dingwaga tse 18 le tse di kwa godimo:
- Dinepe tse di lebegang jaaka tiragalo ya mmatota/ditshwantsho tsa dijithale tse di bontshang seka-lepona tse di jaaka lepona le le khurumeditsweng fela ka setshwantsho sa inthanete se se beilweng mo godimo ga se sengwe go fitlha sengwe kgotsa ka selo se se sa bonaleng le ditiragalo tse di rileng tsa go nna lepona tse di fitlhilweng ka diaparo tse di bonagalang
- Dinepe tse di lebegang jaaka tiragalo ya mmatota/ ditshwantsho tsa dijithale tsa batho moo karolo e e kwa tlase ya noka, marago kgotsa letsele/matsele a basadi e leng sone selo se se lebeletsweng mo setshwantshong
- Dinepe tse di lebegang jaaka tiragalo ya matota/ ditshwantsho tsa dijithale le botaki jwa mmatota tsa thobalano e e bonalang sentle, e e sa bonaleng sentle kgotsa thobalano kgotsa go tsosa maikutlo a thobalano mo go bonalang dipopego tsa mmele fela kgotsa moriti wa one
- Botaki jwa mmatota, mo
- Ditshwantsho di bontsha thobalano e e sa bonaleng sentle, e e bonalang sentle, kgotsa thobalano e nngwe kgotsa go tsosa maikutlo a thobalano ntle le fa e phousetilwe mo maemong a bongaka kgotsa a boitekanelo
- Setshwantsho se se bontshang thobalano ya motho le phologolo fa fela e abelanwa go sa tsewe letlhakore kgotsa e le e e kgalwang mme e le gore batho kgotsa diphologolo tse di bontshiwang e se tsa mmatota.
- Ditshwantsho tse di amogetsweng tse e seng tsa mmatota tse di bontshang thobalano e e sa bonaleng sentle kgotsa thobalano e nngwe kgotsa go tsosa maikutlo a thobalano
- Dinepe tsa ditiragalo tse eketeng ke tsa mmatota/ ditshwantsho tsa dijithale le botaki jwa mmatota jo bo bontshang:
- Tiro e e amanang le thobalano e e jaaka go suna ka loleme le le bonalang le go bina go go bontshang thobalano kgotsa go go tsosang maikutlo a thobalano
- Batho ba ba etsisang thobalano
- Puo ka mmele e e bontshang mapele, go itshwaratshwara go kgotsofatsa maikutlo a thobalano, thobalano ka molomo, kgotsa thobalano ka go kopana ga mapele
- Matshwaokgwebo, ditshwantsho tsa sekerini kgotsa ditlilipi tsa bidio ya diwebosaete tse di itsegeng tsa thobalano ya batho ba ba sa aparang
- Tshedimosetso e e nang le kgatiso ya lentswe ya thobalano
Malebana le mafoko a a kwadilweng a a latelang, re tsenya le leibole gore batho ba lemoge gore mafoko a a kwadilweng ke a a sisimosang:
- Ditshwantsho tse di nepagetseng tsa mmatota/botaki jwa mmatota jo bo bontshang:
- Mapele a a bonalang (go akaretsa mapele a a khurumeditsweng ka setshwantsho sa dijithale se se beilweng mo godimo ga se sengwe go fitlha sengwe kgotsa ka go fitlhiwa le mapele a a fitlhilweng ke moriri wa mapele), dinepe tse di bonalang ka bogaufi tsa marago, kgotsa diphinya tse di bonalang, fa di abelwanwe mo maemong a bongaka kgotsa boitekanelo Seno se ka nna sa akaretsa, ka sekai:
- Dinako tsa go belega kgotsa morago ga go belega
- Go itlhatlhoba bolwetse jwa kankere kgotsa jo bongwe
- Dithoba tse di bonalang tsa basadi, fa di bontshiwa mo maemong a bongaka kgotsa boitekanelo (go akaretsa dithathuu tsa morago ga go kgaola matsele kgotsa tsa mofalodi wa kankere)
Malebana le Melawana ya Badirisimmogo e e latelang, re batla tshedimosetso e nngwe gape le/kgotsa tlhaloso ya tlaleletso go diragatsa:
- Mo maemong a a rileng, re tlile go letlelela tshedimosetso ya ba dingwaga tse 18 le kwa godimo ya leibole ya e go seng jalo e ka nnang ya tlola Melawana ya Badirisimmogo fa go lemogiwa gore tshedimosetso eo ke motlae. Tshedimosetso e tla letlelelwa fela fa e le gore dikarolwana tse di tlolang molao tsa tshedimosetso go dirwa motlae kgotsa e lebisitswe kgotsa go sengwe kgotsa mongwe o sele go mo kgoba kgotsa go mo tshwaya phoso.
Ditiriso tsa modirisi
Bona dikai dingwe tsa kafa go tsenngwa tirisong ga molao go lebegang ka teng mo bathong ba ba mo Facebook, jaaka: go ntse jang go bega ka sengwe se o sa akanyeng gore se tshwanetse go nna mo Facebook, go bolelelwa gore o tlotse Melawana ya rona ya Badirisimmogo le go bona sekirine se se go tlhagisang mo dilong dingwe.
Ela tlhoko: Re a tokafala ka metlha, ka jalo se o se bonang fano se ka tswa e le sa bogologolo go se kae fa se bapisiwa le se re se dirisang ga jaana.
DITIRISO TSA MODIRISI
Go bega
MAITEMOGELO A MODIRISI
Puisano ya morago ga pego
MAITEMOGELO A MODIRISI
Maitemogelo a go tlosa
MAITEMOGELO A MODIRISI
Disekerine tsa tlhagiso
Deitha
Leba Pego ya go Diragatswa ga Melao ya Badirisimmogo ya bosheng thata
Tiragatso ya Molao
Re na le dipholisi tse di tshwanang mo lefatsheng lotlhe, tse di dirang mo go mongwe le mongwe mo Facebook.
Ditlhopha tsa basekaseki
Setlhopha sa rona sa basekaseki ba ba fetang ba le 15,000 ba mo lefatsheng lotlhe ba dira letsatsi le letsatsi go tshola batho ba ba mo Facebook ba babalesegile.
Tirisano le bannaleseabe
Bomankge ba kwa ntle, barutegi, di-NGO le batlhami ba dipholisi ba thusa go kaela tiriso ya Melawana ya Badirisimmogo ba Facebook.
Bona thuso ka bosaikategang jwa bagolo le thobalano
Ithute se o ka se dirang fa o bona sengwe mo Facebook se se thulanang le Melawana ya Badirisimmogo ya rona.
Etela Lefelo la rona la Thuso