Mo Meta, re ikemiseditse go dira gore batho ba kgone go bua se ba batlang go se bua le go ba boloka ba sireletsegile.
Fa e sa le ka 2016, re dirisitse mokgwa o o bidiwang "tlosa, fokotsa, tshedimosetso" go laola tshedimosetso ka dilo tsa thekenoloji tsa Meta.
Seno se raya gore re tlosa tshedimosetso e e kotsi e e thulanang le dipholisi tsa rona, di fokotsa go anamisiwa ga tshedimosetso e e nang le mathata e e sa thulaneng le dipholisi tsa rona, e bile re naya batho tshedimosetso ka tshedimosetso e nngwe gape gore ba kgone go dira ditshwetso gore ba batla go tobetsa eng, ba bale kgotsa ba abelane le ba bangwe.
Go thusa ka togamaano eno, re na le dipholisi tse di tlhalosang se se letlelelwang le se se sa letlelelwang mo dithekenolojing tsa rona Ditlhopha tsa rona di dira mmogo go aga dipholisi tsa rona le go di diragatsa. Tsela e e dirang ka yone ke eno.
1
Re dirisana mmogo le bomankge ba ba tswang mo dikarolong tsotlhe tsa lefatshe ba ba itseng ka dilo tsa thekenoloji, pabalesego ya setšhaba le ditshwanelo tsa batho go tlhama le go ntšhafatsa dipholisi tsa rona.
2
Re aga dikarolo dingwe ka mabaka a pabalesego, gore batho ba kgone go bega tshedimosetso nngwe le go e bloka, ba e fitlhe kgotsa ba kgaotse go latela diakhaonto eno
3
Re tlhokomela gore dipholisi tsa rona di a latelwa re dirisa thekenoloji le tsela ya batho ya go sekaseka.
Re dira gore batho ba nne ba babalesegile e bile re dira gore ba re pateletse go tsaya maikarabelo ka go ba naya dipego tsa dipholisi tsa rona, tiragatso ya melao le go sa fitlhe sepe.
Dipholisi tsa rona
Dipholisi tsa rona di tlhalosa se se letleletsweng le se se sa letlelelwang mo dilong tsa thekenoloji tsa Meta. Fa tshedimosetso e thulana le dipholisi tsa rona, re tsaya kgato ka yone.
Kgatelelo ya tiragatsomolao ya rona
Re dirisa ditlhopha tsa thekenoloji le tsa basekaseki go lemoga, go sekaseka le go tsaya kgato ka dimilionemilione tsa tshedimosetso letsatsi le letsatsi mo Facebook le Instagram.
Dipego tsa rona tsa go se fitlhe sepe
Re phasalatsa dipego tsa go se fitlhe sepe tse di tswang ka metlha go bontsha batho gore re dira jang fa go tsenwa mo go diragetseng dipholisi tsa rona.
Tsela e re tlhalosang maemo ka teng
Ditsamaiso tsa botlhale jwa thekenoloji (AI) di itsise maemo a tse di kwadilweng ka ditiriso tsa dithulaganyo tsa Meta, tse di tshwanang le go leba Tsa Bosheng ka Facebook, go leba dibidiokhutshwe mo Instagram kgotsa go batla go Facebook Marketplace.
Dintšhafatso tsa bosheng