Melao ya Badirisimmogo
Matseno
Melawana eno e theilwe mo pegelong e re e bonang go tswa kwa bathong le kgakololo e e tswang kwa go bomankge mo dilong tse di tshwanang le thekenoloji, pabalesego ya batho botlhe le ditshwanelo tsa batho. Go tlhomamisa gore lentswe la mongwe le mongwe le tsewa tsia, re tlhokomela gore re tlhama melawana e e akaretsang dikakanyo tse di farologaneng le ditumelo, bogolo jang go tswa kwa bathong le badirisimmogo ba go ka diregang gore ba ikgatholosiwe kgotsa ba se ka ba tsewa tsia ka tsela nngwe.
Letsatsi le letsatsi, batho ba dirisa Facebook, Instagram, Messenger le Threads go abelana ka maitemogelo a bone, go golagana le ditsala le balelapa, le go oketsa badirisimmogo. Ditirelo tsa rona di kgontsha dibilionebilione tsa batho go itlhalosa ka kgololesego mo dinageng tse di farologaneng le mo ditsong tse di farologaneng le gone e le ka dipuo tse dintsintsi.
Meta e lemoga gore go botlhokwa go le kana kang gore Facebook, Instagram, Messenger le Threads e nne mafelo a batho ba ka ikutlwang ba matlafaditsweng go buisana le ba bangwe, mme re tsaya seabe sa rona se le botlhokwa thata mo go direng gore go se ka ga nna le ope yo o sotlakwang mo tirelong eno. Ke gone ka moo re neng ra tlhoma melawana e e tlhalosang se se letleletsweng le se se sa letlelelwang mo ditirelong tseno.
Tsweetswee ela tlhoko gore mofuta wa Melawana ya Badirisimmogo wa Seesemane sa Amerika o bontsha dipholisi tse di mo nakong thata mme e tshwanetse go nna yone tokumente ya konokono e e dirisiwang.
Re ikemiseditse go tlhagisa se se mo go rona
Maikaelelo a Melawana ya rona ya Badirisimmogo ke go tlhama lefelo le batho ba itlhalosang mo go lone le go naya batho lentswe Meta e batla gore batho ba kgone go bua ka tshosologo ka dikgang tse di botlhokwa mo go bone, e ka nna ka ditshwaelo tse di kwadilweng, dinepe, mmino, kgotsa mefuta e mengwe ya botshweretsi, le fa bangwe ba ka nna ba ganetsa kgotsa ba ka bona di sa amogelesege. Mo mabakeng mangwe, re letla tshedimosetso—e mo maemong a mangwe e neng e tla bo e thulana le melawana ya rona—fa e le gore ke se se ka tshwanelang go begwa mo dikgannyeng e bile e le e batho ba ka e kgatlhegelang. Re dira seno fela fa re sena go leba gore batho ba di kgatlhegela go le kana kang fa go bapisiwa le kotsi e di ka e bakang, mme re dira tshwetso ka dilo tseno re tla re akanyetsa melawana ya boditšhabatšhaba ya ditshwanelo tsa batho. Mo mabakeng a mangwe, re ka tlosa diteng tse di dirisang puo e e sa tlhapang kgotsa e e sa tlhamalalang fa bokao jwa tlaleletso bo dira gore re kgone go tlhaloganya mo go utlwalang gore diteng di thulana le melao ya rona.
Maitlamo a rona a tlhagisomaikutlo a botlhokwa, mme re lemoga gore inthanete e simolola ditshono tse di disha le tse dingwe gape tsa tshotlako. Malebana le mabaka ano, fa re lekanyetsa tlhagisomaikutlo, re e dira go direla melawanatheo e e latelang:
BOAMMAARURI
Re batla go tlhomamisa gore dilo tse batho ba di bonang di kgona go netefadiwa. Re dumela gore bonnete bo dira maemo a a botoka a go abelana, mme ke lone lebaka la go bo re sa batle batho ba dirisa ditirelo tsa rona go itira se ba seng sone kgotsa go dira jaaka e kete ba dira se ba sa se direng.
PABALESEGO
Re ikemiseditse go dira gore Facebook, Instagram, Messenger le Threads e nne mafelo a a babalesegileng. Re tlosa tshedimosetso e e neng e ka tlhagisetsa batho kotsi mo mmeleng. Tshedimosetso e e tshosetsang batho e ka dira gore ba nne mo letshogong, e ka dira gore ba bangwe ba ikutlwe ba kgaphetswe kwa thoko kgotsa ya ba didimatsa mme ga e a letlelelwa mo ditirelong tsa rona.
POLOKODIPHIRI
Re ikemiseditse go sireletsa dilo tsa motho tsa sephiri le tshedimosetso ya gagwe e le sephiri. Go bolokwa ga tshedimosetso ya batho e le sephiri go dira gore ba se ka ba tshaba go nna se ba leng sone, ba tlhophe gore ba ka abelana le ba bangwe dilo mo ditirelong ta rona jang le gone leng le gore ba kgone go golagana le ba bangwe ntle le mathata.
SERITI
Re dumela gore batho botlhe ba na le seriti le ditshwanelo tse di lekanang. Re solofela gore batho ba tlaa tlotla seriti sa ba bangwe le go sa tshwenye kgotsa go nyatsa ba bangwe.
Melao ya Badirisimmogo
Melawana ya Badirisimmogo ya rona e dirisiwa mo go mongwe le mongwe, mo lefatsheng lotlhe, le mo tshedimosetsong ya mefuta yotlhe gammogo le mo tshedimosetsong e e dirilweng ka Boitlhamedi.
Karolo nngwe le nngwe ya Melawana ya rona ya Badirisimmogo e simolola ka "Tlhaloso ya Dipholisi" e e tlhalosang maikaelelo a pholisi, e re morago ga moo go latele dipolelo tse di rileng tsa dipholisi tse di tlhalosang:
Tshedimosetso e e sa letlelelwang, le
Tshedimosetso e e tlhokang tshedimosetso e e oketsegileng kgotsa tlhaloso e e tla dirang gore tshedimosetso e e gatelelang tiragatso, tshedimosetso e e letlelelwang mme e na le sekirini sa tlhagiso kgotsa tshedimosetso e e letlelelwang mme e le e e ka lejwang fela ke bagolo ba dingwaga tse 18 kgotsa go feta.